LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 6/1 ts. 24-27
  • Itumeleng mo go Jehofa Lo bo Lo Ipele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itumeleng mo go Jehofa Lo bo Lo Ipele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Kgothadiwa Gore ba Nne ba Itumetse
  • Maitemogelo a a Itumedisang le Dipotsolotso
  • Moya wa go Ithaopa o Tlisa Batho Kwa Gileate
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Baithuti ba ba Atlegang ba Nna Barongwa ba ba Atlegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ba Tlhotlheletsega go Direla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Sekolo sa Gileade—Se na Le Dingwaga Tse 60 se Thapisa Barongwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 6/1 ts. 24-27

Itumeleng mo go Jehofa Lo bo Lo Ipele

FA TIRO nngwe e e molemo e weditswe ka katlego seno ka metlha se lere lobaka lwa go itumela. Dikalogo tse di neng di tshwerwe ka March 13, 1999, kwa Lefelong la Thuto la Watchtower kwa Patterson, kwa New York, eleruri e ne e le lobaka lo lo ntseng jalo mo baithuting ba le 48 ba setlhopha sa bo106 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate.

Dikakgelo tse di simololang tsa ga Theodore Jaracz, wa Setlhopha se se Laolang, yo o alogileng mo setlhopheng sa bosupa sa Gileate, e bile e le modulasetulo wa thulaganyo eno ya kalogo, di ne tsa gatelela mafoko a Pesalema 32:11: “Itumeleng mo go Jehofa, lo bo lo ipele lona basiami.” Fa a ne a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore botlhe ba itumele mo tiragalong eno, o ne a bolela jaana: “Re a itumela mo ditiragalong tse di tshwanang le eno, ka ntlha ya se Jehofa a kgonang go se dira ka batho ba ba dipelo di thokgameng, go akaretsa le baithuti ba rona ba Gileate.” Le mororo baithuti ba ile ba dira dithulaganyo gore ba kgone go tla mo Sekolong seno sa Gileate e bile ba ile ba iteka ka natla gore ba tshwanelegele tirelo ya borongwa, Jehofa ke ene a thusitseng gore sengwe le sengwe se wediwe ka katlego. (Diane 21:5; 27:1) Mokaulengwe Jaracz o ne a gatelela gore seo, se re naya lebaka la go ‘itumela mo go Jehofa.’

Gareng ga batho ba ba neng ba le mo holong ya Patterson e ne e le ba losika le balalediwa ba baithuti bano ba ba tswang kwa dinageng di le 12, ba tlile go bona tiragalo eno e e itumedisang. Jaaka fa ba ba 5 198 ba ba neng ba le teng—go akaretsa le maloko a lelapa la Bethele kwa Brooklyn, Patterson, le Wallkill, ba ba neng ba golagantswe ka founo le thelebishene—ba ne ba letetse thulaganyo e e neng e tlile go latela, go ne go bonala sentle gore mongwe le mongwe o ne a itumetse.

Ba Kgothadiwa Gore ba Nne ba Itumetse

Fa Mokaulengwe Jaracz a konela dikakgelo tsa gagwe tse di simololang, o ne a bitsa sebui sa ntlha sa tse tlhano, tse di neng di baakanyeditse dipuo tse di kgothatsang tsa Dikwalo, di di baakanyeditse baalogi ba Gileate mmogo le botlhe ba ba neng ba le teng.

Wa ntlha go bua e ne e le William Malenfant, yo o alogileng mo setlhopheng sa bo34 sa Gileate, mme jaanong a dira e le mothusi wa Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang. Malebana le setlhogo sa gagwe se se reng “‘Gotlhe Fela’ ga se Boithamako!” se se theilweng mo go Moreri 1:2, o ne a botsa jaana: “A ruri Solomone o ne a raya gore gotlhe fela, jaaka fa lefoko leno le bontsha, ke boithamako?” Karabo: “Nyaa. O ne a bontsha gore ditiro tse batho ba di dirang ba itlhokomolosa thato ya Modimo, dilo tse batho ba di latelelang mme di se kafa thatong ya Modimo—dilo tseo tsotlhe ke boithamako.” Kafa letlhakoreng le lengwe, go obamela Modimo wa boammaaruri, Jehofa, le go ithuta Lefoko la Modimo, Baebele, le go le ruta ba bangwe; ga se boithamako. Modimo ga a lebale matsapa ano a batlhanka ba gagwe. (Bahebera 6:10) Tota e bile, le fa batho ba ba amogelwang ke Modimo ba ka diragalelwa ke masetlapelo, ba tla “fitlhelwa mo ngateng ya botshelo mo go Jehofa.” (1 Samuele 25:29) A bo eno e le ntlha e e kgothatsang jang ne! Go gakologelwa dintlha tseno go ka thusa baobamedi botlhe ba ga Jehofa go nna ba itumetse.

John Barr, wa Setlhopha se se Laolang, o ne a kgothatsa setlhopha se se alogang ka puo ya gagwe e e reng “Itumelele Kabelo ya Gago ya Borongwa.” O ne a bontsha gore tirelo ya borongwa ke selo se Jehofa Modimo a sa bolong go nna a ntse a se rata. “E ne e le selo se segolo thata se Jehofa a bontshang ka sone gore o rata lefatshe. O ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng. Jesu e ne e le ene morongwa yo mogolo thata, morongwa yo o eteletseng barongwa ba bangwe botlhe pele.” Le fa baalogi ba ne ba ka tlhatlhanya ka diphetogo tse Jesu a neng a tshwanelwa ke go di dira gore a atlege mo kabelong ya gagwe ya mo lefatsheng, batho ba sa ntse ba ka solegelwa molemo ke tirelo ya ga Jesu ya borongwa fa ba e sola molemo. Jaaka fa Mokaulengwe Barr a ne a bontsha, seno ke ka gonne Jesu o ne a itumelela go dira tiro ya Modimo, mme gape o ne a rata bana ba batho. (Diane 8:30, 31) Mokaulengwe Barr o ne a kgothaletsa baalogi gore ba nne ba tshwareletse mo dikabelong tsa bone, e seng fela ka gonne ba tshwanelwa ke go di itshokela, mme e nne ka gonne ba itumelela go dira jalo. O ne a kgothatsa setlhopha seno jaana: “Ikaegeng ka Jehofa; ga a kitla a lo swabisa.”—Pesalema 55:22.

Sebui se se latelang, e bong Lloyd Barry, yo mongwe wa Setlhopha se se Laolang, o ne a tlhophile setlhogo se se reng, “Go Tsamaya ka Leina la ga Jehofa ka Bosakhutleng.” Ka Mokaulengwe Barry a ile a nna morongwa ka dingwaga di feta 25 kwa Japane morago ga go aloga mo setlhopheng sa bo11 sa Gileate, o ne a bolela mangwe a maitemogelo a barongwa ba bogologolo a bo a tlhalosa dikgwetlho tse ba neng ba tshwanelwa ke go lebana le tsone. O ne a naya setlhopha se se alogang seno kgakololo efe? “Se se botlhokwa le go feta, ipolokeng lo le batho ba semoya. Gape, ithuteng puo le setso sa batho ba lo yang kwa go bone. Nnang lo itumetse ka metlha. Mme lo nne lo tshwareletse mo tirong eno; lo se ka lwa lapa kana lwa ineela.” Mokaulengwe Barry o ne a bolelela baalogi gore kwa dinageng tse ba abetsweng kwa go tsone, ba tla kopana le batho ba ba tsamayang ka leina la medimo e e farologaneng, mme a ba gakolola mafoko a ga Mika: “Batho ba ditšhaba tsotlhe ba tlaa sepela, mongwe le mongwe ka leina la modimo wa gagwe, mme rona re tlaa sepela ka leina la ga Jehofa Modimo wa rona, ka bosakhutleng le ka bosaengkae.” (Mika 4:5) Eleruri sekao sa barongwa ba pele se tshwanetse sa tlhotlheletsa batlhanka botlhe ba Modimo go tswelela pele ba tsamaya mo leineng la ga Jehofa le go mo direla ka boikanyego.

Yo o neng a latela mo thulaganyong eno e ne e le motlhatlheledi wa Gileate e bong Lawrence Bowen. Setlhogo sa puo ya gagwe se ne se botsa potso e e reng, “O Tla Nna Eng?” O ne a bontsha gore, e le gore motho a atlege mo go direleng Modimo o tshwanetse a nna le tumelo a bo a ikanye Jehofa. Kgosi Asa o ne a fenya masole a mmaba a banna ba le milione ka gonne a ne a ikaegile ka Jehofa ka botlalo. Le fa go ntse jalo, moporofeti Asaria o ne a mo gakolola gore o tshwanetse go tswelela pele a ikaegile ka Modimo: “Jehofa o na le lona, fa lo sa ntse lo na le ene.” (2 Ditirafalo 14:9-12; 15:1, 2) E re ka leina la Modimo, e bong Jehofa, le tlhagisa mogopolo wa gore o nna sengwe le sengwe se se tlhokegang gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe—le fa seo se ka tswa se bolela gore a nne Motlamedi, Mosireletsi, kana le e leng Modiragatsadikatlholo—barongwa ba ba ikaegang ka Jehofa mme ba dira tumalanong le maikaelelo a gagwe ba tla atlega mo dikabelong tsa bone. (Ekesodo 3:14) Mokaulengwe Bowen o ne a konela jaana: “Le ka motlha lo se ka lwa lebala gore fa lo dira gore maikaelelo a ga Jehofa e nne maikaelelo a lona, o tla dira gore lo nne sengwe le sengwe se se tlhokegang gore lo diragatse dikabelo tsa lona.”

Sebui sa bofelo mo karolong eno ya thulaganyo e ne e le Wallace Liverance, yo e kileng ya bo e le morongwa mme jaanong e le mokwadisi mo sekolong seno. Puo ya gagwe, e e nang le setlhogo se se reng “Bolokang Lefoko la Modimo le Tshela e Bile le Dira mo go Lona,” o ne a lemosa ka molaetsa, kana tsholofetso, ya Modimo e e sa palelweng, e ka metlha e nnang e ntse e tswela pele go fitlha e wediwa. (Bahebera 4:12) E tlhotlheletsa matshelo a ba ba e letlang gore e ba tlhotlheletse. (1 Bathesalonika 2:13) Lefoko leo le ka bolokwa jang le tshela e bile le dira mo matshelong a rona? Ka go ithuta Baebele ka tlhoafalo. Mokaulengwe Liverance o ne a gakolola baalogi ka mekgwa ya go ithuta Baebele e ba e ithutileng mo Gileate e e neng e akaretsa go bala le go tlhalosa kgopolo mmogo le go dirisa Lefoko la Modimo. O ne a nopola mafoko a ga Albert Schroeder, wa Setlhopha se se Laolang yo e neng e le modulasetulo wa komiti e e neng e simolola Sekolo sa Gileate dingwaga di le 50 tse di fetileng: “Fa motho a dirisa kgopolo ya se a se balang, a ka kgona go bona maatla a a feletseng, a a boammaaruri, a semoya a Modimo a re neelang one mo Lefokong la gagwe.” Fa motho a dirisa mokgwa ono go ithuta Baebele, Lefoko la Modimo le tla nna le tshela e bile le dira.

Maitemogelo a a Itumedisang le Dipotsolotso

Morago ga dipuo tseno, bareetsi ba ne ba itumedisiwa ka go bolelelwa maitemogelo mangwe a a itumedisang a baithuti. Ka kaelo ya ga Mark Noumair, yo o kileng ya bo e le morongwa mme gone jaanong e le motlhatlheledi wa Gileate, setlhopha sengwe sa baithuti se ne sa bolela kafa se neng sa leka go neela bosupi ka teng mo maemong a a farologaneng, sa ba sa dira dipontsho tsa gone. Bangwe ba ne ba kgona go simolola dithuto tsa Baebele le go di tshwara le batho ba ba mo tshimong ka go ela tlhoko maemo a bone le se ba se buang le ka go bontsha gore ba a ba kgatlhegela. Ka go dira jalo, baithuti bano ba ne ba ‘itlhokometse e bile ba tlhokometse go ruta ga bone’ mme eleruri ba ne ba kgatlhegela go thusa batho ba bangwe go bona poloko.—1 Timotheo 4:16.

Go ne ga tlhagisiwa dikakantsho di le dintsi tse di thusang, mme gape ba le mmalwa ba bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo ba ba neng ba tlile sekolong sa maloko a komiti ya lekala se se tshwerweng kwa Lefelong la Thuto la Watchtower ba ne ba bontsha kafa tiro ya borongwa e itumedisang ka teng. Mokaulengwe Samuel Herd le Mokaulengwe Robert Johnson ba ba dirang mo ntlokgolong ba ne ba botsolotsa baemedi go tswa kwa diofising tsa makala tsa Mokgatlho kwa Bolivia, Zimbabwe, Nicaragua, Central African Republic, Dominican Republic, Papua New Guinea, le Cameroon.

Morago ga maitemogelo ano le dipotsolotso, Gerrit Lösch, yo e leng moalogi wa setlhopha sa bo41 sa Gileate mme gone jaanong e le leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a neela puo ya bofelo e e neng e na le setlhogo seno se se amang maikutlo “A o ‘Motho yo o Rategang’?” Mokaulengwe Lösch o ne a simolola ka go gakolola baalogi gore Jesu, Morwa Modimo yo o itekanetseng, o ne a sa ratege mo bathong, mme “o ne a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho.” (Isaia 53:3) Ka jalo ga go gakgamatse go bo gompieno mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, barongwa ba lejwa e le persona non grata, batho ba ba sa amogelegeng kana ba ba sa rategeng. Kafa letlhakoreng le lengwe, mo dingwageng tse dintsi tse Daniele a di feditseng a dira kwa Babelona, Mmopi, ka moengele o ne a bitsa Daniele gararo a re ke motho “yo o ratwang thata.” (Daniele 9:23; 10:11, 19) Ke eng se se neng se dira gore Daniele a nne jalo? Ga a ise a ko a tsamaye a tlole melaometheo ya Baebele fa a ne a ntse a itlwaelanya le setso sa Babelona; o ne a ikanyega ka ditsela tsotlhe, a se ke a dirisa boemo jwa gagwe go itsholegela molemo; mme e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Lefoko la Modimo. (Daniele 1:8, 9; 6:4; 9:2) Gape o ne a rapela Jehofa ka metlha mme ka metlha fa a atlegile mo go direng sengwe o ne a isa kgalalelo kwa Modimong. (Daniele 2:20) Ka go etsa sekao sa ga Daniele, batlhanka ba Modimo ba ka nna batho ba ba rategang, e seng mo lefatsheng, mme mo go Jehofa Modimo.

Go konela thulaganyo eno e e agang semoyeng, modulasetulo o ne a bala dithelekerama dingwe le melaetsa mengwe e e tswang kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Morago ga moo, mongwe le mongwe wa banyalani bano ba ba 24 o ne a amogela dipoloma ya gagwe, ga ba ga itsisiwe le dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone. La bofelo, moemedi wa setlhopha seno o ne a bala lekwalo le le kwaletsweng Setlhopha se se Laolang le lelapa la Bethele, le tlhalosa tsela eo setlhopha seno se anaanelang ka teng thapiso le paakanyetso e ba e amogetseng mo dikgweding di le tlhano tse di fetileng.

Fa thulaganyo eno e ya bokhutlong, go ne go utlwala ‘malebogo le kopelo’ mo boidiiding jo bo neng bo kgaogana.—Nehemia 12:27.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Dipalopalo Tsa Setlhopha

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 10

Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 19

Palo ya baithuti: 48

Palo ya banyalani: 24

Palogare ya dingwaga tsa bone: 33

Palogare ya dingwaga tsa bone mo boammaaruring: 16

Palogare ya dingwaga tsa bone mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Setlhopha se se Alogang sa Bo106 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate

Mo lenaaneng le le fa tlase, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe di balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a thathamisitswe go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Deakin, D.; Puopolo, M.; Laguna, M.; Davault, S.; Dominguez, E.; Burke, J. (2) Gauter, S.; Vazquez, W.; Seabrook, A.; Mosca, A.; Helly, L.; Breward, L. (3) Brandon, T.; Olivares, N.; Coleman, D.; Scott, V.; Petersen, L.; McLeod, K. (4) McLeod, J.; Thompson, J.; Luberisse, F.; Speta, B.; Lehtimäki, M.; Laguna, J. (5) Gauter, U.; Dominguez, R.; Helly, F.; Smith, M.; Beyer, D.; Mosca, A. (6) Scott, K.; Seabrook, V.; Speta, R.; Coleman, R.; Breward, L.; Davault, W. (7) Smith, D.; Lehtimäki, T.; Petersen, P.; Thompson, G.; Vazquez, R.; Beyer, A. (8) Luberisse, M.; Deakin, C.; Brandon, D.; Puopolo, D.; Olivares, O.; Burke, S.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela