Akwila le Perisila—Banyalani ba ba Tlhomang Sekao
“DUMEDISANG Perisila le Akwila, badiredi ka nna mo go Keresete Jesu, e le ba ba kileng ba baya dithamo tsa bone fa fatshe, gore ba mpoloke; ba ke sa ba lebogeng ke le nosi, mme le tsone diphuthego tsotlhe tsa Baditšhaba di a ba leboga.”—Baroma 16:3, 4.
Mafoko ano a moaposetoloi Paulo a neng a a bolelela phuthego ya Bakeresete kwa Roma a supa tlotlo e kgolo le lorato lo a neng a na le lone ka banyalani bano. O ne a tlhomamisa gore o ne a sa ba tlhokomologa fa a ne a kwalela phuthego ya bone. Mme ‘badiredimmogo’ bano le Paulo ba babedi e ne e le bomang, mme ke ka ntlha yang fa a ne a ba rata jaana le go bo diphuthego di ne di ba rata jaana?—2 Timotheo 4:19.
Akwila e ne e le Mojuta wa mofaladi (Bajuta ba ba neng ba gasame) e bile e ne e le monni wa kwa Ponto, e le kgaolo e e kwa bokone jwa Asia Minor. Ene le mosadi wa gagwe Perisila (Periseka) ba ne ba aga kwa Roma. Go ne go na le Bajuta ba le mmalwanyana mo motseng oo gongwe fa e sa le Pompey a gapa Jerusalema ka 63 B.C.E., fa palo e kgolo ya magolegwa e ne e isiwa kwa Roma go ya go nna makgoba. Tota e bile, mekwalo ya Roma e senola gore go ne go na le matlo a thuto a le lesome le bobedi kana go feta mo motseng oo wa bogologolo. Bajuta ba le bantsinyana ba ba neng ba tswa kwa Roma ba ne ba le teng kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E., fa ba ne ba utlwa mafoko a a molemo. Gongwe ke bone ba ba neng ba thusa gore molaetsa wa Bokeresete o fitlhe kwa motsemogolong wa Mmusomogolo wa Roma e le la ntlha.—Ditiro 2:10.
Lefa go ntse jalo, Bajuta ba ne ba kobiwa kwa Roma ka ngwaga wa 49 kana mo masimologong a ngwaga wa 50 C.E. ka taelo e e neng e tswa kwa go Mmusimogolo Kelaudio. Ka jalo, e ne e le kwa motseng wa Segerika wa Korintha koo moaposetoloi Paulo a neng a kopana le Akwila le Perisila gone. Fa Paulo a ne a goroga kwa Korintha, Akwila le Perisila ba ne ba mo tshola sentle mmogo le go mo naya tiro, ka gore ba ne ba dira kgwebo e e tshwanang—ya go dira ditente.—Ditiro 18:2, 3.
Badiri ba Ditente
E ne e se tiro e potlana. Go dira ditente go ne go akaretsa go kgaola le go roka matsela a a thata le a a magwata kana letlalo. Mokwalahisitori e bong Fernando Bea o ne a bolela gore, e ne e le “tiro e e neng e tlhoka botswerere jo bogolo le go nna kelotlhoko” ga badiri ba ditente ba ba neng ba dirisa “matsela a a magwata le a a omeletseng, a a dirisiwang fa batho ba thibelela golo gongwe mo loetong lwa bone, fa ba itshereletsa mo letsatsing le mo puleng, kana a a dirisiwang go phuthela dithoto fa go nnang dithoto gone mo dikepeng.”
Seno se tsosa potso. A ga se Paulo yo o neng a bolela gore ‘o ne a rutiwa fa dinaong tsa ga Gamaliele,’ ka jalo a ipaakanyetsa go dira tiro e e tlotlegang mo dingwageng tse di neng di tla latela? (Ditiro 22:3) E re ka seno se le boammaaruri, Bajuta ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya go ruta lekawana tiro ya diatla e le selo se se tlotlegang lefa a ne a tshwanetse go rutwa thuto ya maemo a a kwa godimo. Ka gone gongwe Akwila le Paulo ba ne ba ithuta tiro ya go dira ditente fa ba ne ba le basha. Boitemogelo joo bo ne jwa itshupa bo le mosola kwa moragonyana. Mme jaaka Bakeresete, ba ne ba sa tseye gore tiro e e ntseng jalo ya go itshedisa e ne e le yone ya konokono. Paulo o ne a tlhalosa gore tiro e a neng a e dira kwa Korintha mmogo le Akwila le Perisila e ne e le yone fela e e neng e mo thusa mo tirong ya gagwe e e botlhokwatlhokwa, ya go bolela mafoko a a molemo a sa ‘imele ope.’—2 Bathesalonika 3:8; 1 Bakorinthe 9:18; 2 Bakorinthe 11:7.
Ga go belaetse gore Akwila le Perisila ba ne ba itumedisiwa ke go dira sotlhe se ba neng ba ka se kgona gore Paulo a tlhofofalelwe ke tirelo ya borongwa. Ke mang yo o itseng gore ditsala tseno tse tharo di ne di ema ka makgetlho a le kae fa ba bereka, gore ba neele bareki kana ba ba fetang ka tsela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo! Mme lefa gone tiro ya bone ya go dira ditente e ne e le ya maemo a a kwa tlase e bile e lapisa, ba ne ba itumelela go e dira, tota ba bereka “bosigo le motshegare” e le gore ba tsweledise dilo tse di direlwang Modimo—fela jaaka Bakeresete ba le bantsi ba motlha wa gompieno ba itlamela ka tiro e e seng ya malatsi otlhe kana e e farologaneng e le gore ba dirise nako e e salang go thusa batho go utlwa mafoko a a molemo.—1 Bathesalonika 2:9; Mathaio 24:14; 1 Timotheo 6:6.
Dikai Tsa go Tshola Baeng
Go bonala Paulo a ne a dirisa ntlo ya ga Akwila jaaka lefelo le a neng a direla ditiro tsa gagwe tsa borongwa mo go lone ka dikgwedi tse 18 tse a neng a di nna kwa Korintha. (Ditiro 18:3, 11) E ka tswa e le gore Akwila le Perisila gape ba ile ba itumelela go amogela Silase (Silvanus) le Timotheo e le baeng fa ba ne ba tswa kwa Maketonia. (Ditiro 18:5) Makwalo a mabedi a Paulo a neng a a kwalela Bathesalonika, a kwa morago a neng a nna karolo ya dibuka tse di boammaaruri tsa Baebele, a ka tswa a ne a kwalwa fa moaposetoloi a ne a nna le Akwila le Perisila.
Go motlhofo go akanya gore mo nakong eno legae la ga Perisila le Akwila e ne e le lefelo la tiro e e neng e direlwa puso ya Modimo. Gongwe le ne le etelwa thata ke ditsala tse dintsi tse di rategang—Setefanase le lelapa la gagwe, Bakeresete ba ntlha kwa kgaolong ya Akaia, ba ba neng ba kolobediwa ke Paulo ka namana; Tito Juseto, yo o neng a dumelela Paulo gore a dirise ntlo ya gagwe go neela dipuo mo go yone; le Kerisepo, molaodi wa ntlo ya thuto, yo o neng a amogela boammaaruri mmogo le lelapa lotlhe la gagwe. (Ditiro 18:7, 8; 1 Bakorinthe 1:16) Go tswa foo go ne go na le Foretunato le Akaiko; Gaio, yo dipokano tsa phuthego di ka tswang di ne di tshwarelwa kwa legaeng la gagwe; Eraseto, modisa wa motse; Teretio, mokwaledi yo Paulo a neng a mmiletsa mafoko a lekwalo la gagwe le a neng a le kwalela Baroma; le Febe, kgaitsadi mongwe yo o neng a ikanyega wa phuthego e e neng e le gaufi ya Kenkerea, yo gongwe a neng a tsaya lekwalo leno kwa Korintha a le isa kwa Roma.—Baroma 16:1, 22, 23; 1 Bakorinthe 16:17.
Batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ba ileng ba nna le sebaka sa go tshola modiredi yo o etang sentle ba itse gore go dira jalo go a kgothatsa e bile ga go lebalesege. Maitemogelo a a agang a a buiwang ka dinako tseo a ka nna motswedi wa mmatota wa go lapolosa botlhe mo semoyeng. (Baroma 1:11, 12) Mme jaaka Akwila le Perisila ba ne ba dira, batho ba ba dumelelang gore dipokano di tshwarwe mo magaeng a bone, gongwe e le Thuto ya Buka ya Phuthego, ba itumelela le go kgotsofalela go bo ba kgona go nna le seabe ka tsela eno gore ba tsweledise kobamelo ya boammaaruri.
Akwila le Perisila e ne e le ditsala tse di ntshanang se inong le Paulo mo ba neng ba tsamaya le ene fa a ne a tswa kwa Korintha ka dikgakologo tsa 52 C.E., ba tsamaya le ene go fitlha kwa Efeso. (Ditiro 18:18-21) Ba ne ba nna mo motseng oo mme ba thaya motheo wa tiro ya ketelo e e latelang ya moaposetoloi. Ke teng koo barutisi bano ba mafoko a a molemo ba ba nang le bokgoni ba neng ba “itseela kwa ga bone” Apolose yo o neng a le seleta mo puong le go itumelela go mo thusa go tlhaloganya “tsela ya Modimo ka kelelelo bogolo.” (Ditiro 18:24-26) Fa Paulo a ne a etela Efeso gape mo loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa, mo e ka nnang ka mariga a 52/53 C.E., tshimo e e neng e setse e tlhagoletswe ke banyalani bano ba ba nang le maatla e ne e setse e tlhoka go rojwa. Mo e ka nnang dingwaga tse tharo, Paulo o ne a rera le go ruta koo ka “Tsela,” fa phuthego ya Efeso e ne e tshwarela dipokano kwa legaeng la ga Akwila.—Ditiro 19:1-20, 26; 20:31; 1 Bakorinthe 16:8, 19.
Morago ga moo, fa ba ne ba boela kwa Roma, ditsala tseno tse pedi tsa ga Paulo di ne tsa tswelela pele go ‘tlwaela go tshola baeng,’ di dira gore legae la tsone le tshwarele dipokano tsa Bokeresete.—Baroma 12:13; 16:3-5.
Ba ‘ne Ba Baya Dithamo Tsa Bone fa Fatshe’ ka Ntlha ya ga Paulo
Gongwe Paulo o ne a nna gape le Akwila le Perisila fa a ne a le kwa Efeso. A o ne a nna le bone ka nako ya kudumedi ya bathudi ba selefera? Pego ya Ditiro 19:23-31 e bolela gore, fa badiri ba ditempelana ba ne ba tsuologela go rerwa ga mafoko a a molemo, bakaulengwe ba ne ba thibela Paulo gore a se ka a itsenya mo kotsing ka go ya kwa segongwaneng seo. Baakgedi bangwe ba Baebele ba fopholetsa gore e ka tswa e ne e le boemo joo jo bo kotsi jo Paulo a neng a ikutlwa a ‘tlhoboga le jone botshelo jwa gagwe’ tota le mo Akwila le Perisila ba neng ba tsereganya ka tsela nngwe, “ba baya dithamo tsa bone fa fatshe” ka ntlha ya gagwe.—2 Bakorinthe 1:8; Baroma 16:3, 4.
Fa “magawegawe a sena go khutla,” Paulo o ne a tswa mo motseng ka tsela e e botlhale. (Ditiro 20:1) Kwantle ga pelaelo Akwila le Perisila le bone ba ne ba ganediwa le go sotliwa. A seo se ne sa ba kgoba marapo? Se se farologaneng le seo, Akwila le Perisila ba ne ba tswelela pele ka bopelokgale mo maitekong a bone a Bokeresete.
Banyalani ba ba Utlwanang Thata
Fa puso ya ga Kelaudio e sena go khutla, Akwila le Perisila ba ne ba boela kwa Roma. (Baroma 16:3-15) Lefa go ntse jalo, fa go ne go buiwa ka bone mo Baebeleng la bofelo, ke fa ba ne ba boetse gape kwa Efeso. (2 Timotheo 4:19) Gape, fela jaaka mo ditshupisong tse dingwe tsotlhe tsa Dikwalo, monna yono le mosadi ba umakiwa mmogo. A bo e ne e le banyalani ba ba utlwanang thata jang ne! Paulo o ne a ka se akanye ka mokaulengwe yoo yo o rategang e bong Akwila, a sa gakologelwe tirisanommogo ya mosadi wa gagwe e e neng e ka ikanngwa. Mme a bo e le sekao se se molemo jang ne sa banyalani ba Bakeresete gompieno, ka gonne fa molekane yo o ineetseng a thusa ka boikanyegi jo bo nitameng, go dira gore yo mongwe a dire mo gontsi “mo tirong ya Morena” mme ka dinako tse dingwe, a bo a dire le go feta jaaka a ne a ka kgona go go dira fa a ne a ise a tsene mo lenyalong.—1 Bakorinthe 15:58.
Akwila le Perisila ba ne ba kopanela kwa diphuthegong di le mmalwa tse di farologaneng. Fela jaaka bone, Bakeresete ba motlha wa gompieno ba ba tlhagafetseng ba ile ba dira gore ba fudugele kwa go nang le tlhokego e kgolo gone. Le bone ba itumelela le go kgotsofalela go bona dilo tse di direlwang Bogosi di gola le go kgona go nna le botsalano jo bo lorato le jo bo tlhokegang jwa Bokeresete.
Ka sekao sa bone se sentle sa lorato lwa Bokeresete, Akwila le Perisila ba ne ba itumelelwa ke Paulo le ba bangwe. Mme se se botlhokwa le go feta, ba ile ba itirela leina le lentle le Jehofa ka boene. Dikwalo di re tlhomamisetsa jaana: “Modimo ga o tshiamololo ya gore o ka lebala tiro ya lona, le go rata leina la one, mo lo go bonyweng ka lo ntse lo direla baitshepi, mme lo sa ntse lo ba direla le gompieno.”—Bahebere 6:10.
Re ka tswa re se na sebaka sa go dira ka natla mo ditseleng tse di tshwanang le tse Akwila le Perisila ba neng ba di dira, lefa go ntse jalo re ka etsa sekao sa bone se se molemolemo. Re tla kgotsofala go tswa mo pelong fa re ntse re dirisa maatla a rona le botshelo jwa rona mo tirelong e e boitshepo, le ka motlha re sa lebale “go dira molemo le go thusana, . . . gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.”—Bahebere 13:15, 16.