Go Tlhakanela Kgomotso e Jehofa a e Nayang
“Tsholofelo ya rona ka ga lona e nitame; ka re itse gore, jaaka lo tlhakanetse le rona dipogiso, lo ntse jalo le mo kgomotsong.”—2 BAKORINTHE 1:7.
1, 2. Batho ba le bantsi ba ba ileng ba nna Bakeresete gompieno ba ile ba itemogela eng?
BA LE bantsi ba babadi ba gone jaanong ba Tora ya Tebelo ba godile ba sa itse boammaaruri jwa Modimo. Gongwe go ntse jalo ka wena. Fa go le jalo, gakologelwa gore o ne wa ikutlwa jang fa matlho a gago a tlhaloganyo a ne a simolola go bulega. Ka sekai, fa o ne o utlwa la ntlha gore baswi ga ba boge mme go na le moo ga ba ikutlwe, a o ne wa se ka wa ikutlwa o wetse makgwafo? Mme fa o ne o ithuta ka tsholofelo ya baswi, ya gore batho ba le dikete tsa dimilione ba tla tsosediwa botshelong mo lefatsheng la Modimo le lesha, a o ne wa se ka wa gomotsega?—Moreri 9:5, 10; Johane 5:28, 29.
2 Go tweng ka tsholofetso ya Modimo ya go fedisa boikepo le go dira lefatshe leno paradaise? Fa o ne o ithuta ka seno, a ga go a go gomotsa le go go dira gore o lebe pele ka go swegaswega pelo? O ne wa ikutlwa jang fa o ne o utlwa la ntlha gore go ka kgonega gore o se ka wa swa mme o falolele mo lefatsheng leo le le tlang la Paradaise? Ga go na pelaelo gore o ne o itumetse fela thata. Ee, o ne wa nna moamogedi wa molaetsa wa Modimo o o gomotsang o jaanong o rerwang mo lefatsheng lotlhe ke Basupi ba ga Jehofa.—Pesalema 37:9-11, 29; Johane 11:26; Tshenolo 21:3-5.
3. Ke eng fa ba ba bolelelang ba bangwe molaetsa wa Modimo wa kgomotso le bone ba bogisiwa?
3 Lefa go ntse jalo, fa o ne o leka go bolelela ba bangwe molaetsa ono wa Baebele, o ile wa lemoga gape gore “tumelo ga se thuo ya batho botlhe.” (2 Bathesalonika 3:2, NW) Gongwe dingwe tsa ditsala tsa gago tsa pele di ne tsa go sotla ka gonne o bontsha fa o dumela mo ditsholofetsong tsa Baebele. O ka tswa gongwe o ile wa bogisiwa ka gonne o tswelela o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Kganetso e ka tswa e ile ya gakala fa o simolola go dira diphetogo gore o dumalanye botshelo jwa gago le melaometheo ya Baebele. O ne wa simolola go nna le pitlagano e Satane le lefatshe la gagwe ba e tlisetsang botlhe ba ba amogelang kgomotso ya Modimo.
4. Batho ba ba sa tswang go kgatlhega ba ka itshwara ka ditsela dife tse di farologaneng fa ba bogisiwa?
4 Se se utlwisang botlhoko ke gore, jaaka Jesu a ne a bolelela pele, pitlagano e dira gore ba bangwe ba kgopisege mme ba tlogele go kopanela le phuthego ya Bokeresete. (Mathaio 13:5, 6, 20, 21) Ba bangwe ba itshokela pitlagano ka go tlhoma megopolo ya bone mo ditsholofetsong tse di gomotsang tse ba di ithutang. La bofelo ba neela matshelo a bone go Jehofa mme ba kolobediwa e le barutwa ba Morwawe, Jesu Keresete. (Mathaio 28:19, 20; Mareko 8:34) Gone mme, pitlagano ga e eme fa Mokeresete a sena go kolobediwa. Ka sekai, go nna o le phepa e ka nna ntwa e e boima fa motho a godile a na le boitshwaro jo bo sa siamang. Batho ba bangwe ba tshwanelwa ke go itshokela kganetso e e sa feleng e e tswang mo go ba lelapa ba ba sa dumeleng. Go sa kgathalesege pitlagano e motho a e bonang, botlhe ba ba tshelang botshelo jwa go ineela mo Modimong ba ka tlhomamisega ka selo se le sengwe. Mongwe le mongwe ka namana, Modimo o tla mo gomotsa le go mo thusa.
“Modimo wa Kgomotso Yotlhe”
5. Mo godimo ga dipogiso tse dintsi tse Paulo a neng a di boga, o ne a diragalelwa ke eng gape?
5 Motho yo o neng a anaanela thata kgomotso e Modimo a e fang e ne e le moaposetoloi Paulo. Morago ga gore a lekwe thata kwa Asia le kwa Maketonia, o ne a thusega thata fa a ne a utlwa gore phuthego ya Korinthe e arabetse sentle mo lekwalong la gagwe le a neng a ba kgalemela mo go lone. Seno se ne sa mo tlhotlheletsa gore a ba kwalele lekwalo la bobedi, le le nang le mafoko ano a pako: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe; O o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 Bakorinthe 1:3, 4.
6. Re ithuta eng mo mafokong a ga Paulo a a fitlhelwang mo go 2 Bakorinthe 1:3, 4?
6 Mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a bolela go le gontsi. A re a tlhatlhobeng. Fa Paulo a baka Modimo kana a mo leboga kana a mo kopa sengwe mo makwalong a gagwe, gantsi re fitlhela gore o akaretsa le mafoko a go anaanela Jesu, yo e leng Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. (Baroma 1:8; 7:25; Baefeso 1:3; Bahebere 13:20, 21) Ka jalo, Paulo o lebisa mafoko ano a pako go “Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Go tswa foo, e le la ntlha mo dikwalong tsa gagwe, o dirisa lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “mautlwelobotlhoko.” Lefoko leno le tswa mo lefokong le le dirisediwang go utlwela yo mongwe botlhoko fa a boga. Ka go rialo Paulo o tlhalosa maikutlo a a neneketsang a Modimo mo batlhankeng lefa e le bafe ba Gagwe ba ba ikanyegang ba ba mo pitlaganong—maikutlo a a neneketsang a a dirang gore Modimo a ba tlhomogele pelo. Kwa bofelong, Paulo o ne a leba Jehofa e le motswedi wa nonofo eno e e eletsegang ka go mmitsa “Rra mautlwelobotlhoko.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.
7. Ke eng fa re ka re Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe”?
7 “Mautlwelobotlhoko” a Modimo a namola motho yo o mo pitlaganong. Ka jalo Paulo o tswelela pele ka go tlhalosa Jehofa e le “Modimo wa kgomotso yotlhe.” Ka jalo go sa kgathalesege gore re ka tswa re bona kgomotso efe go tswa mo molemong o badumedikarona ba re direlang one, re ka tsaya gore Jehofa ke ene motswedi wa kgomotso eo. Ga go na kgomotso epe ya mmatota e e nnelang ruri e e sa tsweng kwa Modimong. Mo godimo ga moo, ke ene yo o dirileng motho mo setshwanong sa gagwe, ka go dira jalo a re thusa go nna bagomotsi. E bile ke moya o o boitshepo wa Modimo o o rotloetsang batlhanka ba gagwe gore ba bontshe ba ba tlhokang kgomotso pelotlhomogi e e neneketsang.
Go Thapisetswa go Nna Bagomotsi
8. Lefa gone diteko tsa rona di sa tswe kwa Modimong, go itshokela ga rona pitlagano go ka re solegela molemo jang?
8 Lefa gone Jehofa Modimo a letla diteko tse di farologaneng gore di tlele batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, ga se gore diteko tseno di tswa kwa go ene. (Jakobe 1:13) Lefa go ntse jalo, kgomotso e a re fang yone fa re itshokela pitlagano e ka re thapisa gore re tlhokomele ka mo go oketsegileng dilo tse di tlhokwang ke ba bangwe. Ka matswela afe? “Gore re tle re nonofele go gomotsa ba ba mo pitlaganong nngwe le nngwe, ka kgomotso e rona ka rosi re gomodiwang ka yone ke Modimo.” (2 Bakorinthe 1:4) Ka jalo Jehofa o a re thapisa gore re abelane kgomotso ya gagwe le badumedikarona le ba re kopanang le bone mo bodireding jwa rona jaaka re etsa Keresete mme re “gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.”—Isaia 61:2; Mathaio 5:4.
9. (a) Ke eng se se tla re thusang go itshokela pogo? (b) Ba bangwe ba gomodiwa jang fa re itshokela pitlagano ka boikanyego?
9 Paulo o bontsha gore o itshoketse dipogo tse dintsi tsa gagwe ka thuso ya kgomotso e e totafetseng e a e amogetseng go tswa kwa Modimong ka Keresete. (2 Bakorinthe 1:5) Le rona re ka ipelela kgomotso e e totafetseng fa re tlhatlhanya ka ditsholofetso tse di molemolemo tsa Modimo, re rapelela gore moya o o boitshepo wa gagwe o re tshegetse le go bona Modimo a araba dithapelo tsa rona. Ka tsela e e ntseng jalo re tla nonotshiwa gore re tswele pele re tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa e bile re supa gore Diabolo ke moaki. (Jobe 2:4; Diane 27:11) Fa re itshoketse mofuta le fa e le ofe wa pitlagano ka boikanyego, jaaka Paulo re tshwanetse ra naya Jehofa tlotlo yotlhe, yo kgomotso ya gagwe e thusang Bakeresete gore ba nne ba ikanyega lefa ba lekwa. Go itshoka ga Bakeresete ba ba ikanyegang go gomotsa bakaulengwe botlhe, go dira gore ba bangwe ba ikemisetse go ‘itshokela dipogiso tse le bone ba di bogang.’—2 Bakorinthe 1:6.
10, 11. (a) Dilo dingwe tse di neng tsa dira gore phuthego ya Korinthe wa bogologolo e boge ke dife? (b) Paulo o ne a gomotsa phuthego ya Korinthe jang, mme o ne a ba bolelela ka tsholofelo efe?
10 Bakorinthe le bone ba ne ba boga dipogo tse di tlelang Bakeresete botlhe ba boammaaruri. Mo godimo ga moo, ba ne ba tlhoka kgakololo go kgaola mogokafadi yo o sa ikwatlhayeng. (1 Bakorinthe 5:1, 2, 11, 13) Ka ba ne ba sa tsaya kgato eno e bile ba sa fedisa dikgotlhang le dikgaogano, seno se ne sa tlisa matlhabisaditlhong mo phuthegong. Mme kwa bofelong ba ne ba dirisa kgakololo ya ga Paulo mme ba bontsha boikwatlhao jwa mmatota. Ka gone, o ne a ba akgola ka lorato a ba a bolela gore tsela e e molemo e ba neng ba itshwara ka yone malebana le lekwalo la gagwe e ne ya mo gomotsa. (2 Bakorinthe 7:8, 10, 11, 13) Go lebega yo o kgaotsweng le ene a ile a ikwatlhaya. Ka jalo Paulo o ne a ba gakolola go ‘mo itshwarela le go mo gomotsa, e se re kgotsa yo o ntseng jalo a ba a nyelediwa ke bogolo jwa bohutsana.’—2 Bakorinthe 2:7.
11 Lekwalo la bobedi la ga Paulo le tshwanetse la bo le ile la gomotsa phuthego ya Korinthe. Mme seno ke se sengwe sa dilo tse a neng a batla gore le di dire. O ne a tlhalosa jaana: “Tsholofelo ya rona ka ga lona e nitame; ka re itse gore, jaaka lo tlhakanetse le rona dipogiso, lo ntse jalo le mo kgomotsong.” (2 Bakorinthe 1:7) Kwa bokhutlong jwa lekwalo la gagwe, Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Lo gomodiwe; . . . mme Modimo wa lorato le kagiso o tlaa nna le lona.”—2 Bakorinthe 13:11.
12. Bakeresete botlhe ba tlhoka eng?
12 A bo re ka ithuta thuto e e botlhokwa jang ne mo go seno! Maloko otlhe a phuthego ya Bokeresete a tlhoka go ‘tlhakanela kgomotso’ e Modimo a e nayang ka Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le ka mokgatlho wa gagwe wa mo lefatsheng. Le ba ba kgaotsweng ba ka nna ba tlhoka kgomotso fa e le gore ba ikwatlhaile mme ba baakantse diphoso tsa bone. Ka jalo, “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o dirile thulaganyo ya bopelotlhomogi go ba thusa. Gangwe mo ngwageng bagolwane ba babedi ba ka nna ba etela batho bangwe ba ba kgaotsweng. Bano ba ka nna ba tswa ba sa tlhole ba supa moya wa botsuolodi kgotsa ba sa tlhole ba dira boleo jo bo masisi mme ba ka tswa ba tlhoka thuso gore ba tseye dikgato tse di tlhokegang gore ba busediwe.—Mathaio 24:45; Esekiele 34:16.
Pitlagano ya ga Paulo Kwa Asia
13, 14. (a) Paulo o ne a tlhalosa jang nako ya pitlagano e e botlhoko e a neng a e bona kwa Asia? (b) Paulo o ne a ka tswa a ne a akantse ka tiragalo efe?
13 Mofuta wa pogo e phuthego ya Korinthe e neng e e boga go tla go fitlha mo nakong eno o ne o ka se bapisiwe le dipitlagano tse dintsi tse Paulo a neng a tshwanelwa ke go di itshokela. Ka gone, o ne a ka ba gakolola jaana: “Bagaetsho, ga re rate lwa tlhoka go itse ka ga pitlagano ya rona e e re wetseng mo lefatsheng la Asia, ka fa re ne ra gatelelwa thata ka teng, go fetisa nonofo ya rona, ra ba ra tlhoboga le e leng jone botshelo. Ee, rona ka rosi re ne re itshwaneditse loso mo teng ga rona, gore re se ka ra iikanya ka rosi, mme re ikanye Modimo o o tsosang baswi, o o re golotseng mo losong lo lo kalo, o o tlaa bang o golola; o re o ikantseng gore o tlaa nna o re golola fela.”—2 Bakorinthe 1:8-10.
14 Bakanoki bangwe ba Baebele ba dumela gore Paulo o ne a bua ka pheretlhego e e neng e le kwa Efeso, e e neng e ka nna ya bolaya Paulo le ditsala tse a neng a tsamaya le tsone tsa kwa Maketonia, e leng Gaio le Arisetareko. Bakeresete ba babedi bano ba ne ba tsewa ka dikgoka ba isiwa kwa kagong ya metshameko e e neng e tletse ka segopa sa batho ba ba neng ba “thela lošalaba ka lobaka lwa dinako di le pedi, ba re: ‘Go mogolo Diana [modimo wa sesadi] wa Baefesia!’” Kgabagare, modiredimogolo wa motse o ne a kgona go didimatsa boidiidi jono. Lebaka la go bo botshelo jwa ga Gaio le Arisetareko bo ne bo le mo kotsing jaana le tshwanetse la bo le ne le tshwentse Paulo thata. E bile tota, o ne a batla go tsena mme a buisane le segopa seno se se sa batleng go utlwa sepe, mme o ne a thibelwa gore a se ka a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka tsela e e ntseng jalo.—Ditiro 19:26-41.
15. Ke boemo bofe jo bo maswe le go feta jo bo ka tlhalosiwang mo go 1 Bakorinthe 15:32?
15 Lefa go ntse jalo, Paulo o ka tswa a ne a tlhalosa boemo jo bo maswe thata go feta tiragalo e e sa tswang go umakiwa. Mo lekwalong la gagwe la ntlha go Bakorinthe, Paulo o ne a botsa jaana: “Fa ke lole le dibatana kwa Efeso, ka fa mokgweng wa batho, go a bo go nthusang?” (1 Bakorinthe 15:32) Seno se ka raya gore botshelo jwa ga Paulo bo ne jwa tshosediwa, e seng fela ke banna ba ba bobatana mme le ke dibatana tsa mmatota kwa setadiamong sa Efeso. Ka dinako tse dingwe dikebekwa di ne di otlhaiwa ka go patelediwa go lwa le dibatana fa boidiidi jo bo nyoretsweng madi bo ne bo lebile. Fa e le gore Paulo o ne a raya gore o ne a lole le dibatana tsa mmatota, o ne a tshwanetse labofelo a bo a ne a bolokwa ka kgakgamatso mo losong lo lo botlhoko, fela jaaka Daniele a ne a bolokwa mo molomong wa ditau tsa mmatota.—Daniele 6:22.
Dikai Tsa Motlha wa Gompieno
16. (a) Ke ka ntlha yang fa ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba kgona go tlhaloganya dipitlagano tse di diragaletseng Paulo? (b) Re ka tlhomamisega ka eng kaga bao ba ileng ba swa ka ntlha ya tumelo ya bone? (c) Go bo Bakeresete ba bangwe ba ile ba falola loso ka letshoba la mogodu go ile ga nna le matswela afe a a molemo?
16 Bakeresete ba le bantsi ba motlha wa gompieno ba ka tlhaloganya dipitlagano tse di diragaletseng Paulo. (2 Bakorinthe 11:23-27) Le gompieno, Bakeresete ba ntse ba “gatelelwa thata . . . go fetisa nonofo ya [bone],” mme ba le bantsi ba ile ba lebana le maemo a mo go one ba neng ba “tlhoboga le e leng jone botshelo.” (2 Bakorinthe 1:8) Ba bangwe ba bolailwe ke babolai ba ba bolayang batho ka digopa le babogisi ba ba setlhogo. Re ka tlhomamisega gore maatla a Modimo a a gomotsang a ba thusitse go itshoka le gore ba sule dipelo le megopolo ya bone e tsepamisitswe mo go diragadiweng ga tsholofelo ya bone, e ka tswa e le tsholofelo ya selegodimo kgotsa ya selefatshe. (1 Bakorinthe 10:13; Bafilipi 4:13; Tshenolo 2:10) Mo mabakeng a mangwe, Jehofa o ile a fetola maemo, mme bakaulengwe ba rona ba gololwa mo losong. Ga go belaetse gore ba ba ileng ba kgona go sirelediwa ka tsela e e ntseng jalo ba ile ba godisa go ikanya ga bone “Modimo o o tsosang baswi.” (2 Bakorinthe 1:9) Morago ga moo ba ne ba ka kgona go bua ka tumelo e kgolwanyane fa ba ntse ba abela ba bangwe molaetsa o o gomotsang wa Modimo.—Mathaio 24:14.
17-19. Ke maitemogelo afe a a bontshang gore bakaulengwe ba rona ba kwa Rwanda ba ile ba tlhakanela mo kgomotsong ya Modimo?
17 Bosheng jaana bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba kwa Rwanda ba ile ba diragalelwa ke se se tshwanang le se se neng sa diragalela Paulo le ditsala tsa gagwe. Ba le bantsi ba ile ba swa, mme maiteko a ga Satane a go senya tumelo ya bone a ile a palelwa. Go na le moo, bakaulengwe ba rona mo nageng eno ba ne ba gomotswa ke Modimo, mongwe le mongwe wa bone ka namana ka ditsela di le dintsi. Ka nako eno ya kgailo ya merafe ya Batutsi le Bahutu ba ba nnang kwa Rwanda, go ne go na le Bahutu ba ba neng ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba tle ba sireletse Batutsi le Batutsi ba ba neng ba sireletsa Bahutu. Ba bangwe ba ne ba bolawa ke majelathoko ka ntlha ya go sireletsa badumedikabone. Ka sekai, Mosupi mongwe wa Mohutu yo o bidiwang Gahizi o ne a bolawa morago ga go fitlha kgaitsadi mongwe wa Motutsi yo o bidiwang Chantal. Monna wa ga Chantal wa Motutsi, e bong Jean o ne a fitlhilwe kwa lefelong le lengwe ke kgaitsadi yo mongwe wa Mohutu yo o bidiwang Charlotte. Jean le mokaulengwe yo mongwe wa Motutsi ba ne ba nna ba iphitlhile mo sentshamosing sengwe se segolo ka malatsi a le 40, ba tswa fela ka nako e khutshwane fa go le bosigo. Ka nako eo yotlhe Charlotte o ne a ntse a ba fa dijo le go ba sireletsa, lefa a ne a nna gaufi le kampa ya masole a Bahutu. Mo tsebeng eno o ka bona setshwantsho sa ga Jean le Chantal ba kopane gape, bao ba lebogang go bo baobamedikabone ba Bahutu ba ile “ba baya dithamo tsa bone fa fatshe” fela jaaka Peresila le Akwila ba ne ba direla moaposetoloi Paulo.—Baroma 16:3, 4.
18 Mosupi yo mongwe wa Mohutu, e bong Rwakabubu o ne a bakwa ke lokwalodikgang longwe lwa Intaremara go bo a ile a sireletsa badumedikaene ba Batutsi.a Lo ne lwa re: “Go na gape le Rwakabubu, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, yo o neng a tswelela go fitlha batho fale le fale mo gare ga bakaulengwe ba gagwe (ke ka tsela e badumedimmogo ba bitsanang ka gone). O ne a tlhola a fetsa letsatsi lotlhe a ba tlisetsa dijo le metsi a go nwa lefa a ne a tshwerwe ke asema. Mme Modimo o ne a mo nonotsha thata.”
19 Akanya gape ka banyalani bano ba ba neng ba kgatlhega ba Bahutu e bong Nicodeme le Athanasie. Pele ga kgailo eno ya morafe, banyalani bano ba ne ba ithuta Baebele le Mosupi mongwe wa Motutsi yo o bidiwang Alphonse. Ba ne ba fitlha Alphonse mo ntlong ya bone, lefa seno se ne se bolela gore ba baya matshelo a bone mo kotsing. Moragonyana ba ne ba lemoga gore ntlo ya bone e ne e sa sireletsega ka gonne baagelani ba bone ba Bahutu ba ne ba itse kaga tsala ya bone ya Motutsi. Ka jalo, Nicodeme le Athanasie ba ne ba fitlha Alphonse mo khuting mo jarateng ya bone. Eno e ne e le kgato e e molemo ka gonne baagelani ba bone ba ne ba simolola go tla go batla Alphonse mo e ka nnang letsatsi le letsatsi. Fa a ntse a robetse mo khuting ya gagwe ka malatsi a le 28, Alphonse o ne a nna a tlhatlhanya ka ditiragalo tsa Baebele tse di jaaka e e kaga Rahabe, yo o neng a fitlha Baiseraele ba babedi mo dithulelong tsa ntlo ya gagwe kwa Jeriko. (Jošua 6:17) Gompieno Alphonse o tsweletse go direla kwa Rwanda e le moreri wa mafoko a a molemo, mme o leboga dithuto tsa gagwe tsa Baebele tsa Bahutu go bo ba ile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya gagwe. Mme go tweng ka Nicodeme le Athanasie? Gone jaanong ke Basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di feta 20 le batho ba ba kgatlhegang.
20. Jehofa o ile a gomotsa bakaulengwe ba rona ba kwa Rwanda ka tsela efe, mme ba le bantsi ba bone ba santse ba tlhoka eng?
20 Ka nako ya fa kgailo eno ya morafe e ne e simolola kwa Rwanda, go ne go na le baboledi ba mafoko a a molemo ba le 2 500 mo nageng eo. Lefa ba le makgolokgolo ba ile ba bolawa kana ba ile ba patelediwa go tshaba mo nageng, palo ya Basupi e ile ya oketsega go nna 3 000. Seno ke bosupi jwa gore eleruri Modimo o ne a gomotsa bakaulengwe ba rona. Go tweng ka dikhutsana le batlholagadi ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa? Jaaka go ne go ka lebelelwa, bano ba santse ba le mo pitlaganong e bile ba tlhoka go nna ba gomodiwa. (Jakobe 1:27) Dikeledi tsa bone di tla phimolwa gotlhelele fela fa go nna le tsogo ya baswi mo lefatsheng le lesha la Modimo. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya dithuso tse bakaulengwe ba bone ba ba neelang tsone le ka gonne e le baobamedi ba “Modimo wa kgomotso yotlhe,” ba kgona go itshokela botshelo.
21. (a) Ke kae gape koo bakaulengwe ba rona ba ileng ba tlhoka go gomodiwa ke Modimo thata, mme ke ka tsela efe e nngwe e rotlhe re ka thusang ka yone? (Bona lebokoso la “Kgomotso mo Dingwageng Tse Nnè Tsa Ntwa.”) (b) Go tlhoka ga rona kgomotso go tla kgotsofadiwa leng ka mo go feletseng?
21 Mo dinageng di le dintsi tse di tshwanang le Eritrea, Singapore le se e kileng ya bo e le Yugoslavia, bakaulengwe ba rona ba ntse ba direla Jehofa ka boikanyego go sa kgathalesege pitlagano. E kete re ka thusa bakaulengwe bano ka go nna re ba isetsa mekokotlelo ka metlha gore ba tle ba gomotsege. (2 Bakorinthe 1:11) Mme e kete re ka itshoka ka boikanyego go fitlha nako e Modimo, a dirisa Jesu Keresete, a tla ‘phimolang dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona]’ ka botlalo. Mme ka nako eo re tla bona ka botlalo kgomotso e Jehofa a tla re e nayang mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo.—Tshenolo 7:17; 21:4; 2 Petere 3:13.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tora ya Tebelo ya January 1, 1995, tsebe 26, e ne ya bua kaga morwadie Rwakabubu, e bong Deborah, yo thapelo ya gagwe e neng ya ama setlhopha sa masole a Bahutu mme ya sireletsa lelapa la gaabo gore le se bolawe.
A o A Itse?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a bidiwa “Modimo wa kgomotso yotlhe”?
◻ Re tshwanetse ra leba jang dipitlagano?
◻ Re ka tlhakanela kgomotso le mang?
◻ Go tlhoka ga rona kgomotso go tla kgotsofadiwa jang ka mo go feletseng?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Lefa Jean le Chantal e le Basupi ba Batutsi, ba ne ba fitlhilwe kwa mafelong a a farologaneng ke Basupi ba Bahutu ka nako ya kgailo ya morafe kwa Rwanda
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Basupi ba ga Jehofa ba tswelela pele ba bolelela baagelani ba bone molaetsa wa Modimo o o gomotsang kwa Rwanda