Sekolo sa Gileade—Se na Le Dingwaga Tse 60 se Thapisa Barongwa
“KA NTLHA ya thuto ya rona e e tseneletseng ya Baebele, re ne ra atamalana thata le Jehofa, mme ra ithuta go le gontsi ka phuthego ya gagwe. Seno se ne sa re thusa go ipaakanyetsa go tshela kwa nageng e sele.” Ke kafa kgaitsadi mongwe yo o neng a aloga mo setlhopheng sa ntlha a neng a tlhalosa ka teng dithuto tse a neng a di tsenetse kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Sekolo sa Gileade se ntse se romela barongwa kwa dinageng tse di farologaneng fa e sa le se ne se simololwa dingwaga tse 60 tse di fetileng. Ka March 8, 2003, go ne ga alosiwa setlhopha sa bo114 kwa Lefelong la Thuto la Watchtower kwa Patterson, kwa New York. Batho ba ba 6 404 ba ba neng ba kokoane mo holong le kwa mafelong a mangwe a a neng a golagantswe ka satalaete ba ne ba reeditse ka kelotlhoko thulaganyo e e neng e na le dipuo, dipotsolotso le metlotlo.
Modulasetulo e ne e le Theodore Jaracz, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Mo mafokong a gagwe a ntlha o ne a tlhalosa gore bareetsi ba ne ba tswa kwa dinageng tse di farologaneng, e re ka bangwe ba bone e ne e le baeng ba ba tswang kwa Asia, Amerika Bogare le Borwa, Caribbean le kwa Yuropa. Mokaulengwe Jaracz o ne a dirisa 2 Timotheo 4:5 go tlhalosa tiro e kgolo ya morongwa yo o thapisitsweng kwa Gileade—go “dira tiro ya moefangele.” Barongwa ba supela boammaaruri ka go ruta batho Baebele.
Baithuti ba Amogela Tao ya Bofelo
John Larson yo e leng leloko la Komiti ya Lekala ya United States o ne a neela puo ya ntlha mo motseletseleng wa dipuo tse dikhutshwane a bua ka kgang e e nonotshang tumelo e e reng, “Fa e le Gore Modimo o Kafa go Rona, ke Mang yo o Tla Nnang Kgatlhanong le Rona?” (Baroma 8:31) Mokaulengwe Larson o ne a tlhalosa mabaka a a tswang mo Baebeleng a go bo baithuti ba tshwanetse go tshepa maatla a ga Jehofa ka botlalo gore a tla ba thusa go fenya sekgoreletsi le fa e ka nna sefe se ba ka kopanang le sone mo dikabelong tsa bone. O ne a dirisa Baroma 8:38, 39 go kgothatsa baithuti jaana: “Iphe nako ya go akanya ka maatla a Modimo a a dirisang go go thusa mme o gakologelwe gore ga go na sepe se se ka fedisang lorato lo Jehofa a go ratang ka lone.”
Sebui se se latelang e ne ya nna Guy Pierce, leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a tlhopha setlhogo se se reng, “Dirang Gore Matlho a Lona a Nne a Itumetse!” (Luke 10:23) O ne a tlhalosa gore boitumelo jwa boammaaruri bo akaretsa go itse Jehofa le go tlhaloganya boikaelelo jwa gagwe jwa go ya go ile mmogo le go bona jaaka fa dipolelelopele tsa Baebele di diragadiwa. Baithuti ba ka nna le boitumelo jwa mmatota gongwe le gongwe kwa ba yang teng fa ba dira gore matlho a bone a nne a itumetse. Mokaulengwe Pierce o ne a kgothaletsa baalogi go tlhatlhanya ka bomolemo jwa ga Jehofa le go tsepamisa mogopolo wa bone le pelo mo go direng thato ya gagwe. (Pesalema 77:12) Baalogi ba ka fenya mathata le fa e le afe a ba nnang le one fa ba nna ba na le boikutlo jo bo siameng.
Go tswa foo setlhopha se ne sa amogela mafoko a a laelang a kgothatso go tswa mo batlhatlheleding ba le babedi ba ba neng ba ntse ba ba ruta letsatsi le letsatsi. Setlhogo sa puo ya ga Lawrence Bowen e ne e le potso e e reng, “A o Batla Kgalalelo?” Batho ba le bantsi ba akanya gore kgalalelo ke fa motho a bakwa, a tlotlwa e bile a tlhomologile. Le fa go ntse jalo, mopesalema Asafe o ne a simolola go tlhaloganya kgalalelo ya mmatota—letlotlo le le tlhwatlhwakgolo la go nna le kamano e e tlotlegang le Jehofa. (Pesalema 73:24, 25) Baithuti ba ba alogang ba ne ba kgothalediwa go nna le kamano e e gaufi le Jehofa ka go tswelela pele ba ithuta Baebele thata. Baengele “ba eletsa go tlhodumela” dintlha malebana le go diragadiwa ga boikaelelo jwa ga Jehofa ka Keresete. (1 Petere 1:12) Ba batla go ithuta go le gontsi kafa ba ka kgonang ka teng ka Rraabone gore ba tle ba kgone go bontsha kgalalelo ya gagwe. Go tswa foo Mokaulengwe Bowen o ne a rotloetsa baithuti go galaletsa Jehofa mo dikabelong tsa bone tsa borongwa ka go thusa batho ba bangwe go bona letlotlo leno le le tlhwatlhwakgolo.
Mokwadisi wa sekolo e bong Wallace Liverance o ne a konela motseletsele wa ntlha wa dipuo ka setlhogo se se reng, “Bua Botlhale Jwa Modimo mo Sephiring se se Boitshepo.” (1 Bakorintha 2:7) Botlhale jono jwa bomodimo jo moaposetoloi Paulo a neng a bua ka jone mo tirelong ya gagwe ya borongwa ke eng? Ke tsela ya ga Jehofa e e botlhale le e e maatla ya go tlisa kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Botlhale jono, Jesu o na le seabe se segolo thata mo go jone. Go na le gore Paulo a rere ka ditsela tsa go rarabolola mathata a setšhaba, o ne a thusa batho go bona kafa Modimo a tla baakanyang ditlamorago tsa boleo jwa ga Adame ka teng. (Baefeso 3:8, 9) Mokaulengwe Liverance o ne a kgothatsa bareetsi ba gagwe jaana: “Dirisa tshiamelo ya gago ya tirelo jaaka Paulo a ne a dira. Paulo o ne a tsaya kabelo ya gagwe ya borongwa e le sebaka sa go thusa batho go bona kafa Jehofa a tla diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka teng.”
Morago ga moo, Mark Noumair, motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade, o ne a etelela pele motlotlo o o nang le botshelo le baithuti ba le mmalwa ba setlhopha. Setlhogo se se reng, “Go Ithuta Lefoko la Modimo go Tlhagisa Badiredi ba ba Tlhoafetseng,” se ne se gatelela mafoko a ga Paulo a a mo go Baroma 10:10. Setlhopha se ne sa anela maitemogelo a le mmalwa a mo tirelong ya tshimo a ba nnileng le one fa ba ntse ba le mo sekolong. Maitemogelo a bone a ne a bontsha gore fa re ithuta le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo, dipelo tsa rona di tla tlala ka dilo tse di molemo kaga Jehofa Modimo le Bogosi jwa gagwe mme re tla bolelela batho ba bangwe ka tsone. Mo dikgweding tse tlhano tse baithuti ba di ntseng kwa Lefelong la Thuto la Watchtower, ba ile ba simolola dithuto tsa magae tsa Baebele di feta 30, ba ithuta le batho ba ba kgatlhegang ba ba mo tshimong e e berekiwang thata ya diphuthego tse di fa gaufi.
Kgakololo Ya ba Ba Godileng Semoyeng
Fa baithuti ba ntse ba le mo sekolong, ba ne ba solegelwa molemo ke go dirisana le maloko a lelapa la Bethele la United States. Bangwe ba badiri ba kwa lekaleng e bong Robert Ciranko le Robert P. Johnson ba ne ba botsolotsa batlhanka ba ga Jehofa ba le mmalwa ba ba ikanyegang ba ba ntseng ba dira ka lobaka lo loleele, go akaretsa balebedi ba ba etang ba gone jaanong ba newang thapiso e e kgethegileng kwa Lefelong la Thuto la Watchtower. Botlhe ba ba neng ba botsolodiwa e ne e le baalogi ba Gileade ba ka nako nngwe ba neng ba direla e le barongwa. Go ne go kgothatsa baithuti le ba malapa a bone le ditsala tsa bone go utlwa mafoko a botlhale a a tswang mo banneng bano ba semoya ba ba nang le maitemogelo.
Dingwe tsa dikgakololo tsa bone di ne di re: “Nna o tshwaregile ka mo o ka kgonang ka teng mo bodireding le mo phuthegong.” “O se ka wa itsaya o le botlhokwa thata. Tlhoma mogopolo wa gago mo go se o ileng go se dira jaaka morongwa mme o tseye lefelo le o abetsweng kwa go lone e le legae la gago.” Dikgakololo tse dingwe tse di mosola di ne di bontsha kafa thapiso ya Gileade e tlhomelelang modiredi go dira tiro e e molemo ka teng, go sa kgathalesege gore o abetswe go direla kae. Dingwe tsa tsone ke tseno: “Re ne ra ithuta go dirisana mmogo.” “Sekolo se ne sa re ruta go amogela ditso tse dingwe.” “Re ne ra rutiwa go dirisa Dikwalo ka tsela e nngwe.”
John E. Barr, yo e ntseng e le leloko la Setlhopha se se Laolang ka lobaka lo loleele, o ne a naya puo ya konokono mo thulaganyong. Setlhogo sa gagwe se se theilweng mo Dikwalong se ne se re, “Modumo wa Bone o Tswetse mo Lefatsheng Lotlhe.” (Baroma 10:18) O ne a botsa a re, A batho ba Modimo ba ile ba kgona go lebana le kgwetlho eno gompieno? Ee ruri! Bogologolo ka 1881, babadi ba makasine wa Tora ya Tebelo ba ne ba bodiwa jaana: “A o a rera?” Go tswa foo Mokaulengwe Barr o ne a gakolola bareetsi botlhe ka mokgosi o o itsegeng wa kwa kopanong ya 1922 kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A. o o neng o re: “Itsiseng Kgosi le Bogosi jwa gagwe!” Fa nako e ntse e feta, tlhoafalo ya batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo e ne ya ba rotloetsa go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo ditšhabeng tsotlhe. Ka thuso ya dikgatiso le ka go rera, dikgang tse di molemo di fitlhile kwa dintlheng tsa lefatshe le le nang le banni, mme seo se tlisetsa Jehofa tlotlo le pako. Mokaulengwe Barr o ne a dira konelo e e kgothatsang ka go rotloetsa baalogi gore ba akanye ka masego a ba nang le one, a re: “Letsatsi le letsatsi fa o rapela Jehofa kwa kabelong ya gago, mo leboge ka pelo yotlhe go bo o nnile le seabe mo go diragadiweng ga mafoko a a reng, ‘Modumo wa bone o tswetse mo lefatsheng lotlhe.’”
Morago ga puo eno, go ne ga balwa ditumediso mme go tswa foo modulasetulo a naya sealogane sengwe le sengwe dipoloma. Go tswa foo, baithuti ba na le maikutlo a go itumela le a go hutsafalela go bo ba tlogela sekolo sa bone se ba se ratang, moemedi wa setlhopha o ne a bala mafoko a a tswang pelong, a lebagantswe Setlhopha se se Laolang le lelapa la Bethele, a bontsha kafa baalogi ba ikemiseditseng ka teng go baka Jehofa “go tloga jaanong go ya bosakhutleng.”—Pesalema 115:18.
Re rapela gore e kete baalogi bano ba ka tlwaela magae a bone a masha mme ba thusa gore tiro ya go rera e gatele pele mo lefatsheng lotlhe, fela jaaka ba ba alogileng pele ga bone ba ile ba dira mo dingwageng tse 60.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
DIPALOPALO TSA SETLHOPHA
Palo ya dinaga tse di emetsweng: 12
Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 16
Palo ya baithuti: 48
Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 34,4
Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 17,6
Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 13,5
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Setlhopha sa bo114 sa Baalogi ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade
Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.
(1) Rosa, D.; Garrigolas, J.; Lindström, R.; Pavanello, P.; Tait, N. (2) Van Hout, M.; Donabauer, C.; Martínez, L.; Millar, D.; Festré, Y.; Nutter, S. (3) Martínez, P.; Clarke, L.; Maughan, B.; Fischer, L.; Romo, G. (4) Romo, R.; Eadie, S.; Tuynman, C.; Campbell, P.; Millar, D.; Rosa, W. (5) Lindström, C.; Garrigolas, J.; Markevich, N.; Lindala, K.; van den Heuvel, J.; Tait, S.; Nutter, P. (6) Maughan, P.; Pavanello, V.; Eadie, N.; West, A.; Clarke, D.; Markevich, J. (7) Fischer, D.; Donabauer, R.; Curry, P.; Curry, Y.; Carfagno, W.; West, M.; Tuynman, A. (8) Van Hout, M.; Campbell, C.; Festré, Y.; Carfagno, C.; van den Heuvel, K.; Lindala, D.