LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 7/15 ts. 26-29
  • Gamaliele—O ne A Ruta Saule wa Tareso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gamaliele—O ne A Ruta Saule wa Tareso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Gamaliele E ne E le Mang?
  • Gamaliele O ne A mo Rutile Jang?
  • Boikaelelo Jwa Dithuto Tsa ga Gamaliele
  • Seno Se ne Se Tla Thusa Paulo Jang?
  • ‘Ga re Ka ke Ra Tlogela go Bua ka Jesu’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Re Tshwanetse go Ikobela Modimo e le Mmusi”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Mishnah le Molao wa Modimo o o Neilweng Moshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Go Gatela Pele go ya Phenyong ya Makgaolakgang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 7/15 ts. 26-29

Gamaliele—O ne A Ruta Saule wa Tareso

BOIDIIDI jwa batho bo ne jwa sisibala. Lobakanyana fela pele ga foo ba ne ba batlile ba bolaya moaposetoloi Paulo. O ne a itsiwe gape jaaka Saule wa Tareso, o ne a faloditswe ke masole a Baroma mme a lebane le batho a le mo ditepising tse di neng di le gaufi le tempele ya Jerusalema.

Paulo o ne a supa ka letsogo gore batho ba didimale a bo a simolola go bolela jaana ka Sehebera: “Bagaetsho le borara, utlwang phetolo ya me, e ke e lo direlang jaana. . . . ‘Ke Mojuta, ke tsaletswe mo Tareso wa Kilikia, ka godisiwa mo motseng ono, fa dinaong tsa ga Gamaliele, ka rutwa ka fa mokgweng o o gagametseng wa borraetsho, ke le tlhoafalo ka ga Modimo, fela jaaka lona lotlhe gompieno.’”—Ditiro 22:1-3.

Ke eng fa e rile botshelo jwa ga Paulo bo le mo kotsing a bo a simolola go iphemela ka go bolela gore o ne a rutilwe ke Gamaliele? Gamaliele e ne e le mang, mme go rutiwa ke ene go ne go ama dilo dife? A thapiso ya gagwe e ne ya tlhotlheletsa Saule le fa a sena go fetoga moaposetoloi Paulo wa Mokeresete?

Gamaliele E ne E le Mang?

Gamaliele e ne e le Mofarasai yo o itsegeng thata. E ne e le setlogolwana sa Mogolwane Hillel, yoo a neng a simolotse dikolo tse pedi tse dikgolo tsa thuto tsa tumelo ya Sejuta ya Sefarasai.a Tsela e Hillel a neng a ruta ka yone e ne e lejwa e le botoka mo go ya yo a neng a gaisana nae e bong Shammai. Fa tempele ya Jerusalema e sena go senngwa ka 70 C.E., Bet Hillel (Ntlo ya ga Hillel) e ne e ratiwa go na le Bet Shammai (Ntlo ya ga Shammai). Ntlo ya ga Hillel e ne e le yone e e neng e tshegeditse tumelo ya Sejuta, gonne makoko otlhe a mangwe a ne a nyelela fa tempele e ne e senngwa. Ditshwetso tsa Bet Hillel gantsi ke tsone tse molao wa Sejuta wa Mishnah o neng wa thaiwa mo go tsone, mme yone e ne ya nna motheo wa Talmud, e bile go bonala tlhotlheletso ya ga Gamaliele e le yone e neng ya dira gore o tseelwe kwa godimo.

Gamaliele o ne a tseelwa kwa godimo mo e leng gore e ne ya nna ene wa ntlha go bidiwa rabban, leina le le kwa godimo ga rabi. Tota e bile, Gamaliele o ne a nna motho yo o tlotliwang thata mo Mishnah e bolelang jaana ka ene: “Fa Rabban Gamaliele wa mogolwane a sena go swa, Torah e ne ya se ka ya tlhola e tlotlomadiwa, mme bophepa le boitsheko [fa le tsewa fela jaaka le ntse “go tlhaolega”] ga yone go ne ga nyelela.”—Sotah 9:15.

Gamaliele O ne A mo Rutile Jang?

Moaposetoloi Paulo o ne a kaya eng fa a ne a bolelela boidiidi jwa batho kwa Jerusalema gore o ne a ‘rutilwe fa dinaong tsa ga Gamaliele’? Ke eng se se neng se akarediwa ke go nna morutwa wa moruti yo o tshwanang le Gamaliele?

Porofesa Dov Zlotnick wa Jewish Theological Seminary of America o kwala jaana kaga thapiso e e ntseng jalo: “Go tlhomama ga molao o o fetisiwang ka molomo, mme ka gone o ikanngwa, go ikaega thatathata ka botsalano jo bo fa gare ga mokaedi le moithuti: tsela e mokaedi a leng kelotlhoko ka yone fa a ruta molao le tlhoafalo ya moithuti mo go o ithuteng. . . . Ka gone, barutwa ba ne ba rotloediwa gore ba nne fa dinaong tsa baruti . . . ‘mme ba nwe mafoko a bone jaaka ba ba nyorilweng.’”—Avot 1:4, Mishnah.

Mo bukeng ya gagwe ya A History of the Jewish People in the Time of Jesus Christ, Emil Schürer o re tlhalosetsa mekgwa e barutisi ba borabi ba neng ba e dirisa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. O kwala jaana: “Borabi ba ba neng ba itsege thata gantsi ba ne ba phutha bontsi jo bogolo jwa basha ba ba neng ba eletsa go ithuta, ka boikaelelo jwa go ba dira gore ba itse thata ‘molao o o fetisiwang ka molomo’ o o neng o kgaogantswe ka dikarolo di le dintsi e bile o tlhaloganngwa botoka. . . . Kaelo eo e ne e dirwa ka go boaboelediwa gore ba o tshware ka tlhogo. . . . Morutisi o ne a botsa baithuti dipotso di le mmalwa tsa semolao gore ba dire tshwetso a bo a ba letla go di araba kana a di araba ka boene. Baithuti le bone ba ne ba letlwa go botsa morutisi dipotso.”

Go ya ka borabi, se se neng se le botlhokwa thata mo baithuting se ne se feta go falola ditlhatlhobo fela. Batho ba ba neng ba rutiwa ke barutisi bao ba ne ba tlhagisiwa jaana: “Yo o lebalang lefa e le selo se le sengwe fela sa tse a di ithutileng—Dikwalo di supa gore botshelo jwa gagwe bo mo kotsing.” (Avot 3:8) Moithuti yo o neng a tshwana le “mogobe o o ditsweng ka semente o o sa dutliseng lefa e le lerothodi la metsi,” o ne a tlotlomadiwa thata. (Avot 2:8) Eo ke thapiso e Paulo, yo ka nako eo a neng a bidiwa ka leina la gagwe la Sehebera, Saule wa Tareso, a neng a thapisiwa ka yone ke Gamaliele.

Boikaelelo Jwa Dithuto Tsa ga Gamaliele

Go dumalana le dithuto tsa Sefarasai, Gamaliele o ne a kgothaletsa batho go dumela molao o o fetisiwang ka molomo. Ka go dira jalo, o ne a gatelela thata dingwao tsa borabi go na le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. (Mathaio 15:3-9) Mishnah e nopola Gamaliele a re: “Dira gore o nne le morutisi [rabi] mme ga o kitla o belaela sepe, ka go bo ga o a tshwanela go ntsha tsa bosome di le dintsi o fopholetsa fela.” (Avot 1:16) Seno se ne se kaya gore fa Dikwalo tsa Sehebera di ne di sa bolele ka tlhamalalo gore motho a dire eng, motho o ne a sa tshwanela go ikakanyetsa kana a latela segakolodi sa gagwe fa a dira tshwetso. Go na le moo, o ne a tshwanetse go batla rabi yo o tshwanelang sentle gore a mo direle tshwetso. Go ya ka Gamaliele, eno ke yone tsela fela e motho a neng a ka tila go leofa ka yone.—Bapisa Baroma 14:1-12.

Lefa go ntse jalo, Gamaliele o ne a itsiwe a kgona go letla dilo dingwe, e bile a sa gagamalele maikutlo a gagwe fa a ne a dira ditshwetso mo bodumeding. Ka sekai, o ne a supa fa a akanyetsa basadi fa a ne a laola gore o ne a ka “letla mosadi gore a nyalwe gape fa a na le mosupi a le mongwe fela [wa gore monna wa gagwe o tlhokafetse].” (Yevamot 16:7, Mishnah) Mo godimo ga moo, fa a ne a sireletsa ba ba tlhadilweng, Gamaliele o ne a ntsha dithibelo dingwe fa go tla mo lekwalong la tlhalo.

Boikutlo jono bo bonwa gape le kafa Gamaliele a neng a dirisana ka teng le balatedi ba pele ba ga Jesu Keresete. Buka ya Ditiro e anela gore fa baeteledipele ba bangwe ba Bajuta ba ne ba batla go bolaya baaposetoloi ba ga Jesu ba ba neng ba ba tshwaretse go rera, “ga ema Mofarisai mongwe mo lekgotleng, go twe, Gamaliele, moruti wa molao, e le motho yo o tlotlwang ke batho botlhe, mme a laola gore baaposetole ba name ba ntsheditswe kwa ntle. A sala a ba raya a re: ‘Lona banna ba Iseraele, lo itise ka ga batho ba, mo go se lo reng lo tloga lo se dira. . . . ke a lo raya ka re: Lo ithibe mo bathong ba, lo ba lese; . . . e ka tla ya re kgotsa lwa fitlhelwa lo bile lo tlhabana le Modimo.’” Ba ne ba reetsa kgakololo ya ga Gamaliele, mme baaposetoloi ba ne ba gololwa.—Ditiro 5:34-40.

Seno Se ne Se Tla Thusa Paulo Jang?

Paulo o ne a thapisitswe le go rutiwa ke mongwe wa barutisi ba bagolo thata ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Ga go belaetse gore fa moaposetoloi a ne a umaka Gamaliele seno se ne sa dira gore boidiidi joo jwa batho ba Jerusalema ba reetse puo ya gagwe. Lefa go ntse jalo, o ne a ba bolelela ka Morutisi yo o fetang Gamaliele kgakala—Jesu e bong Mesia. Paulo jaanong o ne a bua le boidiidi jono jaaka morutwa wa ga Jesu e seng wa ga Gamaliele.—Ditiro 22:4-21.

A thapiso e Paulo a e boneng mo go Gamaliele e ne e tlhotlheletsa se a neng a se ruta jaaka Mokeresete? Go lebega go bo a ne a rutilwe Dikwalo le molao wa Sejuta ka tsela e e gagametseng go ne ga thusa Paulo thata fa e nna morutisi wa Mokeresete. Lefa go ntse jalo, makwalo a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng a a mo Baebeleng a supa ka phepafalo gore o ne a sa dumalane le dithuto tsa motheo tsa Sefarasai tsa ga Gamaliele. Paulo o ne a kaela Bajuta ba bangwe le batho botlhe, gore ba se ka ba latela borabi ba tumelo ya Sejuta kana dingwao tse di tlhomilweng ke batho, mme ba latele Jesu Keresete.—Baroma 10:1-4.

Fa Paulo a ka bo a ne a tswelela e le morutwa wa ga Gamaliele, a ka bo a ne a tseelwa kwa godimo thata. Bangwe ba ba neng ba le mo setlhopheng sa ga Gamaliele ba ne ba thusa mo go bopeng tumelo ya Sejuta mo isagweng. Ka sekai, Simeone morwa Gamaliele, gongwe a ka tswa e ne e le moithuti mmogo le Paulo, o ne a nna le seabe se segolo fa Bajuta ba ne ba tsogologela Roma. Fa tempele e sena go senngwa, Gamaliele II, setlogolwana sa ga Gamaliele o ne a dira gore Saneheterine e nne le thata gape, a e fudusetsa kwa Yavneh. Judah Ha-Nasi, setlogolwana sa ga Gamaliele II o ne a kwala Mishnah, e e neng ya nna motheo wa dikgopolo tsa Sejuta go fitlha mo motlheng ono wa rona.

Jaaka moithuti wa ga Gamaliele, Saule wa Tareso a ka tswa a ne a bona maemo a a kwa godimo mo tumelong ya Sejuta. Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a kwala jaana ka tiro eo: “Dilo tse di neng di le thuso mo go nna, ke tsone tse ke di kaileng fa di ntatlhegetse ka ntlha ya ga Keresete. Ee, ruri, ke kaya dilo tsotlhe di ntatlhegetse ka ntlha ya molemo o mogolo wa go itse Keresete Jesu Morena wa me; yo ke latlhegetsweng ke dilo tsotlhe ka ntlha ya gagwe, mme ke di kaya malele fela, gore ke tle ke bone Keresete.”—Bafilipi 3:7, 8.

Fa a ne a tlogela tiro ya gagwe jaaka Mofarasai mme e nna molatedi wa ga Jesu Keresete, Paulo o ne a dirisa kgakololo ya morutisi wa gagwe wa pele gore a itise gore a se ka a ‘fitlhela a tlhabana le Modimo.’ Paulo o ne a tlogela go tlhabana le Modimo ka go tlogela go bogisa barutwa ba ga Jesu. Go na le moo, e ne ya nna ‘modiri mmogo le Modimo’ fa a ne a fetoga molatedi wa ga Keresete.—1 Bakorinthe 3:9.

Molaetsa wa Bokeresete jwa boammaaruri o ntse o bolelwa ka botlhaga ke Basupi ba ga Jehofa mo motlheng ono wa rona. Fela jaaka Paulo, bontsi jwa bone bo ile jwa dira diphetogo tse di gakgamatsang mo matshelong a bone. E bile bangwe ba bone ba tlogetse ditiro tse di neng di tla ba busetsa go le gontsi gore ba nne le seabe se segolwanyane mo tirong ya go rera ka Bogosi, e ruri e leng tiro “ya Modimo.” (Ditiro 5:39) A bo ba itumela jang ne go bo ba ne ba latela sekao sa ga Paulo go na le sa ga Gamaliele, morutisi wa bone wa pele!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bangwe ba bolela gore Gamaliele e ne e le morwa Hillel. Talmud ga e bue sepe se se tlhamaletseng ka kgang eno.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Fa e ne e setse e le moaposetoloi Paulo, Saule wa Tareso o ne a bolelela batho ba ditšhaba tsotlhe mafoko a a molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela