LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 8/1 ts. 10-14
  • ‘Lo Tshwanetse go Nna Boitshepo Gonne Nna ke Boitshepo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Lo Tshwanetse go Nna Boitshepo Gonne Nna ke Boitshepo’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Iseraele a Neng a Amana le Motswedi wa Boitshepo ka Teng
  • Lebaka La go Bo Jehofa A ne A Kgala Iseraele
  • Dipelo Tse di Itshekileng di Isa Kobamelong e e Itshekileng
  • Kgwetlho—Go Itebaganya le Makoa a Rona
  • Ke Jang re ka Nnang re le Boitshepo?
  • “Lo Nne Boitshepo mo go Tsheleng Gongwe le Gongwe Gotlhe ga Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “O Boitshepo, O Boitshepo, O Boitshepo Jehofa”
    Atamalana le Jehofa
  • “Lo Nne Boitshepo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • “Nna Jehofa Modimo wa Lona ke Boitshepo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 8/1 ts. 10-14

‘Lo Tshwanetse go Nna Boitshepo Gonne Nna ke Boitshepo’

“Lo tlaa nna boitshepo, gonne nna Jehofa Modimo wa lona ke boitshepo.”—LEFITIKO 19:2.

1. Batho bangwe ba lefatshe le ba tsayang ba le boitshepo ke bomang?

BONTSI jwa ditumelo tse dikgolo tsa lefatshe di na le bao di ba tsayang ba le boitshepo. Mmaetsho Teresa yo o tumileng kwa India gantsi o tsewa a le boitshepo ka ntlha ya boineelo jwa gagwe mo go thuseng bahumanegi. Mopapa o bidiwa “Rara yo o Boitshepo.” Bakatoliki bangwe ba tsaya mosimolodi wa mokgatlho wa Katoliki wa Opus Dei e bong José María Escrivá, e le “sekao sa go nna boitshepo.” Bohindu bo na le bo-swami ba jone, kgotsa banna ba ba boitshepo. Gandhi o ne a tlotliwa thata jaaka monna yo o boitshepo. Bobuda bo na le baitlami ba jone ba ba boitshepo, Boiselamo le jone bo na le moporofeti wa jone yo o boitshepo. Mme totatota go nna boitshepo go kaya eng?

2, 3. (a) Lefoko “boitshepo” le kaya eng? (b) Dipotso dingwe tse di tlhokang go arabiwa ke dife?

2 Lefoko “boitshepo” le tlhalositswe e le “1. . . . se se amanang le maatla a bomodimo. 2. Se se obamelwang kgotsa se se tlotliwang thata kgotsa se se tshwanelwang ke go tsewa jalo . . . 3. Go tshela go ya ka tsamaiso ya bodumedi kgotsa ya semoya e e gagametseng kgotsa ya boitsholo jo bo kwa godimo . . . 4. Se se tlhaoletsweng kgotsa se se tshwaetsweng tiro ya bodumedi.” Mo Baebeleng, boitshepo bo raya “bophepa kgotsa boitsheko jwa bodumedi.” Go ya ka buka ya tshupiso ya Baebele ya Insight on the Scriptures, “[lefoko] la kwa tshimologong la Sehebera la qoʹdhesh le tlhalosa kgopolo ya go sa nne karolo, go tlhaolwa, kgotsa go itshepisediwa Modimo, . . . seemo sa go beelwa kwa thoko go dirisediwa tirelo ya Modimo.”a

3 Morafe wa Iseraele o ne o laetswe gore o nne boitshepo. Molao wa Modimo o ne wa bolela jaana: “Nna ke Jehofa Modimo wa lona, ke gone lo iitshepiseng, lo nne boitshepo; gonne nna ke boitshepo.” Motswedi wa boitshepo e ne e le mang? Baiseraele ba ba sa itekanelang ba ne ba ka nna boitshepo jang? Mme rona re ka itseela dithuto dife gompieno mo go batleng ga ga Jehofa gore re nne boitshepo?—Lefitiko 11:44.

Kafa Iseraele a Neng a Amana le Motswedi wa Boitshepo ka Teng

4. Boitshepo jwa ga Jehofa bo ne jwa kaiwa jang kwa Iseraele?

4 Sengwe le sengwe se se neng se amana le go obamela Jehofa Modimo ga Iseraele se ne se tshwanetse sa tsewa se le boitshepo le go tshwarwa jalo. Ke ka ntlha yang go ne go ntse jalo? Ke ka gonne Jehofa ka boene ke mosimolodi le motswedi wa boitshepo. Polelo ya ga Moshe ya paakanyo ya motlaagana o o boitshepo le diaparo tsa kafa ntle le mekgabiso e felela ka mafoko a a reng: “Sematla sa serwalo se se itshepileng ba se dira ka gouta e e sa pekwang, ba kwala mo go sone sekwalo jaaka digajo tsa sekanela ba re: ‘BOITSHEPELO JEHOFA.’” Sethathelelatlhogo sa moperesiti yo mogolo se ne se kgomareditswe sematla se se phatsimang sa gouta e e itshekileng e e sa pekwang, mme e ne e supa gore o ne a tlhaoletswe go dira tirelo ya boitshepo jo bo kgethegileng. Ka metlha fa Baiseraele ba ne ba bona sesupo seno se se kwadilweng ka go gabiwa se phatsima mo leseding la letsatsi, ba ne ba gakololwa boitshepo jwa ga Jehofa.—Ekesodo 28:36; 29:6; 39:30.

5. Ke jang Baiseraele ba ba sa itekanelang ba neng ba ka tsewa ba le boitshepo?

5 Mme Baiseraele ba ne ba ka nna boitshepo jang? E ne e ka nna fela ka gore ba nne ditsala tse di atamalaneng le Jehofa le go mo obamela ka tsela e e itshekileng. Ba ne ba tlhoka go nna le kitso e e tlhomameng ya “Moitshepi” e le gore ba mo obamele ka boitshepo, ka bophepa jwa mmele le jwa semoya. (Diane 2:1-6; 9:10) Jalo Baiseraele ba ne ba tshwanela go obamela Modimo ka boikaelelo jo bo itshekileng le ka pelo e e itshekileng. Tsela nngwe le nngwe ya kobamelo ya boitimokanyi e ne e tla nna e e ferosang sebete mo go Jehofa.—Diane 21:27.

Lebaka La go Bo Jehofa A ne A Kgala Iseraele

6. Bajuta mo motlheng wa ga Malaki ba ne ba tsaya tafole ya ga Jehofa jang?

6 Seno se ne sa bontshiwa ka phepafalo fa Baiseraele ba ne ba tlisa kwa tempeleng ditlhabelo tse e seng tsa sepe tse di golafetseng, ba sa dire jalo ka pelo yotlhe. Jehofa o ne a dirisa moporofeti wa gagwe Malaki go kgala ditshupelo tsa bone tsa maemo a a kwa tlase ka go re: “‘Ga ke na kgatlhego mo go lona.’ Go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Mme ga nketla ke amogela tshupelo mo seatleng sa lona.’. . . ‘Mme lona lo le tlhapaditse, ka lo re: “Lojelo lwa ga Jehofa lo itshekologile,” le loungo lwa lone, e bong dijo tsa gagwe: “Di nyatsegile.” Gape lo a tle lo re: “Bonang, ke letsapa le legolo jang!” Mme lo le dupeletse fela,’ go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Lo lerile se se gapilweng ka thata, le se se tlhotsang, le se se lwalang; lo lere tshupelo jalo. A ke tshwanetse go amogela se mo seatleng sa lona?’ Go bua Jehofa.”—Malaki 1:10, 12, 13.

7. Bajuta ba ne ba tsaya dikgato dife tse di seng boitshepo mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E.?

7 Malaki o ne a dirisiwa ke Modimo go kgala ditiro tse di sa siamang tsa Bajuta, gongwe e le ka lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Baperesiti ba ne ba tlhoma sekao se se maswe, le boitshwaro jwa bone bo ne bo se boitshepo le e seng. Batho, ba latela boeteledipele joo, ba ne ba repisitse melaometheo ya bone, mo ba neng ba bile ba tlhala basadi ba bone, gongwe e le gore ba tle ba tseye basadi ba babotlana ba baheitane. Malaki o ne a kwala jaana: “Ke ka go bo Jehofa o ne a le mosupi gare ga gago le mosadi wa bokau jwa gago, yo o mo diretseng ka bonongwane,b le fa a le selekane sa gago, le mosadi wa kgolagano ya gago. . . . Ke gone lo itise mo moweng wa ona, a go se nne ope yo o direlang mosadi wa bokau jwa gagwe ka bonongwane. ‘Gonne ke ila tlhalo,’ go bua Jehofa Modimo wa Iseraele.”—Malaki 2:14-16.

8. Bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba amilwe jang ke tsela e tlhalo e lejwang ka yone gompieno?

8 Mo metlheng ya segompieno, kwa dinageng di le dintsi tse go leng motlhofo go tlhala kwa go tsone, dipalo tsa ditlhalo di ile magoletsa. Tota le yone phuthego ya Bokeresete e amilwe ke seno. Go na le go kopa bagolwane gore ba ba thuse go fenya dikgoreletsi le go leka go dira gore lenyalo la bone le atlege, ba bangwe ba ile ba fedisa lenyalo la bone ka bofefo fela. Gantsi bana ba sala e le bone ba utlwang manokonoko.—Mathaio 19:8, 9.

9, 10. Re tshwanetse go akanyetsa kobamelo ya rona go Jehofa jang?

9 Jaaka re bone fa godimo, ka ntlha ya seemo se se hutsafatsang sa semoya mo motlheng wa ga Malaki, Jehofa o ne a nyatsa ka papamalo kobamelo e e seng ya sepe ya Juta a ba a bontsha gore o ne a tla amogela kobamelo e e itshekileng fela. A seno ga se a tshwanela go dira gore re akanyetse boleng jwa kobamelo ya rona go Jehofa Modimo, Morena Molaodi wa lobopo lotlhe, Motswedi wa boitshepo jwa boammaaruri? A tota re neela Modimo tirelo e e boitshepo? A re ipoloka re le mo seemong se se phepa semoyeng?

10 Seno ga se reye gore re tlhoka go nna ba ba itekanetseng, selo se se sa ka keng sa kgonega, kgotsa gore re ipapise le ba bangwe. Mme se raya gore Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a bo a neela Modimo kobamelo e e leng sotlhe se a ka se dirang ene ka esi. Seno se lebisitse go boleng jwa kobamelo ya rona. Tirelo ya rona e tshwanetse ya nna sotlhe se re ka se kgonang—tirelo e e boitshepo. Seo se diragadiwa jang?—Luke 16:10; Bagalatia 6:3, 4.

Dipelo Tse di Itshekileng di Isa Kobamelong e e Itshekileng

11, 12. Boitshwaro jo bo seng boitshepo bo simologa kae?

11 Jesu o ne a ruta ka phepafalo gore se se mo pelong se tla bonala ka se motho o se buang kgotsa o se dirang. Jesu o ne a raya Bafarasai ba ba iponang tshiamo, lefa go ntse jalo ba se boitshepo a re: “Lotsalo lwa dinoga ke lona; lo ka bua jang dilo tse di molemo lo le bosula? Gonne molomo o bua se se tswang mo botlalong jwa pelo.” Morago o ne a bontsha gore ditiro tse di boikepo di tswa mo dikakanyong tse di boikepo mo pelong, kgotsa mo mothong wa kafa teng. O ne a re: “Dilo tse di tswang ka molomo di tswa mo pelong; mme tsone tseo di itshekolola motho. Gonne mo pelong go tswa megopolo e e bosula, le dipolao, le dikgokafalo, le boaka, bogodu, le pateletso le dikgalo. Dilo tse ke tsone tse di itshekololang motho.”—Mathaio 12:34; 15:18-20.

12 Seno se re thusa go tlhaloganya gore ditiro tse di seng boitshepo ga di diragale fela kgotsa kwantle ga motheo. Ke diphelelo tsa dikakanyo tse di leswafatsang tse di sa bolong go boba mo pelong—dikeletso tsa sephiri mme gongwe le go ijesa dijo tsa ditoro. Ke sone se Jesu a neng a ka re: “Lo utlwile fa go tulwe: ‘O se ka wa dira boaka.’ Nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.” Ka mafoko a mangwe, kgokafalo le boaka di a bo di setse di itsetsepetse mo pelong pele ga tiro lefa e le efe e diragala. Go tswa foo, fa go nna le maemo a a tshwanelang, dikakanyo tse di seng boitshepo di fetoga ditiro tse di seng boitshepo. Kgokafalo, boaka, bosotoma, bogodu, ditlhapatso le botenegi e nna dingwe tsa diphelelo tse di bonalang.—Mathaio 5:27, 28; Bagalatia 5:19-21.

13. Dikai dingwe tse di bontshang kafa dikakanyo tse di seng boitshepo di ka gogelang kwa ditirong tse di seng boitshepo ka teng ke dife?

13 Seno se ka tshwantshiwa ka ditsela tse di farologaneng. Mo dinageng dingwe, dikhasino di ntsifala ka lobelo lo logolo, ka gone di dira gore go nne motlhofo thata go nna le sebaka sa go betšha. Motho o ka nna a raelesega go tshabela mo go seno se se lebegang e le tharabololo go leka go rarabolola mathata a gagwe a tsa madi. Kakanyo e e forang e ka nna ya hepisa mokaulengwe go tlogela kgotsa go nyenyefatsa melaometheo ya gagwe ya Baebele.c Mo letlhakoreng le lengwe, tsela e go leng motlhofo ka yone go bona ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, e ka ne e le ka thelebishene, dibidio, dikhomputara, kgotsa dibuka, e ka gogela Mokeresete mo boitshwarong jo bo seng boitshepo. Fela fa a ka tlhokomologa diaparo tsa gagwe tsa go iphemela semoyeng, go ise go ye kae, o tla bo a setse a wetse mo boitsholong jo bo sa siamang. Mme mo makgetlhong a le mantsi go wela mo boleong go simologa mo mogopolong. Ee, mo maemong a a tshwanang le ano, go diragala mafoko a ga Jakobe a a reng: “Motho mongwe le mongwe o a raelwa fa a faposiwa ke e e leng thato ya gagwe, mme a fepisiwa. Foo thato, e re e sena go emera, e tsale boleo.”—Jakobe 1:14, 15; Baefeso 6:11-18.

14. Batho ba le bantsi ba itharabologetswe jang mo boitshwarong jwa bone jo bo seng boitshepo?

14 Se se itumedisang ke gore, Bakeresete ba le bantsi ba ba leofang ka ntlha ya bokoa ba bontsha boikotlhao jwa mmatota, mme bagolwane ba kgona go tsosolosa ba ba ntseng jalo semoyeng. Tota le ba bantsi ba ba kgaolwang ka ntlha ya go sa ikotlhae kgabagare ba a itharabologelwa ba bo ba busediwa mo phuthegong. Go tla gore ba lemoge kafa Satane a neng a ba fenya motlhofo ka gone fa ba ne ba letlelela dikakanyo tse di seng boitshepo go itsetsepela mo dipelong tsa bone.—Bagalatia 6:1; 2 Timotheo 2:24-26; 1 Petere 5:8, 9.

Kgwetlho—Go Itebaganya le Makoa a Rona

15. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itebaganya le makoa a rona? (b) Ke eng se se ka re thusang go dumela makoa a rona?

15 Re tshwanetse go dira boiteko jwa go itse dipelo tsa rona fela jaaka di ntse tota. A re iketleeditse go itebaganya le makoa a rona, go a dumela go tswa foo re bo re berekela go a fenya? A re iketleeditse go botsa tsala e e ikanyegang gore re ka tokafatsa jang, mme go tswa foo re bo re reetsa kgakololo? Gore re nne re le boitshepo re tshwanetse go fenya ditlhaelo tsa rona. Ka ntlha yang? Ka gonne Satane o itse makoa a rona. O tla dirisa maano a gagwe a boferefere go re gogela mo boleong le mo boitshwarong jo bo seng boitshepo. Ka ditiro tsa gagwe tsa boferefere, o leka go re kgaoganya le lorato lwa Modimo e le gore re se ka ra tlhola re le boitshepo e bile re na le mosola mo kobamelong ya ga Jehofa.—Jeremia 17:9; Baefeso 6:11; Jakobe 1:19.

16. Paulo o ne a lwa ntwa efe?

16 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a nna le diteko, jaaka a ne a supa mo lokwalong lwa gagwe lo a neng a lo kwalela Baroma: “Ke a itse fa go sa aga sepe se se molemo mo go nna, ke go re mo nameng ya me; gonne go rata go bo go le mo go nna, mme go dira se se molemo ga go yo. Gonne molemo o ke o ratang, ga ke o dire; mme bosula jo ke sa bo rateng, ke jone ke bo dirang. . . . Gonne ke natefelwa ke molao wa Modimo ka fa bothong jwa ka fa teng; mme ke fitlhela molao o sele mo ditokololong tsa me, o o tlhabanang le molao wa pelo ya me, mme o ntsenya mo kgolegong ya molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.”—Baroma 7:18-23.

17. Paulo o ne a fenya go lwantshana le makoa a gagwe jang?

17 Jaanong ntlha ya botlhokwa mo kgannyeng ya ga Paulo ke gore o ne a dumela makoa a gagwe. Le fa a na le one, o ne a ka re: “Gonne ke natefelwa ke molao wa Modimo ka fa bothong [jwa semoya] jwa ka fa teng.” Paulo o ne a rata se se molemo mme a ila se se bosula. Lefa go ntse jalo o ne a ntse a na le ntwa e a e lwang, ntwa yone e rotlhe re nang le yone—ya go lwantshana le Satane, lefatshe le nama. Jalo re ka fenya jang ntwa ya go nna re le boitshepo, re arogane le lefatshe leno le go akanya ga lone?—2 Bakorinthe 4:4; Baefeso 6:12.

Ke Jang re ka Nnang re le Boitshepo?

18. Ke jang re ka nnang re le boitshepo?

18 Motho ga a nne boitshepo ka go tsaya tsela e e motlhofo kgotsa ka go itlhapedisa. Motho wa mofuta oo o tla nna a dira diipato tsa boitshwaro jwa gagwe a ba a leka go baya motho o sele molato. Gongwe re tshwanetse go ithuta go sikara boikarabelo jwa ditiro tsa rona mme re se ka ra nna jaaka bangwe ba ba tsayang gore taolelogale ke yone e e dirileng gore dilo di felele ka bosula ka ntlha ya tsela e ba godisitsweng ka yone kwa lwapeng kgotsa ka ntlha ya dilo tse ba di gotsitseng. Kgang ya konokono e ikaegile ka pelo ya motho ka namana. A o rata tshiamo? o tlhologelelwa boitshepo? o eletsa tshegofatso ya Modimo? Mopesalema o ne a lemotsha gore re tlhoka boitshepo fa a ne a re: “Tlogela bosula, mme o dire molemo; batla kagiso, mme o e latelele.” Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “A lorato lo nne fela lo se na boitimokanyo. Ilang se se bosula; ngaparelang se se molemo.”—Pesalema 34:14; 97:10; Baroma 12:9.

19, 20. (a) Re ka aga mogopolo wa rona jang? (b) Thuto ya motho ka namana e e nang le matswela e akaretsa eng?

19 Re ka ‘ngaparela se se molemo’ fa re leba dilo ka tsela e Jehofa a di bonang ka yone le fa re na le mogopolo wa ga Keresete. (1 Bakorinthe 2:16) Seno se diragadiwa jang? Ka go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha le go tlhatlhanya ka lone. Kana kgakololo eno e neetswe gantsi jang ne! A mme re e tsaya e le masisi ka mo go lekaneng? Ka sekai, a tota o ithuta makasine ono, o batla ditemana tsa Baebele, pele ga o tla pokanong? Fa re bua ka go ithuta ga re reye fela go thalela mafoko a sekae mo serapeng sengwe le sengwe. Kgang nngwe e e ithutiwang e ka latlhelwa matlho fela ya ba ya thalelwa mo metsotsong e ka nna 15. A seo se raya gore re tla bo re ithutile kgang eno? Kana gone, go ka nna ga tsaya ura kgotsa tse pedi go ithuta le go tsenya mo tlhaloganyong mosola wa semoya o kgang nngwe le nngwe e o nayang.

20 Gongwe re tlhoka go itaya gore re tlogele thelebishene diura di se kae beke nngwe le nngwe mme re tlhome mogopolo tota mo boitshepong jwa rona motho ka namana. Go ithuta ga rona ka metlha go re aga semoyeng, go tlhotlheletsa mogopolo wa rona gore o dire ditshwetso tse di siameng—ditshwetso tse di gogelang kwa “go tsheleng . . . ka boitshepo.”—2 Petere 3:11; Baefeso 4:23; 5:15, 16.

21. Ke potso efe e e santseng e tshwanetse go arabiwa?

21 Potso jaanong ke gore, Ke mo ditirong tsa mofuta ofe tse dingwe le boitshwaro rona jaaka Bakeresete re ka nnang boitshepo, fela jaaka Jehofa a le boitshepo? Kgang e e latelang e tla re naya dintlha tse re tshwanetseng go akanya ka tsone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Buka eno ya tshupiso ya dibolumo tse pedi e gatisiwa ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

b Go bona tlhaloso ka botlalo ya se se rewang ka “bonongwane,” bona Tsogang! ya February 8, 1994, tsebe 29, “Modimo o Ila Tlhalo ya Mofuta Mang?”

c Go bona tshedimosetso e e oketsegileng gore ke ka ntlha yang fa go betšha e le boitshwaro jo bo seng boitshepo, bona Tsogang! ya August 8, 1994, ditsebe 20-1 e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

A o A Gakologelwa?

◻ Motswedi wa boitshepo o ne wa lemogiwa jang mo Iseraele?

◻ Ke ka ditsela dife kobamelo ya Iseraele e neng e se boitshepo mo motlheng wa ga Malaki?

◻ Boitshwaro jo bo seng boitshepo bo simologa kae?

◻ Gore re nne boitshepo, ke eng se re tshwanetseng go se lemoga?

◻ Ke jang re ka nnang re le boitshepo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela