LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w24 January ts. 19
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Filipo o Kolobetsa Modiredi wa Moethiopia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Bolela “Dikgang Tse di Molemo ka Jesu”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Filipo—Moefangele yo o Tlhoafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Thuso ya go Tlhaloganya Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
w24 January ts. 19
Filipo o ntse go bapa le monna wa Moethiopia mo kareng ya maoto a le manê e e gogiwang ke dipitse e bile o mo tlhalosetsa Dikwalo.

A o Ne o Itse?

Moopafadiwa wa Moethiopia o ne a palame kara ya mofuta mang fa Filipo a kopana le ene?

LEFOKO la Segerika le le ranotsweng e le “kara” mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha le ne le dirisiwa fa go buiwa ka mefuta e e farologaneng ya dikara. (Dit. 8:28, 29, 38) Le fa go ntse jalo, ga go lebege monna yono wa Moethiopia a ne a palame kara e e neng e dirisiwa kwa ntweng kgotsa mo mabelong. Goreng re rialo?

Monna yono e ne e le modiredimogolo e bile o ne a tswa kgakala. Baebele e a re o ne “a na le taolo mo pusong ya ga Kandase, kgosigadi ya Baethiopia, e bile o ne a tlhokometse letlotlo lotlhe la gagwe.” (Dit. 8:27) Naga ya Ethiopia ya bogologolo e ne e akaretsa le naga e gone jaanong e bidiwang Sudan le dikarolo dingwe tsa Egypt. Go ka direga gore monna yono ga a ka a tsamaya ka kara e le nngwe fela go tswa kwa Ethiopia go ya kwa Jerusalema. Mme gone, ntle le pelaelo o ne a tshwere dithoto di le dintsi ka gonne loeto loo lo ne lo le loleele. Dikara dingwe tse batho ba neng ba di dirisa fa ba tsaya maeto ka nako eo, e ne e le dikara tse di nang le maoto a le manê tse di diretsweng moriti. Buka nngwe e e tlhalosang buka ya Baebele ya Ditiro e a re: “Dikara tseo di ne di kgona go pega dithoto di le dintsi e bile motho o ne a ka kgona go tsamaya ka yone sekgala se seleele.”

Monna yono o ne a bala fa Filipo a kopana le ene. Baebele e a re “Filipo o ne a taboga go bapa le [kara] mme a . . . utlwa [monna wa Moethiopia] a balela mekwalo ya ga moporofeti Isaia kwa godimo.” (Dit. 8:30) Dikara tse batho ba neng ba tsaya maeto ka tsone di ne di tsamaya ka bonya. Ke gone ka moo monna yoo a neng a kgona go bala a ntse a le mo go yone e bile Filipo a ileng a kgona go taboga go bapa le yone.

Monna yono “o ne a kopa Filipo gore a palame kara mme a nne le ene.” (Dit. 8:31) Fa motho a palame kara ya mabelo, o ne a ema ka maoto. Mme fa a palame e e tsamayang sekgala se seleele, o ne a nna fa fatshe. Ka jalo, monna wa Moethiopia le Filipo ba ne ba ka kgona go nna fa fatshe.

Ka ntlha ya se se tlhalosiwang mo go Ditiro kgaolo 8 le dintlha dingwe tsa hisitori, bosheng jaana dikgatiso tsa rona di tlhagisa moopafadiwa wa Moethiopia a palame kara e tona, e seng e nnye e e neng e dirisiwa kwa ntweng kgotsa mo mabelong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela