LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 7/1 ts. 25-27
  • Lefoko la Modimo le Dira “Dikgakgamatso”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefoko la Modimo le Dira “Dikgakgamatso”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batla ga me Batho ba Modimo
  • Go Rera mo Toropong ya Gaetsho
  • “Dikgakgamatso” Tse di Dirilweng ke Lefoko la Modimo
  • Go Atamelana Le Modimo Go Ile ga Nthusa Go Emelana Le Mathata A Me
    Tsogang!—1993
  • Jehofa O Nneile Nonofo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ke Tla ‘Palama Fela Jaaka Kgama e Tonanyana’
    Tsogang!—2006
  • Go Ikanyega mo Modimong ka Dingwaga Tse di Fetang 70
    Tsogang!—2009
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 7/1 ts. 25-27

Lefoko la Modimo le Dira “Dikgakgamatso”

JAAKA GO BOLETSE THÉRÈSE HÉON

Letsatsi lengwe ka 1965, ke ne ka tsena mo femeng nngwe ya kgwebo mme ka naya bagwebi ba yone dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! E rile fa ke retologa ke re ke a tsamaya, ka utlwa go thunya mo gogolo. Kolo e ne ya betsa fa fatshe gaufi le dinao tsa me. “Ke yone tsela ya go dirisana le Basupi ba ga Jehofa,” go ne ga goa jalo mongwe wa bagwebi.

TIRAGALO eo e ne ya ntshosa thata—mme ga ya ka ya dira gore ke tlogele bodiredi jwa nako e e tletseng. Boammaaruri jwa Baebele jo ke neng ke bo ithutile bo ne bo le botlhokwa thata mo e leng gore ke ne ke sena go dumelela sepe go dira gore ke tlogele bodiredi jwa me. E re ke tlhalose gore ke ka ntlha yang fa ke bua jaana.

Fa ke sena go tsholwa ka July 1918, batsadi ba me ba ne ba nna kwa Cap-de-la-Madeleine, motsana o monnye wa kwa Quebec, kwa Canada, o o neng o itsiwe jaaka The Place of Miracles (Lefelo la Dikgakgamatso). Baeng ba ne ba tla mono ka bontsi go tla go obamela mo tempeleng ya Lekgarebana Marea. Lefa re sa kgone go ntsha bosupi jwa dikgakgamatso tse go tweng Marea o ne a di dira, Lefoko la Modimo lone le dirile se e batlang e nna kgakgamatso tota mo matshelong a batho ba bantsi jaaka fa motse o ne o ntse o gola go nna toropo e e nang le baagi ba ba fetang 30 000.

Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna 20, rre o ne a bona gore ke kgatlhegela dilo tsa bodumedi mme a mpha Baebele ya gagwe. E rile ke simolola go e bala, ka tshoga tota fa ke lemoga mo go Ekesodo kgaolo 20 gore kobamelo ya ditshwantsho e kgalwa fela ka papamalo. Ka yone nako eo ke ne ka felelwa ke tsholofelo mo dithutong tsa Kereke ya Katoliki ka ba ka tlogela go ya kwa Mmiseng. Ke ne ke sa batle go obamela ditshwantsho. Ke santse ke gakologelwa Rre a re, “Thérèse, a ga o ye kerekeng?” “Nnyaa,” ke ne ka araba jalo, “ke bala Baebele.”

Go bala Baebele go ne ga tswelela jalo e le karolo ya botshelo jwa me le eleng fa ke sena go nyalwa ka September 1938. E re ka monna wa me Rosaire, gantsi a ne a dira bosigo, ke ne ka itlwaetsa go bala Baebele fa a le kwa tirong. Ka bonako fela ke ne ka fetsa ka gore Modimo o tshwanetse a bo a na le batho, mme ka simolola go ba batla.

Go Batla ga me Batho ba Modimo

Ka ntlha ya seo ke neng ke se ithutile kwa kerekeng, fa ke ne ke le mmotlana, ke ne ke tshaba go robala ke boifa gore ke tla tsoga ke le kwa diheleng. Go lwantsha poifo e e ntseng jalo, ke ne ke tlhola ke ipolelela gore Modimo o o lorato o ne o ka se letle gore selo se se maswe jalo se diragale. Ke ne ka tswelela pele ka tshepo ke bala Baebele, ke batla boammaaruri. Ke ne ke tshwana le moopafadiwa wa Ethiopia yo o neng a bala mme a sa tlhaloganye.—Ditiro 8:26-39.

Mo e ka nnang ka 1957 morwarre, e bong André, le mosadi wa gagwe, ba ba neng ba nna mo foleteng e e mo boalong jo bo ka fa tlase ga jwa rona, ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka bolelela mosadi wa ga morwarre gore a nne a ntemosa ka go kokota mo sileng fa Basupi ba tla go rera mo re nnang teng. Ka tsela eo ke ne ke tla itse gore ke se ka ka bula setswalo. Letsatsi lengwe a lebala go ntemosa.

Ka letsatsi leo ke ne ka bula mme ka kopana le Kay Munday, mmulatsela, jaaka fa badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa. O ne a bua le nna ka leina la Modimo, a tlhalosa gore Modimo o na le leina la one ka namana, e leng Jehofa. Fa a sena go tsamaya, ke ne ka leba mo Baebeleng ya me go tlhomamisa gore a se a neng a se buile se ne tota se tshegetswa ke ditemana tsa Baebele. Go batlisisa ga me go ne ga intumedisa fela thata.—Ekesodo 6:3, Douay Version, ntlhanyana e e kwa tlase; Mathaio 6:9, 10; Johane 17:6.

E rile Kay a tla gape, re ne ra tlotla ka thuto ya motheo ya Katoliki ya Tharonngwe, e e bolelang gore Modimo ke batho ba bararo mo Modimong a le mongwe. Moragonyana ke ne ka tlhatlhoba Baebele ya me ka kelotlhoko go ikgotsofatsa gore ga e rute Tharonngwe. (Ditiro 17:11) Go tlhatlhoba ga me Baebele go ne ga tlhomamisa gore Jesu ga a lekane le Modimo. Ene o ne a bopiwa. O na le tshimologo, mme Jehofa ene ga a na yone. (Pesalema 90:1, 2; Johane 14:28; Bakolosa 1:15-17; Tshenolo 3:14) E re ka ke ne ke kgotsofaditswe ke se ke neng ke se ithuta, ke ne ka dumela gore re tswelele ka metlotlo ya Baebele.

Letsatsi lengwe ka 1958, ka nako ya fa go ne go wa kapoko ya November, Kay o ne a ntaletsa gore ke nne gone kwa kopanong ya potologo e e neng ya tshwarwa gone mo maitseboeng ao mo holong e e neng e hirilwe. Ke ne ka amogela taletso eno mme ka itumelela thulaganyo fela thata. Morago ga moo, e rile ke ntse ke tlotla le Mosupi yo o neng a tla mo go nna, ka botsa ka re, “A Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse go rera ka ntlo le ntlo?”

“Ee,” o ne a araba jalo, “mafoko a a molemo a tshwanetse go bolelwa, e bile Baebele e bontsha gore go etela batho kwa magaeng a bone ke tsela e e botlhokwa ya go rera.”—Ditiro 20:20.

A bo ke ne ka itumedisiwa ke karabo ya gagwe thata jang ne! E ne ya ntlhatswa pelo gore ke ne ke bone batho ba Modimo. Fa a ka bo a rile “Nnyaa, ga go tlhokege,” ke ka bo ke ile ka belaela gore a ke bone boammaaruri, gonne ke ne ke itse se Baebele e se buang kaga go rera ka ntlo le ntlo. Go tloga ka nako eo go ya pele, ke ne ka dira kgatelopele ya ka bonako mo semoyeng.

Morago ga kopano eo ya potologo, ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di neng di tshwarelwa mo toropong e e fa gaufi ya Trois-Rivières. Kay le modirimmogo le ene, Florence Bowman, e ne e le bone fela Basupi ba ba neng ba nna kwa Cap-de-la-Madeleine ka nako eo. Letsatsi lengwe ke ne ka re, “Ke tla ya go rera le lona ka moso.” Ba ne ba itumelela gore ke tsamaye le bone.

Go Rera mo Toropong ya Gaetsho

Ke ne ke ithaya ke re mongwe le mongwe o ne a tla amogela molaetsa wa Baebele, mme ka lemoga ka bonako gore go ne go sa nna jalo. E rile Kay le Florence ba abelwa go ya go dira kwa lefelong le lengwe, ke ne ka sala ke le nosi fela mo toropong ke rera boammaaruri jwa Baebele ka ntlo le ntlo. Ke ne ka tswelela ke rera ke le nosi ka bopelokgale mo e ka nnang ka dingwaga tse pedi go fitlha ke kolobediwa ka June 8, 1963. Ka lone letsatsi leo ke ne ka ikwadisetsa se ka nako eo se neng se bidiwa tirelo ya bobulatsela jwa malatsi a boikhutso.

Ke ne ka tswelela ke le mmulatsela wa malatsi a boikhutso mo e ka nnang ka ngwaga. Mme, Delvina Saint-Laurent a ntsholofetsa gore o tla tla mo Cap-de-la-Madeleine a tla go dira le nna gangwe ka beke fa fela ke ka nna mmulatsela wa ka metlha. Ka jalo ke ne ka tlatsa foromo ya me ya bobulatsela. Lefa go ntse jalo se se utlwisang botlhoko ke gore dibeke tse pedi fela pele ga ke simolola tirelo ya nako e e tletseng, Delvina o ne a tlhokafala. Ke ne ke tla dirang? Ke ne ke tladitse foromo e bile ke sa batle go senya dithulaganyo tsa me. Ka jalo ka October 1964, ke ne ka simolola tiro ya me ya botshelo jotlhe ya bodiredi jwa nako e e tletseng. Dingwaga di le nnè tse di latelang, ke ne ke tsamaya ka ntlo le ntlo ke le nosi.

Bakatoliki mo Cap-de-la-Madeleine ba ba ineetseng mo bodumeding gantsi ba ne ba se botsalano. Bangwe ba ne ba bitsa mapodisi ba leka go nthibela gore ke se ka ka rera. Letsatsi lengwe, jaaka fa ke tlhalositse kwa tshimologong, mogwebi mongwe o ne a leka go ntshosetsa ka go thuntsha fa dinaong tsa me. Ebu, motlotlo kaga seno o ne wa anama mo toropong yotlhe. Seteishene sa thelebishene sa lefelo leo se ne sa bitsa seno letsholo kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Tiragalo eno yotlhe e ne ya felela ka bosupi jo bo molemo. Morago ga dingwaga di le lesome, go ne ga diragala gore mongwe wa losika lwa mogwebi yo o neng a nthuntsha a nne Mosupi.

“Dikgakgamatso” Tse di Dirilweng ke Lefoko la Modimo

Go kgabaganya dingwaga, ke ne ka bona lobota lwa kganetso ya boammaaruri jwa Baebele lo salalagana ka iketlo mo Cap-de-la-Madeleine. Mo e ka nnang ka 1968, Basupi ba bangwe ba ne ba fudugela mono, mme baagi ba lefelo la rona ba ne ba simolola go tsaya boammaaruri jwa Baebele tsia. Mo tshimologong ya dingwaga tsa bo1970, go ne ga nna le koketsego e kgolo thata ya dithuto tsa Baebele. Go ne ga felela ka gore ke kope Basupi ba bangwe gore ba tseye tse dingwe tsa dithuto tsa Baebele tse ke neng ke di tshwara gore ke kgone go tswelela pele ke nna le seabe mo bodireding jwa ka ntlo le ntlo.

Letsatsi lengwe morweetsana mongwe o ne a amogela buka e e re thusang go ithuta Baebele ya setlhogo se se reng Boammaaruri jo bo Isang Botshelong jo bo sa Khutleng. Ka nako eo o ne a patilwe ke lekawana lengwe le le neng le bidiwa André, senokwane se se neng se lebega se rata ntwa, yo o neng a kopanela mo motlotlong. Motlotlo wa rona le André o ne wa dira gore a nne le kgatlhego, mme re ne ra simolola thuto ya Baebele. Ka bonakonyana fela morago ga moo o ne a simolola go bua le ditsala tsa gagwe ka se a neng a se ithuta.

Nako nngwe, ke ne ke ithuta Baebele le setlhopha sa dinokwane tse nnè, se a le mongwe mo go tsone a neng a sa bue thata mme fela a reeditse ka tlhoafalo. Leina la gagwe e ne e le Pierre. Moso mongwe mo e neng e ka nna ka ura ya bobedi, nna le monna wa me re ne ra utlwa motho a kokota fa mojako. Akanya fela ka se re neng ra se bona: Dinokwane tse nnè di ne di eme foo di tlile go mpotsa dipotso. Ka lesego, Rosaire o ne a se ke a ngongorega ka go etelwa mo go ntseng jalo ka nako e e sa tlwaelegang.

Kwa tshimologong banna ba banè bano ba simolola go ya dipokanong. Lefa go ntse jalo, ke André le Pierre fela ba ba neng ba tswelela le tsone. Ba ne ba dumalanya matshelo a bone le melao ya Modimo mme ba kolobediwa. E setse e le dingwaga tse di fetang 20 jaanong banna bano ba ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi. Fa ba ne ba simolola go ithuta, ba ne ba itsege ka ditiro tsa bone tsa bonokwane e bile ba tlhokometswe ke mapodisi. Ka dinako tse dingwe mapodisi a ne a tla go ba batla morago ga nngwe ya dithuto tsa rona tsa Baebele kana fa pokano ya phuthego e ntse e tsweletse. Ke itumelela go bo ke reretse “batho ba mefuta yotlhe,” mme ka jalo ke iponela ka bonna kafa Lefoko la Modimo le dirang diphetogo ka gone e leng se ruri se neng se lebega se gakgamatsa.—1 Timotheo 2:4.

Fa kwa tshimologong ya bodiredi jwa me ke ka bo ke ile ka bolelelwa gore go ne go tlile go nna le Holo ya Bogosi mo Cap-de-la-Madeleine le gore e ne e tla tlala ka batho ba ga Jehofa, ke ne ke se kitla ke go dumela. Se se intumedisitseng ke gore phuthego nngwe e nnye mo toropong e e fa gaufi ya Trois-Rivières e godile go nna diphuthego tse di gatelang pele tse thataro tse di dirisang Diholo tsa Bogosi tse tharo, go akaretsa le e e mo Cap-de-la-Madeleine.

Ke ne ka itumelela go thusa batho ba ka nna 30 gore ba ineele le go kolobediwa. Jaanong, ke le dingwaga di le 78, ruri nkare ke itumetse gonne ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa. Lefa go ntse jalo, gone ke ile ka nna le dinako tse ka tsone ke neng ke kgobega marapo fela thata. Gore ke lwantshe dinako tse di ntseng jalo ka katlego, ka metlha ke bula Baebele ya me mme ke bale ditemana dingwe tse di ntapolosang fela thata. Ga go kgonege gore letsatsi le phirime ke ise ke bale Lefoko la Modimo. Johane 15:7 e kgothatsa tota, moo e reng: “Fa lo nna mo go nna, le mafoko a me a nna mo go lona, lopang se lo se ratang, mme lo tlaa se direlwa.”

Ke solofela go bona Rosaire mo lefatsheng le lesha le le leng gaufi thata. (2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4) Pelenyana fela ga loso lwa gagwe ka 1975, o ne a dira kgatelo pele sentle mo e bileng a ne a tloga a kolobediwa. Fa e le jaanong, ke ititeile sehuba gore ke tla itshoka mo bodireding jwa nako e e tletseng le go tswelelapele ke ipela mo tirong ya ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela