LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 7/15 ts. 8-9
  • Filipo o Kolobetsa Modiredi wa Moethiopia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Filipo o Kolobetsa Modiredi wa Moethiopia
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ke Kgorelediwa ke Eng Gore ke se Kolobediwe?”
  • Se re Se Ithutang
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Go Bolela “Dikgang Tse di Molemo ka Jesu”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Filipo—Moefangele yo o Tlhoafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Thuso ya go Tlhaloganya Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 7/15 ts. 8-9

Ba ne Ba Dira Thato ya ga Jehofa

Filipo o Kolobetsa Modiredi wa Moethiopia

FA Moethiopia a ntse a tsamaya ka kara ya gagwe ya dipitse, o ne a dirisa nako ya gagwe ka tsela e e mosola. O ne a balela kwa godimo—mokgwa o o neng o tlwaetswe thata ke batsamai ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Monna yo e ne e le modiredi “yo o taolo kgolo mo go Kantase mohumagadi kgosi ya Baethiopia.”a O ne a “[laola] mahumo otlhe a gagwe”—e bile tota, e ne e le tona ya tsa madi. Modiredi yono o ne a bala Lefoko la Modimo gore a nne le kitso.—Ditiro 8:27, 28.

Moefangele Filipo o ne a le gaufi. Moengele mongwe o ne a mo kaetse mo lefelong leno, mme jaanong o ne a bolelelwa jaana: “Atamela o ye o kopane le kara ele.” (Ditiro 8:26, 29) Re ka kgona go akanya ka Filipo a ipotsa jaana, ‘Monna yono ke mang? O bala eng? Ke eng fa ke kaetswe gore ke ye kwa go ene?’

Fa Filipo a ntse a taboga gaufi le kara, o ne a utlwa Moethiopia a bala mafoko ano: “O ne a gogelwa jaaka nku tlhabong; le jaaka kwanyana e didimetse fela fa pele ga mmeodi wa yone, le ene ga a tswe molomo jalo: Tshiamiso ya gagwe o e tloseditswe mo go kgobaladiweng ga gagwe. Losika lwa gagwe e mang yo o tlaa lo bolelang? Gonne botshelo jwa gagwe bo tlosiwa mo lefatsheng.”—Ditiro 8:32, 33.

Gone fela foo Filipo o ne a lemoga temana eo. E ne e tswa mo mokwalong wa ga Isaia. (Isaia 53:7, 8) Moethiopia o ne a gakgamadiwa ke se a neng a se bala. Filipo o ne a simolola motlotlo ka go botsa jaana: “A o tlhaloganya se o se balang?” Moethiopia o ne a fetola jaana: “Nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkgoge?” Go tswa foo o ne a laletsa Filipo gore a palame le ene mo kareng ya gagwe.—Ditiro 8:30, 31.

“Ke Kgorelediwa ke Eng Gore ke se Kolobediwe?”

Moethiopia o ne a kopa Filipo jaana: “Tswe, moperofeti o bua mo ka ga mang? A ka ga gagwe, kgotsa ka ga mongwe o sele?” (Ditiro 8:34) Go ne go sa gakgamatse gore Moethiopia a bo a sa tlhaloganye, ka gonne go ne go sa bolo go nna go sa itsiwe gore “nku,” kana “motlhanka,” wa boporofeti jwa ga Isaia e ne e le mang. (Isaia 53:11) A bo seno se ne sa phepafala jang ne fa Filipo a ne a tlhalosetsa Moethiopia yono “mafoko a a molemo kaga Jesu”! Morago ga nakwana Moethiopia o ne a re: “Bona, metsi ke a; ke kgorelediwa ke eng gore ke se kolobediwe?” Ka jalo Filipo o ne a mo kolobetsa gone fela foo.—Ditiro 8:35-38.

A kgato eno e ne e tserwe ka potlako? Nnyaa le eseng! Moethiopia yono o ne a sokologetse mo Sejuteng.b Ka jalo o ne a setse a le moobamedi wa ga Jehofa yo o itseng Dikwalo, go akaretsa le boporofeti kaga Mesia. Lefa go ntse jalo, kitso ya gagwe e ne e sa felela. Jaanong ka a ne a amogetse tshedimosetso eno ya botlhokwa malebana le seabe sa ga Jesu Keresete, Moethiopia o ne a tlhaloganya gore Modimo o ne a batla gore a dire eng e bile o ne a iketleeleditse go dira fela jalo. Go ne go tshwanela gore a ka kolobediwa.—Mathaio 28:18-20; 1 Petere 3:21.

Morago ga moo, “Mowa wa Morena wa tlosa Filipo.” O ne a ya kwa kabelong e nngwe gape. Moethiopia o ne “a tswelela mo tseleng ya gagwe a itumetse.”—Ditiro 8:39, 40.

Se re Se Ithutang

Re le batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno, re na le boikarabelo jwa go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Batho ba le bantsi ba ile ba kgona go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo ba le mo mesepeleng kana mo maemong a mangwe a e seng a ka tlwaelo. Ka ntlha ya tiro ya go rera ka Bogosi, ngwaga le ngwaga dikete di le makgolokgolo di tshwantshetsa boineelo mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa.

Gone ke boammaaruri, ba ba sa tswang go kopanela ga ba a tshwanela go kolobediwa ka lepotlapotla. Sa ntlha ba tshwanetse go nna le kitso e e tlhomameng kaga Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete. (Johane 17:3) Go tswa foo ba tshwanetse go ikotlhaya, ba tlogela boitshwaro jo bo sa siamang ba bo ba sokologa gore ba tshele go dumalana le melao ya Modimo. (Ditiro 3:19) Seno se tlhoka nako, bogolo jang fa e le gore go akanya le go itshwara ka tsela e e phoso go setse go nweleletse thata. Lefa batho ba ba sa tswang go kopanela ba tshwanetse go akanya thata ka ditlamorago tsa go nna barutwa ga Bakeresete, masego a magolo a nna teng fa motho a simolola go tsalana le Jehofa Modimo ka go ineela mo go ene. (Bapisa Luke 9:23; 14:25-33.) Batho ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba kaela ka tlhoafalo batho ba ba sa tswang go kopanela jalo kwa mokgatlhong o Modimo a o dirisang go diragatsa thato ya gagwe. (Mathaio 24:45-47) Fela jaaka Moethiopia, ba tla itumelela go ithuta le go diragatsa se Modimo a batlang gore ba se dire.

[Ntlha e e kwa tlase]

a “Kantase” ga se leina mme ke sereto (jaaka “Faro” le “Kaesare”) se se neng se dirisiwa go tlhalosa bahumagadi ba kwa Ethiopia ba ba neng ba latelana.

b Basokologi e ne e le batho ba e seng Baiseraele ba ba neng ba tlhopha go utlwa Molao wa ga Moshe.—Lefitiko 24:22.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

Ke Eng a Bidiwa Moopafadiwa?

Mo pegong yotlhe ya Ditiro kgaolo 8, Moethiopia yono o bidiwa “moopafadiwa.” Lefa go ntse jalo, e re ka Molao wa ga Moshe o ne o sa letlelele monna yo o kgaotsweng bonna gore a tsene mo phuthegong, go bonala gore monna yono e ne e se moopafadiwa ka tsela ya mmatota. (Duteronome 23:1) Lefoko la Segerika le le kayang “moopafadiwa” le ka kaya motho wa maemo a a kwa godimo. Ka jalo, Moethiopia yono e ne e le modiredi wa ga mohumagadi wa kwa Ethiopia.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela