“A Mmadi a Dirise Temogo”
“Jalo, fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo . . . se eme mo lefelong le le boitshepo, . . . foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.”— MATHAIO 24:15, 16.
1. Tlhagiso e Jesu a ileng a e neela e e mo go Luke 19:43, 44 e ile ya nna le matswela afe?
GO NNA re ntshitse matlho dinameng go lemoga masetlapelo a a tlang go ka re thusa go a tila. (Diane 22:3) Ka jalo, akanya ka maemo a Bakeresete ba neng ba le mo go one kwa Jerusalema morago ga Baroma ba sena go e tlhasela ka 66 C.E. Jesu o ne a ile a tlhagisa gore motse o ne o tla dikaganyediwa o bo o senngwa. (Luke 19:43, 44) Bontsi jwa Bajuda ba ile ba mo tlhokomologa. Mme barutwa ba gagwe bone ba ile ba sekegela tlhagiso ya gagwe tsebe. Ka ntlha ya seo, ba ile ba namolwa mo masetlapelong ao a 70 C.E.
2, 3. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela boporofeti jwa ga Jesu jo bo kwadilweng mo go Mathaio 24:15-21?
2 Mo boporofeting jo bo malebana le motlha wa rona, Jesu o ile a tlhalosa sesupo se se dikarolodintsi se se akaretsang dintwa, go tlhaela ga dijo, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa malwetse le go bogisiwa ga Bakeresete ba ba rerang ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:4-14; Luke 21:10-19) Gape Jesu o ile a umaka sengwe se se neng se tla thusa barutwa ba gagwe go itse gore bokhutlo bo ne bo le gaufi—‘selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo se eme mo lefelong le le boitshepo.’ (Mathaio 24:15) A re sekaseke gape mafoko ao a a botlhokwa mme re bone gore a ka ama botshelo jwa rona jang gone jaanong le mo isagweng.
3 Morago ga go tlhalosa sesupo, Jesu o ile a re: “Fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo, jaaka go buiwa ka sone ka Daniele moporofeti, se eme mo lefelong le le boitshepo, (a mmadi a dirise temogo,) foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng. A monna yo o kwa godimo ga ntlo a se ka a fologa a ya go ntsha dithoto mo ntlong ya gagwe; mme a monna yo o kwa tshimong a se ka a boela kwa ntlong a ya go tsaya seaparo sa gagwe sa kafa ntle. Abo go latlhega basadi ba ba ba imana le ba ba amusang masea mo malatsing ao! Nnang lo rapele gore go tshaba ga lona go se ka ga diragala ka nako ya mariga, lefa e le ka letsatsi la sabata; gonne ka nako eo go tla nna le pitlagano e kgolo e e leng gore ga e ise e ko e diragale fa e sale ka tshimologo ya lefatshe.”—Mathaio 24:15-21.
4. Ke eng se se bontshang gore Mathaio 24:15 e ile ya diragadiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
4 Pego ya ga Mareko le ya ga Luke di ntsha dintlha tse di tlatsang eno. Mo Mathaio a dirisang mafoko a a reng “se eme mo lefelong le le boitshepo,” Mareko 13:14 ya re “se eme fa se sa tshwanelang.” Luke 21:20 e oketsa ka mafoko ano a ga Jesu: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, he itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse.” Seno se re thusa go lemoga gore go diragadiwa ga ntlha ga mafoko ano go ne go amana le go tlhasela ga Baroma kwa Jerusalema le tempele ya yone—lefelo le le neng le le boitshepo mo Bajudeng mme e sa tlhole e le lefelo le le boitshepo mo go Jehofa—go go neng ga simologa ka 66 C.E. Go kgakgabadiwa ga one go ile ga direga ka 70 C.E. fa motse ono le tempele di ne di senngwa gotlhelele ke Baroma. Ka nako eo, “selo se se ferosang sebete” e ne e le eng? Mme se ne sa ema jang ‘mo lefelong le le boitshepo’? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re thusa go phepafatsa go diragadiwa ga segompieno ga mafoko ano.
5, 6. (a) Ke eng fa babadi ba Daniele kgaolo 9 ba ka tlhoka temogo? (b) Boporofeti jwa ga Jesu jo bo malebana le “selo se se ferosang sebete” bo ile jwa diragadiwa jang?
5 Jesu o ile a kgothatsa babadi go dirisa temogo. Babadi ba eng? Go bonala e le ba Daniele kgaolo 9. Mo go yone re fitlhela boporofeti jo bo bontshang nako e Mesia a neng a tla tlhaga ka yone le jo bo bolelelang pele gore o ne a tla “kgaolwa” morago ga dingwaga di le tharo le sephatlo. Boporofeti joo jwa re: “Mo lefukeng la dilo tse di ferosang sebete go tla bo go na le yo o bakang kgakgabalo; mme go fitlha phediso e tla, selo se go dirilweng tshwetso ka sone se tla tshologela le mo go o o kgakgabetseng.”—Daniele 9:26, 27, NW; bona le Daniele 11:31; 12:11.
6 Bajuda ba ne ba akanya gore seno se ne sa diragala fa Antiochus IV a ne a itshekolola tempele dingwaga di ka nna 200 pelenyana ga foo. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a bontsha se se farologaneng, a kgothatsa gore go dirisiwe temogo ka gonne “selo se se ferosang sebete” se ne se sa ntse se tlile go tlhaga le go ema “mo lefelong le le boitshepo.” Go bonala gore Jesu o ne a bua ka masole a Roma a a neng a tla tla ka ditshwantsho tse di tlhomologileng ka 66 C.E. Ditshwantsho tse di ntseng jalo tse ba neng ba sa bolo go nna ba di dirisa, e ne e le medingwana mme e ne e le dilo tse di ferosang sebete mo Bajudeng.a Mme gone ba ne ba tla ‘ema mo lefelong le le boitshepo’ leng? Seo se ile sa direga fa masole a Roma, ka ditshwantsho tseo tsa one, a ne a tlhasela Jerusalema le tempele ya yone, e Bajuda ba neng ba e tsaya e le boitshepo. Baroma ba ile ba ba ba simolola go diga lebota la lefelo la tempele. Ee ruri, selo se se neng se sa bolo go ferosa sebete jaanong se ne se eme mo lefelong le le boitshepo!—Isaia 52:1; Mathaio 4:5; 27:53; Ditiro 6:13.
“Selo se se Ferosang Sebete” sa Gompieno
7. Ke boporofeti bofe jwa ga Jesu jo bo ntseng bo diragadiwa mo motlheng wa rona?
7 Fa e sa le ka Ntwa ya Lefatshe I, re ile ra bona sesupo sa ga Jesu se se kwadilweng mo go Mathaio kgaolo 24 se diragadiwa ka tsela e kgolwane. Le fa go ntse jalo, gakologelwa mafoko ano a gagwe: “Fa lo tshogana ka lo bona selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo . . . se eme mo lefelong le le boitshepo, . . . foo a ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng.” (Mathaio 24:15, 16) Karolo eno ya boporofeti e tshwanetse go diragadiwa le mo motlheng wa rona.
8. Go ralala dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tlhalosa “selo se se ferosang sebete” sa motlha wa segompieno jang?
8 Go bontsha kafa batlhanka ba ga Jehofa ba dumelang ka teng ba sa belaele gore boporofeti jono bo tla diragadiwa, Tora ya Tebelo ya January 1, 1921 (ka Seesemane), e ile ya lebisa tlhokomelo mo go jone malebana le ditiragalo tsa kwa Botlhabagare. Morago ga foo, mo makasineng wa December 15, 1929 (ka Seesemane), mo go tsebe 374, Tora ya Tebelo e ile ya bua jaana ka tlhamalalo: “Maikaelelo a magolo a lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba ke go dira gore batho ba fularele Modimo le Keresete, ka jalo ke selo se se ferosang sebete, sa ga Satane, selo se Modimo a se ilang thata.” Ka jalo ka 1919 “selo se se ferosang sebete” se ile sa tlhaga. Fa nako e ntse e ya, lekgotla leno la Kgolagano le ne la tseelwa maemo ke la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go nna ba senola fa mekgatlho eno ya kagiso e e itiretsweng ke batho e le makgapha mo matlhong a Modimo.
9, 10. Tsela e pele re neng re tlhaloganya pitlagano e kgolo ka yone e ile ya tlhotlheletsa jang pono ya rona malebana le nako e “selo se se ferosang sebete” se tla bong se eme ka yone mo lefelong le le boitshepo?
9 Setlhogo se se fetileng se ile sa sobokanya tsela e e tlhalositsweng botoka ya karolo e kgolo ya Mathaio kgaolo 24 le 25. A go a tlhokega gore re tlhalose dilo sentle malebana le ‘selo se se ferosang sebete se se emeng mo lefelong le le boitshepo’? Go bonala go ntse jalo. Boporofeti jwa ga Jesu bo amanya thata ‘go ema mo lefelong le le boitshepo’ le go simologa ga “pitlagano” e e boleletsweng pele. Ka gone, le mororo “selo se se ferosang sebete” se sa bolo go nna gone, go amana ga go ‘ema ga sone mo lefelong le le boitshepo’ le pitlagano e kgolo go tshwanetse go ama tsela ya rona ya go akanya. Jang?
10 Batho ba Modimo ba kile ba bo ba tsaya gore karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo e ile ya simologa ka 1914 le gore karolo ya yone ya bofelo e tla diragala ka nako ya ntwa ya Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16; bapisa Tora ya Tebelo ya April 1, 1939, [ka Seesemane] tsebe 110.) Ka jalo re kgona go tlhaloganya gore ke eng fa go kile ga bo go tsewa gore “selo se se ferosang sebete” sa gompieno se tshwanetse sa bo se ile sa ema mo lefelong le le boitshepo ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I.
11, 12. Ka 1969, go ile ga tlhalosiwa pono efe e e tokafaditsweng malebana le pitlagano e kgolo?
11 Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana re ile ra simolola go tlhaloganya dilo ka tsela e sele. Ka Labone wa July 10, 1969, kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya “Kagiso mo Lefatsheng” ya kwa New York City, F. W. Franz, yo ka nako eo e neng e le motlatsaporesidente wa Watch Tower Bible and Tract Society, o ile a neela puo e e kgatlhang thata. Fa a boeletsa tsela e pele re neng re tlhaloganya boporofeti jwa ga Jesu ka yone, Mokaulengwe Franz o ile a re: “Go ile ga tlhalosiwa gore ‘pitlagano e kgolo’ e ile ya simologa ka 1914 C.E. le gore ka nako eo e ile ya se ka ya letlwa go wela yotlhe, go na le moo, Modimo o ne a emisa Ntwa ya Lefatshe I ka November 1918. Go tloga ka nako eo Modimo o ne a letla gore tiro ya masalela a gagwe a Bakeresete ba ba kgethilweng e kgaotse go sekae pele ga a letla gore karolo ya bofelo ya ‘pitlagano e kgolo’ e simologe kwa ntweng ya Haramagedona.”
12 Go tswa foo go ne ga newa tlhaloso eno e e tokafaditsweng tota: “Go tsamaelana le ditiragalo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga, . . . ‘pitlagano e kgolo’ e e tshwanang le ya nako eo ga ya ka ya simologa ka 1914 C.E. Go na le moo, se se ileng sa diragalela setshwani sa gompieno sa Jerusalema ka 1914-1918 e ne e le ‘tshimologo fela ya ditlhabi tsa tlalelo’ . . . ‘Pitlagano e kgolo’ e e leng gore ga e kitla e tlhola e diragala gape e sa ntse e tla tla, ka gonne ka yone, go tlile go fedisiwa mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka (go akaretsa le Labokeresete) mme morago ga yone go tla latela ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’ ka Haramagedona.” Seno se ne se bolela gore pitlagano yotlhe e kgolo e ne e sa ntse e tla direga.
13. Ke eng fa go utlwala go bolela gore “selo se se ferosang sebete” se sa ntse se tlile go ‘ema mo lefelong le le boitshepo’?
13 Seno se na le seabe ka tlhamalalo mo go re thuseng go lemoga gore ke leng “selo se se ferosang sebete” se emang mo lefelong le le boitshepo. Gakologelwa se se ileng sa direga mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Baroma ba ile ba tlhasela Jerusalema ka 66 C.E., le fa go ntse jalo ba ile ba ikgogela morago go sa lebelelwa, e leng se se ileng sa naya “nama” ya Bakeresete tshono ya go bolokwa. (Mathaio 24:22) Ka gone, re lebeletse gore pitlagano e kgolo e tloge e simolole, le fa go ntse jalo e tla khutshwafadiwa ka ntlha ya bakgethiwa ba Modimo. Ela tlhoko ntlha eno e e botlhokwa: Go ya ka tiragalo ya bogologolo, ‘selo se se ferosang sebete se se emeng fa lefelong le le boitshepo’ se ne se amana le go tlhasela ga Baroma ba ba neng ba eteletswe pele ke Mojenerale Gallus ka 66 C.E. Tiragalo ya segompieno e e tshwanang le go tlhasela goo—go simologa ga pitlagano e kgolo—e sa ntse e tlile go diragala. Ka jalo, “selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo,” se se ntseng se le gone fa e sale ka 1919, go bonala fa se sa ntse se tla ema mo lefelong le le boitshepo.b Seno se tla direga jang? Mme rona re ka amega jang?
Tlhaselo ya mo Isagweng
14, 15. Tshenolo kgaolo 17 e re thusa jang go tlhaloganya ditiragalo tse di tla gogelang kwa ntweng ya Haramagedona?
14 Buka ya Tshenolo e tlhalosa fa bodumedi jwa maaka bo tla tlhaselwa bo bo bo senngwa mo isagweng. Kgaolo 17 e tlhalosa katlholo ya Modimo mo go “Babelona o Mogolo, mmadiaka”—mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka. Labokeresete o na le seabe se segolo mme o ipolela fa a na le kgolagano le Modimo. (Bapisa Jeremia 7:4.) Madumedi a maaka go akaretsa le Labokeresete, ga a bolo go nna le kamano e e sa siamang le “dikgosi tsa lefatshe,” mme gone, seno se tla fela ka nako ya fa madumedi ao a senngwa. (Tshenolo 17:2, 5) A senngwa ke mang?
15 Tshenolo e bua ka ‘phologolo ya naga e e mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ e e nnang gone ka nakwana, e nyelele mme e boe gape. (Tshenolo 17:3, 8) Phologolo eno e engwa nokeng ke babusi ba lefatshe. Dintlha tsa boporofeti jono di re thusa go lemoga gore phologolo eno ya tshwantshetso ke mokgatlho wa kagiso o o neng wa simolola go nna gone ka 1919 e le lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba (“selo se se ferosang sebete”) mme gone jaanong ke Ditšhaba Tse di Kopaneng. Tshenolo 17:16, 17 e bontsha gore Modimo o sa ntse a tla tsenya mo dipelong tsa babusi bangwe ba batho ba ba nang le maemo a a kwa godimo mo “phologolong” eno gore ba senye mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka. Tlhaselo eo e tla bo e tshwaya go simologa ga pitlagano e kgolo.
16. Ke ditiragalo dife tse di ngokang kgatlhego tse di diregang malebana le bodumedi?
16 E re ka go simologa ga pitlagano e kgolo go sa ntse go tla direga, a go ‘ema mo lefelong le le boitshepo’ le gone go sa ntse go tla tla? Go bonala jalo. Le fa gone “selo se se ferosang sebete” se ile sa nna gone kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, mme ka gone se setse se na le masome a dingwaga se ntse se le gone, se tla ema “mo lefelong le le boitshepo” ka tsela e e sa tshwaneng le epe mo isagweng e e fa gaufi. Fela jaaka balatedi ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba leba ka kgatlhego go bona gore ‘go ema mo lefelong le le boitshepo’ go ne go tla direga jang, go ntse jalo le ka Bakeresete ba gompieno. Ke boammaaruri gore re tla tshwanelwa ke go leta gore tiragatso eo e direge e bo e le gone re itseng dintlha ka botlalo. Le fa go ntse jalo, selo se se lemotshegang ke gore mo dinageng dingwe go setse go bonala bobaba jo bo ntseng bo gola kgatlhanong le bodumedi. Mekgatlho mengwe ya dipolotiki e e ikgolagantseng le batho ba e kileng ya bo e le Bakeresete, ba ba fapogileng mo tseleng ya tumelo ya boammaaruri, e rotloetsa bobaba kgatlhanong le bodumedi ka kakaretso mme segolobogolo kgatlhanong le Bakeresete ba boammaaruri. (Pesalema 94:20, 21; 1 Timotheo 6:20, 21) Ka ntlha ya seo, le e leng gone jaanong mebuso ya dipolotiki e “tlhabana le Kwana,” mme jaaka Tshenolo 17:14 e bontsha, ntwa eno e tla gakala. Le mororo ba se kitla ba kgona go tlhabana ka tsela ya mmatota le Kwana ya Modimo—Jesu Keresete yo o tlhatloseditsweng mo maemong a kgalalelo—ba tla supa kganetso ya bone segolobogolo kgatlhanong le baobamedi ba Modimo ba boammaaruri, “baitshepi” ba gagwe. (Daniele 7:25; bapisa Baroma 8:27; Bakolosa 1:2; Tshenolo 12:17.) Modimo o re tlhomamiseditse gore Kwana le ba ba nang nae ba tla fenya.—Tshenolo 19:11-21.
17. Kwantle ga go bua ka go itshepa thata, re ka reng malebana le kafa “selo se se ferosang sebete” se tlileng go ema ka teng mo lefelong le le boitshepo?
17 Re a itse gore bodumedi jwa maaka bo tlile go senngwa. Babelona o Mogolo o “tagilwe ke madi a baitshepi” e bile o ntse a itira kgosigadi, mme gone ruri o tlile go senngwa. Tsela e e maswe e a ntseng a tlhotlheletsa dikgosi tsa lefatshe ka yone e tla fetoga thata fa ‘dinaka tse di lesome le phologolo ya naga’ di tla bo di mo tlhanogela di mo ila mo go maswe. (Tshenolo 17:6, 16; 18:7, 8) E tla re fa “phologolo ya naga e e mmala wa bohibidu jo bo letlhololo” e tlhasela seaka seno sa bodumedi, “selo se se ferosang sebete” se tla bo se eme ka tsela e e tshosang mo go se go tweng ke lefelo le le boitshepo la Labokeresete.c Ka jalo tshenyego e tla simologa pele ka Labokeresete o o se nang tumelo, o o itsayang a le boitshepo.
Go ‘Tshaba’—Jang?
18, 19. Go newa mabaka afe a a bontshang gore “go tshabela kwa dithabeng” ga go ne go kaya go fetola bodumedi?
18 Morago ga fa Jesu a sena go bolelela pele ‘go ema ga selo se se ferosang sebete mo lefelong le le boitshepo,’ o ile a tlhagisa ba ba nang le temogo gore ba tseye kgato. A o ne a kaya gore fa go setse go le thari—fa “selo se se ferosang sebete” se setse se ‘eme mo lefelong le le boitshepo’—batho ba le bantsi ba tla tshaba ba tswa mo bodumeding jwa maaka ba tla mo kobamelong ya boammaaruri? Ga go bonale jalo. Akanya ka tsela ya ntlha ya go diragadiwa ga seno. Jesu o ile a re: “A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng. A monna yo o kwa godimo ga ntlo a se ka a fologa, lefa e le go tsena mo teng go tsaya sepe mo ntlong ya gagwe; mme a monna yo o mo tshimong a se ka a boela kwa dilong tse di kwa morago a ya go tsaya seaparo sa gagwe sa kafa ntle. Abo go latlhega basadi ba ba baimana le ba ba amusang masea mo malatsing ao! Nnang lo rapele gore go se ka ga diragala ka nako ya mariga.”—Mareko 13:14-18.
19 Jesu ga a ka a re go tshabe fela ba ba mo Jerusalema, jaaka e kete o ne a bolela gore ba ne ba tshwanetse go tswa mo lefelong le e neng e le boremelelo jwa kobamelo ya Bajuda; e bile tlhagiso ya gagwe ga ya ka ya umaka kgang ya go fetola madumedi—go tshaba go tswa mo go jwa maaka ba tsena mo go jwa boammaaruri. Go ne go sa tlhokege gore barutwa ba ga Jesu ba tlhagisiwe malebana le go tlogela bodumedi jo bo rileng go tsena mo go jo bongwe; e ne e setse e le Bakeresete ba boammaaruri. E bile tlhaselo ya 66 C.E. ga ya ka ya tlhotlheletsa badumedi ba Sejuda ba Jerusalema le Judea yotlhe go tlogela bodumedi joo mme ba amogela Bokeresete. Porofesa Heinrich Graetz a re batho ba ba neng ba lelekile Baroma ba ba neng ba tshaba ba ile ba boela gape mo motseng: “Batlhagafalelabojuda ba ba neng ba opela dipina tsa ntwa ba ne ba boela mo Jerusalema (ka October 8), dipelo tsa bone di tletse ka tsholofelo e e itumedisang ya gore ba tla bona kgololesego le boipuso. . . . A Modimo o ne a sa ba thusa ka bopelotlhomogi jwa gagwe jaaka A ne a ile a thusa borraabonemogolo? Dipelo tsa Batlhagafalelabojuda di ne di se na poifo epe ka isagwe.”
20. Barutwa ba bogologolo ba ile ba tsibogela jang tlhagiso ya ga Jesu ya gore ba tshabele kwa dithabeng?
20 Jalo he, palonyana e e potlana ya bakgethiwa ba nako eo e ile ya tsibogela kgakololo ya ga Jesu jang? Ka go tswa mo Judea mme ba tshabela kwa dithabeng tse di ka kwa ga Joredane, ba ile ba bontsha gore e ne e se karolo ya tsamaiso ya Bajuda ya sepolotiki kana ya bodumedi. Ba ile ba tlogela masimo le matlo a bone, le e seng go phutha dithoto tsa bone mo matlong. Ba ile ba tsaya kobamelo ya ga Jehofa e le botlhokwa go gaisa selo sepe fela se se ka tswang se lebega se le botlhokwa, ba se na pelaelo gore o tla ba sireletsa le go ba ema nokeng.—Mareko 10:29, 30; Luke 9:57-62.
21. Ga re tlhoke go lebelela eng fa “selo se se ferosang sebete” se tlhasela?
21 Jaanong a ko o akanye ka tsela e kgolwane e seno se tlileng go diragadiwa ka yone. Re setse re feditse masome a le mantsi a dingwaga re kgothaletsa batho go tswa mo bodumeding jwa maaka mme ba tle mo kobamelong ya boammaaruri. (Tshenolo 18:4, 5) Dimilione di dirile jalo. Boporofeti jwa ga Jesu ga bo bontshe gore e tla re fa pitlagano e kgolo e simologa bontsi jwa batho bo tla fetogela mo kobamelong e e itshekileng; ga go na pelaelo gore ga go a ka ga direga gore bontsi jwa Bajuda ba fetoge ka 66 C.E. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba tla nna le lebaka le le molemo la go tsaya tsia tlhagiso ya ga Jesu mme ba tshabe.
22. Go diragatsa ga rona kgakololo ya ga Jesu e e malebana le go tshabela kwa dithabeng go ka nna ga akaretsa eng?
22 Gone jaanong re ka se kgone go itse ka botlalo gore go tla direga eng ka nako ya pitlagano e kgolo, mme gone, go a utlwala gore re swetse ka gore mo go rona go tshaba go Jesu a buileng ka gone, e ka se nne ga go tshabela kwa lefelong le le rileng. Batho ba Modimo ba setse ba fitlhelwa mo lefatsheng lotlhe, mo e batlang e le mo lefelong lengwe le lengwe. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore fa go tlhokega gore go tshajwe, Bakeresete ba tla tshwanelwa ke gore ba tswelele pele ba farologane thata le mekgatlho ya bodumedi jwa maaka. Selo se sengwe se se botlhokwa ke gore Jesu o ile a tlhagisa gore ope a se ka a boela kwa ntlong ya gagwe go ya go tsaya diaparo tsa gagwe kana dithoto tse dingwe. (Mathaio 24:17, 18) Ka jalo, go ka nna ga direga gore re rakane le diteko kwa pele malebana le gore re leba dithoto jang; a re di tsaya di le botlhokwa thata, kana a poloko e e tla tlelang botlhe ba ba ka fa letlhakoreng la Modimo ke yone e re e tsayang e le botlhokwa thata? Ee, go tshaba ga rona go ka nna ga akaretsa mathata mangwe le go tingwa dilo dingwe. Re tla tshwanelwa ke go nna re iketleeleditse go dira sepe fela se se tlhokegang, fela jaaka go ile ga dira bengkarona ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba ileng ba tshaba kwa Judea mme ba tshabela kwa Perea, ka kwa ga Joredane.
23, 24. (a) Ke kae fela koo re ka bonang tshireletsego gone? (b) Tlhagiso ya ga Jesu malebana le ‘selo se se ferosang sebete se se emeng mo lefelong le le boitshepo’ e tshwanetse go re ama jang?
23 Re tshwanetse ra tlhomamisa gore re tswelela pele re dira Jehofa le phuthego ya gagwe ya sekathaba botshabelo jwa rona. (2 Samuele 22:2, 3; Pesalema 18:2; Daniele 2:35, 44) Ke gone mo re tla bonang tshireletsego gone! Ga re na go etsa bontsi jwa batho ba ba tla tshabelang mo “dikgageng” le go iphitlha “mo mafikeng a dithaba”—mekgatlho ya batho le ditheo tse di ka nnang tsa sala ka lobaka lo lo khutshwane thata fa Babelona o Mogolo a sena go senngwa. (Tshenolo 6:15; 18:9-11) Ke boammaaruri gore, maemo a ka nna a nna bokete thata—jaaka a ka tswa a ile a nna jalo ka 66 C.E. mo basading ba ba imileng ba ba neng ba tshaba kwa Judea kana mo go ope fela yo o neng a tsamaya mo serameng le mo dipuleng. Mme gone re ka tlhomamisega gore Modimo o tla dira gore re falole. A re direng gore le e leng gone jaanong re nonotshe tsela e re ikaegileng ka Jehofa le Morwaawe ka yone, yo gone jaanong a busang e le Kgosi ya Bogosi.
24 Ga re na lebaka la go nna re boifa se se tla diragalang. Bogologolo kwa Jesu ga a ka a batla gore barutwa ba gagwe ba boife, mme le gone jaanong kana mo malatsing a a tlang, ga a batle gore re nne mo poifong. O ile a re tsibosa gore re nne re baakanya dipelo le megopolo ya rona. Kana e bile, Bakeresete ba ba kutlo ga ba ne ba otlhaiwa fa bodumedi jwa maaka le tsamaiso yotlhe e e boikepo di senngwa. Ba tla bontsha temogo mme ba sekegele tsebe tlhagiso e e malebana le ‘selo se se ferosang sebete se se emeng mo lefelong le le boitshepo.’ Mme ba tla dirisa tumelo ya bone e e sa reketleng go tsaya kgato ba sa okaoke. A le ka motlha re se lebale gore Jesu o ile a solofetsa jaana: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mareko 13:13.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Ditshwantsho tsa Baroma di ne di tlhokomelwa ka go newa tlotlo ya sedumedi mo ditempeleng tsa Roma; mme tsela e batho bano ba neng ba tlotla ditshwantsho tsa bone ka yone e ne e oketsega nako le nako fa ba fenya ditšhaba tse dingwe . . . [Mo masoleng a teng di ne] di ka tswa di ne di le boitshepo go gaisa dilo tsotlhe mo lefatsheng. Lesole la Moroma le ne le ikana ka setshwantsho sa lone.”—The Encyclopædia Britannica, Kgatiso ya bo11.
b Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore le fa go diragadiwa ga mafoko a ga Jesu ka 66-70 C.E. go ka re thusa go bona gore a tla diragadiwa jang ka nako ya pitlagano e kgolo, ditiragatso tseno tse pedi di ka se ka tsa tshwana kgo, ka gonne di ama maemo a a sa tshwaneng.
c Bona Tora ya Tebelo ya May 1, 1976, ditsebe 90-102.
A o A Gakologelwa?
◻ “Selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo” se ile sa bonala jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?
◻ Ke eng fa go utlwala go akanya gore “selo se se ferosang sebete” sa gompieno se tla ema mo lefelong le le boitshepo mo isagweng?
◻ Tshenolo e bolelela pele go tlhasela gofe ga “selo se se ferosang sebete”?
◻ Re sa ntse re ka tlhoka go “tshaba” ga mofuta mang?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Babelona o Mogolo o bidiwa “mmadiaka”
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Phologolo ya naga e e mmala o o bohibidu jo bo letlhololo ya Tshenolo kgaolo 17 ke “selo se se ferosang sebete” se Jesu a ileng a bua ka sone
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Phologolo ya naga e e mmala o o bohibidu jo bo letlhololo e tla etelela pele mo go tlhaseleng bodumedi e bo senya