Bokeresete bo Tsaya Kgato—Mo Gare ga Tlhakatlhakano
DILO tsotlhe di ile tsa simologa ka tshoganyetso fela ka letsatsi lengwe ka April 1994. Go wa ga sefofane go ne ga bolaya boperesidente ba Burundi le Rwanda. Mo nakong ya diura fela Rwanda e ne ya aparelwa ke thubakanyo e e tshosang e e seng kana ka sepe. Mo dikgweding tse di fetang tse tharo fela, go ne go sule batho ba kwa Rwanda ba ba fetang 500 000—banna, basadi le bana. Batho bangwe ba re seno e ne e le nako ya “kgailo ya morafe.”
Sephatlo sa baagi ba Rwanda ba le dimilione di le 7,5 ba ne ba tshwanela gore ba tshabe. Seno se ne se akaretsa batho ba le dimilione di le 2,4 ba ba neng ba tshabela kwa dinageng tse di bapileng le bone. E ne e le khudugo e kgolo le e e bofefo go di gaisa tsotlhe ya batshabi e e kileng ya nna teng mo hisitoring ya motlha wa rona. Dikampa tsa batshabi di ne tsa tlhomiwa ka bonako kwa Zaire (e jaanong e leng Democratic Republic of Congo), Tanzania le Burundi. Mo go dingwe tsa dikampa tseno—tse e leng tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng—go ne go nna batho ba le 200 000.
Bangwe ba batshabi bano e ne e le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi, ba e leng batho ba ba ratang kagiso ba ba dirisang melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone. Le fa e le naga efe e ba nnang kwa go yone, ba boloka boitlhaodi jo bo feletseng mme ba dirisa molaomotheo ono wa mafoko a a mo go Isaia 2:4: “Di tlaa thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a tsone dithipa tsa mabele; morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.” Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe gotlhe e le setlhopha sa bodumedi se se neng sa se ka sa nna le seabe mo kgailong ya morafe kwa Rwanda.
Jesu Keresete o ne a bolela gore balatedi ba gagwe “ga ba karolo ya lefatshe.” Le fa go ntse jalo, e re ka ba le “mo lefatsheng,” ka metlha ba tsapogelwa ke madi a kgofa fa go na le tlhakatlhakano ya ditšhaba. (Johane 17:11, 14) Ka nako ya kgailo ya morafe kwa Rwanda, go ne ga bolawa Basupi ba ba ka nnang 400. Mo e ka nnang Basupi ba le 2000 le batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi ba ne ba nna batshabi.
A go se nne karolo ya lefatshe go raya gore Basupi ba ga Jehofa ga ba dire sepe fa go nna le masetlapelo? Nnyaa. Lefoko la Modimo le bolela jaana: “Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a le mo seemong sa go sa ikatega e bile a se na dijo tse di lekaneng letsatsi leo, lefa go ntse jalo mongwe wa lona a ba raya a re: ‘Tsamaya ka kagiso, o nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle,’ mme lo sa ba neye ditlhoko tsa mmele wa bone, go na le mosola wa eng? Ka gone, le tumelo, fa e se na ditiro, e sule ka boyone.” (Jakobe 2:15-17) Go rata baagelani le gone go tlhotlheletsa Basupi go thusa batho ba e seng badumedimmogo le bone.—Mathaio 22:37-40.
Le mororo Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba eletsa go thusa badumedikabone ba ba neng ba lebane le masetlapelo kwa Rwanda, go abiwa ga dilo tsa thuso ya namolo e ne e le tiro e e abetsweng Yuropa Bophirima. Ka selemo sa 1994, setlhopha sa baithaopi ba Basupi go tswa kwa Yuropa se ne sa itlhaganelela go tla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete mo Afrika. Batshabi ba Rwanda ba ne ba tlhomelwa dikampa tse di rulagantsweng sentle le dikokelo tsa nakwana. Ba ne ba tlisediwa dikobo, diaparo, dijo le dikgatiso tsa Baebele tse dintsi ka sefofane kana di romelwa ka ditsela tse dingwe. Batho ba ba neng ba boga ba ba fetang 7000—e leng palo e e batlang e feta palo ya nako eo ya Basupi ba ga Jehofa ba kwa Rwanda go menagane gararo—ba ne ba solegelwa molemo ke thuso eno ya namolo. Ka December ya one ngwaga oo, batshabi ba le diketekete, go akaretsa le bontsi jwa ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba boela kwa Rwanda go ya go tsosolosa matshelo a bone.
Ntwa Kwa Congo
Ka 1996, go ne ga tsoga ntwa kwa karolong e e kwa botlhaba ya Democratic Republic of Congo. Lefelo leno le gaufi le Rwanda le Burundi. Gape go ne go na le dipetelelo le dipolao. Mo gare ga modumo wa marumo le metsana e e fisiwang, batho ba ne ba tshaba go iphalotsa. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba le mo gare ga tlhakatlhakano eo mme go ne ga swa ba ba ka nnang 50. Ba bangwe ba ne ba bolawa ke marumo a a neng a feta. Ba bangwe ba ne ba bolawa ka gonne ba ne ba le ba setso se se rileng kana go ne go akanngwa gore ke baba. Motsana mongwe o Basupi ba le 150 ba neng ba nna mo go one, o ne wa fisiwa ka molelo. Mo metsaneng e mengwe go ne ga fisiwa matlo a le mantsi le Diholo dingwe tsa Bogosi. E re ka ba ne ba sa tlhole ba na le matlo, Basupi ba ne ba tshabela kwa mafelong a mangwe mme ba thusiwa koo ke baobamedikabone.
Morago ga ntwa go nna le tlala, ka gonne dijalo di a senngwa, dijo tse di teng di a thopiwa le dilwana tsa namolo di a thibelwa. Dijo tse di leng gone di ja madi a mantsi. Kwa Kisangani, mo masimologong a May 1997, kilogerama ya ditapole e ne e ja diranta di le sometharo, e leng madi a a fetang kgakala a batho ba le bantsi ba ka a kgonang. Bontsi bo ne bo kgona go ja gangwe fela ka letsatsi. Ee, go nna le malwetse ka ntlha ya go tlhaela ga dijo. Phepelotlase e koafatsa bokgoni jwa mmele jwa go thibela malwetse a a jaaka malaria, letshoroma le mathata a mala. Bana ke bone segolobogolo ba ba bogang le go swa.
Go Sekaseka Dilo Tse di Tlhokegang
Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa ba ne ba tsiboga ka bonako gape ka nako ya fa go ne go tlhokega thuso. Ka April 1997 setlhopha sa Basupi sa thuso ya namolo se se neng se akaretsa dingaka tse pedi tsa kalafi se ne sa ya koo ka sefofane se tshotse melemo le madi. Kwa Goma Basupi ba koo ba ne ba setse ba rulagantse dikomiti tsa namolo go sekaseka seemo gore ba tle ba thuse ka bonako. Setlhopha se ne sa tlhatlhoba motse le mafelo a a bapileng le one. Barongwa ba ne ba romelwa go ya go bona dipego kwa mafelong a a kwa kgakala. Go ne ga bonwa gape tshedimosetso go tswa kwa Kisangani, e e leng dikilometara tse di fetang 1000 go ya kwa bophirima jwa Goma. Bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba thusa go aba dilwana kwa Goma koo go nnang Basupi ba ba ka nnang 700.
Mongwe wa bagolwane ba Bakeresete kwa Goma o ne a bolela jaana: “Re ne ra amega thata go bona bakaulengwe ba rona ba tswa kwa kgakala jaana go tla go re thusa. Pele ga ba tla, re ne ra thusana. Bakaulengwe ba ne ba tshwanela ke gore ba tshabe mo nageng eo go ya kwa Goma. Bangwe ba ne ba latlhegetswe ke matlo a bone mme ba tlogela masimo a bone. Re ne ra ba amogela mo matlong a rona ra kgaoganya diaparo tsa rona le bone le go ja dijonyana tse re neng re na natso le bone. Go ne go se mo go kalo mo rona ka borona re neng re ka go dira. Bangwe ba rona ba ne ba tshwenngwa ke phepelotlase.
“Le fa go ntse jalo, bakaulengwe ba rona ba ba tswang kwa Yuropa, ba ne ba re tlela madi a a neng a re thusa go reka dijo, tse di neng di tlhokega thata e bile di tura thata. Dijo di ne tsa tla ka nako e e tshwanetseng ka gonne ba le bantsi ba ne ba se na sepe se ba ka se jang kwa matlong a bone. Re ne ra abela Basupi mmogo le ba e seng Basupi dijo. Fa re ne re sa thusiwa ka nako e re thusitsweng ka yone, go ne go tla swa ba le bantsi thata, segolobogolo bana. Jehofa o ne a namola batho ba gagwe. Batho ba e seng Basupi ba ne ba kgatlhega thata. Ba le bantsi ba ne ba bua ka kutlwano le lorato lo re nang le lone. Bangwe ba ne ba dumela gore bodumedi jwa rona ke jwa boammaaruri.”
Le mororo dijo di ne di rekwa mo lefelong leno e bile go ne go abiwa melemo, go ne go tlhokega mo gontsi go feta moo. Go ne go tlhokega diaparo le dikobo mmogo le dijo le melemo e e oketsegileng. Go ne go tlhokega gape thuso ya go aga sesha matlo a a sentsweng.
Batho ba Aba ka Bopelotshweu
Bakaulengwe ba ba kwa Yuropa ba ne ba iketleeditse go thusa gape. Ofisi ya Basupi ba ga Jehofa kwa Louviers, kwa Fora, e ne ya dira kitsiso kwa diphuthegong tsa Rhône Valley, mmogo le kwa Normandy le bontlhanngwe jwa karolo ya Paris. Go ne ga diragadiwa molaomotheo o mongwe gape wa Dikwalo o o reng: “Yo o jalang ka bonnye gape o tla roba ka bonnye; mme yo o jalang ka bogolo gape o tla roba ka bogolo. A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata monei yo o thamileng.”—2 Bakorintha 9:6, 7.
Diketekete di ne tsa dirisa tshono eno ka boitumelo go abela ba bangwe. Go ne ga tlisiwa mabokose le dikgetsi tsa diaparo, ditlhako le dilo tse dingwe kwa Diholong tsa Bogosi mme morago ga foo tsa romelwa kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Fora. Koo go ne ga nna le baithaopi ba le 400 ba ba neng ba ipaakanyeditse go nna le seabe mo tirong e nngwe ya “Go Thusa Zaire.” Fa dilo tse di ntshitsweng moneelo tseno di ntse di goroga, baithaopi bano ba ne ba tlhaola diaparo, ba di mena le go di pakela mo mabokoseng a a neng a pakilwe ka ditlhopha tsa 30 mo seraleng se se neng se tlhomilwe ka nakwana. Bana ba ne ba akanya ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba basha ba Afrika mme ba ne ba romela ditshamekisi—dikolotsana tse di phatsimang tsa go tshameka, ditōpō tse di dikologang, bompopi, le bompopi ba dibera. Ditshamekisi tseno di ne tsa pakiwa mmogo le dilwana tsa botlhokwa. Ka kakaretso, go ne ga tladiwa dikhonteinara tsa boleele jwa dimetara di le 12 di le robongwe mme tsa romelwa kwa Congo.
Go ile ga romelwa dilwana di le kana kang kwa Afrika Bogare ka thuso ya diketekete tsa Basupi ba kwa Belgium, Fora le Switzerland? Ka June 1997 palogotlhe e ne e le dikilogerama di le 500 tsa molemo, ditone tse 10 tsa dibisikiti tse di nang le poroteine e ntsi, ditone tse 20 tsa dijo tse dingwe, ditone tse 90 tsa diaparo, dipara tse 18 500 tsa ditlhako le dikobo di le 1000. Dikgatiso tsa Baebele le tsone di ile tsa isiwa koo ka sefofane. Batshabi ba ne ba anaanela dilo tseno tsotlhe thata, di ne di ba gomotsa le go ba thusa go itshokela diteko tsa bone. Dilo tsotlhe tse di rometsweng di ne di ja madi a a ka tshwarang R4400 000. Meneelo e e ntseng jalo e ne e le bosupi jwa bokaulengwe le go ratana ga batho ba ba direlang Jehofa.
Go Abiwa ga Dilwana Kwa Congo
Fa dilwana di simolola go fitlha kwa Congo, bakaulengwe ba babedi le kgaitsadi a le mongwe ba ne ba tla go tswa kwa Fora go tla go dira le komiti ya thuso ya namolo ya lefelo leo. Malebana le kanaanelo e Basupi ba kwa Congo ba ileng ba e bontsha, Joseline o ne a bolela jaana: “Re ne ra amogela makwalo a mantsi a kanaanelo. Kgaitsadi mongwe yo o humanegileng o ne a mpha mokgabisa wa malakhaite. Ba bangwe ba ne ba re naya dinepe tsa bone. Fa re tsamaya, bokgaitsadi ba ne ba nkatla, ba ntlamparela le go lela. Le nna ke ne ka lela. Ba le bantsi ba ne ba akgela ka gore, ‘Jehofa o molemo. Jehofa o akanya ka rona.’ Seo se bontsha gore ba ne ba lemoga gore Modimo ke ene a tshwanelwang ke tlotlo ka ntlha ya go aba gono. Fa re ntse re aba dijo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba baka Jehofa ka dipina tsa Bogosi. Go ne go ama maikutlo tota.”
Ngaka nngwe ya kalafi e e bidiwang Loic e ne e le mongwe wa setlhopha seo. Go ne ga phuthegela batho ba le bantsi mo Holong ya Bogosi mme ba leta ka bopelotelele gore sebaka sa bone se fitlhe sa gore a ba thuse. Kgaitsadi mongwe wa kwa Congo yo o neng a batla go dira sengwe le ene, o ne a dira di-doughnut mme a ntsha tse di ka nnang 40 moneelo gore di fiwe ba ba letetseng go bona ngaka. E re ka go ne go na le batho ba le 80 ba ba letileng, mongwe le mongwe o ne a fiwa sephatlo sa doughnut.
Go Thusa ba e Seng Basupi
Thuso eno ya go direla ba bangwe molemo e ne e sa fiwe ba e leng Basupi ba ga Jehofa fela. Ba bangwe le bone ba ne ba solegelwa molemo, fela jaaka ba le bantsi ba ne ba solegelwa molemo ka 1994. Seno se dumalana le Bagalatia 6:10, e e bolelang jaana: “Ruri he, fa fela re santse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.”
Basupi ba ne ba abela dikolo tsa poraemari le lefelo la dikhutsana le le gaufi le Goma. Go na le bana ba le 85 ba ba nnang kwa lefelong leo la dikhutsana. Mo loetong la ntlha la go ya go tlhatlhoba seemo, setlhopha sa thuso ya namolo se ne sa etela ntlo ya dikhutsana mme sa solofetsa go ba naya mabokose a le 50 a dibisikiti tse di nang le poroteine e ntsi, mabokose a diaparo, dikobo di le 100, melemo le ditshamekisi. Bana ba ne ba tlhomagana ka mela mo jareteng mme ba opelela baeti. Morago ga foo ba ne ba dira kopo e e kgethegileng—a ba ka kgona go tlisetswa bolo gore ba tle ba tshameke kgwele ya dinao?
Dibeke di le mmalwa morago ga foo setlhopha sa thuso ya namolo se ne sa diragatsa tsholofetso ya sone ya go tlisa dilwana. E re ka motsamaisi wa lefelo la dikhutsana a ne a kgatlhilwe ke bopelotshweu le ke se a se badileng mo dikgatisong tsa Baebele tse a neng a di filwe, o ne a bolela gore o tla tloga a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. A mme bana ba ne ba fiwa bolo? Claude yo e leng mokaedi wa setlhopha sa thuso ya namolo go tswa kwa Fora o ne a araba ka gore “Nnyaa. Re ne ra ba naya dibolo di le pedi.”
Dikampa Tsa Batshabi
Go ne go sa thusiwe Congo fela. Diketekete tsa batshabi di ne tsa tshaba go tswa mo lefelong la ntwa ba tshabela kwa nageng e e gaufi koo go neng go tlhomilwe dikampa tsa batshabi ka potlako gone. Basupi ba ne ba ya le koo, go ya go bona gore go ka dirwang. Fa pego eno e ne e kwalwa, go ne go na le batshabi ba le 211 000 mo dikampeng tseno, bontsi jwa bone e le ba ba tswang kwa Congo. Mo e ka nnang ba le 800 mo go bone e ne e le Basupi le bana ba bone le batho ba ba kgatlhegelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Bothata jo bogolo mo dikampeng e ne e le go tlhoka dijo. Mo kampeng nngwe, go ne go na le dijo tse di lekanetseng malatsi a le mararo fela mme di ne di akaretsa dinawa tsa dingwaga tse tharo tse di fetileng.
Le fa go ntse jalo, Basupi ba ne ba itumetse. Le mororo ba ne ba na le dikgatiso tsa Baebele di le mmalwa fela, ba ne ba tshwara dipokano ka metlha mo lebaleng le le bulegileng go inonotsha mo semoyeng. Gape ba ne ba tshwaregile ka go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo dikampeng tseo.—Mathaio 24:14; Bahebera 10:24, 25.
Mo setlhopheng seo sa Basupi se se neng se sekaseka boemo, go ne go na le ngaka ya kalafi. Le fa babusi ba ne ba ba naya malatsi a sekae fela mo kampeng nngwe le nngwe, ba ne ba ba thusa ka tsa kalafi. Ba ne ba tlogela melemo le madi mo bagolwaneng ba Bakeresete. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba kgona go bona se ba ka itshedisang ka sone. Mme gape ba ne ba solofela gore Basupi ba ba mo dikampeng ba tla boela kwa nagagaeng ya bone ka bonako.
Go tweng ka isagwe? Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya rona go tla nna le tlhakatlhakano e kgolo, e le nako ya dintwa le ditlhaelo tsa dijo. (Mathaio 24:7) Basupi ba ga Jehofa ba itse gore ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo tla fedisang go boga go go leng teng mo lefatsheng gone jaanong. Mo pusong ya jone, legae la rona la lefatshe le tla nna paradaise ya kagiso, batho ba ba kutlo ba tla nna le dijo tse dintsi le boitumelo jo bo tla nnelang ruri. (Pesalema 72:1, 3, 16) Mme gone jaanong, Basupi ba tla bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa legodimo e bile ba tla tswelela pele ba thusa baobamedikabone le ba bangwe ka dinako tsa fa go tlhokega thuso.
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Fa e sa le ka 1994, Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa fela ba ile ba romela ditone tse di fetang 190 tsa dijo, diaparo, melemo le dilwana tse dingwe kwa kgaolong ya Great Lakes ya Afrika
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Lorato Lwa Bokeresete lo Bontshiwa ka Ditiro
Mongwe wa ba ba neng ba nna le seabe mo tirong ya “Go Thusa Zaire” kwa Fora e ne e le Ruth Danner. Fa a ne a sa le ngwana, o ne a isiwa kgolegelong kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Bonasi ka ntlha ya tumelo ya gagwe ya Bokeresete. O ne a akgela jaana: “Re ne ra itumela thata go direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba kwa Afrika sengwe! Mme go ne go na le sengwe se se neng se ntumedisa le go feta. Ka 1945, fa re ne re boa go tswa kwa Jeremane, re ne re se na sepe gotlhelele. Tota le diaparo tse re neng re di apere re ne re di adimile. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, re ne ra thusiwa ka dithoto ke bakaulengwe ba rona ba semoya ba kwa Amerika. Ka jalo, thuso eno ya namolo e ne ya nnaya tshono ya go busetsa molemo o re ileng ra o bontshiwa bogologolo. A bo e le tshiamelo jang ne go nna karolo ya lelapa le legolo jaana la bakaulengwe ba ba bontshang lorato lwa Bokeresete ka ditiro!”—Johane 13:34, 35.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go ise go ye kae—go tla nna le paradaise ya lefatshe le le nang le dijo tse dintsi go batho botlhe