LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 7/1 ts. 8-9
  • Go Tlhobaediwa ke Masetlapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhobaediwa ke Masetlapelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOTLHOKWA JWA GO RAPELA
  • TSHOLOFELO YA RONA KA ISAGWE
  • Go Tlhobaela go Aname!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 7/1 ts. 8-9

SETLHOGO SA KA FA NTLE | RE KA FENYA JANG GO TLHOBAELA?

Go Tlhobaediwa Ke Masetlapelo

Alona a re: “Fa ke utlwa saerini se lela, pelo ya me e a uba ke bo ke siela kwa lefelong la go itshireletsa mo dibomong. Mme le fa ke le mo lefelong leo, ga ke wele dibete. Go nna maswe le go feta fa ke le kwa ntle go se gope mo nka iphitlhang. Mme nako nngwe fa ke le mo tseleng, ke ne ka simolola go lela mo ke neng ke sa kgone go hema. Go ntsere lobaka gore ke ritibale. Go tswa foo, saerini se ne sa lela gape.”

Alona a tlhobaediwa ke go thunya ga dibomo

Alona

Ntwa ke sengwe sa dilo di le dintsi tse di bakang masetlapelo. Ka sekai, o ka garoga pelo fa o lemoga gore wena kgotsa mongwe yo o mo ratang o na le bolwetse jo bo sa alafegeng. Mme ba bangwe bone ba tlhobaela ka isagwe. Ba ipotsa jaana: ‘A bana ba rona kgotsa bana ba bone ba tla tshelela mo lefatsheng le le tletseng ntwa, bokebekwa, kgotlelo, maemo a bosa a a fetofetogang le malwetse a a sa alafegeng?’ Re ka lebana jang le dilo tseno tse di tlhobaetsang?

“Yo o botlhale yo o boneng masetlapelo o ne a iphitlha” ka gonne a itse gore go direga dilo tse di bosula. (Diane 27:12) Fela jaaka re leka go itshireletsa mo mmeleng, re tshwanetse go itshireletsa mo mogopolong le mo maikutlong. Boitlosobodutu jo go dirisiwang dikgoka mo go jone tota le dikgang tse di bontshang ditshwantsho tse di tshosang, di ka tlhobaetsa rona le bana ba rona. Fa re tila dilo tseno, re a bo re sa iphoufaletse boammaaruri. Modimo ga a bopela megopolo ya rona go nna e akanya ka dilo tse di bosula. Go na le moo, re tshwanetse go e tlatsa ka “dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, . . . tse di siameng, . . . tse di itshekileng, . . . tse di rategang.” Fa re dira jalo, “Modimo wa kagiso” o tla re naya kagiso ya mogopolo le ya pelo.—Bafilipi 4:8, 9.

BOTLHOKWA JWA GO RAPELA

Tumelo ya mmatota e re thusa gore re kgone go fenya go tlhobaela. Baebele e re kgothaletsa gore re ‘nne re thantse malebana le dithapelo.’ (1 Petere 4:7) Re ka kopa Modimo gore a re thuse le go re naya botlhale le bopelokgale jwa gore re itshokele maemo a rona, re tlhatswegile pelo gore “o a re utlwa mabapi le sengwe le sengwe se re se kopang.”—1 Johane 5:15.

Avi le Alona ba kopa Modimo a ba thuse

A na le monna wa gagwe, Avi

Baebele ya re Satane, e seng Modimo, ke “mmusi wa lefatshe leno” le gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (Johane 12:31; 1 Johane 5:19) Ka jalo, Jesu o ne a sa dirise sekapuo fa a ne a re ruta gore re rapele re re: “Re golole mo go yo o boikepo.” (Mathaio 6:13) Alona a re: “Fa ke utlwa saerini se lela, ke kopa Jehofa gore a nthuse go laola maikutlo a me. Gape monna wa me o a nteletsa a bo a rapela le nna. Ruri go rapela go a thusa.” Go ntse fela jaaka Baebele e bua: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri.”—Pesalema 145:18.

TSHOLOFELO YA RONA KA ISAGWE

Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle.” (Mathaio 6:10) Bogosi Jwa Modimo bo tla tlosa tlhobaelo yotlhe e e sa siamang. Modimo o tla dirisa “Kgosana ya Kagiso” e bong Jesu go “dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Isaia 9:6; Pesalema 46:9) “[Modimo] o tla atlhola mo gare ga ditšhaba di le dintsi . . . Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape. . . . Go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.” (Mika 4:3, 4) Malapa a a itumetseng a ‘tla aga matlo a nne mo go one; ruri a tla jala masimo a mofine a je maungo a one.’ (Isaia 65:21) “Mme ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Le fa re leka ka bojotlhe go itshireletsa, ka dinako tse dingwe ga re kgone go tila “tiragalo e e sa bonelwang pele” kgotsa go nna mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang. (Moreri 9:11) Go setse go fetile dingwaga tse dintsi batho ba ba siameng ba bolawa ke ntwa, go dirisa dikgoka le bolwetse. Mme batho bao ba ba se nang molato ba na le tsholofelo efe?

Dimilionemilione tsa batho ba palo ya bone e itsiweng ke Modimo fela, ba tla tshela gape. Gone jaanong ba robetse e bile ba sireletsegile mo mogopolong wa Modimo, go fitlha ka letsatsi le ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo . . . ba tla tswang’ ka lone. (Johane 5:28, 29) Fa Baebele e bua ka tsogo, e re tlhomamisetsa jaana: “Tsholofelo eno ke tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame.” (Bahebera 6:19) Mme Modimo ‘o tlhomamiseditse batho botlhe ka seno ka a tsositse [Jesu] mo baswing.’—Ditiro 17:31.

Gone jaanong, tota le batho ba ba lekang go itumedisa Modimo ba tla tlhobaela. Go tsaya dikgato tse di tlhokegang, go atamalana le Modimo ka thapelo le go dumela se Baebele e se solofetsang ka isagwe go thusa Paul, Janet le Alona go fenya tlhobaelo. Fela jaaka bone, “e kete Modimo yo o nayang tsholofelo a ka lo tlatsa ka boipelo jotlhe le kagiso ka go dumela ga lona.”—Baroma 15:13.

O ka Kopa Thuso ya Ngaka

Fa o tsere dikgato tse di tlhokegang mme go tlhobaela go tswelela e bile go ama botshelo jwa gago, o ka bona ngaka. Fa motho yo o nang le mathata kgotsa yo o gateletsweng mo maikutlong a tlhobaela thata, seo se ka tswa se bontsha gore bothata jono bo masisi. Ngaka e ka nna ya simolola ka go go tlhatlhoba ka gonne ka dinako tse dingwe go tlhobaela go bakwa ke boemo bongwe jo bo tlhokang kalafi. Go tswa foo, ngaka e ka go gakolola gore o dirise kalafi efe.a

a Makasine ono ga o buelele mofuta ope wa kalafi. Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore kalafi epe fela e ba e tlhophang ga e thulane le melaometheo ya Baebele. Gape bala setlhogo se se reng “Ditsela Tsa go Thusa Batho ba ba Nang le Malwetse a go Tlhobaela” se se mo makasineng wa Tsogang! wa March 2012 o o gone mo www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela