LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/15 ts. 3
  • Kgosi e e Nang le Khumo le Botlhale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgosi e e Nang le Khumo le Botlhale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Dikhumo Di ka Go Itumedisa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A Khumo ya ga Kgosi Solomone e a Fetelediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A ke Sekao se se Molemo mo go Wena Kgotsa ke Tlhagiso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Solomone ke Kgosi e e Botlhale
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/15 ts. 3

Kgosi e e Nang le Khumo le Botlhale

A o akanya gore dikhumo di ka go itumedisa? Fa mongwe a ne a ka go naya madi a mantsi, a o ne o ka se ka wa itumela? Gongwe o ne o tla itumela. Gongwe o tla akanya ka ditsela tse o ka a dirisang ka tsone.

KWANTLE ga pelaelo, go na le dilo tse dintsi tse o ka di rekang go dira gore botshelo e nne jo bo iketlileng le jo bo itumedisang. Madi gape e ka nna “phemelo” mo mathateng a a sa lebelelwang, a a jaaka bolwetse kana go tlhoka tiro.—Moreri 7:12.

Mme madi le boitumelo di amana jang? A o akanya jaaka ba le bantsi gore, boitumelo ke selo se se leriweng ke khumo? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno go ka nna boima ka gonne madi a ka lekanngwa motlhofo, kana a balwa, mme ka boitumelo go ka se ka ga kgonega. O ka se ka wa baya boitumelo mo sekaleng wa bo lekanya.

Mme gape, batho bangwe ba ba humileng ba bonala ba itumetse, fa ba bangwe ba le mo mahutsaneng. Go ntse jalo le ka ba ba humanegileng. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho—tota le ba ba setseng ba humile—ba dumela gore madi a mantsi a tla ba tlisetsa boitumelo jo bogolwane.

Motho mongwe yo o neng a kwala ka dikgang tse di ntseng jalo e ne e le Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo. E ne e le mongwe wa banna ba ba humileng thata yo o kileng a tshela. O ka bala ka tsela e khumo ya gagwe e kgolo e tlhalosiwang ka gone mo kgaolong ya 10 ya buka ya Baebele ya Dikgosi Tsa Ntlha. Ka sekai, ela tlhoko gore temana 14 e bolela jaana: “Bokete jwa gouta e e neng e tla mo go Solomone ka ngwaga o le mongwe fela e ne e le dikilogerama tsa gouta di le 23000.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Palo eo e lekana le ditone di le 25 tsa gouta. Gompieno, gouta e kalo e ka nna madi a a fetang R900 000 000!

Le fa go ntse jalo, Solomone o ne a sa huma fela; Modimo o ne a mo segofaditse ka botlhale. Baebele e bolela jaana: “Kgosi Solomone a gaisa dikgosi tsotlhe tsa lefatshe ka dikhumo le ka botlhale. Lefatshe lotlhe la rata go bona Solomone, go utlwa botlhale jwa gagwe jo Modimo o ne o bo tsentse mo pelong ya gagwe.” (1 Dikgosi 10:23, 24) Le rona re ka solegelwa molemo ke botlhale jwa ga Solomone, e re ka mekwalo ya gagwe e le karolo ya pego ya Baebele. A re bone gore o ne a reng malebana le tsela e khumo le boitumelo di amanang ka yone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Reproduced from Die Heilige Schrift - Übersetzt von Dr. Joseph Franz von Allioli. Druck und Verlag von Eduard Hallberger, Stuttgart

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela