A go Na le Tumalano Nngwe fa Gare ga “Tempele ya Modimo” le Medimo e e Itiretsweng Kwa Gerika?
MO LETSATSING leno le le mogote thata la selemo, letsatsi le phatsima mo matlapeng a a benyang. Lefa go ntse jalo, go bonala mogote o o bogale oo o sa fokotse botlhaga le go ititaya sehuba ga boidiidi jo bo ineetseng tota jwa baeti ba sedumedi ba Greek Orthodox ba ba yang kwa lefelong la kobamelo kwa setlhoeng sa thabana.
O bona mosadimogolo yo o lapileng, yo o neng a le mo loetong go tswa kafa ntlheng e nngwe ya naga, mme a kgaratlhela go tsamaya le mororo a ne a lapile. Kwa godingwana ga thabana eno, monna mongwe yo o tlhoafetseng o fufutse tota fa a ntse a leka go tsena fa gare ga boidiidi jwa batho jo bo kgorometsanang. Mme mosetsanyana mongwe, yo go lebegang a le mo ditlhabing e bile a lebega a se na tshepo mo sefatlhegong sa gagwe, o gogoba ka mangole a a tshologang madi thata. Mokgele ke eng? Go fitlha ka nako, gore ba rapele fa pele ga modimo o o itiretsweng wa “moitshepi” yo o itumelelwang ka tiragalo ya mokete, mme fa go kgonega ba o tshware le go o atla.
Ditiragalo tse di tshwanang le eno di dirwa gantsi mo lefatsheng lotlhe kwa mafelong a go sisimogwang “baitshepi” thata kwa go one. Kwantle ga pelaelo, baeti bano botlhe ba sedumedi ba tlhatswegile pelo gore ka tsela eno ba bo ba latela tsela ya Modimo ya go mo atamela, ka gone ba bontsha boineelo le tumelo ya bone. Buka ya Our Orthodox Christian Faith e bolela jaana: “Re gopola [“baitshepi”], le go naya maatla a bone a a boitshepo kgalalelo le tlotlo . . . , mme re kopa gore ba re rapelele fa pele ga Modimo le gore ba re direle ditopo le go re kopela thuso mo dilong di le dintsi tse re di tlhokang mo matshelong a rona. . . . Re ya kwa Baitsheping ba ba dirang dikgakgamatso . . . gore re bone dilo tse re di tlhokang mo semoyeng le mo mmeleng.” Gape lenaane la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang jaaka dikwalo tse di boitshepo tsa sinote tsa Kereke ya Katoliki ya Roma di bolela gore “baitshepi” ba tshwanetse ba dirisiwa jaaka batsereganyi kwa Modimong, mme digopotso le ditshwantsho tsa “baitshepi” di tshwanetse tsa sisimogwa.
Mokeresete wa mmatota o tshwanetse a amega thata ka go rapela Modimo “ka mowa le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Ka lebaka leno a re sekasekeng mabaka mangwe a a malebana le tsela e go sisimoga “baitshepi” go neng ga simologa ka teng e le karolo ya mekgwa ya bodumedi ya Labokeresete. Go sekaseka mo go ntseng jalo go tshwanetse ga sedimogela mongwe le mongwe yo o eletsang go atamela Modimo ka tsela e e amogelwang ke Ene.
Kafa “Baitshepi” ba Neng ba Amogelwa ka Teng
Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete di bontsha Bakeresete botlhe ba bogologolo ba ba neng ba ntlafadiwa ka madi a ga Keresete e le ba ba neng ba tlhophetswe tirelo ya Modimo e le baruaboswa mmogo le Keresete ba mo isagweng jaaka “baitshepi.” (Ditiro 9:32; 2 Bakorinthe 1:1; 13:13) Banna le basadi, ba ba neng ba itsiwe thata le ba maemo a a kwa tlase mo phuthegong, botlhe ba ne ba tlhalosiwa e le “baitshepi” fa ba ne ba santse ba le mo lefatsheng. Go bo Dikwalo di ne tsa ba bontsha e le baitshepi kwantle ga pelaelo ga go a ka ga fetoga go fitlha ba swa.
Lefa go ntse jalo, morago ga lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., fa Bokeresete jwa botenegi bo ne bo simologa, boikaelelo e ne e le go leka go dira gore Bokeresete bo aname, bodumedi jo bo neng bo tla kgatlha batho ba baheitane le gore ba bo amogele ka bonako. Baheitane bano ba ne ba obamela medimo e le mentsi, mme bodumedi jo bosha bo ne bo obamela modimo a le mongwe fela. Ka jalo ba ne ba ka kgona go ineela ka gore go amogelwe “baitshepi,” ba ba neng ba tla emela medimo ya bogologolo, batsereganyi ba modimo le baitse ba ditlhamane. Buka ya Ekklisiastiki Istoria (Hisitori ya Baruti) e bolela jaana fa e akgela malebana le seno: “Batho ba ba neng ba sokologela mo Bokereseteng ba tswa mo boheitaneng, go ne go le motlhofo gore ba lemoge bagale ba bone ba ba neng ba ba tlogela e le baswelatumelo mme ba simolola go ba neela tlotlo e ba neng ba e neela ba pele. . . . Lefa go ntse jalo, gangwe le gape go tlotla baitshepi mo go ntseng jalo go ne ga nna kobamelo ya medimo e e itiretsweng gotlhelele.”
Buka e nngwe ya tshupiso e tlhalosa jaana kafa “baitshepi” ba neng ba tsenngwa mo go Labokeresete ka teng: “Fa go tlotliwa baitshepi ba Kereke ya Greek Orthodox, re bona bosupi jo bo papametseng jwa tlhotlheletso e e maatla e bodumedi jwa boheitane bo neng bo na le yone. Dinonofo tse di neng tsa neelwa medimo ya Olympia pele [batho] ba sokologela mo Bokereseteng jaanong di ne di newa baitshepi. . . . Mo dingwageng tsa ntlha tsa bodumedi jono jo bosha, re bona balatedi ba jone ba ne ba ne ba baya modimo wa letsatsi (Phoebus Apollo) mo boemong jwa Moporofeti Elija, ba aga dikereke mo maropeng a ditempele tsa bogologolo kana mo mafelong a kobamelo a modimo ono, kana gaufi le one, gantsi e le kwa godimo ga dithabana le dithaba, gongwe le gongwe kwa Bagerika ba bogologolo ba neng ba tlotla moneilesedi e bong Phoebus Apollo gone. . . . Tota ba ne ba bitsa modimo wa sesadi wa Lekgarebane e bong Athena ba re ke Lekgarebane Maria ka boene. Ka gone, moobamedi wa medimo e e itiretsweng yo o sokolotsweng o ne a se ka a utlwa botlhoko lefa gone modimo o o itiretsweng wa Athena o ne o sentswe.”—Neoteron Enkyklopaidikon Lexikon (Dikishinare e Ntšha ya Saetlopedia), Bolumo 1, ditsebe 270-1.
Ka sekai, sekaseka boemo jo bo neng bo le gone kwa Athene bogologolo kwa bowelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Bontsi jwa baagi ba motse oo e ne e santse e le baheitane. Nngwe ya dingwaokobamelo tsa bone tse di boitshepo thata e ne e le mekete ya sephiri ya kwa Eleusis, tiragalo e e neng e dirwa gabedi,a e e neng e tshwarwa ngwaga le ngwaga ka February mo toropong ya Eleusis, e e dikilometara di le 23 kafa bokonebophirima jwa Athene. Gore Baathene ba baheitane ba nne gone mo meketeng eno ya sephiri, ba ne ba tshwanetse go latela Tsela e e Boitshepo (Hi·e·raʹ Ho·dosʹ). Ka go leka go ba naya lefelo le lengwe la kobamelo, baeteledipele ba motse ba ne ba itshupa ba le botlhale thata. Mo go yone tsela eo, mo e ka nnang dikilometara di le lesome go tswa kwa Athene, lefelo la baitlami la Daphni le ne la agiwa gore le gogele baheitane le go ba thibela go nna gone kwa meketeng ya sephiri. Kereke ya lefelo la baitlami e ne ya agiwa mo motheong wa tempele ya bogologolo e e neng e neetswe modimo wa Gerika e bong Daphnaios, kana Pythios Apollo.
Bosupi jwa go kopana ga medimo ya boheitane le go sisimoga “baitshepi” gape go ka fitlhelwa kwa setlhaketlhakeng sa Kithira, kwa Gerika. Mo go e nngwe ya ditlhora tsa setlhaketlhake seo, go na le matlwana a kobamelo a le mabedi a Byzantium—nngwe ya one e ne ya tshwaelwa “Moitshepi” George, e nngwe e ne ya tshwaelwa Lekgarebane Maria. Dilo tse di epolotsweng di senola gore seno e ne e le setsha sa lefelo le le mo tlhoreng la kobamelo ya Se-Minoan le le neng la dirisediwa go nna lefelo la kobamelo mo e ka nnang dingwaga tse 3500 tse di fetileng. Mo lekgolong la borataro le la bosupa la dingwaga C.E., “Bakeresete” ba ne ba agela “Moitshepi” George ntlo ya kobamelo mo go lone lefelo leo la kobamelo le le neng le le mo tlhoreng. Boferefere jono bo ne bo tshwantshetsa sengwe; gore lefelo la maemo a a kwa godimo la bodumedi jwa Ba-Minoan le ne le laola ditsela tsa lewatle tsa Lewatle la Aegean. Dikereke tse pedi di ne tsa agiwa koo e le gore Mohumagadi wa Rona le “Moitshepi” George ba di rate, mme “Moitshepi” George o ne a ketekwa ka letsatsi le le tshwanang le la “mosireletsi wa batsamaisi ba dikepe e bong “Moitshepi” Nicholas. Lokwalodikgang longwe lo lo neng lwa bega ka go ribololwa ga seno lo ne lwa bolela jaana: “Gompieno moruti wa [Greek Orthodox] o tla palama thaba, fela jaaka mo metlheng ya bogologolo fa moruti wa Mo-Minoan a ne a tle a dire jalo,” e le go ya go dira ditirelo tsa bodumedi!
Go sobokanya selekanyo se Bokeresete jwa botenegi se neng sa tlhotlhelediwa ke bodumedi jwa Segerika jwa boheitane ka teng, mmatlisisi mongwe wa hisitori o tlhalosa jaana: “Basimolodi ba boheitane ba bodumedi jwa Bokeresete gantsi ga ba a fetola ditumelo tse di tlwaelegileng, ka gone seo se senola kafa ngwao e nnileng nako e telele ka gone.”
‘Go Obamela Se re Se Itseng’
Jesu o ne a raya mosadi wa Mosamaria jaana: ‘Re obamela se re se itseng . . . Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe.’ (Johane 4:22, 23) Ela tlhoko gore go obamela ka boammaaruri ke selo se se batlegang! Ka gone ga go kgonege go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang o se na kitso e e tlhomameng e bile o sa rate boammaaruri thata. Bodumedi jwa boammaaruri jwa Bokeresete bo tshwanetse jwa bo bo theilwe mo boammaaruring, e seng mo dingwaong le mo mekgweng e e adimilweng mo boheitaneng. Re itse gore Jehofa o ikutlwa jang fa batho ba leka go mo obamela ka tsela e e phoso. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete kwa motseng wa bogologolo wa Gerika wa Korintha jaana: “Keresete o na le kutlwano efe le Beliale? . . . Tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medimo ya disetswa?” (2 Bakorinthe 6:15, 16) Ke selo se se makgapha mo go ene go leka ka tsela epe go amanya tempele ya Modimo le medimo e e itiretsweng.
Mo godimo ga moo, ka tsela e e tlhamaletseng, Dikwalo ga di dumelele kgopolo ya go rapela “baitshepi” e le gore bone ba nne batsereganyi mo Modimong. Mo thapelong ya ga Jesu ya sekao, o ne a ruta gore dithapelo di tshwanetse tsa lebisiwa kwa go Rraagwe fela, ka gonne o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Ke gone lo rapele lo re: Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Jesu o ne a oketsa jaana: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna. Fa lo ntopa sengwe fela ka leina la me, sone ke tlaa se dira.” Mme moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “Go Modimo o le mongwe fela, go bile go motsereganyi le ene a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi, e bong Keresete Jesu.”—Johane 14:6, 14; 1 Timotheo 2:5.
Fa tota re batla gore dithapelo tsa rona di utlwiwe ke Modimo, go botlhokwa gore re mo atamele ka tsela e Lefoko la gagwe le laelang ka yone. Gape Paulo o ne a kwala jaana a gatelela tsela fela e e leng teng ya go atamela Jehofa: “Keresete Jesu ke ene yo o ne[ng] a swa, ee, bogolo ke ene yo o tsositsweng mo baswing, yo o ka fa letsogong le legolo la Modimo, yo o bileng a re rapelelang.” “Le gone o [nonofile] go bolokela ruri ba ba atamelang Modimo ka ene, ka a ntse a tshedile ka metlha yotlhe go ba rapelela.”—Baroma 8:34; Bahebere 7:25.
‘Go Obamela ka Mowa le ka Boammaaruri’
Bokeresete jwa botenegi bo ne bo sa nonofa ka tsela ya semoya kana gone go tshegediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo gore bo tlhotlheletse baheitane go tlogela kobamelo ya bone ya maaka mme ba latele dithuto tsa boammaaruri tsa ga Jesu Keresete. Bo ne jwa tsaya ditumelo le mekgwa ya boheitane fa bo ne bo batla basokologi, maatla le go itsiwe. Ka lebaka leno ga bo a ka jwa lere Bakeresete ba ba nonofileng, ba ba amogelwang ke Modimo le Keresete, mme bo ne jwa lere badumedi ba e seng bone, “mohoka” o o sa tshwanelang Bogosi.—Mathaio 13:24-30.
Lefa go ntse jalo, mo motlheng ono wa bofelo, kafa tlase ga kaelo ya ga Jehofa go na le ditiro tse di botlhokwa tsa go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, go sa kgathalesege tsela e ba godileng ka yone ya setso, batho, kana ya bodumedi, ba leka go dumalanya matshelo le ditumelo tsa bone le melao ya Baebele. Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng malebana le kafa o ka obamelang Modimo “ka mowa le ka boammaaruri” ka teng, tsweetswee ikopanye le Basupi ba ga Jehofa mo o nnang teng. Ba tla itumelela thata go go thusa gore o dire tirelo e e boitshepo e e amogelwang ke Modimo, go ikaegile ka maatla a gago a go akanya le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la gagwe. Paulo o ne a kwala jaana: “Bagaetsho, ke a lo rapela ka mautlwelobotlhoko a Modimo, gore lo ntshe mebele ya lona setlhabelo se se tshedileng, se se itshepileng, le se se lebosegang mo Modimong, mo e leng tirelo e e lo lebanyeng. Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng.” Mme o ne a bolelela Bakolosa jaana: “Le rona, e sa le ka letsatsi le re utlwileng ka lone, re sa khutleng go lo rapelela, le go lo lopela gore lo ke lo tladiwe ka kitso ya mo e leng go rata ga gagwe, mo botlhaleng jotlhe jwa semowa, le mo tlhaloganyong; gore lo tsamaye mo go tshwanetseng Morena, lo ntse lo kgatlha gotlhe, lo ungwa mo ditirong tsotlhe tse di molemo, lo totafala mo kitsong ya Modimo.”—Baroma 12:1, 2; Bakolosa 1:9, 10.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mokete o Mogolwane wa Eleusinia o ne o tshwarwa ngwaga le ngwaga ka September kwa Athene le kwa Eleusis.
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]
Go Dirisiwa Ga Parthenon Mo Go Neng Go Sa Solofetse
Mmusimogolo Theodosius II wa “Mokeresete,” ka melao e e neng e le malebana le motse wa Athene (438 C.E.), o ne a nyeletsa dingwaokobamelo tsa boheitane le mekete ya sephiri, a tswala ditempele tsa boheitane. Morago ga moo di ne di ka fetolwa go nna dikereke tsa Bokeresete. Selo se se neng se tlhokega gore go fetolwe tempele ka katlego e ne e le go e phepafatsa ka go tsenya sefapaano mo go yone!
Nngwe ya ditempele tsa ntlha go fetolwa e ne e le ya Parthenon. Go ne ga ntšhafadiwa dilo di le dintsi e le gore Parthenon e tshwanele go dirisiwa e le tempele ya “Bokeresete.” Go tloga ka 869 C.E., e ne e dirisiwa e le kereke e kgolo kwa Athene. Kwa tshimologong e ne e tlotliwa e le kereke ya “Botlhale jo bo Boitshepo.” Seno e ka tswa e ne e le kgakololo e e nang le bokao jwa gore “mong” wa tempele wa ntlha e bong Athena, e ne e le modimo wa sesadi wa botlhale. Morago ga moo e ne ya tshwaelwa “Mohumagadi wa Rona wa Athena.” Morago ga makgolo a le robedi a dingwaga e ntse e dirisiwa ke Orthodox, tempele eno e ne ya fetolwa go nna kereke ya Katoliki ya St. Mary of Athens. “Modikologo” o o ntseng jalo wa bodumedi wa tempele ya Parthenon o ne wa tswelela pele fa, mo lekgolong la bo15 la dingwaga, Bamoselema ba ne ba e fetola gore e nne kago ya kobamelo ya bone.
Gompieno Parthenon, tempele ya bogologolo ya Ba-Dorian ya ga Athena Parthenos (“Lekgarebane”), e leng modimo wa sesadi wa botlhale wa Gerika, e santse e etelwa ke diketekete tsa bajanala e le fela segopotso sa moago wa Segerika.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Lefelo la baitlami la Daphni—lefelo le lengwe la kobamelo ya baheitane ba Athene wa bogologolo