Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Mokeresete o tshwanetse go dira eng fa a kopiwa go nna leloko la setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi?
Mo dinageng dingwe, tsamaiso ya go tlhatlhoba kgetsi ya motho yo o dirileng molato e tlhopha setlhopha se se tla sekasekang kgetsi eo go tswa mo baaging. Kwa seno se dirwang gone, Mokeresete o tshwanetse go dira tshwetso ya ka fa a ka arabelang ka gone fa a kaelwa go nna leloko la setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi ya motho yo o dirileng molato. Bakeresete ba le bantsi ka segakolodi se se phepa ba ile ba fetsa ka gore melaometheo ya Baebele ga e thibele go dira tiro eo, le eleng jaaka Shaterake, Meshake, le Abetenego ba ne ba utlwa taelo ya puso ya Babilone ya go nna gone kwa lebaleng la Dura le jaaka Josefa le Maria ba ne ba ya kwa Bethelehema gonne ba ne ba laetswe ke puso ya Roma. (Daniele 3:1-12; Luke 2:1-4) Le fa go ntse jalo, go na le dintlha tseo Bakeresete ba ba pelo e phepa ba ka di akanyetsang ka kelotlhoko.
Ga se gotlhe mo go dirisiwang thulaganyo ya go nna le setlhopha se se sekasekang kgetsi ya boatlhodi gone. Mo dinageng dingwe, dikgetsi tsa selegae le tsa go tlola molao di atlholwa ke moatlhodi yo o ithutetseng tiro eo kana setlhopha sa baatlhodi. Mo mafelong mangwe go dirwa se se tlwaelegileng mo lefelong leo, mme go nna le setlhopha sa basekaseki ba dikgetsi ke karolo ya boatlhodi. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba itse go le gonnye fela ka tsela e setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi se tlhophiwang ka gone le se se se dirang. Ka jalo go itse ka gone go tla thusa fa o lebane le tiro ya go tlhatlhoba kgetsi ya boatlhodi kana le fa o sa lebana le yone.
Batho ba Modimo ba tsaya Jehofa e le Moatlhodi yo Mogolo. (Isaia 33:22) Kwa Iseraeleng wa bogologolo, banna ba ba neng ba na le boitemogelo ba ba neng ba boloka bothokgami e bile ba se na tlhaolele ba ne ba direla e le baatlhodi go rarabolola mathata le go dira ditshwetso ka dikgang tsa molao. (Ekesodo 18:13-22; Lefitiko 19:15; Duteronome 21:18-21) Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, tiro ya go atlhola e ne e dirwa ke Saneheterine, kgotlatshekelokgolo ya Bajuta. (Mareko 15:1; Ditiro 5:27-34) Go ne go se na thulaganyo ya gore Mojuda fela yo o tlwaelegileng a nne le seabe mo go sekasekeng kgetsi ya boatlhodi ya mo motseng.
Dinaga tse dingwe di dirisa setlhopha se se tlhatlhobang se se dirilweng ke baagi. Socrates o ne a tlhatlhobiwa ke maloko a le 501 a batlhatlhobi ba kgetsi ya boatlhodi. Go tlhatlhobiwa ke setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi gape go ne go dirwa kwa Repaboliking ya Roma, le fa seno se ne sa fedisiwa ke puso ya kgosikgolo. Moragonyana, Kgosi Henry III wa kwa Engelane o ne a rulaganya gore molatofadiwa a atlholwe ke baagelani ba gagwe. Go ne go akanngwa gore e re ka ba itse molatofadiwa, ba ne ba tla atlhola ka tshiamo go feta mo thulaganyong eo mo go yone molatofadiwa a neng a tla leka go itshupa a se na molato ka go leka go dira gore a se utlwisiwe botlhoko ka tsela nngwe. Fa nako e ntse e ya, tsamaiso ya boatlhodi e ne ya fetoga mme ya nna thulaganyo eo mo go yone setlhopha sa baagi se tshwanetseng go utlwa kgetsi mme se bo se fitlhelela katlholo e e theilweng mo bosuping. Moatlhodi yo o ithutetseng tiro eo o tla ba kaela kwa dintlheng tse e leng bosupi.
Go na le mefuta e e farologaneng ya baatlhodi bao, palo ya ba ba nnang mo setlhopheng seo, le gore ke eng se se akarediwang mo go fitlheleleng katlholo. Ka sekai, kwa United States, setlhopha se segolo se se atlholang sa maloko a le 12 go ya go a le 23 se dira tshwetso ya gore a go na le bosupi jo bo lekaneng jwa gore motho a ka latofaletswa molato wa go tlola molao; ga se atlhole gore a motho yono o molato kana ga a molato. Ka tsela e e tshwanang mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi se se dirang dipatlisiso (setlhopha se se tlhatlhobang sa dipatlisiso), maloko a setlhopha se se tlhatlhobang a leba bosupi go dira tshwetso ya gore a go dirilwe tlolomolao.
Batho ba le bantsi fa ba akanya ka setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi, ba akanya ka setlhopha sa baagi ba le 12 kwa tshekong—e ka tswa e le kgetsi ya selegae kana kgetsi ya bonokwane—ba ba utlwang bosupi ba bo ba atlhola gore a motho o molato kana ga a molato. Seno ke setlhopha se sennye se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi, se farologana le setlhopha se segolo se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi. Ka kakaretso, kgotlatshekelo e romelela batho ba ba tlhophilweng go tswa mo manaaneng a batlhophi, bakgweetsi ba ba nang le makwalo a go kgweetsa, kana dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseo, makwalo a gore ba nne gone mo setlhopheng seno sa boatlhodi. Bangwe ba ka tswa ba sa tshwanelege go le gale, jaaka ba ba kileng ba bonwa molato wa tlolomolao e nngwe le ba ba sa felelang sentle mo mogopolong. Go ikaegilwe ka molao wa lefelo leo, ba bangwe—jaaka dingaka, baruti, boramolao, kana beng ba dikgwebo tse di potlana—ba ka kopa gore ba se akarediwe mo setlhopheng seno. (Bangwe ba ka nna ba se tsenngwe ka gonne ba na le mabaka a bone a a nonofileng ka ntlha ya segakolodi a gore ba se akarediwe mo go nneng mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi.) Le fa go ntse jalo, dipuso di ntse di fokotsa thata kgololesego ya go kopa gore o se tsenngwe mo setlhopheng seno e le gore botlhe ba patelesege go nna gone mo setlhopheng seno se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi, gongwe e bile go dirwa kgapetsakgapetsa fa dingwaga di ntse di feta.
Ga se gore botlhe ba ba dirang tiro ya go tlhatlhoba kgetsi ya boatlhodi ba tshwanetse go nna le seabe e le maloko a a tlhatlhobang kgetsi kwa tshekong. Mo setlhopheng sa batho ba ba bileditsweng tiro ya go tlhatlhoba kgetsi ya boatlhodi, bangwe ba tlhophiwa fela gore ba ka nna ba dirisiwa go sekaseka kgetsi e e rileng. Morago ga moo moatlhodi o bolela gore moseki le mosekisiwa ke bomang le babueledi ba bone, a bo a tlhalose le gore kgetsi eno ke ya mofuta mang. Ene mmogo le babueledi ba sekaseka leloko lengwe le lengwe la bano ba ba ka nnang ba nna mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi. Eno ke nako ya go bua ka tlhamalalo fa mongwe a na le lebaka la segakolodi la go se direle ka ntlha ya mofuta wa kgetsi eo.
Setlhopha se tshwanetse go fokodiwa go fitlha e nna palo ya ba tota ba tla nnang le seabe mo tshekong ya kgetsi eo. Moatlhodi o tla tsamaisa mongwe le mongwe yo go ka diregang gore a se ka a atlhola sentle ka ntlha ya dilo dingwe tse gongwe a di kgatlhegelang thata mo kgetsing eo. Gape, babueledi ba matlhakore a mabedi ba na le tshiamelo ya go tsamaisa maloko a le mmalwa a setlhopha. Mongwe le mongwe yo o ntshitsweng mo setlhopheng seo se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi o boela kwa setlhopheng se se kwa ntle se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi go ya go letela ditlhopho tsa nako e e tlang tsa dikgetsi tse dingwe. Bakeresete bangwe ba dirisitse nako eno go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo fa ba le mo boemong jono. Morago ga malatsi a a rileng, nako ya motho ya go tlhatlhoba kgetsi ya boatlhodi e a khutla go sa kgathalesege gore a tota o ne a na le seabe e le leloko la ba ba tlhatlhobang kgetsi kana nnyaa.
Bakeresete ba leka go ‘tlhokomela dilo tsa bone,’ e seng go itshunya nko mo “dikgannyeng tsa batho ba bangwe.” (1 Bathesalonika 4:11, NW; 1 Petere 4:15, NW) Fa Mojuta mongwe a ne a kopa Jesu gore a atlhole kgang ya boswa, o ne a araba jaana: “Monna, ke dirilwe e mang moatlhodi le moabi mo go lona?” (Luke 12:13, 14) Jesu o ne a tletse go bolela mafoko a a molemo a Bogosi, e seng go atlhola dikgang tsa semolao. (Luke 4:18, 43) Tsela e Jesu a neng a araba ka yone e ka tswa e ne e tlhotlheleditse monna yono go dirisa mokgwa wa go rarabolola mathata o o theilweng mo Molaong wa Modimo. (Duteronome 1:16, 17) Le fa gone mabaka ano e le a a nonofileng, go arabela mo kaelong ya go nna mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi go farologane le go itshunya nko mo dikgannyeng tsa ba bangwe. Go tshwana le boemo jo ditsala tse tharo tsa ga Daniele di neng di le mo go jone. Puso ya Babilone e ne ya ntsha taolo ya gore ba ye kwa lebaleng la Dura, mme go dira jalo ga bone e ne e se go tlola Molao wa Modimo. Se ba se dirileng morago ga moo e ne e le kgang e nngwe fela jaaka Baebele e bontsha.—Daniele 3:16-18.
Morago ga gore batlhanka ba Modimo ba sa tlhole ba le kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, ba ne ba tshwanela go dirisana le dikgotlatshekelo tsa lefatshe tsa mo dinageng tse di farologaneng. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa “baitshepi” kwa Korinthe go rarabolola dikgotlhang mo phuthegong. Le fa a ne a bua ka baatlhodi ba dikgotlatshekelo tsa lefatshe e le “batho ba ba sa siamang,” Paulo ga a ka a ganetsa gore bao ba tshwanetse go rarabolola mathata a e seng a phuthego. (1 Bakorinthe 6:1) O ne a iphemela kwa kgotlatshekelong ya Roma, a ba a kopa gore kgetsi ya gagwe e ye kwa go Kaesare. Ga se gore dikgotlatshekelo tsa lefatshe tota di phoso.—Ditiro 24:10; 25:10, 11.
Dikgotlatshekelo tsa lefatshe di dirisiwa ke “babusi ba bagolo.” Bao “ba beilwe ke Modimo,” e bile ba dira molao ba bo ba tlhokomela gore o a latelwa. Paulo o ne a kwala jaana: “Mmuso ke modiredi wa Modimo mo go wena, gore o tle o bone molemo. Mme fa o dira se se bosula, o boife, gonne ga a a tsholela tšhaka lefela; gonne ke modiredi wa Modimo le mmusolosi mo go yo o dirang bosula, go mmontsha bogale.” Bakeresete ga ba ‘ganetse mmuso’ fa o diragatsa ditiro tseno tsa molao, gonne ga ba batle go ‘o ganetsa’ mme ba bo ba iponela tshekiso.—Baroma 13:1-4; Tito 3:1.
Fa ba lekalekanya mabaka Bakeresete ba tshwanetse go akanya ka kelotlhoko gore a ba tla ikobela melao mengwe e e dirilweng ke Kaesare. Paulo o ne a gakolola jaana: “Nayang botlhe [babusi ba bagolo] tshwanelo ya bone; lekgetho le newe ba ba tshwanetseng lekgetho; le sehuba ba ba tshwanetseng sehuba; le poifo ba ba tshwanetseng go boifiwa.” (Baroma 13:7) Seo se utlwala sentle fa go tliwa mo lekgethong la madi. (Mathaio 22:17-21) Fa Kaesare a re baagi ba tshwanetse go neela nako ya bone le maiteko ba phepafatsa ditsela kana ba dira ditiro tse dingwe tsa ditiro tsa ga Kaesare, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dira tshwetso ya gore a o tla ikobela taolo eo.—Mathaio 5:41.
Bakeresete bangwe ba leba tirelo ya go nna mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi e le go naya Kaesare se e leng sa ga Kaesare. (Luke 20:25) Mo go nneng mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi o tshwanetse go utlwa bosupi le go naya mogopolo o o ikanyegang mo dintlheng tse di boletsweng kana tsa molao. Ka sekai, fa e le setlhopha se segolo sa baatlhodi, maloko a setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi a tla swetsa gore a bosupi jono bo dira gore go tlhokege gore motho a sekisiwe; ga se ba ba sekasekang go bona gore a motho o molato. Go tweng ka tsheko fela e e tlwaelegileng? Mo kgetsing ya selegae, setlhopha se se tlhatlhobang kgetsi se ka nna sa mo atlholela gore a duele ditshenyegelo kana gore a duele madi a a lekanang se se sentsweng. Mo kgetsing ya tlolomolao, ba tshwanetse go tlhomamisa gore a bosupi bo tshegetsa ntlha ya gore motho a bonwe molato. Ka dinako tse dingwe ba bolela gore ke katlholo efe e e letlelelwang ke molao e e tshwanetseng go dirisiwa. Go tswa foo puso e tla bo e dirisa taolo ya yone ya go nna “mmusolosi mo go yo o dirang bosula, go mmontsha bogale,” kana go “lefetsa badira bosula.”—1 Petere 2:14.
Go tweng fa e le gore Mokeresete o utlwa gore segakolodi sa gagwe ga se mo letle gore a direle mo setlhopheng se se ntseng jalo se se tlhatlhobang kgetsi e e rileng ya boatlhodi? Baebele ga e bue ka tiro ya go tlhatlhoba kgetsi ya boatlhodi, ka jalo ga a kitla a re, ‘Go kgatlhanong le bodumedi jwa me go direla mo setlhopheng le fa e le sefe sa boatlhodi.’ Go ikaegile ka kgetsi, a ka nna a bolela gore go direla mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi e e rileng ya boatlhodi go kgatlhanong le segakolodi sa gagwe ka namana. Go ka nna jalo fa kgetsi e akaretsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go senya mpa, go bolaya, kana kgang nngwe fela eo mo go yone tsela e a akanyang ka yone e thapisitsweng ke kitso ya Baebele, e seng fela ke molao wa lefatshe. Le fa go ntse jalo, ke boammaaruri gore go a kgonega gore tsheko e a tlhophetsweng gore a nne mo go yone e bo e sa ame dikgang tse di ntseng jalo.
Mokeresete yo o godileng sentle o tla bona gore a o tla nna le seabe mo boikarabelong le fa e le bofe jwa katlholo e e ntshitsweng ke baatlhodi. (Bapisa Genesise 39:17-20; 1 Timotheo 5:22.) Fa motho a bonwa molato mme go ne go sa tshwanela molatofadiwa a bo a atlholelwa loso, a Mokeresete yo o mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi o na le molato wa madi? (Ekesodo 22:2; Duteronome 21:8; 22:8; Jeremia 2:34; Mathaio 23:35; Ditiro 18:6) Kwa tshekong ya ga Jesu, Pilato o ne a batla go tlhoka “molato mo mading a monna yo o siameng yo.” Mme Bajuta ba ne ba re: “Madi a gagwe a a nne mo go rona, le mo baneng ba rona.”—Mathaio 27:24, 25.
Fa Mokeresete a tlhophilwe go dira tiro ya go tlhatlhoba kgetsi ya boatlhodi jaaka go laetse puso, mme ka ntlha ya segakolodi sa gagwe ka namana a gana go dira mo kgetsing ya mofuta mongwe le fa moatlhodi a ka mo pateletsa go dira jalo, Mokeresete o tshwanetse a bo a ipaakanyeditse go emelana le ditlamorago tsa seo—e ka tswa e le go duedisiwa kana go isiwa kgolegelong.—1 Petere 2:19.
Kwa bokhutlong, Mokeresete mongwe le mongwe yo o lebaneng le go nna mo setlhopheng se se tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi o tshwanetse go tlhomamisa gore o tla dira jang, go ikaegile ka tsela eo a tlhaloganyang Baebele ka yone le ka segakolodi sa gagwe. Bakeresete bangwe ba ile ba bilediwa go dira tiro ya go tlhatlhoba kgetsi ya boatlhodi mme ba ile ba direla mo ditlhopheng dingwe tse di tlhatlhobang kgetsi ya boatlhodi. Ba bangwe ba ikutlwile ba patelesega go gana lefa ba ne ba lebane le kotlhao. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso ka boene gore o tla dirang, e bile ba bangwe ga ba a tshwanela go nyatsa tshwetso e a e dirileng.—Bagalatia 6:5.