LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 7/1 ts. 19-24
  • Phenyo ya Kobamelo ya Boammaaruri e a Atamela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Phenyo ya Kobamelo ya Boammaaruri e a Atamela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batswagosele mo Tempeleng ya Modimo ya Semoya
  • Lefelo la Boitshepo le Dilwana Tsa Lone
  • Phenyo e e Feletseng ya Kobamelo ya Boammaaruri
  • Tsogo ya mo Lefatsheng
  • Se se Tshwantshediwang ke Moletlo wa Diobo
  • Meletlo ya Ditiragalo mo Hisitoring ya Iseraele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “O Ipele Fela Thata”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Boidiidi jo Bogolo Jwa Batho ba Bantsintsi
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Tempele ya ga Jehofa e Kgolo ya Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 7/1 ts. 19-24

Phenyo ya Kobamelo ya Boammaaruri e a Atamela

“Jehofa o tlaa nna kgosi ya lefatshe lotlhe.”—SEKARIA 14:9.

1. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba diragalelwa ke eng ka Ntwa ya Lefatshe I, mme seno se ne se boleletswe pele jang?

KA NTWA ya ntlha ya lefatshe, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tshwarwa setlhogo ba bo ba tsenngwa mo dikgolegelong ke ditšhaba tse di neng di lwa. Ditlhabelo tsa pako tse ba neng ba di isetsa Jehofa di ne tsa kgorelediwa thata, mme ba ne ba nna mo botshwarong jwa semoya. Seno sotlhe se ne se boleletswe pele mo go Sekaria 14:2, e e tlhalosang go tlhaselwa ga Jerusalema ke ditšhaba tsotlhe. Motse wa boporofeti jono ke “Jerusalema wa selegodimo,” Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo le lefelo la “setulo sa bogosi sa Modimo le sa Kwana.” (Bahebere 12:22, 28; 13:14; Tshenolo 22:3) Batlodiwa ba Modimo ba ba mo lefatsheng ba ne ba emela motse oo. Ba ba ikanyegang mo go bone ba ne ba falola tlhaselo, ba gana go iteseletsa gore ba ntshiwe “mo motseng” ba isiwe botshwarwa.a

2, 3. (a) Kobamelo ya ga Jehofa e ile ya fenya jang fa e sale ka 1919? (b) Fa e sale ka 1935, go ntse go diragala eng?

2 Ka 1919 batlodiwa ba ba ikanyegang ba ne ba gololwa mo boemong jwa bone jwa botshwarwa mme ka bonako fela ba dirisa motlha wa kagiso o o neng wa latela morago ga ntwa. Jaaka baemedi ba Jerusalema wa selegodimo, ba ne ba dirisa sebaka se se molemolemo seo go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go thusa go kgobokanya maloko a bofelo a ba ba 144 000. (Mathaio 24:14; 2 Bakorinthe 5:20) Ka 1931 ba ne ba simolola go ipitsa ka leina le le tshwanelang la Dikwalo la Basupi ba ga Jehofa.—Isaia 43:10, 12.

3 Fa e sale ka nako eo, Basupi ba ba tloditsweng ba Modimo ga ba ise ba boele kwa morago. Lefa e le ene Hitler ka mekgatlho ya gagwe ya ntwa ya Bonasi ga a ka a kgona go ba didimatsa. Lefa ba ntse ba bogisiwa mo lefatsheng lotlhe, tiro ya bone e nnile le maungo mo lefatsheng lotlhe. Bogolo jang fa e sale ka ngwaga wa 1935, ba ntse ba thusiwa ke “boidiidi jo bogolo” jwa ditšhaba tsotlhe jo go boleletsweng pele ka jone mo bukeng ya Tshenolo. Bano le bone ke Bakeresete ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng e bile ba “tlhatswitse dikobo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a ga Kwana,” Jesu Keresete. (Tshenolo 7:9, 14) Lefa go ntse jalo, bone ga se batlodiwa, ga ba a solofela go tshela kwa legodimong. Tsholofelo ya bone ke go rua se Atame le Efa ba se latlhileng, e leng, botshelo jwa motho jo bo itekanetseng mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:29; Mathaio 25:34) Gompieno, ba boidiidi jo bogolo ba setse ba feta dimilione tse tlhano ka palo. Kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa e a fenya, mme phenyo ya yone ya bofelo e santse e tla.

Batswagosele mo Tempeleng ya Modimo ya Semoya

4, 5. (a) Ba boidiidi jo bogolo ba obamela Jehofa kae? (b) Ba itumelela ditshiamelo dife, mme go diragadiwa boporofeti bofe?

4 Jaaka go boleletswe pele, ba boidiidi jo bogolo “ba o obamela [Modimo] motshegare le bosigo mo tempeleng ya one.” (Tshenolo 7:15, NW; bona le ntlhanyana e e kwa tlase.) E re ka e se Iseraele wa semoya, wa boperesiti, Johane o tshwanetse a bo a ba bone ba eme mo tempeleng mo lelwapaneng le le kafa ntle la Baditšhaba. (1 Petere 2:5) A bo tempele ya ga Jehofa ya semoya e setse e galalela jang ne, mo tikologong ya yone go tletse boidiidi jono jo bo mmakang mmogo le masalela a Iseraele wa semoya!

5 Boidiidi jo bogolo ga bo direle Modimo mo boemong jo bo tshwantshediwang ke lelwapana le le kwa teng la baperesiti. Ga ba kaiwe ba siame gore ba tle ba nne barwa ba semoya ba Modimo. (Baroma 8:1, 15) Lefa go ntse jalo, ka go dumela mo thekololong ya ga Jesu, ba nna le boemo jo bo phepa fa pele ga Jehofa. Ba kaiwa tshiamo gore ba nne ditsala tsa gagwe. (Bapisa Jakobe 2:21, 23.) Le bone ba na le tshiamelo ya go isa ditlhabelo tse di amogelwang mo sebesong sa Modimo sa semoya. Ka jalo, Isaia 56:6, 7 e diragadiwa ka tsela e e galalelang mo boidiiding jono jo bogolo: “Baeng ba ba ikopanyang le Jehofa go mo direla, le go rata leina la ga Jehofa, . . . le bone ke tlaa ba lere mo thabeng ya me e e boitshepo, ke ba jesa monate mo ntlong ya me ya thapelo; ditshupelo tsa bone tsa phiso, le ditlhabelo tsa bone, di tlaa amogelwa mo sebesong sa me; gonne ntlo ya me e tlaa bidiwa Ntlo ya borapelelo jwa ditšhaba tsotlhe.”

6. (a) Batswagosele ba isa ditlhabelo tse di ntseng jang? (b) Mogopo wa metsi o o mo lelwapaneng la baperesiti o ba gakolola eng?

6 Sengwe sa ditlhabelo tse batswagosele bano ba di isang ke “loungo lwa melomo [jaaka ditshupelo tse di baakantsweng sentle tsa mabele a a boleta] e e ipolelang leina la [Modimo]” le “go dira molemo le go thusanya.” (Bahebere 13:15, 16) Mogopo o mogolo wa metsi o baperesiti ba neng ba tshwanetse go tlhapa mo go one le one ke sengwe sa botlhokwa se se gakololang batswagosele bano. Le bone ba tshwanetse go phepafadiwa semoyeng le mo boitshwarong fa Lefoko la Modimo le ntse le dirwa gore ba le tlhaloganye kgato ka kgato.

Lefelo la Boitshepo le Dilwana Tsa Lone

7. (a) Ba boidiidi jo bogolo ba leba jang ditshiamelo tsa boperesiti jo bo boitshepo? (b) Batswagosele bangwe ba amogetse ditshiamelo dife tse dingwe?

7 A lefelo la Boitshepo le dilwana tsa lone di na le bokao bope mo boidiiding jono jo bogolo jwa batswagosele? Ebu, le ka motlha ba ka se nne mo boemong jo bo tshwantshediwang ke lefelo la Boitshepo. Ga ba tsalwe sesha e le barwa ba semoya ba Modimo ba ba nang le bonno jwa selegodimo. A seno se dira gore ba ikutlwe ba eletsa boemo joo kana ba le lefufa? Nnyaa. Go na le moo, ba itumelela tshiamelo ya bone ya go tshegetsa masalela a ba ba 144 000, e bile ba bontsha gore ba anaanela thata boikaelelo jwa Modimo jwa go tsaya barwa bano ba semoya, ba ba tla dirang le Keresete fa a dira gore batho ba itekanele. Gape, boidiidi jo bogolo jwa batswagosele bo rata bopelonomi jo bogolo jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo ka go bo a ba neetse tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng. Bangwe ba batswagosele bano, fela jaaka Banethinime ba bogologolo, ba neetswe ditshiamelo tsa go okamela mo go thuseng baperesiti ba ba boitshepo.b (Isaia 61:5) Jesu o tlhoma bangwe ba bone go nna “dikgosana mo lefatsheng lotlhe.”—Pesalema 45:16.

8, 9. Ba boidiidi jo bogolo ba solegelwa molemo jang ke go tlhatlhoba dilwana tsa lefelo la Boitshepo?

8 Lefa boidiidi jo bogolo jwa batswagosele bo se kitla bo tsena mo go se se tshwantsheditsweng ke lefelo la Boitshepo, bo ithuta dithuto tsa botlhokwa mo dilwaneng tsa lone. Fela jaaka setlhomo sa dilampa se ne se tlhoka go tshelwa lookwane ka metlha, fela jalo batswagosele ba tlhoka thuso ya moya o o boitshepo gore o ba thuse go tlhaloganya boammaaruri jo bo tswelelang pele jo bo tswang mo Lefokong la Modimo, jo bo tsamaisiwang ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Mo godimo ga moo, moya wa Modimo o ba thusa gore ba arabele taletso eno: “Mowa le monyadwi [masalela a batlodiwa] ba re: ‘Tlaa!’ Le yo o utlwang, a a ka a re: ‘Tlaa!’ Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang a a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a se na theko.” (Tshenolo 22:17) Ka jalo, setlhomo sa dilampa se gakolola ba boidiidi jo bogolo gore ba tshwanetse go phatsima jaaka Bakeresete le go tila sepe se se ka utlwisang moya wa Modimo o o boitshepo botlhoko, e ka tswa e le boikutlo, kakanyo, lefoko, kana tiro.—Baefeso 4:30.

9 Tafole ya senkgwe se se sa bedisiwang e gakolola boidiidi jo bogolo gore ba tshwanetse gore ka metlha ba je dijo tsa semoya go tswa mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” gore ba tle ba nne ba tsogile sentle semoyeng. (Mathaio 4:4) Sebeso sa maswalo se ba gakolola kafa go leng botlhokwa ka gone go rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a ba thuse gore ba nne ba thokgame. (Luke 21:36) Dithapelo tsa bone di tshwanetse tsa akaretsa pako le malebogo a a bolelwang go tswa mo pelong. (Pesalema 106:1) Sebeso sa maswalo gape se ba gakolola kafa go tlhokegang ka gone gore ba bake Modimo ka ditsela tse dingwe, jaaka ka go opela dipina tsa Bogosi ka pelo yotlhe kwa dipokanong tsa Bokeresete le ka go baakanyetsa sentle gore ba dire “boipolelo . . . go isa polokong” ka tsela e e nang le matswela.—Baroma 10:10.

Phenyo e e Feletseng ya Kobamelo ya Boammaaruri

10. (a) Re ka lebelela pele go eng se segolo? (b) Go tshwanetse ga diragala eng pele?

10 Gompieno “ditšhaba di le dintsi” di oologela kwa ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo. (Isaia 2:2, 3) Go dumalana le seno, Tshenolo 15:4 e bolela jaana: “Morena, e mang yo o se ketlang a boifa, a galaletsa leina la gago? Gonne o boitshepo o le wesi; gonne merafe yotlhe e tlaa tla e obamela fa pele ga gago; gonne ditiro tsa gago tsa tshiamo di bonaditswe.” Sekaria kgaolo 14 e tlhalosa se se latelang. Mo isagweng e e fa gaufi, boikutlo jo bo bosula jwa bontsi jwa batho ba ba mo lefatsheng bo tla tla mo konelong fa ba ntse ba kokoana la bofelo go tla go lwa le Jerusalema—baemedi ba ba mo lefatsheng ba Jerusalema wa selegodimo. Go tswa foo Jehofa o tla tsaya kgato. E le Modimo wa Motlhabani, o “tlaa bolola a ya go tlhabana le merafe eo” e nnang le sebete sa go tlhasela jalo.—Sekaria 14:2, 3.

11, 12. (a) Jehofa o tla arabela jang fa batho ba ba obamelang mo tempeleng ya gagwe ba tla bo ba tlhaselwa mo lefatsheng lotlhe? (b) Ntwa ya Modimo e tla felela ka eng?

11 “E ke yone petso e Jehofa o tlaa betsang ka yone ditšhaba tsotlhe tse di tlhabanyeng le Jerusalema; nama ya bone e tlaa jega ba sa ntse ba eme ka dinao, matlho a bone a tlaa jega mo kgapeng tsa one, le loleme lwa bone lo tlaa jega mo melomong ya bone. Go tlaa dirala mo motlheng oo, go re, go tlaa nna pheretlho e kgolo, mo go bone, e e tswang kwa go Jehofa; mongwe le mongwe o tlaa tshwara wa ga gabo ka letsogo, mme letsogo la gagwe le tlaa tsogela letsogo la wa ga gabo.”—Sekaria 14:12, 13.

12 Re tla tshwanelwa ke go leta gore re tle re bone gore a petso eno ke ya mmatota kana ke ya tshwantshetso. Lefa go ntse jalo, go na le sengwe se re ka tlhomamisegang ka sone. Fa baba ba Modimo ba ntse ba tsaya kgato ya go tlhasela batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, ba tla emisiwa ke ditshupo tse di gakgamatsang tsa maatla a Modimo a a nang le thata yotlhe. Melomo ya bone e tla didimadiwa. Go tla nna jaaka e kete diteme tsa bone tse di tlwaetseng go ganetsa di bodile. Ga ba ketla ba tlhola ba bona sentle mokgele o ba neng ba o kopanetse, jaaka e kete matlho a bone a bodile. Maatla a bone a mmele, a a neng a ba nonotsha gore ba tlhasele, a tla fela. Ba tla bo ba tsietsegile ba bo ba simolola go bolaana ka kgailo e kgolo. Ka jalo batho botlhe ba ba sa rateng kobamelo ya Modimo ba ba mo lefatsheng ba tla bo ba fedisitswe. Kgabagare, ditšhaba tsotlhe di tla bo di pateleditswe go lemoga bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe. Boporofeti jono bo tla bo bo diragaditswe: “Jehofa o tlaa nna kgosi ya lefatshe lotlhe.” (Sekaria 14:9) Morago ga moo, Satane le badimona ba gagwe ba tla golegwa jaaka fa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete e simologa ka masego a magolo a a beetsweng batho.—Tshenolo 20:1, 2; 21:3, 4.

Tsogo ya mo Lefatsheng

13. Ke bomang ba ba “setseng [ba] merafe yotlhe”?

13 Boporofeti jwa ga Sekaria bo tswelela pele jaana mo go kgaolo 14, temana 16: “Go tlaa dirala go re, mongwe le mongwe yo o setseng wa merafe yotlhe e e neng e tsile go tlhasela Jerusalema, o tlaa ya ka ngwaga le ngwaga go obamela Kgosi, Jehofa wa masomosomo, le go dira modiro wa diobo.” Go ya ka Baebele, batho botlhe ba ba tshelang gompieno ba ba tswelelang pele ba tshela go ya kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno e e boikepo mme ba atlholelwa gore ga ba rate kobamelo ya boammaaruri ke “ba ba tlaa utlwang thupa, e bong tshenyego e e sa khutleng.” (2 Bathesalonika 1:7-9; bona le Mathaio 25:31-33, 46.) Ga ba ketla ba tsosiwa. Ka jalo, ba ba “setseng” ba tshwanetse ba bo ba akaretsa ba ditšhaba ba ba suleng pele ga ntwa ya Modimo ya makgaolakgang e bile e le ba ba nang le tsholofelo ya tsogo e e theilweng mo Baebeleng. Jesu o ne a solofetsa jaana: “Lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa; ba ba dirileng molemo ba tswele tsogelong ya botshelo; mme ba ba dirileng bosula ba tswele tsogelong ya tshekiso.”—Johane 5:28, 29.

14. (a) Batho ba ba tsosiwang ba tshwanetse ba dira eng gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng? (b) Go tla diragala eng ka bape ba ba ganang go ineela mo go Jehofa le go dirisa kobamelo ya boammaaruri?

14 Batho bano botlhe ba ba tsositsweng ba tshwanetse ba dira sengwe gore tsogo ya bone e nne ya botshelo e seng ya katlholo e e botlhoko. Ba tshwanetse ba tla mo malwapaneng a a mo lefatsheng a tempele ya ga Jehofa mme ba khubame go bontsha gore ba ineetse mo Modimong ka Jesu Keresete. Batho bape fela ba ba tsositsweng mme ba gana go dira jalo ba tla bona petso e e tshwanang le e e tlelang ditšhaba tsa gone jaanong. (Sekaria 14:18) Ke mang yo o itseng gore ke batho ba le kae ba ba tsositsweng ba ba tla kopanelang le boidiidi jo bogolo mo go ketekeng ka boitumelo se se neng se tshwantshediwa ke Moletlo wa Diobo? Kwantle ga pelaelo, ba tla bo ba le bantsi, mme tempele ya ga Jehofa e kgolo e tla galalela le go feta pele ka ntlha ya seo!

Se se Tshwantshediwang ke Moletlo wa Diobo

15. (a) Dilo dingwe tse di tlhomologileng ka Moletlo wa Diobo wa bogologolo wa Baiseraele e ne e le dife? (b) Ke eng fa go ne go isiwa ditlhabelo tsa dikgomo di le 70 mo moletlong ono?

15 Ngwaga le ngwaga, Iseraele wa bogologolo o ne a tshwanelwa ke go keteka Moletlo wa Diobo. O ne o tsaya beke e le nngwe fela mme o ne o dirwa fa ba fetsa go phutha thobo ya bone. E ne e le nako e e itumedisang ya go isa ditebogo. Mo bekeng eo yotlhe, ba ne ba tshwanetse go nna mo metlaaganeng ya nakwana e apesitswe ka matlhare a ditlhare, segolo bogolo dikala tsa mokolane. Moletlo ono o ne o gakolola Iseraele kafa Modimo a neng a bolokile borraabonemogolo ka teng go tswa kwa Egepeto le kafa a neng a ba tlhokometse ka teng fa ba ne ba nna mo diobong fa ba ntse ba kgarakgatshega ka dingwaga di le 40 mo nageng go fitlha ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Lefitiko 23:39-43) Ka nako ya moletlo, go ne go isiwa dikgomo di le 70 setlhabelo mo sebesong sa tempele. Go bonala gore, karolo eno ya moletlo e ne e tshwantshetsa ka tsela ya boporofeti tiro e e itekanetseng e bile e feletse e e bolokang matshelo e e dirilweng ke Jesu Keresete. Melemo ya setlhabelo sa gagwe sa thekololo kgabagare e tla bonwa ke ditlogolwana tse dintsintsi tsa malapa a a 70 a batho a a duleng mo go Noa.—Genesise 10:1-29; Dipalo 29:12-34; Mathaio 20:28.

16, 17. (a) Moletlo o o neng o tshwantshediwa ke wa Diobo o simologile leng, mme o ne wa tswelela jang? (b) Ba boidiidi jo bogolo ba kopanela jang mo moketeng ono?

16 Ka jalo Moletlo wa Diobo wa bogologolo o ne o tshwantshetsa go kokoanngwa mo go itumedisang ga baleofi ba ba rekolotsweng ba tsenngwa mo tempeleng e kgolo ya ga Jehofa ya semoya. Tiragatso ya moletlo ono e simologile ka Pentekosete ya 33 C.E. fa go ne go simololwa go kokoanngwa ka boitumelo Baiseraele ba semoya ba tsenngwa mo phuthegong ya Bokeresete. (Ditiro 2:41, 46, 47) Batlodiwa bano ba ne ba tlhaloganya gore e ne e le “baeti” mo lefatsheng la ga Satane ka gore totatota “motse wa [bone] o kwa legodimong.” (1 Petere 2:11; Bafilipi 3:20) Moletlo o o itumedisang o ne wa sirwa ka nakwana ke botenegi jo bo neng jwa felela ka gore go bopiwe Labokeresete. (2 Bathesalonika 2:1-3) Lefa go ntse jalo, moletlo o ne wa simololwa gape ka 1919 fa go ne go kokoanngwa ka boitumelo maloko a bofelo a Baiseraele ba semoya ba ba 144 000, mo go neng ga latelwa ke go kokoanngwa ga boidiidi jo bogolo jwa ditšhabatšhaba mo go umakilweng mo go Tshenolo 7:9.

17 Boidiidi jo bogolo bo tshwantshiwa bo tshotse dikala tsa makolane ka diatla, se se bontshang gore le bone ba itumelela go keteka se se neng se tshwantshediwa ke Moletlo wa Diobo. Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, ba kopanela ka boitumelo mo tirong ya go kokoanyetsa baobamedi ba ba oketsegileng mo tempeleng ya ga Jehofa. Mo godimo ga moo, jaaka baleofi, ba tlhaloganya gore ga ba na ditshwanelo tsa go nnela ruri mo lefatsheng. Bone, mmogo le ba ba tla tsosiwang mo isagweng, ba tshwanetse go tswelela pele ba dumela mo setlhabelong sa ga Keresete sa thekololo go fitlha e nna batho ba ba itekanetseng kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete.—Tshenolo 20:5.

18. (a) Go tla diragala eng kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Jesu Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete? (b) Kobamelo ya ga Jehofa ya boammaaruri kgabagare e tla fenya jang?

18 Go tswa foo, baobamedi ba Modimo mo lefatsheng ba tla ema fa pele ga gagwe ba itekanetse ba sa tlhoke boperesiti jwa selegodimo. E tla bo e le nako ya gore Jesu Keresete a “[neele] Modimo, e bong Rara, bogosi.” (1 Bakorinthe 15:24) Satane o tla gololwa “ka lobakanyana” gore a leke batho ba ba itekanedisitsweng. Batho bape ba ba sa ikanyegeng ba tla senyediwa ruri, mmogo le Satane le badimona ba gagwe. Ba ba tswelelang pele ba ikanyega ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng. Ba tla nnela ruri mo Paradaiseng ya mo lefatsheng. Ka jalo se se tshwantshediwang ke Moletlo wa Diobo se tla bo se konetswe ka tsela e e galalelang, e e atlegileng. Kobamelo ya boammaaruri e tla bo e fentse mme seo se tlisitse kgalalelo e e nnelang ruri mo go Jehofa mme se tliseditse batho boitumelo jo bo nnelang ruri.—Tshenolo 20:3, 7-10, 14, 15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tlhaloso e e tlhalosang temana nngwe le nngwe ya Sekaria kgaolo 14, bona buka ya Paradise Restored to Mankind—By Theocracy!, e e gatisitsweng ka 1972 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., dikgaolo 21 le 22.

b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Banethinime ba motlha wa gompieno, bona Tora ya Tebelo, April 15, 1992, tsebe 16.

Dipotso Tsa Poeletso

◻ “Jerusalema” o ne a tlhaselwa jang mo ntweng ya ntlha ya lefatshe?—Sekaria 14:2.

◻ Ke eng se se ileng se diragalela batho ba Modimo fa e sale ka 1919?

◻ Ke bomang ba gompieno ba kopanelang mo go ketekeng se se neng se tshwantshediwa ke Moletlo wa Diobo?

◻ Kobamelo ya boammaaruri e tla fenya jang ka botlalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Dikala tsa makolane di ne di dirisiwa fa go ketekiwa Moletlo wa Diobo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela