LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 4/15 ts. 27
  • A o A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Akwila le Perisila—Banyalani ba ba Tlhomang Sekao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Dira Barutwa ka go Rera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Boemo Jwa Mmino mo Kobamelong ya Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 4/15 ts. 27

A o A Gakologelwa?

A o ile wa sekaseka dimakasine tsa bosheng jaana tsa Tora ya Tebelo ka kelotlhoko? Fa go ntse jalo, o tla go fitlhela go kgatlha go gakologelwa dintlha tse di latelang:

◻ Gompieno banyalani ba bantsi ba latetse jang sekao se se molemo thata sa ga Akwila le Perisila?

Akwila le Perisila ba ne ba direla mo diphuthegong di le mmalwa tse di farologaneng. Fela jaaka bone, Bakeresete ba bantsi ba motlha wa gompieno ba ile ba dira gore ba fudugele kwa go nang le tlhokego e kgolo gone. Gape ba ile ba itumelela le go kgotsofalela go bona dilo tse di direlwang Bogosi di gola le go kgona go nna le ditsala tse di botlhokwa tsa Bokeresete.—12/15, tsebe 24.

◻ Baebele e leba majalwa jang?

Tsela e Baebele e lebang majalwa ka yone e lekalekane. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e re bojalwa jwa mofine ke mpho e e tswang go Modimo. (Pesalema 104:1, 15) Kafa letlhakoreng le lengwe, e kgala go bo nwa ka selekanyo se se feteletseng. (Luke 21:34; 1 Timotheo 3:8; Tito 2:3; 1 Petere 4:3)—12/15, tsebe 27.

◻ Ke eng se se botlhokwa thata ka buka ya Baebele ya ga Hagai? Le fa buka ya ga Hagai e na le ditemana di le 38 fela, leina la Modimo le dirisitswe ka makgetlho a le 35. Boporofeti jo bo ntseng jalo bo utlwala bo sena bokao fa leina la ga Jehofa le emisediwa ka sereto sa “Morena.”—1/1, tsebe 6.

◻ Re ka ithuta thuto efe mo maleong a ga Dafite le Manase?

Le mororo Jehofa a ne a itshwarela Dafite le Manase, banna bano—le Iseraele mmogo le bone—ba ne ba tshwanetse go tshela ka ditlamorago tsa boleo jwa bone. (2 Samuele 12:11, 12; Jeremia 15:3-5) Ka tsela e e tshwanang, le fa gompieno Jehofa a itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang, go ka nna ga bo go na le ditlamorago tsa ditiro tsa bone tse di sa kgoneng go tilwa.—1/1, tsebe 27.

◻ ‘Dinao tsa ba ba lereng mafoko a a molemo’ a Bogosi jwa Modimo di “dintle” ka tsela efe? (Isaia 52:7)

Ke dinao tse di tlwaetseng go isa motho gongwe le gongwe fa a ya go rerela ba bangwe. Dinao tse di ntseng jalo tota di emela motho yono. Ka jalo, dinao tsa barongwa di dintle tota mo bathong ba le bantsi ba ba utlwang le go arabela mo mafokong a a molemo a Bogosi.—1/15, tsebe 13.

◻ Tiro e e menaganeng sebedi e e akarediwang mo go ‘boleleng dikgang tse di molemo’ ke eng? (1 Bakorinthe 9:16)

Sa ntlha, re tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Karolo ya bobedi ya tiro eno e akaretsa go ruta batho ba ba arabelang sentle fa go bolelwa ka Bogosi.—1/15, tsebe 23.

◻ Motho ka namana o bona melemo efe ka go opela dipina tsa Bogosi kwa dipokanong tsa phuthego?

Go opela go re neela tshono ya go tlhalosa maikutlo a rona go Mmopi wa rona. (Pesalema 149:1, 3) Fa re opela ka pelo yotlhe fa re le kwa phuthegong, go ka re thusa go tlhoma mogopolo le dipelo tsa rona mo thulaganyong e e latelang. Go ka re tlhotlheletsa go nna le seabe se segolwane mo kobamelong ya ga Jehofa.—2/1, tsebe 28.

◻ Ke leng letsatsi la go swa le leng botoka go na le letsatsi la go tsholwa? (Moreri 7:1)

Letsatsi la go swa le ka nna botoka go na le letsatsi la go tsholwa fa e le gore ka nako eo motho o ne a setse a itiretse leina le le molemo le Jehofa, yo o ka kgonang go tsosa batho ba ba ikanyegang ba ba swang. (Johane 11:25)—2/15, tsebe 12.

◻ Ke ka ntlha yang fa buka ya Moreri e tshwanetse go re thusa ka namana?

E ka thusa mongwe le mongwe wa rona gore re baakanye tsela e re lebang botshelo ka yone. (Moreri 7:2; 2 Timotheo 3:16, 17)—2/15, tsebe 16.

◻ A Basupi ba ga Jehofa ke bangangatlelatumelo?

Nnyaa. Le fa gone ba na le ditumelo tsa bodumedi tse di nonofileng, ga se bangangatlelatumelo ka tsela e lereo leo le setseng le dirisiwa ka yone. Ga ba dirise ditshupetso le bothubaki mo bathong ba ba sa dumalaneng le bone. Ba etsa Moeteledipele wa bone, Jesu Keresete.—3/1, tsebe 6.

◻ Go se itse nako e e tlhomameng e Jesu a tla tlang go diragatsa ipusolosetso ya Modimo ka yone go ama Bakeresete jang?

Seno se dira gore Bakeresete ba nne ba le tlhaga e bile go ba naya tshono ya letsatsi lengwe le lengwe gore ba itshupe gore ba direla Jehofa ba se na maikaelelo ape a bopelotshetlha.—3/1, tsebe 13.

◻ Re tshwanetse go akanya ka eng pele ga re tsaya kgato ya semolao kgatlhanong le mokaulengwe yo a ka tswang a re diretse boferefere?

Re tshwanetse go akanya ka ditlamorago tse di ka re tlelang, le tse di ka tlelang batho ba bangwe, phuthego, le batho ba ba kwa ntle. (1 Bakorinthe 6:7)—3/15, tsebe 22.

◻ Boitumelo jwa mmatota bo ka bonwa jang?

Boitumelo jwa mmatota ke boemo jwa pelo, jo bo theilweng mo tumelong ya mmatota le kamano e e molemo le Jehofa. (Mathaio 5:3)—3/15, tsebe 23.

◻ Mokeresete o tshwanetse go dira eng fa a kopiwa go nna leloko la setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi?

Mokeresete mongwe le mongwe yo o lebaneng le go nna mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi o tshwanetse go tlhomamisa gore o tla dira jang, go ikaegile ka tsela eo a tlhaloganyang Baebele ka yone le ka segakolodi sa gagwe. (Bagalatia 6:5)—4/1, tsebe 29.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela