LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 6/15 ts. 12-17
  • Ditshegofatso Kana Diphutso—O ka Itlhophela!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshegofatso Kana Diphutso—O ka Itlhophela!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshegofatso Tse di Leng Teng
  • Re ka Reng ka Diphutso?
  • Go Bolelwa ga Ditshegofatso le Diphutso
  • Go Leba ka Tshwanelo
  • Go Tlhopha ga Iseraele Go ne Ga Dira Pharologanyo
  • Ditshegofatso Kana Diphutso—Dikao Tsa Rona Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • ‘Tlhopha Botshelo Gore o Nne o Ntse o Tshela’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Buka ya Bibela ya bo 5—Duteronome
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Shekeme—Motse o o Kafa Mokgatšheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 6/15 ts. 12-17

Ditshegofatso Kana Diphutso—O ka Itlhophela!

“Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele.”—DUTERONOME 30:19.

1. Batho ba ne ba neelwa maatla a go dira eng?

JEHOFA MODIMO o re tlhodile—re le dibopiwa tsa gagwe tsa batho tse di botlhale—gore re nne batho ba ba gololesegileng go tlhopha fa gare ga se se molemo le se se bosula. Ga re a bopiwa re le metšhine fela e e itirisang dilo, kana diroboto, mme re neetswe tshiamelo le boikarabelo jwa go itlhophela. (Pesalema 100:3) Batho ba ntlha—Atame le Efa—ba ne ba gololesegile go itlhophela tsela ya bone ya go dira dilo, mme ba ne ba ikarabelela mo Modimong ka se ba se tlhophileng.

2. Atame o dirile tlhopho efe, mme ga felela ka eng?

2 Mmopi o segofaditse botshelo jwa motho thata ka tsela e e sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Ke ka ntlha yang fa boikaelelo joo bo ise bo diragadiwe? Ka gonne Atame o ne a dira tlhopho e e phoso. Jehofa o ne a laetse monna yono jaana: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.” (Genesise 2:16, 17) Fa Atame a ne a tlhophile go utlwa, batsadi ba rona ba ntlha ba ka bo ba segofaditswe. Go tlhoka kutlo go ne ga lere loso. (Genesise 3:6, 18, 19) Ka jalo boleo le loso di ne tsa fetela mo lotsalong lotlhe lwa ga Atame.—Baroma 5:12.

Ditshegofatso Tse di Leng Teng

3. Modimo o ne a tlhomamisetsa batho jang gore boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwa?

3 Jehofa Modimo o ne a tlhoma tsela e boikaelelo jwa gagwe jwa go segofatsa batho kgabagare bo neng bo ka diragadiwa ka yone. Ene ka boene o ne a bolelela pele ka Losika, fa a ne a porofeta jaana kwa Etene: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” (Genesise 3:15) Morago ga moo Modimo o ne a solofetsa gore ditshegofatso di ne di tla tlisediwa batho ba ba kutlo ka Losika lono, e leng setlogolwana sa ga Aberahame.—Genesise 22:15-18.

4. Jehofa o dirile thulaganyo efe gore a segofatse batho?

4 Losika loo lo go solofeditsweng gore lo tla lere ditshegofatso lo itshupile e le Jesu Keresete. Moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o ne a kwala jaana malebana le seabe sa ga Jesu mo thulaganyong ya ga Jehofa ya go segofatsa batho: “Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela.” (Baroma 5:8) Ditshegofatso di tla itumelelwa ke batho ba ba ruileng boleo ba ba utlwang Modimo ba bo ba solegelwa molemo ke setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (Ditiro 4:12) A o tla tlhopha go nna kutlo le ditshegofatso? Go tlhoka kutlo go tla felela ka sengwe se se farologaneng thata.

Re ka Reng ka Diphutso?

5. Lefoko le le reng “phutso” le kaya eng?

5 Tshegofatso e farologane gotlhelele le phutso. Lefoko le le reng “phutso” le kaya go bua motho yo mongwe leswe kana go mo eleletsa bosula. Lefoko la Sehebera qela·lahʹ le tswa mo moding wa lediri qa·lalʹ, le totatota le kayang “go nna motlhofo.” Lefa go ntse jalo, fa le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso, le kaya go ‘hutsa’ kana go ‘nyatsa.’—Lefitiko 20:9; 2 Samuele 19:43.

6. Ke tiragalo efe e e malebana le Elisha e e neng ya diragala gaufi le Bethele wa bogologolo?

6 Akanya ka sekai se se tlhomologileng sa go tsaya kgato ka bonako se se malebana le phutso. Seno se ne sa diragala fa moporofeti wa Modimo Elisha a ne a tswa kwa Jeriko a ya kwa Bethele ka dinao. Polelo eno e re: “Ya re a tsamaya a le mo tseleng, ga tswa banyana mo motseng, ba mo sotla, ba mo raya ba re: ‘Tlhatloga logatadima! Tlhatloga logatadima!’ A gadima, a ba bona, a ba hutsa mo ineng la ga Jehofa. Mme ga tswa dibera tse dinamagadi di le pedi mo sekgweng, tsa gagola bana ba le 42 mo go bone.” (Dikgosi 2:23, 24) Ga go a bolelwa se tota Elisha a neng a se bolela fa a ne a hutsa bana bao ba neng ba mo sotla. Lefa go ntse jalo, mafoko ao a neng a a bolela a ne a le mosola ka gonne a ne a bolelwa mo leineng la ga Jehofa ke moporofeti wa Modimo yo o neng a dira go dumalana le go rata ga Modimo.

7. Ke eng se se neng sa diragalela bana ba ba neng ba sotla Elisha, mme ka ntlha yang?

7 Lebaka le letona le gongwe ba neng ba sotla Elisha ka lone ke ka gonne a ne a apere seaparo sa ga Elija se se tlwaelegileng, mme bana ba bo ba sa batle go bona motlhatlhami ope wa moporofeti yoo. (2 Dikgosi 2:13) Gore Elisha a rarabolole kgwetlho ya go nna motlhatlhami wa ga Elija le go ruta basha bano le batsadi ba bone go tlotla moporofeti wa ga Jehofa ka tshwanelo, o ne a hutsa segopa seno se se sotlang a se hutsa mo leineng la Modimo wa ga Elija. Jehofa o ne a bontsha gore o amogela Elisha e le moporofeti wa gagwe ka go dira gore go tswe dibera di le pedi tse dinamagadi mo sekgweng mme di gagolake bana bao ba basotli ba le 42 mo go bone. Jehofa o ne a dira seo a nitame ka gonne ba ne ba sa tlotle gotlhelele mokgwa wa puisano o a neng a o dirisa mo lefatsheng ka nako eo.

8. Ke eng se batho ba Iseraele ba neng ba dumetse go se dira, mme ke eng se ba neng ba se lebeletse?

8 Dingwaga pele ga moo, Baiseraele ba ne ba se ka ba tlotla dithulaganyo tsa Modimo fela jalo. Seno se simologile jaana: Ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a bontsha batho ba Iseraele lorato ka go ba golola mo bokgobeng jwa Egepeto jaaka e kete ka “diphuka tsa ntswi.” Go ise go ye kae morago ga moo, ba ne ba ikana gore ba tla obamela Modimo. Ela tlhoko kafa go nna kutlo go neng go tsamaisana mmogo le go ratiwa ke Modimo ka teng. Jehofa o ne a bolela jaana a dirisa Moshe: “Fa ruri lo ka reetsa lentswe la me, lwa tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tlaa nna boswabotshwerwe jwa me go feta ditšhaba tsotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me.” Morago ga moo, batho ba ne ba dumela, ba re: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira.” (Ekesodo 19:4, 5, 8; 24:3) Baiseraele ba ne ba bolela gore ba rata Jehofa, ba bolela gore ba ineetse mo go ene, le go ikana gore ba ne ba tla utlwa lentswe la gagwe. Fa ba ne ba dira jalo, go ne go tla felela ka gore ba segofadiwe thata.

9, 10. Fa Moshe a ne a le kwa Thabeng ya Sinai, ke eng se Baiseraele ba neng ba se dira, mme ke eng se se neng sa ba diragalela morago ga moo?

9 Lefa go ntse jalo, pele dithuto tsa motheo tsa tumalano eo di kwalwa mo letlapeng ka “monwana wa Modimo,” go ne go tlhokega gore Modimo o lere diphutso tsa gagwe. (Ekesodo 31:8) Ke ka ntlha yang fa diphelelo tseo tse di setlhogo di ne di tshwanela? A e ne e se bone Baiseraele ba ba neng ba bontsha gore ba rata go dira sotlhe se Jehofa a neng a ba bolelela sone? Ee, ka lefoko ba ne ba batla go segofadiwa, mme ka ditiro tsa bone ba ne ba tlhopha tsela e e neng e tshwanela diphutso.

10 Mo nakong ya malatsi a le 40 fa Moshe a ne a le kwa Thabeng ya Sinai a amogela Melao e e Lesome, Baiseraele ba ne ba tlola tsholofetso ya bone e ba neng ba e dirile pelenyana ya gore ba tla ikanyega mo go Jehofa. Polelo eno e re: “E rile batho ba bona fa Moše a diegile go fologa mo thabeng, ba iphuthela kwa go Arone, ba mo raya ba re: ‘Nanoga o re direle medimo e e tlaa re etelelang pele; gonne ka ga motho yo Moše, motho yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse kwa o ileng gone.’” (Ekesodo 32:1) Seno ke sekai se sengwe sa go sa bontshe moemedi wa batho tlotlo yo Jehofa a neng a mo dirisa ka nako eo gore a etelele pele batho ba gagwe le go ba kaela. Baiseraele ba ne ba raelesega gore ba etse kobamelo ya medimo e e itiretsweng ya kwa Egepeto mme ba diragalelwa ke diphelelo tse di botlhoko fa bangwe ba bone ba ka nna 3 000 ba ne ba bolawa ka tšhaka ka letsatsi le le lengwe fela.—Ekesodo 32:2-6, 25-29.

Go Bolelwa ga Ditshegofatso le Diphutso

11. Joshua o ne a diragatsa ditaelo dife tse di malebana le ditshegofatso le diphutso?

11 Fa loeto lwa Baiseraele lwa dingwaga tse 40 mo nageng lo ya kwa bokhutlong, Moshe o ne a bolela ditshegofatso ka bongwe ka bongwe tse di neng di tla bonwa fa motho a tlhopha tsela ya go utlwa Modimo. Gape o ne a bolela diphutso tse di neng di tla diragalela Baiseraele fa ba tlhopha go sa utlwe Jehofa. (Duteronome 27:11–28:10) Go ise go ye kae morago ga gore Iseraele e tsene mo Nageng e e Solofeditsweng, Joshua o ne a diragatsa ditaelo tsa ga Moshe tse di malebana le ditshegofatso le diphutso tseno. Ditso tse thataro tsa Iseraele di ne tsa ema kwa tlase ga Thaba ya Ebale, mme tse dingwe di le thataro di ne tsa ema fa pele ga Thaba ya Gerisime. Balefi ba ne ba ema mo mokgatšheng o o fa gare. Go bonala ditso tse di neng di eme fa pele ga Thaba ya Ebale di ne tsa re “A go nne jalo” mo diphutsong tse di neng di di balelwa. Tse dingwe di ne tsa amogela ditshegofatso tse di di baletsweng ke Balefi kwa tlase ga Thaba ya Gerisime.—Jošua 8:30-35.

12. Balefi ba ne ba bolela diphutso dife tse dingwe?

12 A o ko o akanye o utlwa Balefi ba bolela jaana: “Go hutsege monna yo o dirang setshwantsho se se setilweng, le fa e le se se thetsweng, se e leng makgapha mo go Jehofa, tiro ya diatla tsa modiri, a se emisa mo sephiring. . . . Go hutsege yo o nyatsang rraagwe kgotsa mmaagwe. . . . Go hutsege yo o sutisang molelwane [wa mongwe, NW] wa ga gabo. . . . Go hutsege yo o timetsang sefofu mo tseleng. . . . Go hutsege yo o sokang katlholo ya moeng, le ya lesiela, le ya mosadi wa motlholagadi. . . . Go hutsege yo o lalang le mogatsa rraagwe; gonne o bipolotse khiba ya ga rraagwe. . . . Go hutsege yo o lalang le setshedi sengwe. . . . Go hutsege yo o lalang le kgaitsadie, morwadia rraagwe, kgotsa morwadia mmaagwe. . . . Go hutsege yo o lalang le mogwagadie. . . . Go hutsege yo o bolayang wa ga gabo mo sephiring. . . . Go hutsege yo o amogelang tuelo go tla a bolaya motho yo o se nang molato. . . . Go hutsege yo o sa tlhomamiseng mafoko a molao go a dira.” Morago ga phutso nngwe le nngwe, ditso tse di kwa pele ga Thaba ya Ebale tsa re, “A go nne jalo.”—Duteronome 27:15-26.

13. Ka mafoko a gago, o ka tlhalosa jang ditshegofatso dingwe tse di boletsweng ke Balefi?

13 Jaanong akanya o utlwa ba ba kwa pele ga Thaba ya Gerisime ba arabela ka lentswe le le kwa godimo fa Balefi ba bolela jaana tshegofatso nngwe le nngwe: “O tlaa nna sego mo motseng, o tlaa nna sego mo nageng. Loungo lwa mmele wa gago lo tlaa segofala, le loungo lwa lefatshe la gago, le loato lwa dikgomo tsa gago, e bong loato lwa dikgomo tsa gago tse dinamagadi, le loonyana lwa matsomane a gago. Seroto sa gago se tlaa segofala, le mogopo wa gago wa bodubelo. O tlaa segofala o goroga, o ba o segofala o bolola.”—Duteronome 28:3-6.

14. Go ne go ikaegile ka eng gore Baiseraele ba amogele ditshegofatso?

14 Ditshegofatso tseno di ne di amogelwa fa go rileng? Polelo eno e re: “Fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, Jehofa Modimo wa gago o tlaa go baya kwa godimo go feta merafe yotlhe ya lefatshe; masego a otlhe a tlaa tla mo go wena, a go fitlhela, fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago.” (Duteronome 28:1, 2) Ee, tsela ya konokono ya go itumelela ditshegofatso tsa Modimo e ne e le go mo utlwa. Mme re ka reng ka rona gompieno? A rona motho ka bongwe re tla tlhopha ditshegofatso le botshelo ka go tswelela pele re “reetsa lentswe la ga Jehofa”?—Duteronome 30:19, 20.

Go Leba ka Tshwanelo

15. Ke ntlha efe e e neng ya dirwa mo tshegofatsong e e kwadilweng mo go Duteronome 28:3, mme e ka re solegela molemo jang?

15 A re akanyeng ka ditshegofatso dingwe tse Moiseraele a neng a ka di itumelela fa a utlwa Jehofa. Ka sekai, Duteronome 28:3 e bolela jaana: “O tlaa nna sego mo motseng, o tlaa nna sego mo nageng.” Go segofadiwa ke Modimo ga go a ikaega ka lefelo kana tiro. Batho ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa ba se na kgoro ya botso mo maemong a ba leng mo go one, gongwe ka gonne ba tshela mo karolong e e humanegileng kana mo nageng e e padimotsweng ke ntwa. Batho ba bangwe ba ka nna ba eletsa go ya go direla Jehofa kwa dikarolong tse dingwe. Banna ba bangwe ba Bakeresete ba ka nna ba kgobega marapo ka gonne ba sa tlhomiwa go nna batlhanka ba bodiredi kana bagolwane mo phuthegong. Ka dinako tse dingwe, basadi ba Bakeresete ba ka nna ba ikutlwa ba nyemisitswe moko ke go bo ba sa kgone go nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng e le babulatsela kana barongwa. Lefa go ntse jalo, mongwe le mongwe yo o ‘reetsang lentswe la ga Jehofa a bo a tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tse a di tlhokang’ o tla segofadiwa gone jaanong le ka bosakhutleng.

16. Molaomotheo o o mo go Duteronome 28:4 o diragalela mokgatlho wa ga Jehofa jang gompieno?

16 Duteronome 28:4 e bolela jaana: “Loungo lwa mmele wa gago lo tlaa segofala, le loungo lwa lefatshe la gago, le loato lwa dikgomo tsa gago, e bong loato lwa dikgomo tsa gago tse dinamagadi, le loonyana lwa matsomane a gago.” Go dirisiwa ga leemedi le le kayang bongwe fela la Sehebera le le ranotsweng ka gore “gago” le supa gore e ka tswa e le sengwe se se neng se tla diragalela Moiseraele mongwe yo o kutlo ka namana. Re ka reng ka batlhanka ba ga Jehofa ba ba kutlo gompieno? Koketsego e kgolo e e mo lefatsheng lotlhe e e gatelang pele mo mokgatlhong wa Basupi ba ga Jehofa, e nna teng ka go bo Modimo a segofatsa maiteko a a tlhoafetseng a bareri ba ba fetang 5 000 000 ba mafoko a a molemo a Bogosi. (Mareko 13:10) Mme go na le bosupi jwa gore ba santse ba tla oketsega ka gonne batho ba ba fetang 13 000 000 ba ne ba tlile go keteka moletlo wa Sejo sa Morena sa Maitseboa ka 1995. A o itumelela ditshegofatso tsa Bogosi?

Go Tlhopha ga Iseraele Go ne Ga Dira Pharologanyo

17. Go ‘tshwarwa’ ke ditshegofatso kana diphutso go ne go ikaegile ka eng?

17 Tota e bile, Moiseraele yo o kutlo o ne a tla tswelela pele a na le ditshegofatso. Go ne ga solofediwa jaana: “Masego a otlhe a tlaa tla mo go wena, a go fitlhela.” (Duteronome 28:2) Ka mo go tshwanang, go ne ga bolelwa jaana ka diphutso: “Diphutso tse tsotlhe di tlaa go wela, di go tshwara.” (Duteronome 28:15) Fa o ne o le Moiseraele wa mo metlheng ya bogologolo, a o ka bo o ne o ‘tshwerwe’ ke ditshegofatso kana ke diphutso? Seo se ne se tla ikaega ka gore a o ne o utlwa Modimo kana o ne o sa mo utlwe.

18. Baiseraele ba ka bo ba ile ba tila diphutso jang?

18 Mo go Duteronome 28:15-68, diphelelo tse di botlhoko tsa go sa utlwe di beilwe e le diphutso. Tse dingwe di farologane gotlhelele le ditshegofatso tsa go nna kutlo tse di boletsweng mo go Duteronome 28:3-14. Gantsi batho ba Iseraele ba ne ba utlwa botlhoko jwa diphelelo tsa diphutso ka gonne ba ne ba tlhopha go tsena mo kobamelong ya maaka. (Esera 9:7; Jeremia 6:6-8; 44:2-6) A bo e le matlhotlhapelo jang ne! Ditlamorago tseo di ka bo di ne tsa tilwa ka go tlhopha ka tshwanelo, e leng go utlwa melao le melaometheo e e siameng ya ga Jehofa, e tota e tlhalosang ka phepafalo se se molemo le se se bosula. Batho ba le bantsi gompieno ba boga le go welwa ke bomadimabe ka gonne ba tlhophile go dira kgatlhanong le melaometheo ya Baebele ka go tsena mo bodumeding jwa maaka, go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa ka fa dikobong, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang, go tlhapelwa ke bojalwa le tse dingwe fela jalo. Fela jaaka kwa Iseraeleng le kwa Juta wa bogologolo, go dira ditlhopho tseo tse di sa siamang go ne go felela ka go sa amogelwe ke Modimo le go ikutlwisa botlhoko mo pelong go sa tlhokege.—Isaia 65:12-14.

19. Tlhalosa maemo a a neng a itumelelwa ke Juta le Iseraele fa di ne di tlhophile go utlwa Jehofa.

19 Go ne go nna le ditshegofatso tse dintsi le thitibalo fa fela Baiseraele ba ne ba utlwa Jehofa. Ka sekai, re bala jaana malebana le metlha ya ga Kgosi Solomone: “Bajuta le Baiseraele ba bo ba le bantsi jaaka mošawa o o fa lewatleng ka bontsi, ba ja ba nwa ba dira mokete fela. . . . Bajuta le Baiseraele ba ne ba agile ka thagamo, mongwe le mongwe fa tlase ga mofine wa gagwe le fa tlase ga mofeige wa gagwe, go tswa Dane go ya Beerešeba ka metlha ya ga Solomone.” (1 Dikgosi 4:20-25) Tota le mo motlheng wa ga Kgosi Dafite, o baba ba Modimo ba neng ba ganetsa thata mo go one, Jehofa o ne a ema setšhaba seo nokeng le go se segofatsa fa se ne se tlhopha go utlwa Modimo wa boammaaruri.—2 Samuele 7:28, 29; 8:1-15.

20. Ke eng se Modimo a tlhomameng ka sone malebana le batho?

20 A o tla utlwa Modimo, kana o ka se mo utlwe? Baiseraele ba ne ba kgona go itlhophela. Le mororo rotlhe re tsere go rata go dira boleo mo go Atame, le rona re amogetse mpho ya go itlhophela ka kgololesego. Go sa kgathalesege Satane, lefatshe leno le le bosula le makoa a rona, re ka kgona go tlhopha ka tshwanelo. Gape, Mmopi wa rona o tlhomame ka gore fa re lebane le teko nngwe le nngwe le thaelo, go tla nna le batho ba ba tla tlhophang ka tshwanelo, e seng ka go bua lefoko fela mme le ka go dira. (1 Petere 5:8-10) A o tla nna mongwe wa bone?

21. Ke eng se se tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?

21 Mo setlhogong se se latelang, re tla kgona go sekaseka maikutlo a rona le ditiro re lebile dikao tse di fetileng. E kete mongwe le mongwe wa rona a ka itumelela mafoko ano a Modimo a a a buileng ka Moshe: “Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele.”—Duteronome 30:19.

O ne O Tla Araba Jang?

◻ Jehofa o dirile jang gore batho ba ba nang le boleo le bone ba segofadiwe?

◻ Diphutso ke eng?

◻ Baiseraele ba ka bo ba amogetse ditshegofatso jang mo boemong jwa diphutso?

◻ Baiseraele ba ne ba itumelela ditshegofatso dife fa ba ne ba utlwa Modimo?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Baiseraele ba ne ba phuthaganela fa pele ga Thaba ya Gerisime le Thaba ya Ebale

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela