LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 1/1 ts. 23-25
  • Go Ntsha se Segolo ka Boikaelelo Jwa go Bona se se Fetang Seo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ntsha se Segolo ka Boikaelelo Jwa go Bona se se Fetang Seo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa ke Nnileng Aladura ka Teng
  • Go Simolola go Kopana le Basupi ba ga Jehofa
  • Go Tuma Mmogo le go Bulwa Matlho
  • Tshwetso ya go Direla Jehofa
  • Maiteko a go Gore Ke se Ka ka Tlogela Kereke
  • Go Sala ka Mosadi a le Mongwe Fela
  • Go Itumelela Masego a ga Jehofa
  • Baebele e Fetola Matshelo a Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Tlhobaela ka Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 1/1 ts. 23-25

Go Ntsha se Segolo ka Boikaelelo Jwa go Bona se se Fetang Seo

JAAKA GO BOLETSE JULIUS OWO BELLO

Ka dingwaga tse 32 ke ne ke le Aladura.a Ke ne ke dumela gore go fodisa ka go nna le tumelo le ka go rapelela go ne go tla rarabolola mathata otlhe a me le go fodisa malwetse otlhe. Ke ne ke sa nke ke reka diokobatsi, tota le dipilisi tse di okobatsang botlhoko. Ka dingwaga tseo, go ne go se na ope mo lelapeng la me yo o neng a isiwa kwa kokelong. Fa go ne go ka direga gore mongwe wa bongwanake a lwale, ke ne ke ba rapelela bosigo le motshegare go fitlha ba nna botoka. Ke ne ke dumela gore Modimo o ne a araba dithapelo tsa me e bile a ntshegofatsa.

KE NE ke le leloko la Egbe Jolly, e leng mokgatlho o o neng o tumile thata kwa Akure, toropo e e kwa bophirima jwa Nigeria. Ditsala tsa me di ne di humile thata e bile e le batho ba ba neng ba le matlhagatlhaga mo motseng wa rona. Deji, kgosi ya Akure, o ne a tlhola a nketela kwa legaeng la me.

Gape ke ne ke nyetse lefufa, ke na le basadi ba le barataro le dinyatsi di le dintsi. Kgwebo ya me e ne e gatetse pele. Sengwe le sengwe se ne se ntsamaela sentle. Lefa go ntse jalo, fela jaaka moreki yo o mo setshwantshong sa ga Jesu sa perela, ke ne ka bona sengwe se se tlhokegang thata mo ke neng ka tlogela basadi ba me ba batlhano, dinyatsi tsa me, kereke, mokgatlho le go tuma ga lefatshe ka ntlha ya sone.—Mathaio 13:45, 46.

Kafa ke Nnileng Aladura ka Teng

Ke simolotse go utlwa ka bo-Aladura ka 1936, fa ke ne ke le dingwaga di le 13. Tsala nngwe e e neng e bidiwa Gabriel e ne ya mpolelela jaana: “Fa o etela Christ Apostolic Church, o tla utlwa Modimo a bua.”

“Modimo o bua jang?” ke ne ka mmotsa jalo.

O ne a re: “Tla, mme o tla bona.”

Ke ne ke tlhoafaletse go utlwa Modimo. Ka jalo mo go jone bosigo joo, ke ne ka tsamaya le Gabriel kwa kerekeng. Kagonyana e ne e tletse baobamedi. Phuthego e ne ya simolola go opela e re: “Tlang, lona batho! Fano ke koo Jesu a leng gone!”

Fa go ntse go opelwa pina eo, mongwe o ne a goeletsa jaana: “Moya o o boitshepo fologa!” Yo mongwe o ne a letsa tloloko, mme phuthego ya didimala. Morago ga moo, mosadi mongwe o ne a simolola go bua a peteketsa. Ka tshoganetso fela o ne a goela kwa godimo a re: “Reetsang molaetsa wa Modimo, lona batho! Modimo o buile jaana a re: ‘Rapelelang batsomi gore ba se ka ba bolaya batho!’” Batho ba ne ba tseega maikutlo.

Ke ne ke dumela gore Modimo o ne a buile le ene, ka jalo mo ngwageng o o latelang ke ne ka kolobediwa gore ke nne leloko la Christ Apostolic Church.

Go Simolola go Kopana le Basupi ba ga Jehofa

Ka 1951, ke ne ka amogela khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo mo Mosuping mongwe yo o neng a bidiwa Adedeji Boboye. E ne e le makasine o o kgatlhang tota, ka jalo ke ne ka dira peeletso ya one mme ka o bala ka metlha. Ka 1952, ke ne ka nna gone kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Ado Ekiti.

Ke ne ka kgatlhiwa thata ke se ke neng ke se bona kwa kopanong. Ke ne ka akanya thata ka go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ke bo ke ntsha seo mo mogopolong. Bothata jwa me e ne e le gore ka nako eo ke ne ke na le basadi ba le bararo le nyatsi e le nngwe. Ke ne ke akanya gore ke ka se kgone gore ke nne le mosadi a le mongwe fela.

Fa ke ne ke boela kwa Akure, ke ne ka bolelela Adedeji gore a se tlhole a nketela, e bile ke ne ka tlogela go ntšhafatsa peeletso ya me ya Tora ya Tebelo. Ke ne ka simolola go tlhagafalela thata kereke ya me. Ke ne ke akanya gore lefa go ntse jalo, fa e sale ke nna leloko la Christ Apostolic Church Modimo o ile wa ntshegofatsa. Ke ile ka nyala basadi ba bararo mme ka nna le bana ba le bantsi. Ke ile ka ikagela ntlo. Ga ke ise nke ke isiwe kwa kokelong. E re ka go lebega e kete Modimo o araba dithapelo tsa me, ke go reng fa ke tshwanetse go fetola bodumedi jwa me?

Go Tuma Mmogo le go Bulwa Matlho

Ke ne ka simolola go koleka madi a mantsi mo kerekeng. Go ise go ye kae ba ne ba ntira mogolwane wa kereke, e leng maemo a a neng a ka dira gore ke kgone go bona diphiri tsa kereke. Se ke neng ke se bona se ne sa ntshwenya fela thata. Moruti le “baporofeti” ba ne ba rata madi; bopelotshetlha jwa bone bo ne bo nkgopisa.

Ka sekai, ka March 1967 ke ne ka nna le bana ba le bararo e le ba basadi ba ba farologaneng. Go ne go tlwaelegile mo kerekeng gore go nne le moletlo wa go reelela ngwana leina. Ka jalo ke ne ka tsaya dimpho—tlhapi, namoneiti, le dinotsididi tsa mabotlele—ke di isa kwa moruting gore go baakanyetswe moletlo.

Ka letsatsi la tirelo ya kereke, moruti o ne a bolela jaana a le fa pele ga phuthego yotlhe: “Batho ba ba humileng ba kereke eno ba nkgakgamaditse. Ba batla gore go dirwe moletlo wa go reelela ngwana leina, mme ba bo ba tlisa dinotsididi le tlhapi fela. Go se na nama! Go se na podi! Akanya fela! Kaine o ne a ntshetsa Modimo setlhabelo se segolo sa di-yam, lefa go ntse jalo Modimo ga a ka a amogela setlhabelo seo ka gonne go ne go se na madi mo go sone. Modimo o batla dilo tse di nang le madi mo go tsone. Abele o ne a ntsha setlhabelo sa phologolo, mme se ne sa amogelwa.”

Fa ke utlwa seo, ke ne ka emelela mme ka photsegela kwa ntle. Lefa go ntse jalo, ke ne ke ntse ke ya kwa kerekeng. Thatathata ke ne ke dirisa nako e ntsi ke na le batho le go ya dipokanong tsa mokgatlho wa me. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ya kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi, mme ke ne ka tsosolosa peeletso ya me ya Tora ya Tebelo. Lefa go ntse jalo, ke ne ke santse ke sa iketleeletsa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

Tshwetso ya go Direla Jehofa

Nako e ke ka se kang ka e lebala e ne e le ka 1968. Ka letsatsi lengwe ke ne ka simolola go bala setlhogo sengwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo se se neng se tlhalosa ka go bogisiwa mo go setlhogo ga Basupi ba ga Jehofa kwa Malawi. O ne wa bua ka mosetsana mongwe wa dingwaga di le 15 yo o neng a bofelelwa mo setlhareng mme a betelelwa ka makgetlho a le marataro ka gonne a ne a gana go tlogela tumelo ya gagwe. Ke ne ke gakgametse tota, ka ema go bala makasine, mme ka nnela go akanya ka gone. Ke ne ka lemoga gore ga go na mosetsana ope mo kerekeng ya me yo o neng a ka bontsha tumelo ya mofuta oo. Moragonyana mo go one maitseboa ao, ke ne ka tsaya makasine mme ka bala mo tsebeng eo gape.

Ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka tlhoafalo. Fa ke ntse ke nna le kitso e e oketsegileng, ke ne ka simolola go bona gore kereke e ile ya ntsietsa go le kana kang. Fela jaaka go ne go ntse mo metlheng ya bogologolo, baruti ba rona ba ne ba “dirile mo go botlhodi.” (Hosea 6:9) Batho ba ba ntseng jalo e ne e le bangwe ba baporofeti ba maaka ba Jesu a neng a re tlhagisa ka bone! (Mathaio 24:24) Ga ke sa tlhole ke dumela dipono le ditiro tsa bone tse di nonofileng. Ke ne ka swetsa gore ke tswe mo bodumeding jwa maaka mme ke thuse ba bangwe le bone gore ba dire jalo.

Maiteko a go Gore Ke se Ka ka Tlogela Kereke

Fa bagolwane ba kereke ba lemoga gore ke ititeile sehuba gore ke tlogela kereke, ba ne ba roma mongwe gore a nkope gore ke se ka ka dira jalo. Ba ne ba sa batle go latlhegelwa ke motho yo o botlhokwa yo o kolekang thata. Ba ne ba batla go ntira Baba Egbe, e leng motshegetsi wa leloko lengwe la dikereke tsa Christ Apostolic kwa Akure.

Ke ne ka gana mme ke ba bolelela lebaka. Ke ne ka bolela jaana: “Kereke e ntse e re bolelela maaka. Ba bolela gore batho botlhe ba ba molemo ba ya kwa legodimong. Mme ke badile mo Baebeleng, mme ke tlhatswegile pelo gore ke batho ba le 144 000 fela ba ba tla yang kwa legodimong. Batho ba bangwe ba ba siameng ba tla tshela mo lefatsheng la paradaise.”—Mathaio 5:5; Tshenolo 14:1, 3.

Moruti wa kereke o ne a leka go dira gore basadi ba me ba nne kgatlhanong le nna. O ne a ba bolelela gore ba thibele Basupi ba ga Jehofa fa ba tsena kwa legaeng la bone. Yo mongwe wa basadi ba me o ne a ntshelela botlhole mo dijong tsa me. Ba bangwe ba babedi ba ne ba ntlhagisa ka ponatshegelo nngwe e ba neng ba e bontshiwa kwa kerekeng. Ponatshegelo e ne e bontsha gore ke ne ke tla swa fa ke ka tlogela kereke. Go sa kgathalesege seo, ke ne ka tswelela pele ke rerela basadi ba me, ke ba laletsa gore ba tsamaye le nna kwa dipokanong. “Lo tla bona banna ba bangwe ba ba nyetseng koo,” ke ne ka bolela jalo. Lefa go ntse jalo, go ne go se na ope wa bone yo o neng a kgatlhega, mme ba tswelela pele ba leka go nkgoba marapo.

Kgabagare, ka February 2, 1970, fa ke ne ke boela kwa gae ke tswa kwa toropong nngwe e e gaufi, ke ne ka fitlhela ntlo e se na ope. Basadi ba me botlhe ba ne ba tshabile kwa gae le bana.

Go Sala ka Mosadi a le Mongwe Fela

‘Jaanong ke ka kgona go baakanya lenyalo la me,’ ke ne ka akanya jalo. Ke ne ka kopa mosadi wa me yo motona, e bong Janet, gore a boele mo gae. O ne a dumela. Lefa go ntse jalo, ba gabone ba ne ba sa dumalane gotlhelele le mogopolo oo. Fa basadi ba me ba bangwe ba utlwa gore ke kopile Janet gore a boele mo gae, ba ne ba ya kwa legaeng la ga rraagwe mme ba leka go mo itaya. Ba gabone go tswa foo ba ne ba mpiletsa kwa kokoanong nngwe.

Go ne go na le batho ba ka nna 80 kwa kokoanong eo. Rangwaneagwe Janet, yo o neng e le tlhogo ya lelapa, o ne a bolela jaana: “Fa o batla go nyala morwadiarona gape, o tshwanetse gore o tseye basadi ba bangwe le bone. Mme fa o batla go tsena bodumedi jwa gago jo bosha gore o nne le mosadi a le mongwe fela, o tshwanetse wa batla mosadi yo mongwe. Fa o tsaya Janet, basadi ba bangwe ba gago ba tla mmolaya, mme ga re batle morwadiarona a swa.”

Fa re se na go bua lobaka lo lotelele, ba lelapa ba ne ba lemoga gore ke ne ke ititeile sehuba gore ke nne le mosadi a le mongwe fela. Kgabagare ba ne ba ineela. Rangwaneagwe o ne a bolela jaana: “Re ka se go tseele mosadi wa gago. O ka nna wa tsamaya le ene.”

Ka May 21, 1970, nna le Janet re ne ra nyalana kafa molaong. Malatsi a le robonngwe morago ga moo ke ne ka kolobediwa gore ke nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka December wa one ngwaga oo, Janet le ene o ne a kolobediwa.

Go Itumelela Masego a ga Jehofa

Maloko a re neng re tsena kereke le one pele a ne a porofetile gore fa re ne re ka nna Basupi, re ne re tla swa. E ne e le dingwaga tse di ka nnang 30 tse di fetileng. Lefa ke ka swa jaanong, a e ne e tla bo e le go bo ke nnile mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Fa mosadi wa me a ka swa jaanong, a mongwe a ka re ke ka go bo a ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?

Ke ile ka tshwaragana le bothata jwa go bontsha bongwanake ba le 17 tsela ya boammaaruri. Le mororo bontsi jwa bone bo ne bo setse bo godile fa ke ne ke nna Mosupi, ke ne ke ba kgothaletsa go ithuta Baebele le go tsamaya le bone kwa dipokanong le kwa dikopanong. Ke itumelela go bo ke na le ba le batlhano mo go bone ba ba direlang Jehofa le nna. Yo mongwe o direla le nna jaaka mogolwane mo phuthegong. Yo mongwe ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong e e gaufi le eno. Bongwanake ba le babedi ba direla e le babulatsela ba ka metlha.

Fa ke leba kwa morago, ke kgatlhilwe ke bopelotlhomogi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa fa a ne a nthusa gore ke nne motlhanka wa gagwe. A bo mafoko ano a ga Jesu a le boammaaruri jang ne: “Ga go motho ope yo o ka tlang mo go nna, fa Rara yo o nthomileng a sa mo goge”!—Johane 6:44.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Le tswa mo lefokong la Se-Yoruba le le kayang “motho yo o rapelelang.” Le bolela ka leloko la kereke ya Seafrika e go fodisiwang ka go rapelela mo go yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela