LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 7/1 ts. 3
  • Go Tlhobaela go Aname!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlhobaela go Aname!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhobaediwa ke Masetlapelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Go Tlhobaela ka Lelapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 7/1 ts. 3

SETLHOGO SA KA FA NTLE RE KA FENYA JANG GO TLHOBAELA?

Go Tlhobaela Go Aname!

“Ke ne ka ya go reka dijo mme ka fitlhela go na le dikuku fela—di ja madi a a seng kana ka sepe! Mo letsatsing le le latelang, mabenkele a ne a se na dijo gotlhelele.”—Paul, Zimbabwe.

“Monna wa me o ne a mpolelela gore o a tlhala. Ke ne ka utlwa botlhoko jo bo tlhabang mo pelong. Go tlile go direga eng ka banake?”—Janet, United States.

“Fa disaerini di lela, ke ne ka tshaba mme ka batalala fa dibomo di ntse di thunya. Morago ga diura di le mmalwa, diatla tsa me di ne di sa ntse di roroma.”—Alona, Iseraele.

Monna a tlhobaediwa ke ntwa, khumanego, bolwetse le mathata a botshelo

Re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Batho ba bantsi ba lebana le mathata a madi, go thubega ga malapa, dintwa, malwetse a a sa alafegeng le masetlapelo a tlholego kgotsa a a bakwang ke batho. Dilo tse dingwe tse re tshwenyegang ka tsone ke go re: ‘A fa karolo nngwe mo mmeleng wa me e ruruga, go raya gore ke tshwerwe ke kankere?’ ‘Ditlogolo tsa me di tla golela mo lefatsheng le le ntseng jang?’

Ga se tlhobaelo nngwe le nngwe e e kotsi. Gantsi re a tlhobaela pele re kwala tlhatlhobo, re dira sengwe fa pele ga batho ba bantsi kgotsa re tlhatlhobelwa tiro. Go tshaba go tsena mo kotsing go ka go thusa go tila dikotsi. Mme go nna o tlhobaela kgotsa go tlhobaela ka tsela e e feteletseng go kotsi. Dipatlisiso tse di dirilweng bosheng jaana mo bagolong ba feta 68 000, di senotse gore tota le go tlhobaela mo go sa reng sepe go ka dira gore motho a swe ka bonako. Ke gone ka moo Jesu a neng a botsa jaana: “Ke mang wa lona yo ka go tlhobaela a ka oketsang lobaka lwa botshelo jwa gagwe ka kubita e le nngwe?” Ke boammaaruri gore go tlhobaela ga go lelefatse botshelo jwa motho. Ka jalo, Jesu o ne a gakolola jaana: “Tlogelang go tlhobaela.” (Mathaio 6:25, 27) A mme go a kgonega?

Karabo e ikaegile ka gore motho a dirise botlhale jo bo mosola, a atamalane thata le Modimo le go nna le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. Tota le fa gone jaanong re sa lebane le maemo a a thata, re ka lebana le one mo isagweng. Ka jalo, a re boneng gore go dira dilo tseno go thusitse Paul, Janet le Alona jang gore ba tlogele go tlhobaela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela