Masetlapelo a Kwa Rwanda—Ke Mang yo o Ikarabelelang?
U.S.News & World Report e ne ya bolela jaana: “Pele legata la makheneke wa dingwaga tse 23 le phunngwa, mongwe wa batlhasedi o ne a raya Hitiyise a re: ‘O tshwanetse go swa ka gore o Motutsi.’”
ABO tiragalo e e tshwanang le eo e ne ya boelediwa gantsintsi jang ne kwa Rwanda, naga e nnye ya Afrika Bogare, ka dikgwedi tsa April le May! Ka nako eo go ne go na le diphuthego tse 15 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa toropokgolong ya Kigali, kwa Rwanda le mo tikologong ya yone. Molebedi wa toropokgolo, Ntabana Eugène, e ne e le Motutsi. Ene, mosadi wa gagwe, le morwawe, le morwadie wa dingwaga tse robong, Shami, ba ne ba le gareng ga batho ba ntlha go bolaiwa fa bosetlhogo jono bo ne bo simololwa.
Diketekete tsa batho ba Rwanda di ne di bolawa letsatsi le letsatsi—beke le beke. Mo bogareng jwa May, makasine wa dikgang o o nopotsweng fa godimo o ne wa bega jaana: “Mo dibekeng tse thataro tse di fetileng batho ba le 250 000 ba sule mo letsholong la go ganyaola batho ka boomo le go ba bogisa le le ka lekanngwang fela le tshololo ya madi ya kwa Cambodia e e neng ya dirwa ke Khmer Rouge ka bo1970.”
Makasine wa Time o ne wa re: “Mo tiragalong e e tshwanang le ya Jeremane wa Bonasi, bana ba ne ba tlhophiwa mo gare ga setlhopha sa bana ba le 500 fela ka gore ba ne ba tshwana le Batutsi. . . . Ratoropo wa toropo e e kwa borwa ya Butare yo o nyetseng Motutsi o ne a bolelelwa gore a dire tlhopo [e e utlwisang botlhoko] ke dirukutlhi tsa Bahutu: o ne a ka boloka mosadi wa gagwe le bana fa a ne a ka neela balelapa la mosadi wa gagwe go bolawa—batsadi ba gagwe ka bobedi le morwadiarraagwe. O ne a dira jalo.”
Go ne go na le batho ba le barataro ba ba neng ba direla mo Ofising ya Boranodi ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kigali, ba le bane mo go bone e ne e le Bahutu mme ba le babedi e le Batutsi. Batutsi e ne e le Ananie Mbanda le Mukagisagara Denise. Fa masole le magodu a tla mo ntlung, ba ne ba shakgala fa ba fitlhela Bahutu le Batutsi ba nna mmogo. Ba ne ba batla go bolaya Mbanda le Denise.
Emmanuel Ngirente, mongwe wa bakaulengwe ba Bahutu, o ne a bolela jaana: “Ba ne ba simolola go ntsha ditshitswana mo ditlhobolong tsa bone go di baakanyetsa go thuntsha ba tshosetsa go re bolaya, gonne re ne re nna le baba ba bone. . . . Ba ne ba batla madi a mantsi. Re ne ra ba naya madi otlhe a re neng re na le one mme ba se ka ba kgotsofala. Ba ne ba fetsa ka gore ba ituele ka sengwe le sengwe se ba neng ba ka se tsaya mo go rona, go akaretsa motšhine o o dirang dikopi, diradio tsa rona, ditlhako tsa rona le tse dingwe. Ba ne ba tsamaya ka tshoganetso fela ba sa bolaya ope wa rona, mme ba bolela gore ba tla boa moragonyana.”
Mo malatsing a a neng a latela, magodu a ne a nna a boelela mme nako le nako Basupi ba Bahutu ba kopa gore ditsala tsa bone tsa Batutsi di se ka tsa bolawa. Kgabagare, fa go ne go nna kotsi thata gore Mbanda le Denise ba tswelele ba nna foo, ba ne ba direlwa dithulaganyo tsa gore ba tsamaye le batshabi ba bangwe ba Batutsi kwa sekolong se se gaufi. Fa sekolo se ne se tlhaselwa, Mbanda le Denise ba ne ba kgona go tshaba. Ba ne ba kgona go feta mo mafelong a le mmalwanyana a tsela e neng e thibilwe mo go one, kgabagare, mme mo go le lengwe la one, Batutsi botlhe ba ne ba tseelwa kwa thoko, mme Mbanda le Denise ba bolawa.
Fa masole a ne a boela kwa Ofising ya Boranodi mme a lemoga gore Basupi ba Batutsi ba ne ba tsamaile, ba ne ba itaya bakaulengwe ba Bahutu botlhoko thata. Kanono e ne ya thunya gaufinyana mme bakaulengwe ba kgona go falola.
Jaaka fa batho ba ne ba ntse ba bolawa go ralala naga, palo ya ba ba suleng e ne ya tshwara sephatlo sa milione. Kgabagare, mo baaging ba ba dimilione tse robedi ba Rwanda, palo ya ba ba fa gare ga dimilione tse pedi go ya go tse tharo kgotsa le go feta ba ne ba tlogela magae a bone. Ba bantsi ba bone ba ne ba tshabela kwa dinageng tse di gaufi tsa Zaire le Tanzania. Basupi ba ga Jehofa ba le makgolokgolo ba ne ba bolawa mme ba bangwe ba bantsi, ba ne ba le gareng ga ba ba tshabetseng kwa dikampeng tse di kwa ntle ga naga.
Ke eng se se tlhoseditseng molelo wa polao le khudugo tse di sa lekaneng le dipe tseo? A go ne go ka bo go ile ga thibelwa? Dilo di ne di ntse jang pele bosetlhogo jono bo simolola?
Bahutu le Batutsi
Dinaga tse di bapileng tsa Rwanda le Burundi di tletse Bahutu, Bantsho ba bakhutshwane e bile ba le bakima le Batutsi ba ba tlwaelegileng ba le baleele gape ba le baswaana ba ba itseweng gape jaaka Watusi. Mo dinageng tsotlhe ka bobedi Bahutu ba dira 85 lekgolong ya baagi mme Batutsi ba dira 14 lekgolong. Dintwa magareng ga ditlhopha tse tsa merafe di simologile bogologolo mo lekgolong la bo15 la dingwaga. Mme nako e ntsi ba tshedile mmogo ka kagiso.
“Re kile ra bo re tshela mmogo ka kagiso,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe wa dingwaga tse 29 ka Bahutu le Batutsi ba ba 3 000 ba ba nnang mo motseng wa Ruganda o o dikilometara di sekaenyana fela kwa botlhaba jwa Zaire. Lefa go ntse jalo, ka April ditlhaselo tsa digongwana tsa Bahutu di ne tsa bolaya mo e batlileng e nna Batutsi botlhe ba motse. The New York Times e ne ya tlhalosa jaana:
“Se se diragetseng mo motseng o ke se se diragalang kwa Rwanda: Bahutu le Batutsi ba nna mmogo, ba nyalana ba sa kgathale kgotsa e bile ba sa itse yo e leng Mohutu le yo e leng Motutsi.
“Sengwe se ne sa fetoga ka bonako. Ka April ditlhopha tsa Bahutu go ralala naga di ne tsa bolaya Batutsi gongwe le gongwe fa ba neng ba ba bona teng. Fa dipolao di ne di simologa, Batutsi ba ne ba tshabela kwa dikerekeng go itshireletsa. Ditlhopha tsa batlhasedi tsa ba sala morago di fetola dikereke tse go tshabetsweng kwa go tsone mabitla a a tladikilweng madi.”
Ke eng se se tlhoseditseng molelo wa dipolaano tseno? E ne e le dintsho tse di bakilweng ke phatlakano ya sefofane kwa Kigali ka April 6, tsa boporesidente ba Rwanda le Burundi ba e neng e le Bahutu. Tiragalo e ka tsela nngwe e ne ya simolola polao ya Batutsi mmogo le Bahutu bape ba go neng go akanngwa gore ba ne ba ba utlwela botlhoko.
Mo go lone lobaka loo, go ne ga nna ntwa fa gare ga masole a a kgatlhanong le puso—R.P.F. (Rwandan Patriotic Front) e e laolwang ke Batutsi—le masole a Puso a a laolwang ke Bahutu. Ka July R.P.F. e ne e fentse masole a Puso mme e laola Kigali le bontsi jwa Rwanda. Ka go tshaba gore ba tla ipusolosetsa, Bahutu ba le dikete tse di makgolo ba ne ba tshaba fa July e simologa.
Ke Mang Yo O Ikarabelelang?
Fa a ne a kopiwa go tlhalosa gore ke eng tshololo ya madi e ne ya tlhagoga ka tshoganetso ka April, molemi mongwe wa Motutsi o ne a re: “Ke ka ntlha ya baeteledipele ba ba bosula.”
Eleruri, go ralala makgolo a dingwaga, baeteledipele ba sepolotiki ba ne ba anamisitse maaka ka baba ba bone. Boradipolotiki ba lefatshe ba ba laolwang ke “kgosana ya lefatshe leno,” Satane Diabolo, ba dirile gore batho ba bone ba lwe ba bo ba bolaye ba lotso lo longwe, morafe kgotsa setšhaba. (Johane 12:31; 2 Bakorinthe 4:4; 1 Johane 5:19) Seemo se ne se sa farologane kwa Rwanda. The New York Times e ne ya re: “Boradipolotiki ba ile ba leka gantsintsi go dira gore batho ba lotso lo longwe ba ikanyege le go ba boifisa—fa go tla mo Bahutung, gore ba kgone go nna mo Pusong fa e le ka Batutsi, e ne e le gore ba eme nokeng lekoko le le kgatlhanong le puso.”
Ka gore batho ba Rwanda ba tshwana ka dilo tse dintsi, motho ga a kake a solofela gore ba ka ilana ba bo ba bolaana. “Bahutu le Batutsi ba bua puo e e tshwanang gape ba na le dingwao tse di tshwanang,” go ne ga kwala jalo mmegi wa dikgang, Raymond Bonner. “Morago ga dingwaga tse dintsi ba ntse ba nyalana, dipharologano tsa tebego—Batutsi ba baleele e bile ba basesane, Bahutu ba bakhutshwane e bile ba bakima—di nyeletse go ya bokgakaleng jwa gore batho ba Rwanda gantsi ga ba kgone go tlhomamisa gore a motho ke Mohutu kgotsa ke Motutsi.”
Lefa go ntse jalo, megopolo e e anamisitsweng bosheng e ile ya tlhotlheletsa batho fela thata. Go tshwantsha kgang e, Alex de Waal, mookamedi wa setlhopha sa African Rights o ne a re: “Dirukutlhi tsa mafelo a a gapilweng ke R.P.F. go bolelwa di gakgamaditswe ke gore masole a Batutsi ga a na dinaka, megatla le matlho a a tshubang mo lefifing—jaaka ba tlhalositswe ke kgaso ya radio e ba e reetsang.”
Baeteledipele ba dipolotiki ga se bone fela ba ba dirang gore batho ba akanye ka tsela nngwe e e rileng mme bodumedi le bone bo a dira. Ke madumedi afe a a leng magolo kwa Rwanda? A le one a ne a ikarabelela mo masetlapelong a ano?
Seabe sa Bodumedi
The World Book Encyclopedia (1994) e bolela jaana ka Rwanda: “Bontsi jwa batho ke Baroma Katoliki. . . . Roma Katoliki le dikereke tse dingwe tsa Bokeresete di laola bontsi jwa dikolo tse dinnye le tse dikgolo.” E bile tota National Catholic Reporter e biditse Rwanda “setšhaba se 70 lekgolong ya sone e leng Bakatoliki.”
The Observer, ya Great Britain e fa tshedimosetso ka boemo jwa bodumedi kwa Rwanda, fa e tlhalosa jaana: “Ka bo1930, fa dikereke di ne di lwela go laola thuto, Bakatoliki ba ne ba ema mo letlhakoreng la Batutsi ba ba humileng fa Baporotesetanta ba ne ba itsalanya le Bahutu ba ba neng ba le bantsi bao ba neng ba gateletswe. Ka 1959, Bahutu ba ne ba busa mme ka bonako fela ba engwa nokeng ke Bakatoliki le Baporotesetanta. Baporotesetanta ba santse ba ema nokeng Bahutu ba e leng bone ba bantsi thata.”
Ka sekai, a baeteledipele ba dikereke tsa Boporotesetanta ba ile ba kgala go ganyaolwa gono ga batho? The Observer e araba jaana: “Baeteledipele ba babedi ba kereke [ya Anglican] ba ne ba bodiwa gore a ba kgala babolai ba ba kgaotseng bana ditlhogo mme ba ba tlogela mo dikerekeng tsa Rwanda.
“Ba ne ba gana go araba. Ba ne ba tila dipotso, ba gakala, ba tlhatlosa mantswe, mme modi o o boteng wa masetlapelo a Rwanda o ne wa senolwa—maloko a magolo a kereke ya Anglican e ne e le barongwa ba boradipolotiki ba ba neng ba bolelela batho gore ba bolaane le go tlatsa melapo ka madi.”
Eleruri, dikereke tsa Labokeresete kwa Rwanda ga di farologane ka gope le dikereke tsa mafelo a mangwe. Ka sekai, Borigadirijenerale Frank P. Crozier wa Moboritane o ne a bolela jaana kaga go ema Ntwa ya Lefatshe I nokeng ga baeteledipele ba dipolotiki: “Dikereke tsa Bokeresete ke batlhotlheletsi ba mmatota ba tshololo ya madi ba re nang le bone e bile re ba dirisa jaaka re rata.”
Ee, baeteledipele ba bodumedi ba rwala boikarabelo jo bogolo jwa se se diragetseng! National Catholic Reporter ya June 3, 1994, e ne ya bega jaana: “Go lwa mo setšhabeng seno sa Afrika go akaretsa ‘go ganyaola batho ga mmatota mo e leng gore ka maswabi le Bakatoliki ba ikarabelela mo go gone,’ mopapa o ne a bua jalo.”
Go phepafetse gore, dikereke di paletswe ke go ruta melaometheo ya Bokeresete ya boammaaruri, e e theilweng mo dikwalong tse di jaaka Isaia 2:4 le Mathaio 26:52. Go ya ka pampiri ya dikgang ya Fora, Le Monde, moruti o ne a bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Ba a bolaana ba lebala gore ke bakaulengwe.” Moruti yo mongwe wa Rwanda o ne a bolela jaana: “Bakeresete ba bolailwe ke Bakeresete ba bangwe, morago ga lekgolo la dingwaga ba ntse ba rera ka lorato le go itshwarela. Ba paletswe.” Le Monde e ne ya botsa jaana: “Ke mang yo o ka tilang go akanya gore Batutsi le Bahutu ba ba lwang kwa Burundi le Rwanda ba ne ba thapisiwa ke barongwa ba le bangwe ba Bakeresete le gore ba tsena dikereke tse di tshwanang?”
Bakeresete ba Boammaaruri ba Farologane
Balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete ba reetsa taolo ya gagwe ya gore ba “ratane.” (Johane 13:34) A o ka akanya Jesu kgotsa mongwe wa baaposetoloi ba gagwe a tsaya tšhaka mme a bolaya mongwe? Go bolaya mo go ntseng jalo mo go seng kafa molaong go supa batho jaaka “bana ba diabolo.”—1 Johane 3:10-12.
Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe ka tsela epe mo dintweng, diphetogong tse dikgolo, kgotsa dikgannyeng dipe tse di rotloediwang ke boradipolotiki ba lefatshe, ba ba laolwang ke Satane Diabolo. (Johane 17:14, 16; 18:36; Tshenolo 12:9) Go na le moo, Basupi ba ga Jehofa ba bontshana lorato lwa mmatota. Ka jalo, fa batho ba ne ba ganyaolwa, Basupi ba Bahutu ba ne ba baya matshelo a bone mo kotsing ka bobone fela ka maiteko a go sireletsa bakaulengwe ba bone ba Batutsi.
Mme gone, masetlapelo a a tshwanang le ao ga a tshwanela go re gakgamatsa. Jesu o ne a bolelela pele jaana mo boperofeting jwa gagwe jo bo malebana le “bokhutlo jwa lefatshe”: “Ba tlaa . . . lo bolaya.” (Mathaio 24:3, 9) Se se itumedisang ke gore Jesu o solofetsa gore ba ba ikanyegang ba tla gakologelwa fa go tsosiwa baswi.—Johane 5:28, 29.
Mo nakong eno, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Rwanda le gongwe le gongwe ba ikemiseditse go tswelela ba itshupa jaaka barutwa ba ga Keresete ka go ratana. (Johane 13:35) Lorato lwa bone lo fa bosupi le eleng mo gare ga mathata a a leng teng gompieno, jaaka pego e e patileng eno ya “Basupi mo Dikampeng tsa Batshabi” e bontsha. Rotlhe re tlhoka go gakologelwa se Jesu a neng a se bolela mo boperofeting jono jwa gagwe: “Yo o itshokelang bokhutlong ene yoo o tlaa bolokwa.”—Mathaio 24:13.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
BASUPI MO DIKAMPENG TSA BATSHABI
Go simolola ka July monongwaga, Basupi le ditsala tsa bone ba feta 4 700 ba ne ba le mo dikampeng tsa batshabi. Kwa Zaire, ba le 2 376 ba ne ba le kwa Goma, ba le 454 kwa Bukavu le ba le 1 592 kwa Uvira. Mo godimo ga moo, kwa Tanzania go ne go na le ba le 230 kwa Benaco.
Go ya kwa mafelong a batshabi ka bogone go ne go se motlhofo. Phuthego nngwe e e nang le Basupi ba le 60 e ne ya leka go kgabaganya borogo jwa Rusumo, jo bo dirisiwang thata go ya kwa dikampeng tsa batshabi kwa Tanzania. Fa ba ne ba kganelwa go feta ba ne ba nna beke fa lotshitshing lwa molapo. Mme ba ne ba fetsa ka gore ba leke go kgabaganya ba dirisa mekoro. Ba ne ba atlega mme ya re morago ga malatsi a sekaenyana ba goroga ba bolokesegile kwa kampeng e e kwa Tanzania.
Basupi ba ga Jehofa ba kwa dinageng tse dingwe ba ne ba rulaganya dithuso tse dikgolo tsa namolo. Basupi ba kwa Fora ba ne ba kgobokanya ditone di feta lekgolo tsa diaparo le ditone di le robong tsa ditlhako mme ditlamelo tse di ntseng jalo, mmogo le dilo tse di fang mmele dikotla tse di oketsegileng le melemo di ne tsa isiwa ka sekepe kwa mafelong a di neng di tlhokega kwa go one. Lefa go le jalo, selo sa ntlha se gantsi bakaulengwe ba ba mo dikampeng tsa batshabi ba neng ba se kopa e ne e le Baebele, kgotsa makasine wa Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang!
Batho ba bantsi ba ba neng ba etse tlhoko ba ne ba kgatlhiwa ke lorato lo lo bontshitsweng ke Basupi ba kwa Zaire le Tanzania ba ba neng ba etela le go thusa bakaulengwe ba bone ba ba pateleditsweng go tlogela magae a bone. Batshabi ba re: “Lo etetswe ke batho ba bodumedi jwa lona, mme rona moruti wa rona ga a ise a re etele.”
Basupi ba ne ba itsege thata mo dikampeng, segolobogolo ka lebaka la go utlwana ga bone, go nna le thulaganyo le lorato. (Johane 13:35) Go a kgatlha go bona gore kwa Benaco, kwa Tanzania go ne ga tsaya Basupi metsotso e le 15 go bona Basupi ba bangwe ba batshabi mo gare ga batho ba le 250 000 mo kampeng.