Fa go Boga go Tla Bo go Sa Tlhole go le Gone
GO BOGA e ne e se bontlhanngwe jwa maikaelelo a ntlha a Modimo ka batho. Ga a go dira gore go nne teng e bile ga a go batle. O ka nna wa ipotsa gore ‘fa e le gore go ntse jalo, go simologile jang, mme ke ka ntlha yang fa Modimo a go letleletse go tswelela pele go fitlha jaanong?’—Bapisa Jakobe 1:13.
Karabo e ka bonwa mo pegong ya ntlhantlha ya hisitori ya batho, e leng mo Baebeleng, segolobogolo mo bukeng ya Genesise. E bolela gore batsadi ba rona ba ntlha, Atame le Efa, ba ile ba latela Satane Diabolo fa a ne a tsuologela Modimo. Tsela e ba ileng ba itshwara ka yone e ne ya tsosa dikgang tse di botlhokwa thata tse di neng di gwetlha motheo wa molao le tolamo ya lobopo. Fa ba ne ba tla go itirela ditshwetso malebana le gore ke eng se se siameng le se se sa siamang, ba ne ba gwetlha bolaodi jwa Modimo. Ba ne ba belaela gore a o na le tshwanelo ya go busa le go nna moatlhodi a le mongwe fela wa “molemo le bosula.”—Genesise 2:15-17; 3:1-5.
Ke ka Ntlha Yang Fa a Ne a Sa Diragatse Thato ya Gagwe ka Bonako?
O ka nna wa ipotsa gore ‘Fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a sa diragatse thato ya gagwe ka bonako?’ Mo bathong ba le bantsi karabo e bonala e le motlhofo fela. Ba re, ‘Modimo o ne a na le maatla. O ne a tshwanetse a ka bo a a dirisitse go fedisa batsuolodi bao.’ (Pesalema 147:5) Mme ipotse jaana, ‘A ke dumela kwantle ga go belaela gore botlhe ba ba nang le maatla a magolo ba diragatse thato ya bone? A ga go itiragalele fela gore ke ikutlwe ke tenega fa mmusaesi a dirisa masole a a bolayang go fedisa baba ba gagwe?’ Batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle ba tenegela selo se se ntseng jalo.
‘Ebu,’ wa rialo, ‘mme fa e le gore Modimo o ne a dirisa maatla ao, ga go na ope yo o neng a ka belaela se a se dirileng.’ A o tlhomamisega ka seo? A ga go boammaaruri gore tota batho ba belaela tshwanelo ya Modimo ya go dirisa maatla a gagwe? Ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa a ne a sa a dirise ka dinako tse dingwe, jaaka fa a letlelela bosula. Gape ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa a ile a a dirisa ka dinako tse dingwe. Tota le Aberahame yo o neng a ikanyega o ne a na le mathata malebana le kafa Modimo a neng a dirisa maatla a Gagwe mo babeng ba gagwe ka teng. Gakologelwa nako ya fa Modimo a ne a swetsa ka gore a senye Sotoma. Aberahame ka phoso o ne a boifa gore batho ba ba siameng ba tla swa le batho ba ba bosula. O ne a ikuela jaana: “A go nne kgakala nao go dira mo go ntseng jalo, go bolaya basiami le baikepi.” (Genesise 18:25) Tota le batho ba ba akanyang sentle ba ba tshwanang le Aberahame ba tlhoka go tlhomamisediwa gore maatla a ka se ka a dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang.
Gone mme, Modimo a ka bo a ile a senya Atame, Efa le Satane gone fela foo. Mme akanya fela gore seo se ka bo se ile sa ama baengele kana dibopiwa tse di neng di tla nna teng mo isagweng jang, fa ba ne ba tla go lemoga se a se dirileng. A seno se ne se tla dira gore ba nne ba ntse ba ipotsa dipotso tse di ba tshwenyang malebana le tshwanelo ya Modimo ya go busa? A seo se ne se se kitla se dira gore Modimo a latofadiwe gore tota ke mogateledi mongwe yo o laolang sengwe le sengwe, jaaka Nietzsche a ile a mo tlhalosa, Modimo yo ka bosetlhogo a bolayang mongwe le mongwe yo o mo ganetsang?
Ke ka Ntlha Yang Fa a Sa Pateletse Batho go Dira se se Siameng?
Bangwe ba ka nna ba botsa gore, ‘A Modimo a ka se ka a pateletsa batho fela go dira se se siameng?’ Ebu, akanya ka seno gape. Go ralala hisitori yotlhe, mebuso e lekile go dira gore batho ba tshele go ya ka tsela e yone e akanyang ka yone. Mebuso mengwe kana babusi bangwe ba ile ba dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go laola megopolo ya batho, gongwe ka go dirisa diokobatsi kana ka karo, ba tseela batho bao mpho e ntle e ba nang le yone ya go itlhophela se ba se batlang. A ga re itumele go bo re kgona go itirela ditshwetso, tota le fa mpho eno e ka dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang? A re itlhokomolosa puso epe kana mmusi ope fela yo o lekang go re tseela seo?
Jalo he, Modimo o ne a dirang go na le gore a dirise maatla a gagwe ka bonako go dira gore molao o utlwiwe? Jehofa Modimo o ne a akanya gore tsela e e molemolemo ya go fedisa botsuolodi ke go letlelela batho ba ba ganneng melao ya gagwe go ipusa kwantle ga puso ya gagwe ka nakwana. Seno se ne se ka letla batho, ditlogolwana tsa ga Atame le Efa, go ipusa kwantle ga go ikobela molao wa Modimo. Ke ka ntlha yang fa a ne a dira seno? Ka gonne o ne a itse gore, fa nako e ntse e ya, go ne go tla nna le bosupi jo bo sa ka keng jwa ganediwa, jo bo tla supang gore tsela e ene a busang ka yone e siame ka metlha e bile ke ya tshiamiso, tota le fa a dirisa maatla a gagwe a a sa feleng go diragatsa thato ya gagwe, le gore mongwe le mongwe yo o mo tsuologelang, go ise go ye kae o tla welwa ke masetlapelo.—Duteronome 32:4; Jobe 34:10-12; Jeremia 10:23.
Go Tweng ka Batho Botlhe Ba ba Se Nang Molato?
‘Fa nako e ntse e tsamaya jaana, go tweng ka batho botlhe ba ba se nang molato?’ o ka nna wa ipotsa jalo. ‘A tota ba tshwanetse go boga go le kana kana go supa sengwe ka molao?’ Gone mme, Modimo ga a ka a letlelela boikepo fela gore go tlhaloganngwe sengwe se se sa utlwaleng sentle ka molao. Go farologana le seo, ke go gatelela ruri boammaaruri jwa motheo jwa gore ke ene fela molaodi le gore go ikobela melao ya gagwe go botlhokwa gore dibopiwa tsa gagwe tsotlhe di tle di tswelele pele di na le kagiso le boitumelo.
Sengwe se se botlhokwa thata se re tshwanetseng go se gakologelwa ke gore Modimo o itse gore a ka kgona go fedisa bosula bope fela jo bo ka tswang bo lerilwe ke seno mo bathong. O itse gore kgabagare, botlhoko le go boga ga nakwana go tla lere melemo e megolo. Akanya ka mmè yo o tshegetsang ngwana wa gagwe fa ngaka e ntse e mo utlwisa botlhoko ka go mo naya mokento o o sireletsang kgatlhanong le bolwetse bongwe jo bo neng bo ka nna jwa bolaya ngwana. Ga go na mmè ope yo o batlang gore ngwana wa gagwe a utlwe botlhoko. Ga go na ngaka epe e e batlang gore molwetse wa gagwe a ngomoge pelo. Ka nako eo, ngwana ga a tlhaloganye lebaka la go bo a utlwisiwa botlhoko, mme moragonyana o tla tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa seno se ne se letlelelwa.
A go Na le Kgomotso ya Mmatota Mo go Ba ba Bogang?
Bangwe ba ka nna ba akanya gore go itse fela ka dilo tseno go ka se ka ga dira gore batho bano ba bone kgomotso. Hans Küng o bontsha gore go neela tlhaloso e e utlwalang ya lebaka la go bo go boga “go tshwana fela le go ruta motho yo o bolailweng ke tlala ka tsela e dijo di dirang ka teng mo mmeleng go se nang mosola ka gone.” O botsa jaana: “A tota ditlhaloso tsotlhe tse di botlhale di ka kgothatsa batho ba ba kgobilweng marapo ke go boga?” Ebu, “ditlhaloso tse di botlhale” tsa batho ba ba itlhokomolosang Lefoko la Modimo, Baebele, ga di a kgothatsa batho ba ba bogang. Ditlhaloso tseo tsa batho di okeditse fela mathata ka go akantsha gore Modimo o ne a batla gore batho ba boge le gore lefatshe le dirilwe gore e nne mokgatšha wa dikeledi kana lefelo la go lekeletsa mo go ba ba tla yang go tshela kwa legodimong kgabagare. A bo e le tlhapatso ruri!
Lefa go ntse jalo, Baebele ka boyone e neela kgomotso ya mmatota. Ga e neele fela tlhaloso e e tlhomameng malebana le go boga go go leng teng mme gape e dira gore re nne le tshepo mo tsholofetsong ya Modimo e e tlhomameng ya gore o tla baakanya tshenyo yotlhe e e bakilweng ke go letlelela ga gagwe go boga ka nakwana.
“Metlha ya Tsosoloso ya Dilo Tsotlhe”
Go ise go ye kae Modimo o tla busetsa dilo gape gore di nne ka tsela e di neng di ntse ka yone pele ga dibopiwa tsa gagwe tsa ntlha tsa batho di tsuologa. Nako e a neng a e beile ya gore batho ba ipuse e setse e fedile. Re tshela mo nakong e a tla romelang “Jesu, yo legodimo le nang le go mo tshola go bo go tle go fitlha le metlha ya tsosoloso ya dilo tsotlhe, e Modimo o buileng ka ga yone ka molomo wa baperofeti ba one ba ba boitshepo, ba ba sa leng ba le yo le kwa tshimologong ya lefatshe.”—Ditiro 3:20, 21.
Jesu Keresete o tla dirang? O tla fedisa baba botlhe ba Modimo mo lefatsheng. (2 Bathesalonika 1:6-10) Eno e ka se ka ya nna katlholo e e bonya e e tshwanang le e e neelwang ke babusaesi ba batho. Bosupi jo bontsi jo bo supang ditlamorago tsa masetlapelo a go sa buse sentle ga batho bo tla supa gore Modimo o na le tshwanelo yotlhe ya gore a tloge a dirise maatla a gagwe a a se nang tekanyo go diragatsa go rata ga gagwe. (Tshenolo 11:17, 18) Sa ntlha seno se tla raya “pitlagano” e e iseng e ko e nne teng mo lefatsheng, e e tshwanang le ya motlha wa Morwalela wa ga Noa mme e le kgolo thata go e feta. (Mathaio 24:21, 29-31, 36-39) Batho ba ba tla falolang “sepitla se segolo” ba tla bona “metlha ya thudiso” fa ba bona ditsholofetso tsa Modimo tse di ‘builweng ka molomo wa baporofeti ba one ba ba boitshepo’ di diragadiwa. (Ditiro 3:19; Tshenolo 7:14-17) Modimo o solofeditse eng?
Gone mme, baporofeti ba Modimo ba bogologolo ba bolela gore ga go kitla go tlhola go nna le go boga go go bakilweng ke ntwa le go tshololwa ga madi. Ka sekai, Pesalema 46:9 e re bolelela jaana: “O khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe.” Ga go kitla go tlhola go nna le batho ba ba se nang molato ba ba tlhaselwang le batshabi ba ba tlhomolang pelo, le batho ba ba beteletsweng, ba ba golafaditsweng le ba ba bolailweng mo dintweng tse di setlhogo! Moporofeti Isaia o bolela jaana: “Morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.”—Isaia 2:4.
Baporofeti ba ile ba bolelela pele gape gore go boga go go bakilweng ke bokebekwa le tshiamololo go tla fela. Diane 2:21, 22 e solofetsa gore “bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng” mme ba ba bakang botlhoko le go boga, “ba tlaa khumolwa mo go lone.” Ga go kitla go tlhola go na le ‘motho yo o nang le thata mo go yo mongwe go ikutlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Batho botlhe ba ba bosula ba tla fedisediwa ruri. (Pesalema 37:10, 38) Mongwe le mongwe o tla kgona go tshela ka kagiso le pabalesego, ba sa boge.—Mika 4:4.
Mo godimo ga moo, baporofeti gape ba solofetsa gore go boga go go bakiwang ke botlhoko jwa mmele le jwa maikutlo go tla fela. (Isaia 33:24) Isaia o solofetsa gore difofu, ba ba bosusu, digole le botlhe ba ba nang le matlhoko le malwetse ba tla fodisiwa. (Isaia 35:5, 6) Tota e bile Modimo o tla tlosa ditlamorago tsa loso. Jesu o ne a bolelela pele gore ‘botlhe ba ba mo diphupung ba tla utlwa lentswe la gagwe mme ba tla tswa.’ (Johane 5:28, 29) Mo ponatshegelong ya gagwe ya “legodimo le leša le lefatshe le leša,” moaposetoloi Johane o ne a bolelelwa gore “Modimo ka osi . . . o tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone; ga go ketla go tlhola go le loso; le gone ga go ketla go tlhola go le bohutsana, le fa e le selelo, le fa e le botlhoko.” (Tshenolo 21:1-4) Akanya fela! Go se na botlhoko, go se na dikeledi, go se na botlhoko, go se na loso—go sa tlhole go na le go boga!
Lefa e ka nna bomadimabe bofe jo bo ileng jwa nna teng ka ntlha ya go dumelelwa ga bosula bo tla fedisiwa. Tota le kgakologelo ya botlhoko le go boga ga batho—dilo tse tota e neng e se boikaelelo jwa Modimo—di tla tlosediwa ruri. Isaia o ne a porofesa gore “ditshwenyego tsa pele di [tla bo di, NW] lebetswe . . . Dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa.” (Isaia 65:16, 17) Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jwa gore batho ba ba itekanetseng ba nne le kagiso e e feletseng le boitumelo mo lefatsheng la paradaise bo tla diragadiwa ka botlalo. (Isaia 45:18) Bolaodi jwa gagwe bo tla ikanngwa ka botlalo. A bo e le tshiamelo jang ne go tshela mo nakong e Modimo a tla bong a fedisa go boga gotlhe ga batho, nako ya fa a tla bo a supa gore ga se mofuta mongwe wa “mogateledi, motsietsi, leferefere, mmolai,” jaaka fa Nietzsche a ile a mo latofatsa, go na le moo ka metlha o lorato, o botlhale, e bile o tshiamiso ka tsela nngwe le nngwe e a dirisang maatla a gagwe a a feletseng ka yone!
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Babusi bangwe ba dirisa mokgwa wa go laola megopolo ya batho, ba ba tseela tshwanelo ya bone ya go itlhophela se ba se batlang
[Motswedi wa Setshwantsho]
UPI/Bettmann
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Fa go boga go sa tlhole go le gone, batho botlhe ba tla itumelela botshelo ka botlalo