Melao ya Boitsholo mo go Tsa Kalafi le go Ara Kwantle ga Madi
MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo mo go tsa kalafi. Lefa go ntse jalo, lefa go ile ga rarabololwa mathata a kalafi, dikgatelopele dingwe di ile tsa baka mathata a melao ya boitsholo.
Dingaka di tshwanetse go akanyetsa mathata a a tshwanang le gore: A ka dinako tse dingwe go tshwanetse ga tilwa go gatelela kalafi nngwe mo molwetseng gore a swe a santse a na le seriti? A ngaka e tshwanetse go itlhokomolosa tshwetso ya molwetse fa ene a akanya gore go tla solegela molwetse molemo? Tlhokomelo ya kalafi e tshwanetse ya neelwa jang ka tsela e e lekalekaneng fa go sa kgonege gore mongwe le mongwe a bone kalafi e e turang?
Dikgang tse di raraaneng jaaka tseno di ile tsa dira gore go akanngwe ka thuto ya tsa kalafi e e bidiwang molao wa boitsholo mo go tsa kalafi. Boikaelelo jwa thuto eno ke go thusa dingaka le baitsesaense gore ba dirise melao ya boitsholo fa ba dirisa dilo tse ba di boneng mo patlisisong ya bone le go tokafatsa kalafi. E re ka bontsi jwa ditshwetso tse di boima thata di tlhaga kwa dikokelong, dikokelo di le dintsi di ile tsa tlhoma dikomiti tsa melao ya boitsholo mo go tsa kalafi. Gantsi maloko a komiti—go akaretsa le dingaka le baitsemolao—ba nna teng kwa dikokoanong tse di malebana le melao ya boitsholo mo go tsa kalafi, koo go sekasekiwang mathata a boitsholo le a kalafi.
Dipotso dingwe tse di bodiwang gantsi mo dikokoanong tse di ntseng jalo ke tse di reng: Dingaka di tshwanetse go tlotla go le kana kang ditumelo tsa Basupi ba ga Jehofa bao, segolobogolo ka ntlha ya mabaka a bodumedi, ba ganang go dumela go tshelwa madi? A ngaka e tshwanetse go tshela molwetse madi lefa molwetse a gana fa a bona seo se “tlhokega” go ya ka tsa kalafi? A e tla bo e le go supa boitsholo jo bo siameng go dira jalo molwetse a sa itse, jaaka e kete ‘se molwetse a sa se itseng se ka se ka sa mo tshwenya’?
Go rarabolola mathata a a ntseng jalo ka tsela e e tshwanetseng, dingaka di tlhoka kutlwisiso e e tshwanetseng malebana le tsela e Basupi ba lebang dilo ka yone. Basupi ba ga Jehofa bone, ba rata fela thata go tlhalosetsa dingaka boemo jwa bone, e re ka ba lemoga gore fa ba utlwisisana ba tla tila dikgotlhang.
Go Akantshana ka Megopolo
Porofesa Diego Gracia, molaodi yo o tumileng wa Mo-Spain wa maemo a a kwa godimo mo molaong wa boitsholo mo go tsa kalafi, o ne a batla gore setlhopha sa gagwe se nne le puisano e e ntseng jalo. Porofesa eno e ne ya bolela jaana: “Go a tshwanela gore lona [Basupi ba ga Jehofa] lo fiwe tshono ya go tlhalosa tsela e lo ikutlwang ka yone . . . malebana le mathata a lo nnileng le one mabapi le go tshelwa madi.”
Ka jalo, ka June 5, 1996, baemedi ba bararo ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lalediwa go tla kwa Yunibesithing ya Complutense kwa Madrid, kwa Spain, gore ba tle go tlhalosa maikutlo a bone. Go ne go na le dingaka tse di ka nang 40 le barutegi ba bangwe.
Fa Basupi ba sena go tlhalosa ka bokhutshwane, ba ne ba ba letla go botsa dipotso mo thulaganyong eo. Botlhe ba ba neng ba le gone koo ba ne ba dumalana gore molwetse yo o godileng o tshwanetse go nna le tshwanelo ya go gana kalafi e e rileng. Setlhopha seo gape se ne se akanya gore le ka motlha molwetse ga a tshwanelwa go tshelwa madi a sa ba naya tetla ya gore go dirwe jalo. Lefa go ntse jalo, dintlha tse dingwe tsa boemo jwa Basupi di ne di ba tshwenya.
Kgang e nngwe e ne e amana le tšhelete. Ka dinako tse dingwe karo e go sa tshelweng madi mo go yone e tlhoka didirisiwa tse di kgethegileng, tse di ntseng jaaka karo ya laser, mmogo le diokobatsi tse di turang tse di ntseng jaaka erythropoietin, tse di dirisiwang go oketsa disele tse dikhibidu tsa madi. Ngaka nngwe e ne ya ipotsa gore fa Basupi ba gana kalafi e e sa tureng thata e e jaaka (madi a a tshwanelang), ba ka nna ba lebelela gore dithuso tsa batho botlhe tsa kalafi di mo fe ditshiamelo tse di kgethegileng.
Lefa moemedi mongwe wa Mosupi a ne a lemoga gore tšhelete ke sengwe sa dilo tse dingaka di tshwanetseng go se akanyetsa, o ne a nopola dibuka dingwe tse di gatisitsweng tsa dipatlisiso tse di sekasekang ditshenyegelo tse di fitlhegileng tsa go tshelwa madi a a tshwanelang. Dilo tseno di akaretsa ditshenyegelo tsa go alafa malwetse a a amanang le go tshelwa madi, mmogo le go senyegelwa ke madi ka ntlha ya mathata a a nnileng gone a bolwetse. O ne a nopola buka nngwe e e itsegeng thata go tswa kwa United States e e supang gore yuniti ya madi, lefa gone mo tshimologong e ja fela R1100, tota ditshenyegelo di ile tsa oketsega mo di jang madi a a fetang R5700—e leng palo e e fetang ya kwa tshimologong ga tlhano. Ka jalo, o ne a tlhalosa gore, fa mabaka otlhe a akanyediwa, karo e e dirwang kwantle ga go tshelwa madi, e ja madi a a kwa tlase. Mo godimo ga moo, bontsi jwa se go tweng ke ditshenyegelo tse di oketsegileng tsa karo e e dirwang kwantle ga madi ke jwa didirisiwa tse di ka dirisiwang gape.
Kgang e nngwe e e mo megopolong ya dingaka di le mmalwa ke e e amanang le go gatelelwa ke ba bangwe ba ba mo setlhopheng. Ba ipotsa gore go tla diragalang fa Mosupi a ka reketla mme a bo a dumela go tshelwa madi? A o tla kgaphelwa kwa thoko ke Basupi ba bangwe?
Tsela e ba tla itshwarang ka yone e ikaegile ka se tota se diragetseng, ka gonne go ikobela molao wa Modimo eleruri ke kgang e e masisi, ke selo se bagolwane ba phuthego ba tla tshwanelang gore ba se tlhatlhobe. Basupi ba tla batla go thusa motho ope fela yo o ileng a boga ka ntlha ya karo e e neng e tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing mme a ile a dumela go tshelwa madi. Kwantle ga pelaelo, Mosupi yo o ntseng jalo o tla ikutlwa a tshwenyegile thata mme a amega ka kamano ya gagwe le Modimo. Motho yo o ntseng jalo a ka nna a tlhoka go thusiwa le go tlhaloganngwa. E re ka Bokeresete bo theilwe mo loratong, bagolwane ba tla batla go bona gore fela jaaka mo dikgannyeng tsotlhe tsa katlholelo, ba lekalekanye go nitama le bopelotlhomogi.—Mathaio 9:12, 13; Johane 7:24.
Porofesa nngwe ya molao wa boitsholo mo go tsa kalafi yo o neng a etile go tswa kwa United States e ne ya botsa jaana: “A lo ka se ka lwa boa lwa fetola boemo jwa lona jwa boitsholo gautshwane jaana? Ditumelo tse dingwe di ile tsa dira jalo mo dingwageng tsa bosheng jaana.”
O ne a bolelelwa gore boemo jwa Basupi jo bo malebana le go tlotla boitshepo jwa madi ke thuto e ba e dumelang mme ga se kgopolo ya boitsholo fela e e ka fetolwang gangwe le gape. Taolo e e phepafetseng ya Baebele ga e letle motho go ineela ka tsela epe. (Ditiro 15:28, 29) Go tlola molao o o ntseng jalo o o tswang kwa Modimong e ka nna selo se se sa amogelesegeng mo Mosuping fela jaaka go ntse ka go mpampetsa kobamelo ya medimo ya disetwa kana kgokafalo.
Basupi ba ga Jehofa ba anaanela thata lebaka la go bo dingaka di iketleetsa—jaaka ba ba neng ba le kwa kokoanong ya molao wa boitsholo mo go tsa kalafi e e neng e le kwa Madrid—go tlotla ditshwetso tsa bone tsa go batla ditsela tse dingwe tsa kalafi tse di dumalanang le ditumelo tsa bone tse di theilweng mo Baebeleng. Kwantle ga pelaelo, molao wa boitsholo mo go tsa kalafi o na le seabe se se botlhokwa thata mo go tokafatseng kamano ya dingaka le molwetse mme o thusa gore dikeletso tsa molwetse di tlotliwe thata.
Go begiwa gore ngaka nngwe ya Mo-Spain e ne ya bolela gore, dingaka di tshwanetse go gakologelwa ka metlha gore ba “bereka ka didirisiwa tse di sa itekanelang le ditsela tse di ka senyegang.” Ka jalo ba tlhoka “go dumela ka botlalo gore ka metlha lorato e tshwanetse go nna lone lo lo renang fa go se na kitso.”