LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 6/1 ts. 25-28
  • Sekolo sa Gileate se Romela Setlhopha sa Sone sa bo100

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekolo sa Gileate se Romela Setlhopha sa Sone sa bo100
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgakololo e e Tswang mo Dikwalong ka Banna ba Bagolwane
  • Dikakgelo Tse di Mosola go Tswa Kwa Tshimong
  • Itumeleng mo go Jehofa Lo bo Lo Ipele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Legae Le Lesha la Sekolo sa Barongwa sa Gileade
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Moya wa go Ithaopa o Tlisa Batho Kwa Gileate
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Baithuti ba ba Atlegang ba Nna Barongwa ba ba Atlegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 6/1 ts. 25-28

Sekolo sa Gileate se Romela Setlhopha sa Sone sa bo100

SEKOLO SA BAEBELE SA WATCHTOWER SA GILEATE se nnile le seabe se se botlhokwa mo go bolelweng ga Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe mo metlheng eno ya segompieno. Fa e sa le ka Sekolo sa Gileate se simolola go thapisa barongwa ka 1943, baalogi ba sone ba ntse ba direla mo dinageng tse di fetang 200. Ka March 2, 1996, go ne ga aloga setlhopha sa bo100.

Baithuti ba tsene sekolo ka nako ya fa go ne go wele kapoko e e fetang dimetara di le pedi mo tikologong ya Lefelo la Thutelo la Watchtower kwa Patterson, New York. Ga go gakgamatse go bo kapoko e ne e wa mo letsatsing la go aloga ga bone. Lefa go ntse jalo, holo e ne e tletse, e bile bontsintsi jo bongwe jwa bareetsi bo ne bo reeditse bo le kwa Patterson, Wallkill, le Brooklyn—botlhe e le batho ba le 2 878.

Theodore Jaracz, leloko la Komiti e e Rutang la Setlhopha se se Laolang, o ne a le modulasetulo. Fa a sena go amogela baeng ba ba neng ba le teng ka diatla tsoopedi ba ba tswang dinageng di le dintsi, o ne a kopa botlhe gore ba eme ba opele pina 52. Holo e ne ya duma ka pako e e yang kwa go Jehofa fa ba ne ba opela pina ya setlhogo se se reng “Leina la Rraarona,” mo bukeng ya Opelelang Jehofa Dipako. Pina eo, mmogo le dikakgelo tsa modulasetulo kaga go dirisa thuto go baka Jehofa, e ne ya dira gore bareetsi ba letele ka go shwegashwega pelo lenaneo le le neng le tla latela.

Kgakololo e e Tswang mo Dikwalong ka Banna ba Bagolwane

Karolo ya ntlha ya lenaneo e ne e na le dipuo tse dikhutshwane tse batlhanka ba le mmalwa ba ba diretseng Jehofa ka nako e telele ba neng ba di beela setlhopha se se alogang. Richard Abrahamson, mongwe wa badiri ba kwa ntlongkgolo yo o neng a simolola tirelo ya gagwe ya nako e e tletseng ka 1940, o ne a rotloetsa setlhopha seno jaana: “Tswelelang lo Lolamisiwa.” O ne a ba gakolola gore ba ne ba setse ba fetile mo dinakong tse di farologaneng tsa go lolamisiwa mo matshelong a bone jaaka Bakeresete, go akaretsa le go tsena sekolo sa Gileate ga bone dikgwedi di le tlhano. Ka jalo ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go tswelela ba lolamisiwa?

Sebui se ne sa tlhalosa gore mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a dirisitseng mo go 2 Bakorinthe 13:11 (NW), “a raya tiragalo e e tswelelang pele, go tswelela pele ga motho a ineetse mo go Jehofa gore a mmope kgotsa a mo itshekise, gore a fitlhelele melao e e kwa godimo thata ya ga Jehofa.” E tla re fa ba le kwa dikabelong tsa bone tsa kwa dinageng di sele, ba setlhopha se se alogang seno ba tla lebana le dilo dingwe tse disha tse di gwetlhang tumelo ya bone. Ba tla tlhoka gore ba ithute puo e ntšha, ba itlwaelanye le setso se se farologaneng le maemo a masha a go tshela, ba bo ba itlwaelanye le ditshimo tsa mefuta e e farologaneng. Gape ba tla bo ba dirisana le batho ba ba nang le mekgwa e e farologaneng mo magaeng a bone a barongwa le kwa diphuthegong tse disha tse ba tla bong ba kopanela le tsone. Fa ba ka dirisa melaometheo ya Baebele ka kelotlhoko mo maemong ano otlhe, ba iketleeleditse go ka lolamisiwa, he, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a kwala, gape ba tla “tswelela ba ipela.”

John Barr, mongwe wa maloko a matlhano a Setlhopha se se Laolang a a neng a na le seabe mo lenaneong, o ne a tsaya setlhogo sa gagwe mo go 1 Bakorinthe 4:9. O ne a gakolola bareetsi ba gagwe gore Bakeresete ba lebilwe ke baengele le ke batho. “Go itse seno,” o ne a bolela jalo, “go oketsa fela thata botlhokwa jwa tsela e Mokeresete a tshelang ka yone, go ntse jalo segolobogolo fa a lemoga gore se a se buang le se a se dirang, se ka ama ba ba mo lebileng ka tsela e ba se kitlang ba e lebala, ba a sa ba boneng le ba a ba bonang. Ke dumela gore go tla bo go le molemo thata gore lo gopole seno lona lotlhe bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang ba setlhopha sa bo100 sa sekolo sa Gileate jaaka fa lo tla bo lo ya kwa dikarolong tse di kgakala thata tsa lefatshe.”

Mokaulengwe Barr o ne a rotloetsa baithuti bano ba ba 48 gore, fa ba ntse ba thusa batho ba sekadinku gore ba ithute boammaaruri, ba gakologelwe gore “go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.” (Luke 15:10) Fa a ne a bua ka 1 Bakorinthe 11:10, o ne a bontsha gore boikutlo jo motho a bo bontshang malebana le dithulaganyo tsa puso ya Modimo bo ama e seng bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fela ba re ba bonang mme gape bo ama baengele ba re sa ba boneng. A bo go tla re thusa jang ne gore re lebe seemo ka tsela e e atologileng jalo!

Leloko le lengwe la Setlhopha se se Laolang, Gerrit Lösch, yo e leng moalogi wa Sekolo sa Gileate, o ne a tlotla ka dikwalo di tshwana le Pesalema 125:1, 2; Sekaria 2:4, 5; le Pesalema 71:21 go bontsha gore Jehofa o ‘dikanyetsa batho ba gagwe.’ O ba sireletsa go tswa matlhakoreng otlhe. A Modimo o tla ba sireletsa jalo mo nakong ya sepitla se segolo fela? “Nnyaa,” sebui se ne sa araba jalo, “gonne Jehofa o setse a le ‘lorako lwa molelo,’ e leng tshireletso ya batho ba gagwe. Ka ngwaga wa morago ga ntwa wa 1919, masalela a Iseraele wa semoya a ne a eletsa ka phisego go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe. A ne a le baemedi ba Jerusalema wa tshwantshetso yo o kwa magodimong. Jehofa o tlhomamisa gore o tla naya baemedi bano jaaka setlhopha tshireletso ya bomodimo mo motlheng wa bokhutlo. Ka jalo ke mang yo o ka atlegang fa a ba emisa? Ga go na ope.” A bo seno se kgothatsa jang ne mo go bone le mo go botlhe ba ba kopanelang le bone mo go direng thato ya bomodimo!

Ulysses Glass, mongwe yo mogolo wa batsamaisi ba sekolo, o ne a kgothaletsa setlhopha seno gore se ‘tlogele go batlana le ditalenta tse dingwe mo phuthegong ya lefatshe lotlhe ya ga Jehofa.’ Talenta ke boemo kgotsa tiro e e tshwanelang bokgoni jwa motho ka mo go kgethegileng kgotsa botho jwa gagwe. “Lona ba lo tlileng go nna barongwa lo setse lo bone talenta ya lona mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya lefatshe lotlhe,” o ne a bolela jalo. “Mme, lefa e le botlhokwa ka tsela e e leng ka yone gone jaanong, seno ke tshimologo fela ya botshelo jwa gago jaaka morongwa.” Ba ne ba tla tshwanelwa ke go iteka ka natla gore ba dirise bokgoni jo ba nang le jone le gore ba tshwanelege sentle mo dikabelong tsa bone tse di kgethegileng tse ba neng ba di fiwa ke Jehofa le phuthego ya gagwe.

Puo ya bofelo mo karolong eno ya lenaneo e ne ya neelwa ke Wallace Liverance, mongwe wa batsamaisi ba sekolo sa Gileate yo o neng a direla dingwaga di le 17 kwa Bolivia. “A lo tla leka Modimo?” a botsa setlhopha sa baithuti jalo. Ba tshwanetse ba dira seno jang? Setšhaba sa Iseraele se ne sa leka Modimo ka tsela e e sa siamang. (Duteronome 6:16) “Go phepafetse gore, go leka Modimo ka go ngongorega kgotsa gongwe ka go sa bontshe tumelo mo tseleng ya one ya go dira dilo ga go a siama.” Sebui se ne sa bolela jalo. Se ne sa ba rotloetsa sa re, “Fa lo goroga kwa kabelong ya lona e ntšha, lwantshang boikutlo joo.” Ka gone, tsela e e siameng ya go leka Modimo ke efe? “Ke go dumela se a se buang, ka go dira fela jaaka a bolela, mme go tswa foo motho a ba a tlogelela gotlhe mo diatleng tsa one,” Mokaulengwe Liverance o ne a tlhalosa jalo. Jaaka fa re bona seno mo go Malaki 3:10 (NW), Jehofa o kopa batho ba gagwe a re: “Ntekang, tsweetswee.” O ne a ba solofetsa gore fa ba ne ba ka tlisa ditsabosome tsa bone mo ntlong ya polokelo ya tempele ka boikanyego, o ne a tla ba segofatsa. Sebui se ne sa ba botsa sa re, “Ke ka ntlha yang lo sa lebe kabelo ya lona ya borongwa ka tsela e e tshwanang?” “Jehofa o batla gore lo atlege mo go yone, ka gone, a ko lo mo lekeng. Ngaparelang kabelo ya lona. Tokafatsang mo a batlang lo tokafatsa gone. Itshokeng. Bonang gore a ga a kitla a lo segofatsa.” A bo e le kgakololo e e molemo jang ne mo go botlhe ba ba direlang Jehofa!

Fa go sena go opelwa, lenaneo le ne la fetoga ka go khutla ga dipuo mme ga latela dipotsolotso tse di itumedisang.

Dikakgelo Tse di Mosola go Tswa Kwa Tshimong

Mark Noumair, leloko le lesha la batsamaisi ba sekolo sa Giliate, o ne a kopa baithuti gore ba anele maitemogelo a ba nnileng le one mo bodireding jwa tshimo fa ba ntse ba le mo sekolong. Maitemogelo ano a ne a tlhomolola botlhokwa jwa go nna wa ntlha go tsaya kgato mo bodireding a ba a naya bareetsi ditsela tse di mosola tse ba ka di dirisang.

Ka nako ya fa ba le mo sekolong, baithuti ba setlhopha seno sa Gileate ba ne ba solegelwa molemo fela thata ke go tsalana le maloko a Dikomiti tsa Makala a a neng a tswa kwa dinageng di le 42, a le one a neng a tlile kwa Lefelong la Thutelo la Patterson go tla go newa thapiso e e kgethegileng. Ba le bantsi ba bone e ne e le baalogi ba sekolo sa Gileate ba mo dingwageng tse di fetileng. Mo lenaneong leno, go ne go botsolotswa baemedi ba setlhopha sa bo3, sa bo5, sa bo51, le sa bo92, le ba ba tswang kwa Lekaleng la Sekolo sa Gileate kwa Jeremane. A bo dikakgelo tsa bone di ne di le mosola jang ne!

Ba ne ba tlhalosa kafa barongwa ba neng ba ikutlwa ka gone fa ba bona palo ya babaki ba ga Jehofa mo dikabelong tsa bone e oketsega go tswa go ba le mokawanyana go ya go ba ba masome a a dikete. Ba ne ba bolela kaga seabe se ba nnileng le sone mo go anamisetseng mafoko a a molemo kwa magaeng a a phatlaletseng kwa Dithabeng tsa Andes le metse e e fa diphororong tsa Noka ya Amazon. Ba ne ba tlotla kaga go neela ga bone bosupi mo bathong ba ba sa itseng go bala le go kwala. Ba ne ba tlotla ka mathata a ba nnileng le one a go ithuta dipuo tse disha le gore baalogi ba ne ba ka lebelela go kgona ka bonako go le kae go neela bosupi le go neela dipuo ka puo e e jaaka ya Se-China. Ba ne ba ba ba dira dipontsho tsa dipuisano ka Se-Spain le ka Se-China. Ba ne ba gatelela ntlha ya gore barongwa ba nna le matswela go gaisa fa ba ithuta e seng puo fela mme gape le tsela e batho ba puo eo ba akanyang ka yone. Ba ne ba tlotla ka maemo a a hutsafatsang a botshelo a gantsi a fitlhelwang mo dinageng tse di humanegileng ba ba ba tlhalosa jaana: “Barongwa ba tshwanetse go lemoga gore seemo seno gantsi se bakilwe ke go dirisiwa ga batho ka tsela ya bopelotshetlha. Morongwa o dira sentle tota fa a ikutlwa ka tsela e Jesu a neng a ikutlwa ka yone—o ne a utlwela batho ba ba neng ba tshwana le dinku tse di se nang modisa botlhoko.”

Fa go sena go opelwa lenaneo le ne la tswelela ka puo e neelwa ke A. D. Schroeder, leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a nna le tshiamelo ya go nna mongwe wa batlhatlheledi ba ntlha kwa Sekolong sa Gileate fa se ne se bulwa ka 1943. Jaaka konelo e e tshwanelang sentle ya lenaneo leno, o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “Go Galaletsa Jehofa Jaaka Morena Molaodi.” Motlotlo ono wa ga Mokaulengwe Schroeder o o gapang maikutlo wa Pesalema ya bo24 o ne wa gatelela mo go botlhe ba ba neng ba le teng ka fa go galaletsa Jehofa jaaka Morena Molaodi e leng tshiamelo e e molemolemo ka teng.

Morago ga go ntshiwa ga ditlankana tsa dipoloma, le pina e e konelang, Karl Klein wa Setlhopha se se Laolang o ne a digela ka thapelo e e tswang pelong. A bo e ne e le lenaneo la semoya le le mosola e bile le lapolosa jang ne!

Malatsi morago ga kaloso, maloko a le 48 a setlhopha sa bo100 a ne a simolola go ya dikabelong tsa one kwa dinageng di le 17. Mme e ne e se gore ke gone ba simololang bodiredi jwa bone. Ba ne ba setse ba na le rekoto e e nonofileng ya bodiredi jwa Bokeresete jwa nako e e tletseng. Fa ba ne ba ikwadisa kwa sekolong sa Gileate, palogare ya dingwaga tsa bone e ne e le 33 mme ba dirisitse dingwaga di feta 12 mo bodireding jwa nako e e tletseng. Bangwe ba bone e kile ya nna maloko a lelapa la lefatshe lotlhe la Bethele la Mokgatlho wa Watch Tower. Bangwe ba kile ba direla jaaka balebedi ba ba etang. Baithuti bangwe ba le mmalwa ba ne ba setse ba kile ba nna le seabe mo go direleng kwa dinageng dingwe di sele—kwa Afrika, Yuropa, Amerika Borwa, ditlhaketlhake tsa mawatle, le mo bathong ba ba buang dipuo tsa seeng mo dinagagaeng tsa bone. Mme jaanong ba kopanela mmogo le barongwa ba bangwe ba le bantsi ba ba ileng ba itumelela gore ba bo ba ka kgona go bua ba re, ‘Re tla direla gope fela mo lefatsheng kwa re tlhokegang gone.’ Keletso ya bone e e tswang pelong ke go dirisetsa matshelo a bone go tlotlomatsa Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Dipalo tsa Setlhopha:

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 8

Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 17

Palo ya baithuti: 48

Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 33,75

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 17,31

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 12,06

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhopha se se Alogang Sa bo100 Sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate

Mo lenaaneng le le fa tlase leno, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe e balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Shirley M.; Grundström, M.; Genardini, D.; Giaimo, J.; Shood, W.; Phair, P.; Buchanan, C.; Robinson, D. (2) Pine, C.; Kraus, B.; Racicot, T.; Hansen, A.; Beets, T.; Berg, J.; Garcia, N.; Fleming, K. (3) Whinery, L.; Whinery, L.; Harps, C.; Giaimo, C.; Berg, T.; Mann, C.; Berrios, V.; Pfeifer, C. (4) Randall, L.; Genardini, S.; Kraus, H.; Fleming, R.; D’Abadie, S.; Shirley, T.; Stevenson, G.; Buchanan, B. (5) Robinson, T.; Garcia, J.; Harps, P.; Racicot, D.; D’Abadie, F.; Phair, M.; Stevenson, G.; Shood, D. (6) Beets, L.; Pfeifer, A.; Berrios, M.; Pine, J.; Mann, L.; Randall, P.; Grundström, J.; Hansen, G.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela