LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 1/8 ts. 12-17
  • Go Tlamela ba ba Wetsweng ke Masetlapelo a Rwanda

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlamela ba ba Wetsweng ke Masetlapelo a Rwanda
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira Dilo ka Tolamo Go ne Ga Khutla ka Tshoganetso
  • Ba ne ba Leka go Thusana
  • Go Latlha Letlhoo la Bomorafe
  • Pogisego e e Garolang Pelo
  • Go Tsibogela Pogo eo ka Bonako
  • Go Lepalepana le Bolwetsi
  • Batho ba Semoya ba ba Supang Tebogo
  • Go Santse go Tlhokega Thuso
  • Masetlapelo a Kwa Rwanda—Ke Mang yo o Ikarabelelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Bokeresete bo Tsaya Kgato—Mo Gare ga Tlhakatlhakano
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Re ne Ra Falola Seretse sa Lekgwamolelo!
    Tsogang!—2002
  • A o Ka Ikanya Bodumedi Malebana le Ntwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 1/8 ts. 12-17

Go Tlamela ba ba Wetsweng ke Masetlapelo a Rwanda

RWANDA, e fa gare ga mpa ya Afrika mme e sale e ntse e bidiwa gore ke “Switzerland ya Afrika.“ Ditlhare tse ditala tse batho ba ba fofang ka difofane ba di bonang koo fa ba feta ba raletse naga eno di ile tsa ba gopotsa tshimo ya Edene. Ke sone se ba neng ba tlhola ba bitsa Rwanda ba re ke paradaise. Nako nngwe e ne e tle e re fa go kgaotswe setlhare se le sengwe go ne go jalwa tse pedi mo boemong jwa sone. Ngwaga mongwe o ne wa bo wa bidiwa gore ke ngwaga wa go jala ditlhare. Go ne ga jalwa ditlhare tsa maungo go ipapatha le ditsela. Go ne go le motlhofo go itsamaela mo nageng eo ka kgololesego. Ditsela tse dikgolo tse di neng di gokaganya motsemoshate wa teng e bong Kigali le dikgaolo tse di mabapi di ne di le tokwana ka mmala. Motsemoshate wa teng o ne o gola ka lobelo lo logolo. Babereki fela ba ba tlwaelegileng ba koo ba ne ba amogela madi a a lekaneng go ba tshedisa fa kgwedi e fela.

Tiro ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa le yone e ne e gatela pele sentle thata kwa Rwanda. Mo masimologong a ngogola go ne go na le Basupi ba ba ka nnang 2 600 ba ba neng ba nna le seabe mo go itsiseng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo baaging ba naga eo ba ba ka tshwarang dimilione tse robedi ba bontsi jwa bone e leng Bakatoliki. (Mathaio 24:14) Ka March, Basupi ba ne ba tshwarela batho ba ba fetang 10 000 dithuto tsa Baebele kwa magaeng a bone. E bile go ne go na le diphuthego di le 15 kwa Kigali le mo mafelong a a gaufi.

Molebedi wa potologo wa Basupi ba ga Jehofa o ne a bolela jaana: “Ka November 1992 ke ne ke potologa mo diphuthegong tse 18. Mme ka March 1994 di ne di oketsegile, di le 27. Palo ya babulatsela (badiredi ba nako e tletseng) le yone e ne e oketsega ngwaga le ngwaga.“ Ka Matlhatso March 26, 1994, go ne ga tla batho ba le 9 834 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete.

Mme ka ponyo ya leitlho dilo di ne tsa fetoga ka tsela e e garolang pelo kwa Rwanda.*

Go Dira Dilo ka Tolamo Go ne Ga Khutla ka Tshoganetso

Ka April 6,1994 mo e ka nnang ka 8:00 p.m. boporesidente ba Rwanda le Burundi bao ka bobedi e neng e le Bahutu ba ne ba swa fa sefofane sa bone se ne se wela kwa Kigali. Bosigo joo go ne ga utlwala fela melodi ya diphala tsa mapodise mo motsemoshateng oo mme le ditsela di ne tsa bewa maparego. Morago ga moo, e ne ya re ka mahube masole le banna ba ba neng ba tshotse melelema ya dithipa ba ne ba simolola go bolaya Batutsi. Ntabana Eugène—molebedi wa Basupi ba ga Jehofa wa toropokgolo ya Kigali—mosadi wa gagwe, morwaawe le morwadie ba ne ba nna gareng ga batho ba ntlha go kgemethiwa.

Lelapa lengwe la Basupi ba ga Jehofa le le tswang kwa Yuropa le ne le ntse le ithuta Baebele le baagisani ba sekae ba e neng e le Batutsi. Ba le robongwe ba baagisani bano ba ne ba tshabela kwa ntlong ya lelapa leno le le tswang kwa Yuropa fa babolai ba ba shakgetseng ba ntse ba tsena ntlo le ntlo. Mo metsotsong e sekae fela dinokwane tse 40 di ne tsa tsena mo ntlong eo di thubaka dilo e bile ba menola difanitšhara. Ka maswabi, baagisani bano ba Batutsi ba ne ba bolawa. Lefa go ntse jalo, ba bangwe bone, ba ne ba falola loso lono ba sena go leka go sireletsa ditsala tseno tsa bone.

Go ne ga feta dibekebeke batho ba ntse ba bolawa jalo. Go fopholediwa gore kgabagare go ne ga bolawa batho ba Rwanda ba le 500 000 kana go feta. Diketekete tsa bone, segolobogolo Batutsi di ne tsa tshaba, gore di ipoloke. Ofise ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Zaire e ne ya itsise bakaulengwe kwa Fora gore go tlhokega ditlamelo tsa go namola. Lekala la Zaire le tlhalosa jaana: “Re ne ra kopa gore re romelelwe letoroko le le lengwe la diaparo tse di dirisitsweng. Bakaulengwe ba Fora ba ne ba re romelela matoroko a le matlhano a diaparo le ditlhako tse bontsi jwa tsone e neng e le tse disha.” Ka June 11 go ne ga romelwa ditone di le 65 tsa diaparo. Lekala la Kenya le lone le ne la romelela batshabi diaparo le melemo le dimakasine tsa Tora ya Tebelo ka dipuo tsa bone.

Ka July, masole a bontsi jwa one e neng e le Batutsi a a bidiwang Rwandan Patriotic Front, a ne a fentse masole a puso a bontsi jwa one e neng e le Bahutu. Morago ga moo, Bahutu ba le makgolo a le diketekete ba ne ba simolola go tshaba ba tswa mo nageng eo. Go ne ga tsoga tlhakatlhakano fa batho ba Rwanda ba le dimilione tse pedi kana go feta ba ne ba tshabela kwa dikampeng tse di tlhomilweng ka lepotlapotla kwa dinageng tse di mabapi.

Ba ne ba Leka go Thusana

Batho ba le babedi mo go ba le barataro ba ba neng ba dira kwa Diofising Tsa Baranodi Tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Kigali—Ananie Mbanda le Mukagisagara Denise—e ne e le Batutsi. Maiteko a bakaulengwe ba Bahutu a go ba sireletsa a ne a atlega dibeke di sekae fela. Mme e ne ya re kwa bofelong jwa May 1994, Basupi ba babedi bao ba Batutsi ba ne ba bolawa.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itebaganya le diphatsa le go ntsha matshelo a bone ditlhabelo e le gore ba sireletse Bakeresetekabone ba morafe o mongwe. (Johane 13:34,35; 15:13) Ka sekai, Mukabalisa Chantal ke Motutsi. E ne ya re fa maloko a Rwandan Patriotic Front a tsoma Bahutu kwa setediamong se o neng a nna mo go sone, o ne a tsaya kgato go sireletsa ditsala tsa gagwe tsa Bahutu. Le mororo dirukhutli tseno di ne tsa tenwa ke seno, mongwe wa bone o ne a re: “Lona Basupi ba ga Jehofa, ruri lo ratana tota jaaka bana ba motho. Bodumedi jwa lona bo gaisa otlhe a a leng teng!”

Go Latlha Letlhoo la Bomorafe

Ga se gore Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba amiwa ka gope ke letlhoo leno la bomorafe le le nang le makgolokgolo a dingwaga le le teng mo kgaolong eno ya Afrika. Mosupi mongwe go tswa kwa Fora yo o neng a thusa mo tirong ya go namola o ne a akgela jaana: “Tota le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba tshwanelwa ke go kgaratlha thata gore ba se ka ba tsenwa ke letlhoo leno le le dirileng gore go nne le dipolaano tseno tse di maswemaswe.

“Re ne re kopana le bakaulengwe bao ba malapa a bone ba neng ba kgemethiwa ba ba lebile. Ka sekai, monna wa ga kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o ne a bolawa ba na le malatsi a le mabedi fela ba sa tswa go nyalana. Basupi bangwe ba ne ba bona bana ba bone le batsadi ba bone ba bolawa fa pele ga bone. Lelapa lotlhe la kgaitsadi mongwe, yo gone jaanong a leng kwa Uganda, le ne la kgemethiwa a le lebile go akaretsa le monna wa gagwe. Seno se bontsha fela kafa lelapa lengwe le lengwe la Basupi ba ga Jehofa le neng la boga ka teng mo maikutlong le mo mmeleng.”

Go bolailwe Basupi ba ka nna 400 mo ntweng eno ya semorafe. Lefa go ntse jalo, ga go ope wa bone yo o suleng ka ntlha ya go bolawa ke Basupikaene. Mme maloko a dikereke tsa Roma Katoliki le tsa Porotesetante a Bahutu le Batutsi one a bolaile diketekete tsa batho. Go itsege sentle lefatshe ka bophara gore, Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe ka gope mo dintweng, mo go menoleng dipuso kana mo dikgothakgothanong tsa lefatshe leno.—Johane 17:14, 16; 18:36; Tshenolo 12:9.

Pogisego e e Garolang Pelo

Mo selemong sa ngogola, batho mo lefatsheng lotlhe ba ne ba bona ditshwantsho tsa batho ba ba bogang tota. Makgolo a le diketekete a batshabi ba Rwanda a ne a bonwa a tshabela kwa dinageng tse di mabapi mme ba fitlha ba nna mo mafelong a a leswe tota. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a le mo letsholong la namolo go tswa kwa Fora o tlhalosa maemo ao ene le ba ba neng ba mo patile ba neng ba a bona ka July 30 jaana.

“Re ne re bona dilo tse di garolang pelo tota. Ditopo di ne di koelane dimmaelemaele go bapa le tsela. Mabitla a metse a ne a tletse ka diketekete tsa ditopo. Go ne go nkga tota fa re ntse re raletse boidiidi jwa batho re tla re bona bana ba tshameka gaufi le ditopo. Bana bangwe ba ba neng ba santse ba tshela ba ne ba ikakatletse mo mekwatleng ya ditopo tsa batsadi ba bone. Motho fa a ntse a bona dilo tse di ntseng jalo kgapetsakgapetsa o ne a amega fela thata. Motho o ne a felelwa ke tsholofelo mme e bile go ne go sena ope yo o neng a sa utlwisiwe botlhoko ke go bona masetlapelo ano le pogisego e e kalokalo.”

E ne ya re mo bogareng jwa July fa dikete tse di masomesome tsa batshabi di ne di oologela kwa Zaire, Basupi ba kwa Zaire ba ne ba ya go ba kgatlhantsha kwa melelwaneng ba tsholeditse dikgatiso tsa Baebele gore bakaulengwe ba bone ba Bakeresete le batho ba ba kgatlhegang ba tle ba kgone go ba lemoga. Morago ga moo Basupi ba ba neng ba tshabile go tswa kwa Rwanda ba ne ba kgobokanngwa mme ba isiwa kwa Holong ya Bogosi ya motse o o fa gaufi wa Goma kwa ba neng ba tlamelwa ka dilo tse ba di tlhokang gone. Basupi ba ba neng ba na le maitemogelo ka tsa kalafi ba ne ba dira ka natla go oka ba ba lwalang le mororo go ne go sena melemo e e lekaneng e bile go ne go tlhokega didirisiwa tse di tshwanetseng.

Go Tsibogela Pogo eo ka Bonako

Ka Labotlhano, ka July 22, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Fora ba ne ba amogela fax ya SOS go tswa mo Afrika. E ne ya ba itsise gore bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba ba tshabang go tswa kwa Rwanda ba mo tlalelong e kgolo. Morago ga metsotso e le metlhano fela kana e le lesome morago ga go amogela lekwalo leo bakaulengwe ba ne ba dira tshwetso ya gore ba tlatse sefofane sa dithoto ka dilwana tsa namolo. Seno se ne sa dira gore ba fetse mafelobeke ao ba tshwaregile thata ka go baakanya dilo, mo e neng e le selo se se gakgamatsang thata ka gonne ba ne ba sa tlwaela go rulaganya dilo tsa namolo tse dintsi go le kalo mo lobakeng fela lo lokhutshwane.

Go ne ga ntshiwa moneelo wa madi a go namola a le mantsi thata. Basupi ba kwa Belgium, Fora le Switzerland fela, ba ne ba ntsha moneelo wa madi a a fetang R5 800 000. Go ne ga lerwe dilwana tsa namolo go akaretsa le dijo, melemo le dilo tse ba neng ba ka itshedisa ka tsone mme dilo tsotlhe tseno di ne tsa tsenngwa mo mabokosong le go tshwaiwa ka fa ntle kwa dikagong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Louviers, kwa Fora, le kwa Brussels, kwa Belgium. Basupi ba ne ba dira bosigo le motshegare go baakanya dithoto tseno tse di neng di tlile go romelwa kwa Ostend, kwa Belgium. Ka Laboraro July 27, go ne ga tsenngwa dithoto tsa ditone di le 35 mo sefofaneng sa dithoto kwa boemafofaneng jwa teng koo. Letsatsi le le latelang go ne ga romelwa dithoto di sekae fela, bontsi e le melemo ya kalafi. Malatsi a le mabedi morago ga moo, ka Matlhatso sefofane se sengwe gape se ne sa tla se tsholetse batho bano melemo ya kalafi.

Basupi ba ba tswang kwa Fora, go akaretsa le ngaka ya kalafi, ba ne ba goroga kwa Goma pele dithoto tse dikgolo tseno di goroga. Ka Mantaga, July 25, fa Dr. Henri Tallet a ne a goroga kwa Goma go ne go setse go tlhokafetse Basupi ba le 20 ka ntlha ya kholera mme ba bangwe ba ne ba tlhokafala letsatsi le letsatsi. Dithoto tseno e ne ya nna gone di gorogang kwa Goma ka Labotlhano wa July 29 mo mosong ka gonne di ne di tshwanelwa ke go tsaya mosepele wa dikilometara tse 250 ka go kgabaganya Bujumbura, kwa Burundi.

Go Lepalepana le Bolwetsi

Fa go ntse go le jalo, kwa setsheng se Holo ya Bogosi e neng e le mo go sone kwa Goma, go ne go na le Basupi ba le 1 600 le ditsala tsa bone ba pitlagane moo. Batho bano botlhe ba ne ba dirisa ntlwana e le nngwe ya boithomelo, go sena metsi, mme dijo di le dinnye. Batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke kholera ba ne ba pitlagane mo Holong ya Bogosi. Palo ya ba ba neng ba swa e ne e oketsega ka lobelo lo logolo.

Kholera e dira gore motho a latlhegelwe ke metsi a mantsi thata mo mmeleng wa gagwe. E dira gore matlho a motho a nne letobo a bo a rotoge. Fa motho yono a ka newa kalafi ya go busetsa metsi mo mmeleng wa gagwe ka bonako, o tla thathamologelwa morago ga malatsi a le mabedi. Ka jalo, ka bonako fela go ne ga dirwa maiteko a go busetsa metsi mo mebeleng ya bakaulengwe go dirisiwa melemonyana e e neng e le gone.

Mo godimo ga moo, bakaulengwe ba ne ba leka go tlhaola ba ba lwalang mo go ba bangwe go thibela gore ba se ka ba ba tshwaetsa. Ba ne ba bona go le molemo go tlosa batshabi kwa tikologong e e sa itumediseng eo ya Goma. Go ne ga bonwa lefelo le le tshwanetseng gaufi le Lake Kivu, kgakala le lerole le monkgo wa ditopo o o neng o tletse mo moweng.

Go ne ga epiwa matlwana a boithomelo ga ba ga gagamadiwa melao ya bophepa. E ne e akaretsa gore motho a tlhape diatla tsa gagwe mo metsing a a nang le jiki fa a tswa ntlwaneng. Go ne ga gatelelwa thata botlhokwa jwa go latela melao eno mme batho ba ne ba dira fela jaaka ba ne ba laelwa. Go ise go ye kae go anama ga bolwetsi jo bo bolayang joo go ne ga fokodiwa.

E ne ya re fa morwalo wa dithoto tse dintsi tseo o goroga ka Labotlhano, July 29, go ne ga tlhongwa bookelwana mo Holong ya Bogosi kwa Goma. Go ne ga lerwe malao a a menaganngwang a le 60 ga bo ga dirwa le thulaganyo ya go phepafatsa metsi. Mo godimo ga moo, Basupi ba ba neng ba thibeletse fa dintshing tsa Lake Kivu ba ne ba isediwa ditente. Ka ponyo ya leitlho fela ke fa ba setse ba tlhomile ditente di le 50 ba di tlhomagantse sentle.

Nako nngwe Basupi ba ka nna 150 le ditsala tsa bone ba ne ba lwala tota. Mo bekeng ya ntlha ya August go ne ga swa ba ba fetang 40 kwa Goma. Lefa go ntse jalo, melemo ya kalafi le bathusi ba ne ba goroga ka nako e e tshwanetseng go tla go namola matshelo a batho ba le bantsi le go ba namola mo pogong e e kalo.

Batho ba Semoya ba ba Supang Tebogo

Batshabi ba Basupi ba ne ba lebogela dilo tsotlhe tse ba neng ba di direlwa. Ba ne ba amiwa tota ke go bona kafa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ba dinaga tse dingwe ba neng ba ba bontsha lorato ka teng mme seno sa ba bontsha tota gore ke karolo ya bokaulengwe jwa boditšhabatšhaba.

Lefa ba le mo mathateng, batshabi ba ne ba kgona go ipoloka ba nonofile semoyeng. Tota e bile motho mongwe yo o neng a ba etse tlhoko o ne a bega gore ba ne “ba bonala ba tshwenyegile thata ka go bona dijo tsa semoya go gaisa go newa dithoto le mororo ba tlhoka dilo thata jalo.” Go ne ga romelwa dikopi di le 5 000 tsa buka ya go ithuta Baebele ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka puo ya Rwanda ya Sekinyarwanda di romelwa kwa dikampeng tse di farologaneng tsa batshabi morago ga gore go kopiwe dibuka.a

Batshabi ba ne ba tlhatlhoba temana ya Baebele letsatsi le letsatsi mme ba ne ba rulaganya dipokano tsa phuthego. Go ne gape ga dirwa dithulaganyo tsa go ruta bana dilo tsa sekolo. Barutabana ba ne ba dirisa nako eo go ruta bana melao ya bophepa, ba gatelela gore ba tshwanetse go gagamalela go latela melao eo gore ba tle ba tshele.

Go Santse go Tlhokega Thuso

Kwantle ga kwa Goma, makgolokgolo a batshabi ba bangwe ba Basupi ba ne ba le kwa mafelong a mangwe a a jaaka Rutshuru. Bakaulengwe bano le bone ba ne ba thusiwa fela jalo. Ka July 31, boemedi jwa Basupi jwa maloko a le supa bo ne jwa ya ntlheng ya borwa ka sefofane go tswa kwa Goma go ya kwa Bukavu koo go neng go na le batshabi ba Basupi ba le 450. Bontsi jwa ba bangwe ba bone bo ne bo tswa kwa Burundi. Batho ba le bantsi ba ne ba tshwerwe ke kholera koo, ka jalo bakaulengwe ba ne ba thusiwa gore e se ka ya ba bolaya.

Mo letsatsing le le latelang boemedi joo bo ne jwa tsamaya mo e ka nnang dikilometara tse 150 ka sejanaga ba ya kwa Uvira, kwa Zaire, mme mo tseleng ba ne ba tla ba fapogela mo mafelong a le supa a go neng go na le Basupi ba le 1 600 ba ba tswang Rwanda le Burundi kwa go one. Ba ne ba neelwa ditaelo tsa kafa ba ka itshireletsang ka teng kgatlhanong le bolwetsi jono. Pego e e malebana le dilo tse boemedi jono bo neng jwa di lemoga e ne ya re: “Se re setseng re se dirile go fitlha jaanong e santse e le masimologo fela, mme batho ba le 4 700 ba gone jaanong ba tlamelwang ba santse ba tla tlhoka thuso e e oketsegileng ka dikgwedikgwedi.”

Go begwa fa makgolokgolo a Basupi a ile a boela kwa Rwanda ka August. Lefa go ntse jalo, mo e ka nnang matlo otlhe le dithoto tsotlhe tsa batho ba gone di ne di utswilwe e bile di thubilwe. Ka jalo ba lebanwe ke kgwetlho ya go aga matlo le Diholo tsa Bogosi sesha.

Batlhanka ba Modimo ba tswelela pele ba rapelela batho bano ba ba ileng ba bogisega thata jalo kwa Rwanda. Re a itse gore jaaka fa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela, thubakanyo e ka nna ya oketsega. Lefa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba tla tswelela pele ba gagamaletse boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete le go nna ba bontsha batho ba bangwe lorato lwa boammaaruri.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York. Inc.

AidAfrique Humanitaire

[Map on page 12]

(For fully formatted text, see publication)

RWANDA

Kigali

UGANDA

ZAIRE

Rutshuru

Goma

Lake Kivu

Bukavu

Uvira

BURUNDI

Bujumbura

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kafa molemeng: Ntaban Eugene le lelapa la gagwe ba ne na bolawa le mororo bakaulengwe ba Bahutu ba ile ba leka go mo sireletsa

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Kwa godimo: Fa go okwa balwetsi kwa Holong ya Bogosi kwa Goma. Kwa tlase kafa molemeng: Basupi ba ne ba rulaganya ditone di feta 35 tsa dilwana tsa namolo gore di romelwe ka sefofane sa dithoto. Kwa tlase: Gaufi le Lake Kivu kwa Basupi ba neng ba fudusediwa gone. Kwa tlase kafa mojeng: Batshabi ba Rwanda kwa Holong ya Bogosi kwa Zaire

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela