LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 12/15 ts. 25-29
  • Majalwa—A o A Leba ka Tsela ya Bomodimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Majalwa—A o A Leba ka Tsela ya Bomodimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go bo Leba ka Tsela e e Seng ya Bomodimo
  • Fa o Feteleditse Bojalwa Ke fa Go le Kana Kang?
  • Sireletsa Kgono ya Gago ya go Akanya
  • Ke Eng se se Tlhotlheletsang Tsela e o Lebang Bojalwa ka Yone?
  • Tila go Kgopisa ba Bangwe
  • Bakeresete ba Bonala Sentle Gore ba Farologane
  • A go Phoso go Nwa Bojalwa?
    Tsogang!—2006
  • Nna le Pono e e Tshwanetseng ka Tiriso ya Bojalwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • A Modimo o Amogela Tsela e o Nwang ka Yone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Bojalwa Pono ya Mokeresete ke Efe ka Jone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 12/15 ts. 25-29

Majalwa—A o A Leba ka Tsela ya Bomodimo?

MO E ka nnang dingwaga tse 20 tse di fetileng, baithutamarope ba ne ba epolola moago mongwe wa bogologolo o o agilweng ka ditena tsa mmu gaufi le motse wa Urmia, kwa Iran. Mo teng ga one ba ne ba fitlhela nkgwana nngwe ya letsopa e baitsesaense ba bolelang gore e na le dingwaga di le diketekete, e sa le e nna teng ka nako ya fa batho ba bogologolo ba ne ba simolola go aga. Bosheng jaana, go ile ga dirisiwa boranyane jo bosha jwa saense go tlhatlhoba nkgwana eno. Baitsesaense ba ne ba gakgamadiwa ke go fitlhela mo teng ga yone bosupi bongwe jwa dikhemikale tsa bogologolo thata tse di dirang bojalwa jwa mofine.

Baebele le yone e tlhalosa ka phepafalo gore go ne go nowa bojalwa jwa mofine, biri le majalwa a mangwe go tswa mo metlheng ya bogologolo. (Genesise 27:25; Moreri 9:7; Nahume 1:10) Fela jaaka go ntse ka dijo tse dingwe, Jehofa o dira gore re itlhophele—go nwa majalwa kana go sa a nwe. Gantsi Jesu o ne a nwa bojalwa jwa mofine fa a ja dijo tsa gagwe. Johane Mokolobetsi o ne sa nwe bojalwa.—Mathaio 11:18, 19.

Baebele e kganela go nwa ka tsela e e feteletseng. Botagwa ke go leofela Modimo. (1 Bakorinthe 6:9-11) Go dumalana le seno, Basupi ba ga Jehofa ga ba letlelele matagwa ape a a sa ikwatlhaeng go tswelela pele a le mo phuthegong ya Bokeresete. Batho ba ba leng mo phuthegong ba ba tlhophang go nwa majalwa ba tshwanetse go dira jalo ka tsela e e lekalekaneng.—Tito 2:2, 3.

Go bo Leba ka Tsela e e Seng ya Bomodimo

Gompieno batho ba le bantsi ga ba lebe majalwa ka tsela ya bomodimo. Go motlhofo go bona gore Satane ke ene a tlhotlheletsang batho gore ba se ka ba nwa nno eno ya bogologolo ka tsela e e siameng. Ka sekai, kwa ditlhaketlhakeng dingwe tsa South Pacific, go tlwaelegile gore banna ba kopane mmogo go tla go nwa bojalwa jo bontsi jo bo bedisitsweng jo bo dirilweng kwa gae. Dikokoano tseno di ka tsaya sebaka sa diura tse di mmalwa mme di tshwarwa kgapetsakgapetsa—banna ba le bantsi ba dira seno letsatsi le letsatsi. Bangwe ba go leba fela jaaka bontlhanngwe jwa setso sa bone. Ka dinako tse dingwe go nowa biri le bojalwa jo bo bogale go na le gore go nowe—kana mo godimo ga gore go nowe—bojalwa jo bo dirilweng mo gae. Gantsi go felela ka botagwa.

Kwa nageng e nngwe ya kwa Pacific, go thata go bona banna ba nwa bojalwa ka tekatekano. Ka kakaretso fela, fa ba nwa, ba nwela gore ba tagwe. Go tlwaelegile gore ka letsatsi le go amogetsweng madi ka lone, setlhopha sa banna se tla kopana mme se bo se reka mabokoso a mantsi a dibiri lengwe le lengwe le na le mabotlele a le 24. Ba ka emisa go nwa fela fa dibiri di fela. Ka ntlha ya seo, go tagwa phatlalatsa ke selo se se tlwaelegileng.

Majalwa a a bedisitsweng, a a ntseng jaaka bojalwa jwa mofine jo bo dirilweng ka mokolwane le majalwa a mangwe, a tlwaetswe go nowa kwa dinageng tsa Afrika. Go ya ka ngwao mo mafelong mangwe go bolelwa gore baeng ba tshwanetse go fiwa bojalwa. Go tlwaelegile gore motsholabaeng a neye moeti wa gagwe bojalwa jo bo tla mo palelang. Mo lefelong lengwe, ke tlwaelo gore go bewe mabotlele a le 12 a biri fa pele ga moeti mongwe le mongwe.

Dikhampani di le dintsi tsa Bajapane di rulaganyetsa badiri ba bone gore ba nne le maeto a dibese. Ba tsamaya ka majalwa a le mantsi, mme botagwa bo a letlelelwa. Maeto mangwe ano a dikhampani a tsaya malatsi a le mabedi kana a le mararo. Go ya ka makasine wa Asiaweek, kwa Japane, “go tloga ka balemi ba raese go fitlha ka boradipolotiki ba ba humileng, go tlwaelegile gore go lekanngwe boleng jwa monna ka selekanyo sa bojalwa jo a kgonang go bo nwa.” Go tlhokometswe gore go na le mekgwa e e tshwanang le eo kwa dinageng tse dingwe tsa Asia. Makasine wa Asiaweek o bolela gore gone jaanong “Ba-Korea ba kwa Borwa ba nwa bojalwa jo bo bogale motho a le mongwe fela go feta lefa e le batho bape ba ba nwang golo gongwe mo lefatsheng.”

Go nwa ka tsela e e sa laolesegeng mo meagong ya kholetšhe e setse e le selo se se tlwaelegileng kwa United States. Go ya ka The Journal of the American Medical Association, “bontsi jwa batho ba ba nwang ka tsela e e sa laolesegeng ga ba ipone e le batho ba ba nang le mathata a go nwa.”a Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa ka gore mo dinageng di le dintsi metswedi ya tshedimosetso e buelela go nwa jaaka selo se se supang bopelokgale, jaaka mokgwa o o amogelwang e bile e le selo se se tseelwang kwa godimo. Gantsi maaka ano a tsietsa segolobogolo basha.

Kwa Boritane, go nowa ga biri go oketsegile ka selekanyo se se menaganeng gabedi mo dingwageng di le 20, mme go nowa ga bojalwa jo bo bogale go oketsegile ka selekanyo se se menaganeng gararo. Batho ba simolola go nwa ba sa le basha thata mme go na le basadi ba ba oketsegileng ba ba nwang. Go tlhokometswe gore go na le mekgwa e e tshwanang kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba le tsa kwa Latin America. Seno se supiwa ke dipalo tse di oketsegang tsa batho ba ba tshwakgolwang ke bojalwa le go oketsega ga dintsho tse di bakiwang ke dikotsi tsa dikoloi tse di amanang le bojalwa. Kwantle ga pelaelo, go nwa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang go ntse go oketsega thata mo lefatsheng lotlhe.

Fa o Feteleditse Bojalwa Ke fa Go le Kana Kang?

Tsela e Baebele e lebang majalwa ka yone e lekalekane. Mo letlhakoreng le lengwe, Dikwalo di a re bojalwa jwa mofine ke mpho e e tswang kwa go Jehofa Modimo “jo bo ipedisang pelo ya motho.” (Pesalema 104:1, 15) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa Baebele e kgala go bo nwa ka selekanyo se se feteletseng e dirisa mafoko a a tshwanang le “go tagwa,” “go nwa beine mo go feteletseng, mediro ya ditlhapelo, mekete ya go nwa,” ‘go lemalela bojalwa,’ le go dirwa “batlhanka ke beine e ntsi.” (Luke 21:34; 1 Petere 4:3; 1 Timotheo 3:8; Tito 2:3, bapisa NW.) Mme “beine e ntsi” ke e kana kang? Mokeresete a ka itse jang gore a o leba majalwa ka tsela ya bomodimo?

Ga go thata go lemoga botagwa. Ditlamorago tsa jone di tlhalosiwa mo Baebeleng ka mafoko ano: “E mang yo o nang le khutsego? E mang yo o nang le bohutsana? E mang yo o nang le dikgang? E mang yo o nang le ngongorego? E mang yo o nang le dintho tsa lefela? E mang yo o nang le bohibidu jwa matlho? Ke ba ba diegang bobe mo bojalweng jwa mofine; ke ba ba lebalebang bojalwa jo bo tlhakantsweng. . . . Matlho a gago a tlaa bona dilo di sel[e] fela, le pelo ya gago e tlaa bua dilo tse di lesoko.”—Diane 23:29-33.

Go nwa bojalwa jo bontsi thata go ka dira gore motho a tlhakane tlhogo, a palelwe ke go bona dilo jaaka di ntse, a se ka a ikutlwa le go nna le mathata a mangwe a tlhaloganyo le a mmele. Fa motho a tagilwe, a ka palelwa ke go itshwara sentle, a ka ikgobatsa kana a gobatsa batho ba bangwe. Matagwa a itsege ka gore ba itshwara ka tsela e e tlhabisang ditlhong, e e kgopisang, kana ba na le boitsholo jo bo sa siamang.

Go nwa gore o bo o tagwe, ka matswela a a umakilweng fa godimo, kwantle ga pelaelo ke go nwa ka selekanyo se se feteletseng. Lefa go ntse jalo, motho a ka nna a tlhoka go nna tekatekano lefa gone a sa supe ka tsela epe gore o tagilwe. Ka jalo, gantsi go ganetsanwa ka kgang ya gore a tota motho o nole ka selekanyo se se feteletseng. Motho o bona jang gore o nole ka tekatekano le gore o nole ka selekanyo se se feteletseng?

Sireletsa Kgono ya Gago ya go Akanya

Baebele ga e beye ditekanyetso ka go tlhoma selekanyo sa diperesente tsa bojalwa jo motho a tshwanetseng go nna najo mo mading a gagwe kana ka go bo lekanya ka tsela e nngwe e sele. Batho ba farologana ka selekanyo sa bojalwa jo ba kgonang go bo nwa. Lefa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele e dira mo Bakereseteng botlhe mme e ka re thusa go leba majalwa ka tsela ya bomodimo.

Jesu o ne a re taolo ya ntlha ke gore “o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.” (Mathaio 22:37, 38) Bojalwa bo ama tlhaloganyo ka tlhamalalo, mme go bo nwa ka selekanyo se se feteletseng go tla go kgoreletsa go utlwa taolo e kgolo eno go di feta tsotlhe. Go ka go kgoreletsa tota go dira tshwetso e e siameng, go kgona go rarabolola mathata, go ikgapa, le ditiro tse dingwe tse di botlhokwa tse tlhaloganyo e di dirang. Dikwalo di re tlhagisa jaana: “O tshware botlhale jo bo itekanetseng le pharologanyo. Jalo di tlaa nna botshelo mo moweng wa gago, le bontle mo thamong ya gago.”—Diane 3:21, 22.

Moaposetoloi Paulo o ne a ikuela jaana mo Bakereseteng: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1, NW) A Mokeresete o tla bo a ‘amogelesega mo Modimong’ fa a nwa bojalwa ka tsela ya gore a latlhegelwe ke ‘maatla a gagwe a go akanya’? Gantsi motho yo o sa nweng ka tekatekano kgabagare o kgona go nwa bojalwa jo bontsi thata. A ka nna a akanya gore go nwa thata ga gagwe—mo go ene—ga go ise go fitlhe mo botagweng. Lefa go ntse jalo, a ka nna a bo a simolola go ikaega ka bojalwa ka tsela e e sa siamelang botsogo jwa gagwe. A motho yo o ntseng jalo a ka kgona go isa mmele wa gagwe “setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo”?

Selekanyo lefa e le sefe sa bojalwa se se koafatsang “botlhale jo bo itekanetseng le pharologanyo” ya gago jaaka Mokeresete, mo go wena ke bojalwa jo bontsi thata.

Ke Eng se se Tlhotlheletsang Tsela e o Lebang Bojalwa ka Yone?

Mokeresete o tshwanetse go sekaseka boikutlo jwa gagwe malebana le go nwa go bona gore a bo tlhotlhelediwa ke mekgwa ya bosheng kana ke ngwao. Kwantle ga pelaelo, fa go tla mo kgannyeng ya majalwa, o ka se ka wa batla go dira gore ditshwetso tse o di dirang di theiwe mo mekgweng ya setso kana mo metsweding ya tshedimosetso ya maaka. Fa o ntse o sekaseka boikutlo jwa gago, ipotse jaana, ‘A bo tlhotlhelediwa ke se se amogelwang mo tikologong? Kana a tsela e ke nwang ka yone e laolwa ke melaometheo ya Baebele?’

Le mororo Basupi ba ga Jehofa e se batho ba ba ganang dilo tsa setso, ba lemoga gore Jehofa o ila ditiro tse dintsi tse di amogelwang ke batho ba le bantsi gompieno. Mo mafelong a mangwe batho ba mpampetsa go senya mpa, go tshela madi, bosotoma, kana go nyala lefufa. Lefa go ntse jalo, mo dilong tseno Bakeresete ba itshwara ka tsela e Modimo a di lebang ka yone. Ee, go leba dilo ka tsela ya bomodimo go tla thusa Mokeresete gore a ile dilo tse di ntseng jalo go sa kgathalesege gore a di a amogelwa mo setsong kana nnyaa.—Pesalema 97:10.

Baebele e bua ka “keletso ya Baditšhaba,” e leng se se akaretsang “go nwa beine mo go feteletseng” le “mekete ya go nwa.” Mafoko a a reng “mekete ya go nwa” a dira gore re akanye ka dikokoano tse di rulagantsweng ka boikaelelo jo bo rileng jwa go nwa bojalwa jo bontsi. Go bonala gore mo metlheng ya Baebele go ne go na le bangwe ba ba neng ba ikgantsha ka bokgoni jo ba nang najo jwa go ka kgona go nwa bojalwa jo bontsi ba leka go nwa go feta batho ba bangwe, kana ba leka go bona gore ke mang yo o ka kgonang go nwa bojalwa jo bontsi go gaisa botlhe. Moaposetoloi Petere o tlhalosa boitshwaro jono jaaka ‘tlhapelo e e feteletseng’ e Bakeresete ba ba ikwatlhayang ba sa tlholeng ba nna le seabe mo go yone.—1 Petere 4:3, 4.

A go tla bo go utlwala gore Mokeresete a nne le boikutlo jwa gore fa fela a sa tagwe, tota ga go kgathalesege gore o nwa kae, leng kana go le kana kang? Re ka nna ra ipotsa gore, A ke go leba dilo ka tsela ya bomodimo? Baebele ya re: “Le fa loo ja, le fa loo nwa, le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, tsotlhe, fela lo di direle kgal[a]letso ya Modimo.” (1 Bakorinthe 10:31) Go ka nna ga direga gore setlhopha sa banna ba ba kokoaneng go tla go nwa bojalwa jo bontsi mo lefelong la botlhe ba se ka ba tagwa botlhe, mme gone a boitshwaro jwa bone bo tla bo bo galaletsa Jehofa? Baebele e tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.”—Baroma 12:2.

Tila go Kgopisa ba Bangwe

Se se kgatlhang ke gore, gantsi tsone ditso tse di letlelelang go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng di kgala motho yo o nwang thata a bo a ipolela gore ke motho wa Modimo. Mo lefelong lengwe kwa South Pacific, motho mongwe yo o neng a tlhokometse dilo o ne a re: “Ke lo rata thata batho ke lona. Lo rera boammaaruri. Mme bothata jo re bo bonang ke gore banna ba lona ba nwa bojalwa thata.” Go ya ka se se begilweng, batho bano ba ne ba sa tagwe, lefa go ntse jalo, seo se ne se sa itlhalose mo bathong ba tikologo eo. Batho ba ba elang dilo tlhoko ba ka swetsa motlhofo gore fela jaaka bontsi jwa banna bo kokoana go nwa bojalwa jo bontsi, Basupi le bone ba tagwa fela jalo. A modiredi wa Mokeresete yo o nnang mo dikokoanong tse mo go tsone go nowang ka nako e telele a ka nna le leina le le siameng e bile a dira bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa a bua a phuthologile?—Ditiro 28:31.

Pego nngwe go tswa kwa nageng nngwe ya kwa Yuropa e supa gore ka dinako tse dingwe bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi ba ne ba fitlha kwa Holong ya Bogosi magano a bone a nkga bojalwa thata. Seno se ile sa tshwenya digakolodi tsa batho ba bangwe. Baebele e tlhagisa jaana: “Go le go ja nama, go le go nwa bojalwa jwa mofine, le gotlhe mo wa gaeno o kgopiwang ka gone, go molemo go kgaogana nago.” (Baroma 14:21) Go leba majalwa ka tsela ya bomodimo go tla dira gore Mokeresete yo o godileng mo semoyeng a amege thata ka digakolodi tsa batho ba bangwe, tota le fa se se ka raya gore a se ka a nwa bojalwa mo maemong a a rileng.

Bakeresete ba Bonala Sentle Gore ba Farologane

Ka maswabi, lefatshe leno le dirile dilo tse dintsi go kgopisa Jehofa ka go sa dirise dilo tse di molemo tse a di fileng batho sentle, go akaretsa le majalwa. Mokeresete mongwe le mongwe yo o ineetseng o tshwanetse go leka go tila boikutlo jo e seng jwa bomodimo jo bo leng teng. Fa re dira jalo, batho ba tla kgona go “farologanya gare ga basiami le baikepi, gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.”—Malaki 3:18.

Fa go tla mo majalweng, ‘pharologano’ fa gare ga Basupi ba ga Jehofa le lefatshe e tshwanetse ya bonala sentle. Go nwa bojalwa ga se selo se segolo mo matshelong a Bakeresete ba boammaaruri. Ga ba lekeletse go bona gore ba ka kgona go nwa bojalwa jo bo kana kang, ba itsenya mo kotsing ya go tagwa; e bile ga ba dire gore bojalwa bo senye kana ka tsela epe fela bo ba kgoreletse go direla Modimo ka moya wa bone otlhe le ka tlhaloganyo e e phepa.

Jaaka setlhopha, Basupi ba ga Jehofa ba leba majalwa ka tsela ya bomodimo. Go tweng ka wena? Mongwe le mongwe wa rona a ka letela go bona masego a ga Jehofa fa re ntse re latela taelo ya Baebele ya gore re nne re “ikgaogantse le boikepo, le dithato tsa lefatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo, mo motlheng wa gompieno.”—Tito 2:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

a “Go nwa ka tsela e e sa laolesegeng go tlhalosiwa gore ke fa banna ba nwa dibiri di le tlhano kana tse di oketsegileng ka go latelana, le fa basadi ba nwa tse nnè kana tse di oketsegileng ka go latelana ga tsone.”—The Journal of the American Medical Association.

Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

Reetsa Batho Ba ba Go Ratang

Gantsi motho yo o nwang go feta selekanyo ke ene wa bofelo go lemoga gore o na le bothata. Ba losika, ditsala le bagolwane ba Bakeresete ga ba a tshwanela go etsaetsega go thusa batho ba ba ba ratang ba ba nwang go feta selekanyo. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa batho ba o ba ratang ba tlhalosa gore ga ba itumelele mekgwa ya gago ya go nwa bojalwa, ba ka tswa ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba ikutlwa jalo. Akanyetsa se ba se buang.—Diane 19:20; 27:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela