LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 10/15 ts. 8-9
  • A Khumo ya ga Kgosi Solomone e a Fetelediwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Khumo ya ga Kgosi Solomone e a Fetelediwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Batla Sengwe se se Botoka Thata go Gaisa Gouta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Kgosi e e Nang le Khumo le Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tempele ya ga Jehofa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 10/15 ts. 8-9

A Khumo ya ga Kgosi Solomone e a Fetelediwa?

“Bokete jwa gouta e e neng e tla mo go Solomone ka ngwaga o le mongwe fela e ne e le dikilokerama tsa gouta di le 23 000.”—1 Dikgosi 10:14.

GO YA ka temana e ya Baebele, Kgosi Solomone o ne a bona gouta ya ditone di feta 25 ka ngwaga o le mongwe fela! Gompieno se se ka lekana le R1 044 000 000. E batla e lekana gabedi le gouta e e neng e epiwa lefatshe lotlhe ka ngwaga wa 1800. A se se ka kgonega? Ke bosupi bofe jo bo bontshiwang ke thutamarope? E akantsha gore se Baebele e se supang ka khumo ya ga Solomone se a utlwala. Biblical Archaeology Review ya re:

◻ Kgosi Thutmose III wa Egepeto (wa mileniamo ya bobedi B.C.E.) o ne a neela ditone di ka nna 13,5 ka dilwana tsa gouta kwa tempeleng ya Amon-Ra kwa Karnak—mme se e ne e le bontlhanngwe fela jwa mpho.

◻ Mekwalo ya Seegepeto e bega gore Kgosi Osorkon I (mileniamo ya ntlha B.C.E.) o ne a neela medingwana dimpho di ka nna ditone di le 383 tsa gouta le selefera.

Mo godimo ga moo, bolumo ya Classical Greece mo tlhatlhamanong ya Great Ages of Man e bega jaana:

◻ Meepo ya Pangaeum kwa Thrace e ne ya neela Kgosi Philip II (359-336 B.C.E.) ditone di feta 37 tsa gouta ka ngwaga.

◻ Fa Alexander yo Mogolo (336-323 B.C.E.) morwa Philip a ne a gapa moshate wa puso ya Peresia e leng Susa, go ne ga bonwa matlotlo a ka lekanang le ditone di feta di le 1 000 tsa gouta.—The New Encyclopædia Britannica.

Ka jalo se Baebele e se buang ka dikhumo tsa ga Kgosi Solomone ga se kgang fela e e itlhametsweng. Gape gakologelwa gore ka nako eo Solomone o ne a “gaisa dikgosi tsotlhe tsa lefatshe ka dikhumo le botlhale.”—1 Dikgosi 10:23.

Solomone o ne a dirisa jang dikhumo tsa gagwe? Setulo sa gagwe se ne se manegilwe ka “gouta e e itshekileng,” dinwelo tsa gagwe e ne e le “tsa gouta” mme o ne a na le dithebe tse dikgolo di le 200 le dithejana di le 300 tsa “gouta e e papetlilweng.” (1 Dikgosi 10:16-21) Se se botlhokwa go feta, gouta ya ga Solomone e ne e dirisediwa tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Ditlhomo tsa dipone le dilwana tse di boitshepo mo tempeleng tse di jaaka diforoko, megotswana, dinkgo le dijana di ne di dirilwe ka gouta le selefera. Ditšheruba tsa dimetara di le 4,5 mo Felong ga Maitshepo, sebeso sa maswalo, tota le mo gare ga ntlo yotlhe go ne go manegilwe ka gouta.—1 Dikgosi 6:20-22; 7:48-50; 1 Ditirafalo 28:17.

Jaanong ka ga tempele e e manegilweng ka gouta gone? Se se kgatlhang ke gore, go dirisiwa ga gouta jalo e ne e le mo go tlwaelegileng mo bathong ba bogologolo. Biblical Archaeology Review e tlhalosa gore Amenophis III wa Egepeto “o ne a tlotla modimo yo mogolo Amun ka tempele e e kwa Thebes e e neng e manegilwe yotlhe ka gouta, e dirilwe fa fatshe ka selefera, [mme] le dikgorwana tsotlhe tsa yone e le gouta le selefera tse di pekantsweng’”—motswako wa gouta le selefera. Mo godimo ga moo, Esar-haddon wa Asiria (lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E.) o ne a manega dikgoro mme a dila dipota tsa felo ga kobamelo ga ga Ashure ka gouta. Ka ga tempele ya ga Sin kwa Harane, Nabonidase wa kwa Babilone (lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E.) o bega jaana: “Ke ne ka dila dipota tsa yone ka gouta le selefera, mme ka di dira gore di phatsime jaaka letsatsi.”

Ka jalo, direkoto tsa hisitori di akantsha gore pego ya Baebele ka khumo ya ga Kgosi Solomone ga e a fetelediwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela