Ditshegofatso Kana Diphutso—Dikao Tsa Rona Gompieno
“Dilo tse, di ba diragaletse ka mokgwa wa sekaelo; mme tsa kwalwa gore di nne tlhagiso mo go rona, ba dikhutlo tsa metlha di wetseng mo go rona.”—1 BAKORINTHE 10:11.
1. Fela jaaka motho mongwe a ka tlhatlhoba sedirisiwa sengwe, ke eng se rona re tshwanetseng go se tlhatlhoba?
RUSE e ka simolola go ja sedirisiwa sengwe se se dirilweng ka tshipi e le kafa tlase ga pente e sa bonale. E ka se ja ka nakwana pele ruse e bonala fa godimo. Ka mo go tshwanang, maikutlo le dikeletso tsa pelo ya motho di ka tswa di simolotse go senyega pele seno se nna le diphelelo tse di masisi kana se lemogiwa ke ba bangwe. Fela jaaka re ka tlhatlhoba sedirisiwa go bona gore ga se ruse, ka jalo fa re tlhatlhoba thata dipelo tsa rona le go di baakanya nako e santse e le teng go ka boloka bothokgami jwa rona jwa Bokeresete. Ka mafoko a mangwe, re ka amogela ditshegofatso le go ka tila diphutso tsa Modimo. Batho ba bangwe ba ka nna ba akanya gore ditshegofatso le diphutso tse di boleletsweng Iseraele wa bogologolo ga di mosola thata mo bathong ba ba lebileng kwa bofelong jwa tsamaiso eno ya dilo. (Jošua 8:34, 35; Mathaio 13:49, 50; 24:3) Lefa go ntse jalo, seno ga se a nna jalo. Re ka solegelwa molemo thata ke dikao tse di tlhagisang tse di malebana le Iseraele, jaaka go boletswe mo go 1 Bakorinthe kgaolo 10.
2. Lokwalo lwa 1 Bakorinthe 10:5, 6 lo bolela eng ka se se diragaletseng Iseraele kwa nageng?
2 Moaposetoloi Paulo o tshwantsha Baiseraele ba ba neng ba eteletswe pele ke Moshe le Bakeresete ba ba eteletsweng pele ke Keresete. (1 Bakorinthe 10:1-4) Fa Baiseraele ba ka bo ba ile ba utlwa, ba ka bo ba tsene mo Nageng e e Solofeditsweng, mme “Modimo ga o a ka wa itumelela bontsi jwa bone; gonne ba ile ba ribigediwa mo nageng.” Ka gone Paulo o ne a bolelela Bakeresetekaene jaana: “Jaana dilo tse e ne e le dikaelo tsa rona, gore re se ka ra eletsa dilo tse di bosula, jaaka bona ba kile ba di eletsa.” (1 Bakorinthe 10:5, 6, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Dikeletso di tswa mo pelong, ka jalo re tlhoka go tlhwaela tsebe dikao tsa ditlhagiso tse Paulo a di nopolang.
Tlhagiso e e Kgatlhanong le Kobamelo ya Medimo e e Itiretsweng
3. Baiseraele ba ne ba leofa jang malebana le namane ya gouta?
3 Tlhagiso ya ntlha ya ga Paulo ya re: “Le gone lo se ka lwa nna baobamedi ba medimo ya disetwa, jaaka bangwe ba bone; jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Batho ba ne ba dulela go ja le go nwa, mme ba nanoga ba tshameka.’” (1 Bakorinthe 10:7, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Sekao seno sa tlhagiso e ne e le sa Baiseraele fa ba ne ba boela mo ditseleng tsa Egepeto ba bo ba dira namane e e itiretsweng ya gouta. (Ekesodo, kgaolo 32) Morutwa Setefane o ne a bontsha jaana bothata jo bo neng bo le teng: “[Moshe, moemedi wa Modimo] yo borraetsho ba ganneng go mo ineela, ba mo kgorometsa mo go bone, mme mo pelong tsa bone ba boela kwa Egepeto. Ba raya Arone ba re: ‘Re direle medimo e e tlaa re etelelang pele; gonne yo, Moše, yo o re ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, ga re itse kwa o ileng teng.’ Ba dira namane mo metlheng eo, ba isetsa setshwantsho seo setlhabelo, ba itumelela ditiro tsa diatla tsa bone.” (Ditiro 7:39-41) Ela tlhoko gore “mo pelong tsa bone” Baiseraele ba ba ditlhogodithata ba ne ba na le dikeletso tse di phoso tse di neng tsa ba dira gore ba obamele medimo e e itiretsweng. “Ba [ne ba] dira namane . . . ba isetsa setshwantsho seo setlhabelo.” Gape, ba ne ba simolola go “itumelela ditiro tsa diatla tsa bone.” Go ne go na le mmino, go opelwa, go tantshiwa, go jewa, e bile go nowa. Ga go belaetse gore kobamelo ya medimo e e itiretsweng e ne e gogela e bile e jesa monate.
4, 5. Re tshwanetse go tila ditiro dife tsa kobamelo ya medimo e e itiretsweng?
4 Egepeto o o tshwantshediwang ke ole wa bogologolo—e leng lefatshe la ga Satane—totatota o obamela boitlosobodutu. (1 Johane 5:19; Tshenolo 11:8) O obamela batshameki, diopedi le bagaka ba metshameko, mmogo le tantshe ya bone, mmino wa bone, o obamela megopolo ya bone ya go tshameka le ya dinako tse di monate. Batho ba le bantsi ba ile ba raelesega go tsena mo boitlosobodutung mme ba ntse ba re ba obamela Jehofa. Fa Mokeresete a tshwanelwa ke go kgalemelelwa phoso e a e dirileng, gantsi boemo jwa gagwe jo bo koafetseng jwa semoya bo ka latedisiwa kwa go nweng bojalwa, kwa go tantsheng le go ijeseng monate ka tsela nngwe e e gaufi le kobamelo ya medimo e e itiretsweng. (Ekesodo 32:5, 6, 17, 18) Boitlosobodutu jo bongwe bo siame e bile bo ka itumelelwa. Lefa go ntse jalo, gompieno mmino wa lefatshe, tantshe, dibaesekopo le dibidio di dira gore motho a nne le dikeletso tse di leswe tsa senama.
5 Bakeresete ba boammaaruri ga ba ineele mo kobamelong ya medimo e e itiretsweng. (2 Bakorinthe 6:16; 1 Johane 5:21) E kete rotlhe re ka nna kelotlhoko gore re se tshwarege mo boitlosobodutung jwa kobamelo ya medimo e e itiretsweng le go itsenya mo kotsing ya go welwa ke mathata a go rata go ijesa monate thata ka tsela ya lefatshe. Fa re ineela mo ditlhotlheletsong tsa lefatshe, go nna le dikeletso le maikutlo a a lereng matlhotlhapelo go ka nna mo mogopolong le mo pelong go sa lemosege. Fa a sa baakanngwe, kgabagare a ka dira gore re ‘ribegediwe mo nageng’ ya tsamaiso ya ga Satane.
6. Ke kgato efe e e siameng e re ka nnang ra e tsaya e e malebana le boitlosobodutu?
6 Tota fela jaaka Moshe ka nako ya tiragalo ya namane ya gouta, “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o bolela jaana: “Le fa e le mang yo o ntlheng ya ga Jehofa a a tle kwano go nna.” Go tsaya kgato e e siameng ka go bontsha gore re tlhomame mo kobamelong ya boammaaruri go ka re naya botshelo. Lotso lwa Balefi lwa ga Moshe lo ne lwa tsaya kgato ka bonako gore lo tlose ditlhotlheletso tse di bosula. (Mathaio 24:45-47; Ekesodo 32:26-28) Ka gone he, tlhatlhoba ka kelotlhoko tsela e o tlhophang boitlosobodutu, mmino, dibidio le dilo tse dingwe ka yone. Fa e le gore ka tsela nngwe ga e a siama, ema le Jehofa. Dira diphetogo fa o tlhopha boitlosobodutu le mmino o ikaegile mo Modimong ka thapelo, mme o latlhe dilo tse di gobatsang mo semoyeng, fela jaaka Moshe a ne a senya namane ya gouta.—Ekesodo 32:20; Duteronome 9:21.
7. Re ka sireletsa pelo ya tshwantshetso jang?
7 Re ka fedisa leswe le le mo pelong jang? Ka go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhagafalo, re bo re dira gore boammaaruri jwa lone bo nwelelele mo megopolong le mo dipelong tsa rona. (Baroma 12:1, 2) Ke boammaaruri gore re tshwanetse go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha. (Bahebere 10:24, 25) Go nna teng kwa dipokanong e seng ka matlhagatlhaga go ka tshwantshiwa le go penta mo godimo ga ruse. Seno se ka dira gore re phatsime ka nakwana fela, mme ga go rarabolole bothata jo bo leng teng. Go na le moo, fa re baakanyetsa go sa ntse go na le nako, re tlhatlhanya le go nna le seabe ka matlhagatlhaga kwa dipokanong, re ka kgona go tlosa maemo a a ka dirang ruse a a ka nnang a bo a fitlhegile mo dipelong tsa rona tsa tshwantshetso. Seno se tla re thusa go reetsa Lefoko la Modimo le go re nonotsha gore re itshokele diteko tsa tumelo mme re nne “boitekanelo.”—Jakobe 1:3, 4; Diane 15:28.
Tlhagiso e e Kgatlhanong le Kgokafalo
8-10. (a) Ke sekai sefe sa tlhagiso se se boletsweng mo go 1 Bakorinthe 10:8? (b) Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:27, 28 a ka dirisiwa jang ka tsela e e mosola?
8 Mo sekaing se sengwe sa ga Paulo, re gakololwa jaana: “Le gone a re se direng boaka, jaaka bangwe ba bone ba kile ba dira, mme ba swa ka letsatsi le le lengwe fela, ba le 23 000.”a (1 Bakorinthe 10:8) Moaposetoloi o ne a bolela ka motlha wa fa Baiseraele ba ne ba khubamela medimo ya maaka le go dira “boaka le bomorwadia Moabe.” (Dipalo 25:1-9) Kotlhao ya boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong ke loso! Fa o lesa dikgopolo tsa boitsholo le dikeletso tse di sa siamang di gola go tshwana le fa o lesa pelo gore e “ruse.” Jesu o ne a bolela jaana: “Lo utlwile fa go tulwe: ‘O se ka wa dira boaka.’ Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.”—Mathaio 5:27, 28.
9 Sengwe se se supelang diphelelo tsa ‘go leba ka go eletsa mosadi’ ke se se neng sa direga ka ntlha ya go nna le dikakanyo tse di maswe ga baengele ba ba neng ba se na kutlo ba pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa. (Genesise 6:1, 2) Gakologelwa gape gore nngwe ya ditiragalo tsa matlhotlhapelo tse di neng tsa diragalela Kgosi Dafite, e ne e tlhotlhelediwa ke go bo a ne a tswelela pele a lebile mosadi ka tsela e e sa tshwanelang. (2 Samuele 11:1-4) Se se farologaneng le seo, monna yo o neng a nyetse e bile a siame e bong Jobe ‘o ne a dira kgolagano le matlho a gagwe gore a se ka a leba mosetsana jalo,’ ka gone a tila boitsholo jo bo sa siamang le go itshupa e le mmolokabothokgami. (Jobe 31:1-3, 6-11) Matlho a ka tshwantshiwa le maroba a pelo. Mme dilo di le dintsi tse di boikepo di tswa mo pelong.—Mareko 7:20-23.
10 Fa re dirisa mafoko a ga Jesu, re ka se letlelele dikgopolo tse di phoso ka gore re lebe dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo kana go nna re akantse ka go dira boitsholo jo bo sa siamang le Mokeresetekarona, le modirikarona, kana motho o sele fela. Ruse ga e fele mo tshiping ka go sutlha fela mo e rusitseng teng. Ka gone, o se ka wa itebatsa fela dikgopolo tsa boitsholo jo bo sa siamang le ditemalo tsa jone jaaka e kete di ne di sa bonale. Tsaya dikgato tse di nonofileng gore o ntshe ditemalo tsa boitsholo jo bo sa siamang mo go wena. (Bapisa Mathaio 5:29, 30.) Paulo o kgothatsa badumedikaene jaana: “Bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo lefatsheng; ke raya boaka, le bomaswe, le dithato, le keletso e e bosula le pelotshetlha, tse e leng tirelo ya medimo ya disetwa; e le dilo tse bogale jwa Modimo bo tlang mo baneng ba ba kgopo ka ntlha ya tsone.” Ee, ka ntlha ya dilo tseo tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, ‘bogale jwa Modimo bo a tla’ e le tsela ya go bontsha phutso ya gagwe. Ka jalo re tlhoka go ‘bolaya’ ditokololo tsa rona tsa mmele malebana le dilo tseno.—Bakolosa 3:5, 6.
Tlhagiso e e Kgatlhanong le go Galala mo go Bontshang Botsuolodi
11, 12. (a) Ke tlhagiso efe e e neetsweng mo go 1 Bakorinthe 10:9, mme e ne e bolela ka tiragalo efe? (b) Tlhagiso ya ga Paulo e tshwanetse ya re ama jang?
11 Gape Paulo o tlhagisa jaana: “Le gone a re se lekeng Morena, jaaka bangwe ba bone ba kile ba mo leka, mme ba bolawa ke dinoga.” (1 Bakorinthe 10:9) Fa Baiseraele ba ne ba tsamaya mo nageng ba le gaufi le molelwane wa Etome, ba ne “ba kgobotla Modimo le Moše, ba re: ‘Lo re tlhatloseditseng kwa Egepeto re tla go swela mo nageng? Gonne ga go na dijo, ga go na metsi; mowa wa rona o nkgelwa sebodu ke dijo tse di motlhofo tse,’” e leng mana a ba neng ba a neelwa ka kgakgamatso. (Dipalo 21:4, 5) Akanya fela! Baiseraele bao ba ne “ba kgobotla Modimo,” ba re dilo tse a di ba neetseng ga di eletsege!
12 Baiseraele ba ne ba leka bopelotelele jwa ga Jehofa ka go galala. Ba ne ba otlhaiwa, ka gonne Jehofa o ne a roma dinoga tse di bolayang mo go bone, mme di ne tsa loma batho ba le bantsi ba swa. Fa batho ba se na go sokologa le Moshe a se na go ba buelela, petso eo e ne ya fedisiwa. (Dipalo 21:6-9) Eleruri tiragalo eno e tshwanetse ya re tlhagisa gore re se ka ra nna le moya wa botsuolodi le wa go galala, segolobogolo re galala kgatlhanong le Modimo le dithulaganyo tsa gagwe tsa puso ya gagwe.
Tlhagiso e e Kgatlhanong le go Ngongorega
13. Lokwalo lwa 1 Bakorinthe 10:10 lo re tlhagisa kgatlhanong le eng, mme Paulo o ne a akantse ka botsuolodi bofe?
13 Paulo o kwala jaana a nopola sekai sa gagwe sa bofelo se se malebana le Baiseraele kwa nageng: “Le gone lo se ka lwa ngongorega, jaaka bangwe ba bone ba kile ba ngongorega, mme ba nyelediwa ke mosenyi.” (1 Bakorinthe 10:10) Botsuolodi bo ne jwa simologa fa Kora, Dathane, Abirame le ditsala tsa bone ba ne ba dira ka tsela e e sa dumalaneng le puso ya Modimo mme ba gwetlha boeteledipele jwa ga Moshe le Arone. (Dipalo 16:1-3) Fa batsuolodi bano ba se na go senngwa, Baiseraele ba ne ba simolola go ngongorega. Go ne go le jalo ka gonne ba ne ba simolola go akanya gore go senngwa ga batsuolodi bao go ne go sa tshwanela. Dipalo 16:41 e bolela jaana: “E rile ka moso phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ya ngongoregela Moše le Arone ba re: ‘Lo bolaile batho ba ga Jehofa.’” Ka go bo ba ne ba tshwaya phoso tsela e tshiamiso e neng e dirwa ka yone mo tiragalong eo, Baiseraele ba le 14 700 ba ne ba nyelediwa ka petso e e tswang kwa Modimong.—Dipalo 16:49.
14, 15. (a) “Batho ba ba sa reng Modimo sepe” ba ba neng ba kukunela mo phuthegong ba ne ba dira boleo bofe jo bongwe? (b) Ke eng se re ka se ithutang mo tiragalong e e malebana le Kora?
14 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., “batho ba ba sa reng Modimo sepe” ba ba neng ba kukunela mo phuthegong ya Bokeresete ba itshupile e le baruti ba maaka e bile e le bangongoregi. Batho bano ba ne ba “nyatsa puso, ba kgala batlotlegi,” banna ba ba tloditsweng ba ka nako eo ba neng ba okametse bomoya jwa phuthego. Morutwa Juta le ene o ne a bolela jaana malebana le batenegi ba ba boikepo: “Ba ke bangongoregi le bagaladi, ba ba tsamayang ka fa dithatong tsa bone.” (Juta 3, 4, 8, 16) Gompieno, batho ba bangwe ba rata go ngongorega ka gonne ba lesa boikutlo jo bo rusang ka tsela ya semoya bo gola mo dipelong tsa bone. Gantsi ba tlhokometse thata makoa a balebedi mo phuthegong ba bo ba simolola go ngongorega ka bone. Tota go ngongorega ga bone le go galala go ka dira gore ba tshwaye dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanngo” phoso.
15 Go a tshwanela go botsa dipotso tse di tswang mo pelong ka ga setlhogo sengwe sa Dikwalo. Mme re ka reng fa e le gore re simolola go nna le boikutlo jo bo sa siamang jo bo ipontshitseng mo dikgannyeng tse di masisi fa re ne re bua le ditsala tse re ntshanang se se mo inong? Go ka nna molemo fa re ka ipotsa gore, ‘Seno se tla felela ka eng? A ga go botoka thata go tlogela go ngongorega mme re rapelele go nna le botlhale?’ (Jakobe 1:5-8; Juta 17-21) Kora le batshegetsi ba gagwe, ba ba neng ba le kgatlhanong le boeteledipele jwa ga Moshe le Arone, ba ka tswa ba ne ba tlhatswegile pelo thata gore kgopolo ya bone e ne e utlwala mo ba neng ba se ka ba tlhatlhoba maikutlo a bone. Lefa go ntse jalo, ba ne ba le phoso tota. Baiseraele ba ba neng ba ngongoregela go senngwa ga ga Kora le batsuolodi ba bangwe le bone ba ne ba le phoso. A bo go tshwanetse jang ne go letla dikao tseo gore di re tlhotlheletse go tlhatlhoba maikutlo a rona, re tlogele go ngongorega kana go galala, mme re lese Jehofa a re ntlafatse!—Pesalema 17:1-3.
Ithute, Mme o Itumelele Ditshegofatso
16. Kgothatso e e mo go 1 Bakorinthe 10:11, 12 e na le mooko ofe wa kgang?
16 Paulo o konela ka lenaane la melaetsa e e tlhagisang ka tsela eno e e kgothatsang a tlhotlhelediwa ke Modimo: “Jaana dilo tse, di ba dira[g]aletse ka mokgwa wa sekaelo; mme tsa kwalwa gore di nne tlhagiso mo go rona, ba dikhutlo tsa metlha di wetseng mo go rona. Ke gone yo o gopolang gore o eme, a itise gore a se ka a wa.” (1 Bakorinthe 10:11, 12) E kete re ka se tseye boemo jwa rona motlhofo fela mo phuthegong ya Bokeresete.
17. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re lemoga gore re na le boikutlo bongwe jo bo sa tshwanelang mo dipelong tsa rona?
17 Fela jaaka tshipi e tle e ruse, ka mo go tshwanang le rona ditlogolwana tsa ga Atame yo o leofileng, re na le temalo ya go dira bosula. (Genesise 8:21; Baroma 5:12) Ka gone, ga re a tshwanela go kgobega marapo fa re lemoga boikutlo jo bo sa siamang mo pelong ya rona. Go na le moo, a re tseyeng kgato e e tlhomameng. Fa tshipi e ka welwa ke moya o o bongola kana e le mo tikologong ya maemo a a sa itumediseng, e rusa ka bonako. Re tlhoka go tila go kopana le “moya” (NW) wa lefatshe la ga Satane, o o nang le boitlosobodutu jo bo sa siamang, boitsholo jo bo sa siamang jo bo anameng gongwe le gongwe le temalo e e sa siamang ya mogopolo.—Baefeso 2:1, 2.
18. Ke eng se Jehofa a se dirileng malebana le mekgwa e e phoso ya batho?
18 Jehofa o bontshitse batho ditsela tsa go fenya mekgwa e e phoso e e tlholegileng mo go rona. O ne a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi gore ba ba dumelang mo go ene ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) Fa re latela thata dikgato tsa ga Jesu le go bontsha botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete, re tla kgothatsa ba bangwe. (1 Petere 2:21) Gape re tla amogela ditshegofatso tsa Modimo, e seng diphutso.
19. Re ka solegelwa molemo jang fa re sekaseka dikai tse di mo Dikwalong?
19 Le mororo gompieno re kgona go dira phoso fela jaaka Baiseraele ba bogologolo, re na le Lefoko la Modimo le le kwadilweng le feletse gore le re kaele. Mo go lone re ithuta kafa Jehofa a dirisanang le batho ka teng mmogo le dinonofo tsa gagwe tse Jesu a neng a di etsa, ‘yo e leng marang a kgalalelo ya Modimo, le setshwano sa sebele sa bomodimo jwa One.’ (Bahebere 1:1-3; Johane 14:9, 10) Re ka nna le “mogopolo wa ga Keresete” fa re rapela le go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo. (1 Bakorinthe 2:16) Fa re kopana le dithaelo le diteko tse dingwe tsa tumelo ya rona, re ka solegelwa molemo fa re akanya ka dikao tsa bogologolo tse di mo Dikwalong mme segolobogolo sekao se segolo sa ga Jesu Keresete. Fa re dira jalo, re ka se bone diphutso tsa Modimo tse di bogale. Go na le moo, re tla ratwa ke Jehofa gompieno re bo re itumelela ditshegofatso tsa gagwe ka bosakhutleng.
[Ntlha e e kwa tlase]
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Re ka dirisa kgakololo ya ga Paulo jang ya gore re se ka ra nna baobamedi ba medimo e e itiretsweng?
◻ Ke eng se re ka se dirang gore re reetse tlhagiso ya ga moaposetoloi e e leng kgatlhanong le kgokafalo?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go ngongorega le go galala?
◻ Re ka amogela ditshegofatso tsa Modimo jang, mme e seng diphutso?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Re tshwanetse go tila kobamelo ya medimo e e itiretsweng fa re batla ditshegofatso tsa Modimo
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
Fela jaaka ruse e tlhoka gore e tlosiwe, e kete le rona re ka tsaya kgato e e siameng gore re tlose dikeletso tse di sa tshwanelang mo dipelong tsa rona