LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 7/1 ts. 6-7
  • Go Tlhobaela ka Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhobaela ka Lelapa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO NNA LE TUMELO GO KAYA ENG?
  • Go Tlhobaela go Aname!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • O Leba Jang go Atlega?
    Tsogang!—2014
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Tlhobaediwa ke Masetlapelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 7/1 ts. 6-7

SETLHOGO SA KA FA NTLE | RE KA FENYA JANG GO TLHOBAELA?

Go Tlhobaela Ka Lelapa

Janet a re: “Nakwana morago ga loso lwa ga rre, monna wa me o ne a mpolelela gore o ratana le mosadi yo mongwe. Go ise go ye kae, o ne a tsaya diaparo tsa gagwe tsotlhe a sa mpolelela a bo a ntlogela le bana ba rona ba babedi.” Janet o ne a bona tiro mme o ne a sa kgone go duelela ntlo ka madi ao. Kwantle ga mathata a madi, o ne a lebana le mathata a mangwe. A re: “Go tlhobaela ka maikarabelo ano a ke neng ke tshwanetse go a sikara ke le nosi go ne go nkimela. Ke ne ke ikutlwa molato ka gonne ke sa kgone go tlamela banake jaaka batsadi ba bangwe. Tota le gone jaanong ke sa ntse ke tlhobaela ka gore batho ba akanyang ka nna le banake. A ba ka tswa ba akanya gore ga ke a tsaya matsapa ape go sireletsa lenyalo la me?”

Janet a akanya ka mathata a lelapa a a ileng a a itshokela

Janet

Go rapela go ile ga thusa Janet go laola maikutlo a gagwe le go atamalana le Modimo. A re: “Ke tlhobaela thata bosigo ka gonne go a bo go didimetse. Go rapela le go bala Baebele go nthusa gore ke kgone go robala. Temana e ke e ratang thata ke Bafilipi 4:6, 7 e e reng: ‘Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.’ Ke feditse masigo a le mantsi ke rapela mme kagiso ya ga Jehofa e ile ya nkgomotsa.”

Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bua mafoko ano a a kgothatsang a a malebana le thapelo a a dirang mo maemong otlhe a a re tlhobaetsang: “Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.” (Mathaio 6:8) Mme gone, re tshwanetse go mo kopa. Thapelo ke tsela ya botlhokwa ya go ‘atamela Modimo.’ Diphelelo tsa seno ke eng? “O tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

Ke boammaaruri gore fa re sena go bolelela Modimo ditlhobaelo tsa rona re ikutlwa botoka. Mme gape “Moutlwi wa thapelo” e bong Jehofa, o thusa botlhe ba ba dumelang mo go ene. (Pesalema 65:2) Ke gone ka moo Jesu a ileng a ruta balatedi ba gagwe gore ba ‘rapele ka metlha le gore ba se ka ba lesa.’ (Luke 18:1) Re tshwanetse go nna re kopa Modimo gore a re kaele le go re thusa, re tlhatswegile pelo gore o tla re duela ka ntlha ya tumelo ya rona. Ga re a tshwanela go belaela keletso kgotsa bokgoni jwa gagwe jwa go re thusa. Fa re ‘rapela re sa kgaotse,’ re bontsha gore re na le tumelo ya mmatota.—1 Bathesalonika 5:17.

GO NNA LE TUMELO GO KAYA ENG?

Tota tumelo ke eng? Tumelo e akaretsa go “tsenya kitso” ka Modimo. (Johane 17:3) Re ka dira jalo ka go ithuta dikgopolo tsa Modimo tse di mo Baebeleng. Re ithuta gore o a re bona e bile o batla go re thusa. Le fa go ntse jalo, tumelo ya mmatota ga e akaretse fela go itse sengwe ka Modimo. Gape tumelo e kaya go atamalana le ene. Fela jaaka go sa itiragalele fela gore re atamalane le tsala nngwe, go atamalana le Modimo go tshwanetse go tseelwa matsapa. Tumelo ya rona e “okediwa” ke go ithuta ka Modimo, go “dira dilo tse di mo itumedisang” le go lemoga tsela e a re thusang ka yone. (2 Bakorintha 10:15; Johane 8:29) Tumelo eno e thusa Janet go fenya go tlhobaela.

Janet a re: “Selo se se nthusitseng go nna le tumelo mo go Jehofa ke tsela e ke neng ke bona a nthusa ka yone kgato ka kgato. Gantsi re ne re lebana le tshiamololo e go neng go lebega re ka se kgone go e itshokela. Ka metlha fa ke rapela, Jehofa o ne a re thusa ka tsela e ke neng ke sa e solofela. Fa ke mo leboga, ke gakologelwa dilo tse dintsi tse a ntiretseng tsone. Ka metlha o ne a re thusa ka nako e e tshwanetseng, gantsi e le ka nako e re neng re tlhoka thuso ka yone. E bile o nneile ditsala tsa mmatota tsa banna le basadi ba Bakeresete. Ba nkema nokeng ka dinako tsotlhe e bile ba tlhomela banake sekao se se molemo.”a

Mmè a fetsa nako le bana ba gagwe

“Ke a itse gore ke ka ntlha yang fa Jehofa mo go Malaki 2:16 a re: ‘Ke tlhoile tlhalo.’ E utlwisa molekane yo o se nang molato botlhoko. Go setse go fetile dingwaga monna wa me a ntlogetse mme ka dinako tse dingwe ke jewa ke bodutu e bile ke ikutlwa ke se motho wa sepe. Fa seo se direga, ke dira sengwe go thusa mongwe mme seo se dira gore ke ikutlwe botoka.” Janet ga a tlhole a tlhobaela thata ka gonne o dirisa molaomotheo wa Baebele o o reng a se ka a itlhaola.b—Diane 18:1.

Modimo ke “rraagwe basimane ba ba se nang rre le moatlhodi wa batlholagadi.”—Pesalema 68:5

Janet a re: “Ke gomodiwa thata ke go itse gore Modimo ke ‘rraagwe basimane ba ba se nang rre le moatlhodi wa batlholagadi.’ Le ka motlha a ka se re latlhe jaaka monna wa me a dirile.” (Pesalema 68:5) Janet o a itse gore Modimo ga a re leke ka “dilo tse di bosula.” Go na le moo, o re naya botlhale “ka bopelotshweu” e bile o re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore re fenye tlhobaelo.—Jakobe 1:5, 13; 2 Bakorintha 4:7.

Mme go tweng fa re tlhobaediwa ke masetlapelo?

a Bona 1 Bakorintha 10:13; Bahebera 4:16.

b Fa o batla ditsela tse dingwe tsa go fenya go tlhobaela, bona makasine wa Tsogang! wa July 2015 wa setlhogo se se reng “A o Laola Botshelo Jwa Gago?” o o gone mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela