“Lo Nne Boitshepo mo go Tsheleng Gongwe le Gongwe Gotlhe ga Lona”
“Jaaka yo o lo biditseng a le boitshepo, le lona lo nne boitshepo mo go tsheleng gongwe le gongwe gotlhe ga lona; ka go kwadilwe ga twe: ‘Lo nne boitshepo gonne nna ke boitshepo.’”—1 PETERE 1:15, 16.
1. Ke ka ntlha yang fa Petere a ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba nne boitshepo?
KE KA ntlha yang fa moaposetoloi Petere a ne a neela kgakololo e e fa godimo? Ka gonne o ne a bona gore Mokeresete mongwe le mongwe o tlhoka go disa dikakanyo le ditiro tsa gagwe e le gore a di boloke di dumalana le boitshepo jwa ga Jehofa. Ka gone, o ne a simolola mafoko a a fa godimo ka go re: “Ka go itlama mo megopolong, lo nne tekano, . . . Lo nne jaaka bana ba ba utlwang, lo sa ipope ka fa dithatong tsa lona tsa gale, tsa motlha wa go tlhoka go itse ga lona.”—1 Petere 1:13, 14.
2. Ke ka ntlha yang fa dikeletso tsa rona di ne di se boitshepo pele ga re ithuta boammaaruri?
2 Dikeletso tsa rona tsa pele di ne di se boitshepo. Ka ntlha yang? Ka gonne bontsi jwa rona re ne re dira dilo ka tsela ya selefatshe pele ga re amogela boammaaruri jwa Bokeresete. Petere o ne a itse seno fa a ne a kwala ka tlhamalalo a re: “Lobaka lo lo fetileng lo tshwanetse go bo ne ne lo lekanye lwa go dira keletso ya Baditšhaba, le lwa go tsamaya mo bopepeng le mo dithatong le mo go nweng bojalwa, le mo ditlhapelong, le mo ditagong, le mo ditirelong tse di makgapha tsa medimo ya disetwa.” Ee, Petere ga a ka a balolola ditiro tse di seng boitshepo tse di tshwanelang lefatshe la rona la segompieno fela, e re ka di ne di sa itsege ka nako eo.—1 Petere 4:3, 4.
3, 4. (a) Re ka emelana le dikeletso tse di bosula jang? (b) A Bakeresete ga ba a tshwanela go bontsha maikutlo a bone? Tlhalosa.
3 A o lemogile gore dikeletso tseno ke tse di gogelang nama, ditemosi le maikutlo? Fa re letla dilo tseno gore e nne tsone tse di laolang, dikakanyo tsa rona le ditiro e nna tse di seng boitshepo motlhofo fela. Seno se bontsha botlhokwa jwa gore re nte maatla a go akanya e nne one a laolang ditiro tsa rona. Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e [boitshepo ka maatla a lona a go akanya, NW].”—Baroma 12:1, 2.
4 Gore re neele Modimo setlhabelo se se boitshepo, re tshwanetse ra mma maatla a go akanya, e seng maikutlo, gore e nne one a laolang. Kana ke batho ba bantsi jang ne ba ba kgokgweeleditsweng mo boitsholong jo bo sa siamang ka gonne ba ne ba letlelela maikutlo a bone go laola boitshwaro jwa bone! Seo ga se reye gore re tshwanetse go gatelela maikutlo a rona; fa re dira jalo, re ka bontsha jang boipelo mo tirelong ya ga Jehofa? Lefa go ntse jalo, fa re batla go bontsha leungo la moya go na le ditiro tsa nama, he re tshwanetse go fetola megopolo ya rona gore re akanye ka tsela ya ga Keresete.—Bagalatia 5:22, 23; Bafilipi 2:5.
Botshelo jo bo Boitshepo, Tlhotlhwa e e Boitshepo
5. Ke ka ntlha yang fa Petere a ne a tshwenyegile ka gore re tlhoka go nna boitshepo?
5 Ke ka ntlha yang fa Petere a ne a tshwenyegile thata jaana ka gore Bakeresete ba tlhoka go nna boitshepo? Ka gonne o ne a itse sentlentle tlhotlhwa e e boitshepo e e neng e duetswe go rekolola batho ba ba kutlo. O ne a kwala jaana: “Lo ntse lo itse fa lo rekolotswe mo mokgweng wa boithamako wa go tshela ga lona, o lo sa leng lo o rutwa ke borraeno; ka re, lo rekolotswe e seng ka dilo tse di bolang jaaka selefera le gouta; fa e se ka madi a a tlhokegang, e kete a kwanyana e e se nang bogole, le fa e le selabe, e bong madi a ga Keresete.” (1 Petere 1:18, 19) Ee, Motswedi wa boitshepo, Jehofa Modimo, o ne a rometse Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi, “Moitshepi,” mo lefatsheng go duela thekololo eo e neng e tla letlelela batho gore ba nne le botsalano jo bo molemo le Modimo.—Johane 3:16; 6:69; Ekesodo 28:36; Mathaio 20:28.
6. (a) Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo ka rona gore re latele boitshwaro jo bo boitshepo? (b) Ke eng se se ka re thusang gore boitshwaro jwa rona bo nne bo le boitshepo?
6 Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore ga go motlhofo go tshela botshelo jo bo boitshepo fa re ntse re le mo lefatsheng leno la ga Satane le le bosula. O thaisa Bakeresete ba boammaaruri ka diru, ba ba lekang ka thata go tshela mo tsamaisong ya gagwe ya dilo. (Baefeso 6:12; 1 Timotheo 6:9, 10) Dikgatelelo tsa tiro ya go itshedisa, tsa go ganediwa ke ba lelapa, tsa go sotlwa kwa sekolong le kgatelelo ya balekane di dira gore go nne botlhokwa gore motho a tiye semoyeng gore a nne a le boitshepo. Seo se gatelela seabe se segolo sa thuto ya rona ka namana le go nna ga rona ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. Paulo o ne a gakolola Timotheo a re: “Tshegetsa sekao sa mafoko a a tshedileng, se o se utlwileng mo go nna, mo tumelong le mo loratong lo lo mo go Keresete Jesu.” (2 Timotheo 1:13) Re utlwa mafoko a a nayang botsogo jo bo itekanetseng ao kwa Holong ya rona ya Bogosi le fa re ithuta Baebele ka namana. A ka re thusa go nna boitshepo mo boitshwarong jwa rona letsatsi le letsatsi mo maemong a mantsi a a farologaneng.
Boitshwaro jo bo Boitshepo mo Lelapeng
7. Boitshepo bo tshwanetse go ama botshelo jwa rona jwa lelapa jang?
7 Fa Petere a ne a nopola Lefitiko 11:44, o ne a dirisa lefoko la Segerika haʹgi·os, le le rayang “go kgaogana le boleo mme ka jalo go tshwaelwa Modimo.” (An Expository Dictionary of New Testament Words, ya ga W. E. Vine) Seno se tshwanetse go re ama jang mo botshelong jwa rona jwa lelapa jwa Bokeresete? Tota go tshwanetse ga raya gore botshelo jwa rona jwa lelapa bo tshwanetse jwa bo bo thailwe mo loratong, gonne “Modimo o lorato.” (1 Johane 4:8) Lorato lwa go intsha setlhabelo ke lookwane lo lo logetsang botsalano gareng ga banyalani le gareng ga batsadi le bana.—1 Bakorinthe 13:4-8; Baefeso 5:28, 29, 33; 6:4; Bakolosa 3:18, 21.
8, 9. (a) Ke boemo bofe jo fa gongwe bo nnang gone mo lelapeng la Bokeresete? (b) Baebele e naya kgakololo efe e e utlwalang mo kgannyeng eno?
8 Re ka nna ra akanya gore go bontsha lorato lwa mofuta ono go tla nna motlhofo fela mo lelapeng la Bokeresete. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go dumela gore mo magaeng mangwe a Bokeresete, ga se ka metlha lorato lo renang ka bogolo jo lo tshwanetseng go rena ka jone. Lo ka nna lwa bonala lo ntse jalo kwa Holong ya Bogosi, mme a bo boitshepo jwa rona bo ka fokotsega motlhofo jang ne fa re setse re le kwa gae. Koo re ka nna ka bofefo ra lebala gore mosadi wa rona e ntse ke kgaitsadi wa rona wa Mokeresete kgotsa gore monna wa rona e ntse ke mokaulengwe (e bile gongwe ke motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane) yo go neng go lebega a tlotliwa kwa Holong ya Bogosi. Re rumolesega motlhofo, mme go ka nna ga tsoga dikomang tse dikgolo. Re ka nna ra ba ra simolola go tshela matshelo a mabedi. Ga e sa tlhole e le botsalano jo bo tshwanang le jwa ga Keresete jwa monna le mosadi wa gagwe jaanong ke monna le mosadi fela ba ba lwang. Ba lebala gore go tshwanetse ga nna le boikutlo jo bo boitshepo mo legaeng. Gongwe ba simolola go utlwala jaaka batho ba selefatshe. A bo lefoko le le bosula, le le kgaolelang le ka tswa motlhofo jang ne mo molomong!—Diane 12:18; bapisa Ditiro 15:37-39.
9 Lefa go ntse jalo, Paulo o gakolola ka go re: “A go se tswe puo epe e e bodisang [loʹgos sa·prosʹ ka Segerika, “puo e e leswafatsang,” ka gone e e sa itshepang] mo melomong ya lona, fa e se e e molemo fela go agelela ka fa go tlhokafalang ka teng, gore e tle e neye ba ba utlwang lesego.” Mme seo se raya ba ba utlwang botlhe ba ba mo gae, go akaretsa le bana.—Baefeso 4:29; Jakobe 3:8-10.
10. Kgakololo kaga boitshepo e ama bana jang?
10 Gape kaelo eno ya boitshepo e dira ka tsela e e tshwanang mo baneng ba ba mo lelapeng la Bokeresete. A bo go le motlhofo jang gore ba tle gae ba tswa sekolong ba bo ba simolola go etsa go bua ka botsuolodi le ka tsela e e senang tlotlo ga balekane ba bone ba selefatshe! Bana, lo se ka lwa kgatlhiwa ke maikutlo a a neng a bontshiwa ke basimane ba ba senang maitseo ba ba neng ba tlhapatsa moporofeti wa ga Jehofa ba go nang le ba ba tshwanang le bone gompieno ba ba mafoko a botlha, a a tlhapatsang. (2 Dikgosi 2:23, 24) Puo ya lona ga e a tshwanela go kgotlelwa ke puo e e tala ya mo mebileng ya batho ba ba itsapang thata kgotsa ba ba se nang kakanyetso go ka dirisa mafoko a mantle. Jaaka Bakeresete, puo ya rona e tshwanetse go nna e e boitshepo, e e monate, e e agang, ya bopelonomi, e bile ‘e lokilwe ka letswai.’ E tshwanetse go re supa re le ba ba farologaneng le batho ba bangwe.—Bakolosa 3:8-10; 4:6.
Boitshepo le ba Malapa a Rona Ba ba Sa Dumeleng
11. Ke ka ntlha yang fa go nna boitshepo go sa reye go ipona re le tshiamo?
11 Fa re ntse re leka ka tlhoafalo go dira go nna boitshepo tlwaelo ya rona, ga re a tshwanela go lebega re le kwa godimo le go ipona tshiamo, segolo jang fa re dirisana le ba malapa a rona ba ba sa dumeleng. Boitshwaro jwa rona jwa bopelonomi jwa Bokeresete bo tshwanetse bobotlana bo ba bontshe gore re farologane ka tsela e e siameng, gore re itse go bontsha lorato le kutlwelobotlhoko, fela jaaka Mosamaria yo o molemo wa setshwantsho sa ga Jesu a ne a dira.—Luke 10:30-37.
12. Bakeresete ba ba mo lenyalong ba ka dira jang gore bao ba nyalaneng nabo ba kgatlhegele boammaaruri?
12 Petere o ne a gatelela botlhokwa jwa go nna le boikutlo jo bo siameng mo go ba lelapa ba ba sa dumeleng fa a ne a kwalela basadi ba Bakeresete a re: “Fela jalo le lona basadi ba lo nyetsweng, lo nne kutlo mo banneng ba lona; e tle e re, le fa bangwe ba sa utlwe lefoko le, ba tle ba kgonwe kwa ntle ga lefoko ke mokgwa o montle wa basadi ba bone; ba bone mokgwa o montle wa lona, lo le bori go pataganye le poifo.” Mosadi yo o nyetsweng (kgotsa ene monna yo o nyetseng) wa Mokeresete o ka dira gore boammaaruri bo kgatlhe motho yo a nyalaneng le ene yo o sa dumeleng fa boitshwaro jwa gagwe bo itshekile, a le kakanyetso, e bile a na le tlotlo. Seno se raya gore thulaganyo ya dilo tsa puso ya Modimo e tshwanetse ya fetofetolwa e le gore yo o sa dumeleng a se ka a kgethololwa kgotsa a kgaphelwa kwa thoko.a—1 Petere 3:1, 2.
13. Fa gongwe bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ka thusa jang banna ba ba nyetseng ba ba sa dumeleng go anaanela boammaaruri?
13 Bagolwane le batlhanka ba bodiredi fa gongwe ba ka thusa ka go leka go itse monna yo o sa dumeleng ka go tsalana le ene fela. Ka tsela eno o ka bona gore Basupi ke batho fela, ba ba siameng fela ba ba kgatlhegelang dilo tse di farologaneng, go akaretsa le dikgang tse dingwe kwantle ga Baebele. Mo kgannyeng nngwe, mogolwane mongwe o ne a kgatlhegela tiro ya monna mongwe yo o nyetseng ya go itlosa bodutu ka go tshwara ditlhapi. Go ne go lekane gore ba nne ditsala. Monna yoo kgabagare o ne a nna mokaulengwe yo o kolobeditsweng. Mo kgannyeng e nngwe, monna yo o sa dumeleng o ne a rata dithaga fela thata. Bagolwane ba ne ba se ka ba mo tlhoboga. Mongwe wa bone o ne a ithuta kaga tsone gore fa a kopana le monna yoo gape, a kgone go simolola motlotlo ka kgang e monna yono a e ratang thata! Ka gone, go nna boitshepo ga go reye go gagamatsa dilo kgotsa go akanyetsa ntlheng e le nngwe fela.—1 Bakorinthe 9:20-23.
Mo Phuthegong re ka Nna Boitshepo Jang?
14. (a) Nngwe ya ditsela tse Satane a koafatsang phuthego ka tsone ke efe? (b) Re ka lwantsha jang seru seno sa ga Satane?
14 Satane Diabolo ke mosenyaleina, ka gonne leina la Segerika la Diabolo, di·aʹbo·los, le raya “mopateletsi” kgotsa “mosenyaleina.” Go senya leina ke sengwe sa dilo tse a di itseng thata, mme o leka go go dirisa mo phuthegong. Tsela e a e ratang thata ke go seba. A re itetlelela go nna ba ba tsiediwang motlhofo ke ene mo boitshwarong jo bo seng boitshepo jono? Seno se ka diragala jang? Ka go go simolola, go go tsweledisa, kana go go reetsa. Seane se se mosola sa re: “Motho yo o lesoko o gasa kgotlhang, le mosebi o kgaoganya ditsala tse dikgolo.” (Diane 16:28) Kalafi ya go seba le go senya leina ke eng? Ka metlha re tshwanetse go tlhomamisa gore puo ya rona ke e e agang le e e thailweng mo loratong. Fa re senka bomoyamontle go na le se re tsayang gore ke bosula jwa bakaulengwe ba rona, ka metlha motlotlo wa rona o tla nna o o monate le wa semoya. Gakologelwa gore go motlhofo go kgala ba bangwe. Mme motho yo o sebang ba bangwe mo go wena gape o ka nna a seba wena mo go ba bangwe!—1 Timotheo 5:13; Tito 2:3.
15. Ke dinonofo dife tse di tshwanang le tsa ga Keresete tse di ka thusang go dira gore batho botlhe mo phuthegong ba nne ba le boitshepo?
15 Rotlhe re tlhoka go nna le mogopolo wa ga Keresete, mme re itse gore nonofo ya gagwe e kgolo ke lorato, e le gore phuthego e tle e nne e ntse e le boitshepo. Ka gone, Paulo o ne a gakolola Bakolosa gore ba nne pelotlhomogi jaaka Keresete, a re: “Ke gone, jaaka ba ba itshenketsweng ke Modimo, jaaka ba ba itshepileng le ba ba rategang, lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele . . . , lo itshwarelane . . . Mme mo godimo ga dilo tsotlhe tse lo apare lorato, lo e leng lone sebofo sa boitekanelo.” Go tswa foo o ne a oketsa ka go re: “A kagiso ya ga Keresete e laole mo pelong tsa lona.” Eleruri fa re na le moya ono wa go itshwarela, re ka dira gore phuthego e nne e ntse e utlwana e bile e le boitshepo.—Bakolosa 3:12-15.
A Boitshepo Jwa Rona bo a Bonala mo Baagelaning ba Rona?
16. Ke ka ntlha yang fa kobamelo ya rona e e boitshepo e tshwanetse go nna kobamelo e e itumedisang?
16 Go tweng ka baagelani ba rona? Ba re leba jang? A re phatsima ka go ipelela boammaaruri, kgotsa a re bo dira gore bo bonale e le morwalo? Fa re le boitshepo fela jaaka Jehofa a le boitshepo, go tshwanetse ga bonala mo puong ya rona le mo boitshwarong jwa rona. Go tshwanetse ga bonala sentle gore kobamelo ya rona e e boitshepo ke kobamelo e e itumedisang. Ke ka ntlha yang go ntse jalo? Ka gonne Jehofa Modimo wa rona ke Modimo yo o itumetseng, yo o batlang gore baobamedi ba gagwe ba ipele. Ka gone, mopesalema o ne a ka bua jaana kaga batho ba ga Jehofa mo metlheng ya bogologolo: “Go [itumela, NW] tšhaba e Modimo wa yone e leng Jehofa!” A re bontsha boitumelo joo? A bana ba rona le bone ba bontsha gore ba kgotsofalela go nna mo gare ga batho ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi le kwa dikopanong?—Pesalema 89:15, 16; 144:15b.
17. Re ka bontsha boitshepo jo bo lekalekaneng jang ka ditiro?
17 Gape re ka bontsha boitshepo jwa rona jo bo lekalekaneng ka go nna le moya wa go dirisana le go nna baagelani ba ba pelonomi. Fa gongwe go botlhokwa gore baagelani ba dirisane mmogo, gongwe go phepafatsa tikologo e ba leng mo go yone kgotsa, jaaka mo dinageng tse dingwe, go thusa go tokafatsa ditsela tse dipotlana le tse dikgolo. Mo ntlheng eno, boitshepo jwa rona bo ka bonala ka tsela e re tlhokomelang ditshingwana tsa rona ka yone, malapa a rona, kgotsa dilwana tse dingwe tsa rona. Fa re tlogela matlakala a gasagasame gongwe le gongwe kgotsa dijarata tsa rona di se phepa kgotsa di sa tlhokomelwe, gongwe e bile go na le dikgoropa tse dikgologolo tsa dikoloi di le fa botlhe ba di bonang teng, a re ka re re tlotla baagelani ba rona?—Tshenolo 11:18.
Boitshepo Kwa Tirong le Kwa Sekolong
18. (a) Ke eng se e leng tlalelo mo Bakereseteng gompieno? (b) Re ka farologana le lefatshe jang?
18 Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba motse o o seng boitshepo wa Korinthe a re: “Ke lo kwaletse mo lokwalong lwa me ka re, lo se ka lwa nna le bokopano le baakafadi; ka bo ke sa reye baakafadi ba lefatshe fela, le fa e le baiphetlhi le baikgagapeledi, le fa e le baobamedi ba medimo ya disetwa; gonne jalo e tlaa bo e le gore lo tswe mo lefatsheng.” (1 Bakorinthe 5:9, 10) Seno se baya Bakeresete mo tlalelong, ba ba tshwanetseng go tlhakana letsatsi le letsatsi le batho ba ba senang boitsholo jo bontle kana ba boitsholo jwa bone bo leng fa gare fela. Seno ke teko e kgolo ya bothokgami, segolo jang mo ditsong tse go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo, ditiro tse di seng kafa molaong, le go sa ikanyege di kgothalediwang kgotsa di mpampediwang. Mo maemong a a ntseng jaana ga re ka ke ra re re busetsa ditekanyetso tsa rona kwa tlase gore re bonale re “tshwana fela” le batho ba ba re dikologileng. Go na le moo, boitshwaro jwa rona jwa bopelonomi jwa Bokeresete jo lefa go ntse jalo bo leng pharologanyo bo tshwanetse jwa re dira gore re tlhomologe mo bathong ba ba akanyang, mo go ba ba lemogang seo ba se tlhokang semoyeng e bile ba batla sengwe se se botoka.—Mathaio 5:3; 1 Petere 3:16, 17.
19. (a) Lona bana lo na le diteko dife kwa sekolong? (b) Ke eng se batsadi ba ka se dirang go tshegetsa bana ba bone le boitshwaro jwa bone jo bo boitshepo?
19 Ka tsela e e tshwanang, go na le diteko tse dintsi tse bana ba rona ba lebanang le tsone kwa sekolong. A lona batsadi lo etela sekolo se bana ba lona ba tsenang kwa go sone? A lo itse maemo a a leng gone koo? A lo a utlwana le barutabana? Ke ka ntlha yang fa dipotso tseno e le tsa botlhokwa? Ka gonne mo mafelong a setoropo a le mantsi mo lefatsheng, dikolo di fetogile dikgwa tsa bothubaki, diokobatsi le tlhakanelodikobo. Bana ba gago ba ka boloka jang bothokgami jwa bone le boitshwaro jwa bone bo le boitshepo fa batsadi ba bone ba sa ba tshegetse ka botlalo ba ba utlwela botlhoko? Paulo o ne a gakolola batsadi ka tshwanelo a re: “Borrabana, se tshwenyeng bana ba lona, gore ba se ka ba sulafala pelo.” (Bakolosa 3:21) Tsela e nngwe ya go tshwenya bana ke go sa tlhaloganye mathata a bone a letsatsi le letsatsi le diteko. Go ipaakanyetsa diteko tsa kwa sekolong go simolola mo maemong a semoya a legae la Bokeresete.—Duteronome 6:6-9; Diane 22:6.
20. Ke ka ntlha yang fa boitshepo bo le botlhokwa mo go rona rotlhe?
20 Kwa bokhutlong, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa mo go rona rotlhe gore re nne boitshepo? Ka gonne go nna jaaka tshireletso e e kganelang go tlhaselwa ke lefatshe la ga Satane le tsela ya lone ya go akanya. Ke tshegofatso jaanong mme go tla nna jalo le mo isagweng. Go re thusa go re tlhomamisetsa botshelo jo e tla nnang botshelo ruri mo lefatsheng le lesha la tshiamo. Go re thusa gore re nne Bakeresete ba ba tekatekano, ba ba atamelesegang, ba go leng motlhofo go buisana le bone—e seng batho ba ba tseegang maikutlo ba ba sa ineeleng. Ka bokhutshwane, go dira gore re nne jaaka Keresete.—1 Timotheo 6:19.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go nna kelotlhoko fa re dirisana le batho ba re nyalaneng le bone ba ba sa dumeleng, bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1990, “O Se Ka Wa Tlhokomologa Molekane Wa Gago!” ditsebe 20-2 le November 1, 1988, ditsebe 24-5, dirapa 20-2.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke eng fa Petere a ne a bona go tlhokega gore a gakolole Bakeresete malebana le boitshepo?
◻ Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo go tshela botshelo jo bo boitshepo?
◻ Ke eng se rotlhe re ka se dirang go tokafatsa boitshepo mo lelapeng?
◻ Gore phuthego e nne e le boitshepo, ke boitshwaro bofe jo bo seng boitshepo jo re tshwanetseng go bo tila?
◻ Re ka nna re le boitshepo jang kwa tirong le kwa sekolong?
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re tshwanetse go ipela fa re direla Modimo le mo ditirong tse dingwe