Go Tshabela Kwa Lefelong le le Babalesegileng Pele ga “Sepitla se Segolo”
“E tlaa re lo bona Jerusalema o dikilwe ke dintwa, . . . ba ba mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng.”—LUKE 21:20, 21.
1. Ke eng fa go potlakile gore batho ba ba santseng ba le karolo ya lefatshe ba tshabe?
BATHO botlhe ba ba leng karolo ya lefatshe la ga Satane ba tshwanetse ba tshaba ka potlako. Fa ba batla go falola fa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e fedisiwa mo lefatsheng, ba tshwanetse go neela bosupi jo bo phepafetseng jwa gore ba eme ba tlhomame kafa letlhakoreng la ga Jehofa le gore ga ba tlhole ba le karolo ya lefatshe le Satane a le busang.—Jakobe 4:4; 1 Johane 2:17.
2, 3. Re tlile go tlotla ka dipotso dife tse di malebana le mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 24:15-22?
2 Mo boporofeting jwa ga Jesu jo bogolo jo bo malebana le bofelo jwa tsamaiso ya dilo, o ne a gatelela kafa go tlhokegang thata ka gone gore go tshajwe jalo. Gantsi re tlotla ka se se kwadilweng mo go Mathaio 24:1-14; lefa go ntse jalo, se se tlang morago ga moo le sone se botlhokwa thata. Re go kgothaletsa gore o bule Baebele ya gago gone jaanong mme o bale ditemana 15 go ya go 22.
3 Boporofeti joo bo kaya eng? Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “se se makgapha a a swafatsang” e ne e le eng? Go nna ga sone mo “felong ga boitshepo” go ne go bolelela pele eng? Tiragalo eo e botlhokwa ka eng mo go rona?
“A yo o Balang a Tlhaloganye”
4. (a) Daniele 9:27 e ne ya re go ne go tla diragala eng fa Bajuta ba sena go gana Mesia? (b) Fa a ne a bua ka seno, kafa go bonalang ka teng, ke eng fa Jesu a ne a re, “A yo o balang a tlhaloganye”?
4 Ela tlhoko mo go Mathaio 24:15 gore Jesu o ne a bua ka se se neng se kwadilwe mo bukeng ya Daniele. Mo go kgaolo 9 ya buka eo go na le boporofeti jo bo neng bo bolelela pele ka go tla ga Mesia le katlholo e e neng e tla diragadiwa mo setšhabeng sa Bajuta ka gonne se mo ganne. Karolo ya bofelo ya temana 27 ya re: “Mme mo phukeng ya dilo tse di makgapha go tlaa tla mongwe yo o swafatsang.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Dipolelo tsa Sejuta tsa bogologolo di ne di bolela fa karolo eo ya boporofeti jwa ga Daniele e ne e kaya go tlontlololwa ga tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema ke Antiochus IV ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a tlhagisa jaana: “A yo o balang a tlhaloganye.” Lefa go tlhapadiwa ga tempele ke Antiochus IV ruri go ne go le makgapha, ga go a ka ga swafatsa—Jerusalema, tempele, kana setšhaba sa Juta. Ka jalo go bonala sentle gore Jesu o ne a tlhagisa batho ba ba neng ba mo reeditse gore seno se ne se ise se diragale mme se ne se santse se tla diragala.
5. (a) Go bapisa dipego tsa Efangele go re thusa jang go senola “se se makgapha” sa lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Ke eng fa Cestius Gallus a ne a potlakisa masole a Baroma go ya kwa Jerusalema ka 66 C.E.?
5 “Se se makgapha” se ba neng ba tshwanetse go nna ba se lebeletse e ne e le eng? Go a kgatlha gore pego ya ga Mathaio ya re: “Ke gone e tlaa reng lo bona se se makgapha a a swafatsang . . . se eme mo felong ga boitshepo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Lefa go ntse jalo, pego e e tsamaisanang le yone e e mo go Luke 21:20 e balega jaana: “E tlaa re lo bona Jerusalema o dikilwe ke dintwa, lo bo lo itse fa tshwafalo ya one e le gaufi.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka 66 C.E., Bakeresete ba ba nnang kwa Jerusalema ba ne ba bona se Jesu a neng a se boleletse pele. Ditiragalo tse di neng di tla ka go latelana tsa dikgotlhang fa gare ga Bajuta le babusi ba Baroma di ne tsa dira gore go tsuologela Roma go ate kwa Jerusalema. Ka ntlha ya seo, thubakanyo e ne ya tlhagoga go ralala Jutea, Samaria, Galilea, Dikapolise, le Fonekia, kwa bokone go tsena kwa Siria, le kwa borwa go tsena kwa Egepeto. Masole a a neng a eteletswe pele ke Cestius Gallus a ne a itlhaganelela kwa Siria a tswa kwa Jerusalema, e Bajuta ba neng ba e bitsa ‘motse wa bone o o boitshepo,’ ba leka go dira gore go boe go nne le kagiso gape mo karolong eo ya Mmusomogolo wa Roma.—Nehemia 11:1; Isaia 52:1.
6. Go ne ga diragala jang gore “se se makgapha” se se ka swafatsang se bo se “eme mo felong ga boitshepo”?
6 Go ne go tlwaelegile gore masole a Roma a tsamaye a tshotse matshwao, kana difolaga, tse ba neng ba di leba di le boitshepo mme Bajuta ba di leba e le tsa kobamelo ya medimo e e itiretsweng. Se se kgatlhang ke gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka go re “se se makgapha” mo bukeng ya Daniele le dirisiwa segolobogolo fa go buiwa ka medimo e e itiretsweng le kobamelo ya yone.a (Duteronome 29:17) Lefa Bajuta ba ne ba leka go iphemela, masole a Baroma a tshotse difolaga tsa one tsa kobamelo ya medimo e e itiretsweng a ne a tsena mo teng ga Jerusalema ka November, 66 C.E. mme a simolola go diga lebota la tempele ka kwa bokone. Go ne go sa belaetse—“se se makgapha” se se neng se ka swafatsa Jerusalema gotlhelele se ne “se eme mo felong ga boitshepo”! Mme lefa go ntse jalo motho o ne a ka tshaba jang?
Go ne go Potlakile Gore ba Tshabe!
7. Masole a Roma a ne a dira eng go sa solofelwa?
7 Ka tshoganetso le gone go sena lebaka lepe le motho a ka le bonang, ka nako e go neng go lebega Jerusalema a ka fenngwa motlhofo, masole a Baroma a ne a boela kwa morago. Ditsuolodi tsa Bajuta di ne tsa leleka masole a Roma a a neng a boela morago go fitlha fela kwa Antipateri, mo e ka nnang dikilometara di le 50 go tswa kwa Jerusalema. Go tswa foo ba ne ba boela morago. Fa ba goroga kwa Jerusalema, ba ne ba kokoana mo tempeleng go rulaganya gore ba ne ba tla lwa jang. Basha ba ne ba bidiwa gore ba nonotshe mafelo a itshireletso le gore ba tsene mo bosoleng. A Bakeresete ba ne ba tla tsenelela mo ditirong tseno? Lefa ba ne ba ka di tila, a ba ne ba santse ba tla bo ba le mo lefelong le le kotsi fa masole a Roma a ne a boa?
8. Bakeresete ba ne ba tsaya kgato efe ka potlako ba bontsha gore ba utlwa mafoko a ga Jesu a boporofeti?
8 Bakeresete kwa Jerusalema le kwa Jutea yotlhe ba ne ba tsaya kgato ka bofefo go dumalana le tlhagiso ya boporofeti e e neetsweng ke Jesu Keresete mme ba tshaba mo lefelong le le kotsi. Go ne go potlakile gore ba tshabe! Fa nako e ntse e feta ba ne ba tsena kwa mafelong a a tletseng dithaba, gongwe bangwe ba thibelela kwa Pella, kwa kgaolong ya Perea. Batho ba ba neng ba reetsa tlhagiso ya ga Jesu ga ba a ka ba boa ka boeleele ba ya go leka go falotsa dithoto tsa bone. (Bapisa Luke 14:33.) E re ka ba ne ba tsamaya maemo a ntse jalo, basadi ba ba baimana le ba ba anyisang ba tshwanetse ba bo ba ne ba fitlhela go le thata go tsaya mosepele ono ka maoto. Ga ba a ka ba kgorelediwa go tshaba ke dithibelo tsa letsatsi la Sabata, mme lefa mariga a ne a le gaufi, a ne a ise a goroge. Go ise go ye kae, batho ba ba neng ba utlwile tlhagiso ya ga Jesu ya gore ba tshabe ka bonako ba ne ba sireletsegile ba le kwa ntle ga Jerusalema le Jutea. Ba ne ba ka falola fela ka go dira jalo.—Bapisa Jakobe 3:17.
9. Masole a Roma a ne a boa ka bonako go le kana kang, mme ga nna le diphelelo dife?
9 Ka ngwaga o o latelang fela, ka 67 C.E., Baroma ba ne ba tlhasela Bajuta sesha. Ba ne ba simolola ka go gapa Galilea. Ngwaga o o latelang, Jutea e ne ya senngwa. Ka 70 C.E., masole a Baroma a ne a dika Jerusalema ka boyone. (Luke 19:43) Leuba le ne la nna maswe fela thata. Batho ba ba neng ba kganeletswe mo motseng ba ne ba tlhaselana. Ope fela yo o neng a leka go tshaba o ne a bolawa. Jaaka Jesu a ne a boletse, ba ne ba bona “sepitla se segolo.”—Mathaio 24:21.
10. Fa re bala ka go tlhaloganya, ke eng gape se re tla se lemogang?
10 A seo se ne sa diragatsa ka botlalo se Jesu a neng a se boleletse pele? Nnyaa, go ne go santse go tla ditiragalo tse dingwe. Fa re bala Dikwalo ka go tlhaloganya jaaka Jesu a laetse, ga re ne re palelwa ke go lemoga se se santseng se tla diragala. Gape re tla akanya ka tlhoafalo kaga seo se se kayang mo matshelong a rona tota.
“Se se Makgapha” sa Motlha Ono
11. Daniele o bua ka “se se makgapha” mo ditemaneng dife tse dingwe tse pedi, mme go buiwa ka nako efe moo?
11 Ela tlhoko gore, mo godimo ga se re se boneng mo go Daniele 9:27, “se se makgapha a a swafatsang” se umakiwa gape le mo go Daniele 11:31 le 12:11. Mo makgetlhong ano a bofelo, ga go na fa go tlhalosiwang ka go senngwa ga Jerusalema teng. E bile tota, se se bolelwang mo go Daniele 12:11 se bonala ditemana tse pedi fela go sena go umakiwa ‘motlha wa bokhutlo.’ (Daniele 12:9) Re ntse re tshela mo motlheng oo fa e sale ka 1914. Ka jalo re tlhoka go nna re butse matlho gore re kgone go lemoga “se se makgapha a a swafatsang” sa motlha wa gompieno re bo re dira gore re tswe mo lefelong le le kotsi.
12, 13. Ke eng fa go tshwanela go tlhalosa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba e le “se se makgapha” sa motlha wa gompieno?
12 “Makgapha” ao a motlha wa gone jaanong ke eng? Bosupi bo bontsha gore ke lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba, le le simolotseng go dira ka 1920, nakwana fela fa lefatshe le sena go tsena mo motlheng wa lone wa bokhutlo. Mme le ne le ka nna jang “se se makgapha a a swafatsang”?
13 Gakologelwa, lefoko la Sehebera le le kayang “makgapha” le dirisiwa mo Baebeleng segolobogolo go kaya medimo e e itiretsweng le mekgwa ya go e obamela. A lekgotla la Kgolagano le ne le obamelwa jaaka modimo? Ee ruri! Baruti ba ne ba le baya mo “felong ga boitshepo,” mme balatedi ba bone ba ne ba simolola go ineela mo go lone ka tlhagafalo. Federal Council of the Churches of Christ in America e ne ya bolela gore lekgotla la Kgolagano le ne le tla nna “tsela ya sepolotiki ya go lere Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” U.S. Senate e ne ya amogela motseletsele wa dikwalo tse di tswang kwa ditlhopheng tsa bodumedi di e rotloetsa gore e amogele Tumalano ya lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Lekgotlakakaretso la Ba-Baptist, Ba-Congregationalist le Ba-Presbyterian kwa Boritane le ne la e baka gore ke “yone fela sedirisiwa se se ka tlisang [kagiso mo lefatsheng].”—Bona Tshenolo 13:14, 15.
14, 15. Lekgotla la Kgolagano mme morago la Ditšhaba Tse di Kopaneng, le ne la nna jang mo “felong ga boitshepo”?
14 Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia bo ne bo tlhomilwe kwa magodimong ka 1914, mme lefa go ntse jalo ditšhaba di ne di tsweletse pele di lwela go laola. (Pesalema 2:1-6) Fa lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ne le akantshiwa, ditšhaba tse di neng di sa tswa go lwa mo ntweng ya ntlha ya lefatshe, mmogo le baruti ba ba neng ba segofaditse masole a tsone, ba ne ba setse ba bontshitse gore ba ne ba latlhile molao wa Modimo. Ba ne ba sa tseye Keresete e le ene Kgosi. Ka jalo, ba ne ba neela mokgatlho wa batho maemo a Bogosi jwa Modimo; ba ne ba baya lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mo “felong ga boitshepo,” e leng lefelo le e seng la lone.
15 Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la tlhomiwa ka October 24, 1945, le tlhatlhama la Kgolagano. Moragonyana, bomopapa ba Roma ba ne ba galaletsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba re ke “lone fela go ka solofelwang gore le tlise kutlwano le kagiso” le gore ke “lekgotla le le kwa godimo thata la kagiso le tshiamiso.” Ee, lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba mmogo le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng leo le neng la latela, ruri le ne la nna modimo o o itiretsweng, “se se makgapha” mo matlhong a Modimo le a batho ba gagwe.
Ba Tshabe mo go Eng?
16. Gompieno batho ba ba ratang tshiamo ba tshwanetse ba tshaba mo go eng?
16 Fa batho ba ba ratang tshiamo ba “bona” seno, fa ba lemoga gore lekgotla leo la ditšhabatšhaba ke eng le kafa le obamelwang jaaka modimo ka gone, ba tlhoka gore ba tshabele kwa lefelong le le babalesegileng. Ba tshaba mo go eng? Mo go sengwe sa segompieno se se neng se tshwantshediwa ke Jerusalema yo o sa ikanyegeng, se e leng Labokeresete, mme gape, ba tshabe mo go Babilone o Mogolo otlhe fela, tsamaiso ya lefatshe lotlhe ya bodumedi jwa maaka.—Tshenolo 18:4.
17, 18. “Se se makgapha” sa motlha wa gompieno se tla lere tshwafatso efe?
17 Gakologelwa gape gore, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa masole a Roma a a neng a tshotse difolaga tse di ntseng jaaka medimo e e itiretsweng a ne a tsena mo motseng o o boitshepo wa Bajuta, a ne a tlile go swafatsa Jerusalema le tsamaiso ya koo ya kobamelo. Mo motlheng wa rona tshwafatso ga e ne e tlela motse o le mongwe fela kana Labokeresete fela, mme e tla tlela tsamaiso yotlhe ya lefatshe lotlhe ya bodumedi jwa maaka.—Tshenolo 18:5-8.
18 Mo go Tshenolo 17:16, go boleletswe pele gore sebatana sa tshwantshetso sa mmala o o bohibidu jo bo letlhololo, se se itshupileng fa e le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, se tla tlhasela Babilone o Mogolo wa sekaseaka, mme se mo senye mo go botlhoko. E bolela jaana ka mafoko a a tlhalosang tota: “Dinaka tse some tse o di bonyeng, le sone sebatana, di tlaa ila seaka seo, di tlaa se dira tshwafatso le bosaikatega, di tlaa ja nama ya sone, di se fisetsa ruri ka molelo.” Bokao jwa seno bo boitshega thata mo go leng thata go bo akanya. Bo tla felela ka gore bodumedi jotlhe jwa maaka jwa mefuta yotlhe bo fele mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Seno ruri se tla bontsha gore sepitla se segolo se simologile.
19. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ntse le na le maloko afe fa e sale le tlhomiwa mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa?
19 Go a kgatlha gore fa e sale lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le simolola go dira ka 1945, maloko a lone a a latolang Modimo a a kgatlhanong le bodumedi ke one a ntseng a tlotlometse. Ka dinako tse di farologaneng mo lefatsheng lotlhe, maloko ao a a ratang diphetogo a ile a nna le seabe mo go direng gore ditiro tsa bodumedi di beelwe melelwane thata kana di thibelwe gotlhelele. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng di sekae tse di fetileng, mo mafelong a le mantsi mebuso e ile ya tlogela go gatelela ditlhopha tsa bodumedi. Mo bathong ba bangwe go ka lebega e kete bodumedi ga bo tlhole bo le mo kotsing ka gope.
20. Ditumelo tsa lefatshe di itiretse leina le le ntseng jang?
20 Ditumelo tsa Babilone o Mogolo di santse di na le maatla a a senyang thata mo lefatsheng. Gantsi ditlhogo tsa dikgang fa di bua ka ditlhopha tse di lwang kana ditlhopha tsa diingaodi di di bitsa ka maina a bodumedi jo di leng mo go jone. Mapodise le masole a a phatlalatsang dikhuduego a ile a tshwanelwa ke go gatlhamela mo ditempeleng gantsi go emisa thubakanyo fa gare ga ditlhopha tsa bodumedi tse di lwang. Ditlhopha tsa bodumedi di ile tsa tshegetsa botsuolodi jwa bopolotiki ka madi. Kilo ya bodumedi e ile ya kgoreletsa maiteko a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng go agisanya ditlhopha tsa ditso. Fa di ntse di leka go fitlhelela mokgele wa go tlisa kagiso le polokesego, ditlhopha tse di mo teng ga lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng di eletsa gore tlhotlheletso epe fela ya bodumedi e e ba kgoreletsang e tlosiwe.
21. (a) Ke mang yo o tla swetsang gore Babilone o Mogolo o tla senngwa leng? (b) Ke eng se go potlakileng gore se dirwe pele ga nako eo?
21 Go na le ntlha e nngwe gape ya botlhokwa e e tshwanetseng go elwa tlhoko. Lefa dinaka tsa sesole go tswa mo lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng di tla dirisiwa go senya Babilone o Mogolo, tota tshenyo eo e tla bo e tla ka ntlha ya katlholo ya Modimo. Katlholo e tla diragadiwa ka nako e Modimo a e tlhomileng. (Tshenolo 17:17) Re tshwanetse ra nama re dira eng? “Tswang mo go ene”—tswang mo go Babilone o Mogolo—go araba jalo Baebele.—Tshenolo 18:4.
22, 23. Go tshaba jalo go akaretsa eng?
22 Go tshabela kwa lefelong le le babalesegileng jalo ga se go tswa mo lefelong le lengwe o ya kwa go le lengwe jaaka Bakeresete ba Bajuta ba ne ba dira fa ba tswa kwa Jerusalema. Ke go tshaba mo ditumelong tsa Labokeresete, ee, mo karolong epe fela ya Babilone o Mogolo. Go kaya go ikgaoganya gotlhelele le mekgatlho ya bodumedi jwa maaka mme gape le mekgwa le megopolo ya yone. Ke go tshabela kwa lefelong le le babalesegileng mo teng ga mokgatlho wa ga Jehofa wa puso ya Modimo.—Baefeso 5:7-11.
23 Fa batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go senola se se makgapha sa motlha wa gompieno, lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba, morago ga Ntwa ya Lefatshe I, Basupi ba ne ba itshwara jang? Ba ne ba setse ba kgaoditse go nna maloko a dikereke tsa Labokeresete. Mme lefa go ntse jalo ka iketlo ba ne ba lemoga gore ba ne ba santse ba ngaparetse dingwe tsa dingwao le mekgwa ya Labokeresete, e e jaaka go dirisa sefapaano le go keteka Keresemose le malatsi a mangwe a boikhutso a boheitane. Fa ba ne ba ithuta boammaaruri kaga dilo tseno, ba ne ba tsaya kgato ka bonako. Ba ne ba utlwa kgakololo e e mo go Isaia 52:11: “Tsamayang, tsamayang, lo tswe gone, lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; tlogang, lo tswe mo gare ga gone; lo nne bantle, lona ba lo rweleng dijana tsa ga Jehofa.”
24. Ke bomang ba le bone ba simolotseng go tshaba, bogolo jang fa e sale ka 1935?
24 Bogolo jang fa e sale ka 1935 go ya pele, boidiidi jo bo ntseng bo oketsega jwa ba bangwe, batho ba ba neng ba simolola go nna le tebelelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, ba ne ba simolola go tsaya kgato e e tshwanang. Le bone ba ‘bone se se makgapha se eme mo felong ga boitshepo,’ mme ba lemoga gore se kaya eng. Fa ba sena go dira tshwetso ya gore ba tshabe, ba ile ba tlosa maina a bone mo manaaneng a maloko a mekgatlho e e leng karolo ya Babilone o Mogolo.—2 Bakorinthe 6:14-17.
25. Ke eng se motho a tlhokang go se dira mo godimo ga go ikgaoganya le bodumedi jwa maaka?
25 Lefa go ntse jalo, go tswa mo go Babilone o Mogolo ga go akaretse go tlogela bodumedi jwa maaka fela. Go kaya sengwe se se fetang go ya kwa dipokanong di sekae kwa Holong ya Bogosi fela kana go ya go rera mafoko a a molemo kwa tirelong ya tshimo gangwe fela kana gabedi ka kgwedi. Motho o ka tswa a le ka kwa ntle ga Babilone o Mogolo ka mmele, a mme gone o dule gotlhelele? A o ikgaogantse le lefatshe le Babilone o Mogolo a leng karolo e kgolo ya lone? A o santse a ngaparetse dilo tse di bontshang moya wa lone—moya wa go nyatsa melao ya Modimo ya tshiamo? A o tsaya boitsholo jo bo siameng jwa kafa dikobong le go ikanyega mo lenyalong motlhofo? A o tseela kwa godimo dilo tse a di batlang ka namana le go rata dithoto go feta dilo tsa semoya? Ga a tshwanela go iteseletsa gore a bopege go ya ka tsamaiso eno ya dilo.—Mathaio 6:24; 1 Petere 4:3, 4.
Se Letle Sepe go go Kgoreletsa fa o Tshaba!
26. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra simolola go tshaba fela mme re go wetse ka katlego?
26 Fa re ntse re tshabela kwa lefelong le le babalesegileng, go botlhokwa thata gore re se ka ra eletsa dilo tse di kwa morago. (Luke 9:62) Re tlhoka go tlhoma megopolo ya rona le dipelo mo Bogosing jwa Modimo le tshiamo ya gagwe. A re ititeile sehuba gore re tla bontsha tumelo ya rona ka go batla tsone pele, re tlhomamisa gore Jehofa o tla re segofatsa mo tseleng e e bontshang boikanyegi jalo? (Mathaio 6:31-33) Dilo tse re di dumelang tse di theilweng mo Dikwalong di tshwanetse tsa re tlhotlheletsa go dira jalo fa re ntse re letile ka tlhoafalo go bona ditiragalo tsa botlhokwa di diragala mo lefatsheng.
27. Ke eng fa go le botlhokwa go akanya ka tsela e e masisi ka dipotso tse di boditsweng fano?
27 Go diragadiwa ga katlholo ya Modimo go tla simolola ka go senngwa ga Babilone o Mogolo. Mmusomogolo oo wa sekaseaka wa bodumedi jwa maaka o tla phimolelwa ruri. Nako eo e gaufi thata! Mongwe le mongwe wa rona ka namana o tla bo a le mo boemong bofe fa nako eo ya botlhokwa e goroga? Mme kwa konelong ya sepitla se segolo fa tsamaiso yotlhe e e boikepo ya ga Satane e senngwa, re tla fitlhelwa re le kafa letlhakoreng lefe? Fa re tsaya kgato e e tlhokegang gone jaanong, re ka tlhomamisa gore re tla sirelediwa. Jehofa o re bolelela jaana: “Yo o ntheetsang o tlaa aga ka polokego.” (Diane 1:33) Fa re tswelela pele re direla Jehofa ka boikanyegi le ka boitumelo mo bokhutlong jwa tsamaiso eno, re ka tshwanelega go baka Jehofa ka bosakhutleng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Bolumo 1, ditsebe 634-5.
A o a Gakologelwa?
◻ “Se se makgapha” sa motlha wa gompieno ke eng?
◻ “Se se makgapha . . . se eme mo felong ga boitshepo” ka tsela efe?
◻ Go tshabela kwa lefelong le le babalesegileng gone jaanong go akaretsa eng?
◻ Ke eng fa go potlakile go tsaya kgato e e ntseng jalo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
E le gore balatedi ba ga Jesu ba falole, ba ne ba tshwanetse go tshaba gone fela foo