LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 32-ts. 36
  • Baitshepi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baitshepi
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa Mongwe A Re—
  • Baitshepi ba Boammaaruri Ba ka Go Thusa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A re Tshwanetse go Rapela Baitshepi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • A go Na le Tumalano Nngwe fa Gare ga “Tempele ya Modimo” le Medimo e e Itiretsweng Kwa Gerika?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A ke Tshwanetse go Rapela Baitshepi?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 32-ts. 36

Baitshepi

Tlhaloso: Go ya ka thuto ya Roma Katoliki, baitshepi ke bao ba suleng mme jaanong ba le kwa legodimong le Keresete mme e le bao ba ileng ba amogelwa ke Kereke ka ntlha ya boitshepo jo bo tlhomologileng le boitsheko. Boipolelo jwa tumelo jwa kwa Trent bo tlhalosa gore baitshepi ba tshwanetse go dirisiwa jaaka barapeledi mo Modimong le gore masalela a baitshepi ga mmogo le ditshwantsho tsa baitshepi di tshwanetswe go sisimogwa. Ditumelo tse dingwe, le tsone, di dirisa thuso ya baitshepi. Ditumelo dingwe di ruta gore maloko otlhe a tsone ke baitshepi le gore ga ba na sebe. Bibela e umaka baitshepi thata, kana basiami. E lebisa go balatedi ba ba 144 000 ba ga Keresete ba ba tloditsweng ka moya jaaka e le bone bao.

A Bibela e ruta gore motho o tshwanetse go bona kgalalelo ya selegodimo pele a tsewa jaaka moitshepi?

Ka tlhamalalo Bibela e lebisa go basiami, kana baitshepi, bao ba mo legodimong. Jehofa o kaiwa jaaka yo o “boitshèpō [Segerika, haʹgi·on].” (1 Pet. 1:15, 16; bona Lefitiko 11:45.) Jesu Keresete o tlhalosiwa jaaka “Moitshepi [haʹgi·os] oa Modimo” fa a ne a le mo lefatsheng le “Eo o boitshèpō [haʹgi·os]” mo legodimong. (Mar. 1:24; Tshen. 3:7) Ka mo go tshwanang baengele le bone ba “boitshèpō.” (Dit. 10:22) Lereo le le tshwanang la konokono mo Segerikeng sa bogologolo le dirisediwa palo e ntsinyana ya batho mo lefatsheng.

Dit. 9:32, 36-41: “Ea re Petere a nntse a ralala ntlheñ cotlhe, a hologèla le kwa baitshepiñ [ha·giʹous] ba ba agileñ kwa Lida. Me yana ga bo go le morutwa moñwe kwa Yopa, go twe, Tabitha; [yo o neng a sule] . . . [Petere] a retologèla kwa setotuñ, a re, Tabitha, coga. Me a buduloga matlhō; me ea re a bōna Petere, a rapamologa. Me a mo neèla seatla, a mo kakatlolola; me ea re a sena go bitsa baitshepi le batlhōlagadi, a ba mo neèla a tshedile.” (Ka phepafalo, baitshepi bano ba ne ba se kwa legodimong, lefa e le yo o neng a tlhomologile jaaka Petere yo o neng a lejwa jaaka moitshepi.)

2 Bakor. 1:1; 13:12: “Ke nna Paulo, moaposetoloi oa ga Keresete Yesu ka go rata ga Modimo, ke na le Timotheo mokauleñwe oa rona: Re kwalèla phuthègō ea Modimo e e kwa Korintha, le baitshepi [ha·giʹois] botlhe ba ba mo lehatshiñ yeotlhe ya Akaia.” “Dumedisanyañ ka katlō e e boitshèpō. Baitshepi botlhe baa lo dumedisa.” (Bakeresete bano botlhe ba pele ba ba neng ba tlhatswitswe ka madi a ga Keresete le go rulaganyediwa tirelo ya Modimo jaaka baruaboswa mmogo le Keresete ba ne ba kaiwa jaaka baitshepi, kana basiami. Go lejwa ga bone jaaka baitshepi ka phepafalo go ne ga se ka ga letisiwa go fitlhelela ba se na go swa.)

A ke ga Dikwalo go rapela “baitshepi” go direla jaaka barapeledi mo Modimong?

Jesu Keresete o rile: “Lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, . . .” Jalo dithapelo di tshwanetse go lebisiwa go Rara. Jesu gape o rile: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō: ga go tle opè mo go Rara ha e se ka nna. Ha lo ntōpa señwe hèla ka leina ya me, shōna ke tla se diha.” (Math. 6:9; Yoh. 14:6, 14) Ka gone Jesu o ne a tlosa mogopolo wa gore mongwe o sele o ka tsaya karolo ya morapeledi. Malebana le Keresete moaposetoloi Paulo o ne a oketsa ka gore: “Keresete Yesu ke èna eo o na a shwa, E, bogolo ke èna eo o cosicweñ mo bashwiñ, eo o kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo, eo o bileñ a re rapèlèla.” “Ke gōna ka mouō le gōna o nonohileñ go bolokèla rure ba ba atamèlañ Modimo ka èna.” (Bar. 8:34; Baheb. 7:25) Fa tota re batla gore dithapelo tsa rona di utlwiwe ke Modimo, a go tla bo go se botlhale go atamela Modimo ka tsela eo Lefoko ja gagwe le e supang? (Bona gape tsebe 266, tlaseng ga setlhogo “Maria.”)

Baef. 6:18, 19, JB: “Lo se ka lwa lapa go nna lo tlhagafaletse go rapelela baitshepi botlhe; lo bo lo nthapelele gore ke tle ke fiwe sebaka sa go bula molomo wa me go bua ke sena poifo bosaitsiweng jwa lefoko.” (Mokwalo o o sekameng o itsenyeditswe.) (Fano kgothatso ke ya go rapelela baitshepi mme eseng go ba rapela kana ka bone. New Catholic Encyclopedia, 1967, Bol. XI, ts. 670, e a bolela: “Ka tlwaelo mo Testamenteng e Ntšha, thapelo yotlhe, ya sephiri ga mmogo le ya phatlalatsa, e lebisiwa go Modimo Rara ka Keresete.”)

Bar. 15:30: “Me yana ba ga echo, kea lo rapèla ka Morèna oa rona Yesu Keresete, le ka loratō loa Mōea, gore lo tlhōahalè mmōgō le nna, lo nthapèlèlè mo Modimoñ.” (Moaposetoloi Paulo, ka boene a le moitshepi, o ne a kopa Bakeresete ka ene bao le bone e neng e le baitshepi go mo rapelela. Mme tlhokomela gore Paulo ga a ise a ke a lebise dithapelo tsa gagwe go baitshepi ka ene bao, lefa e le gore dithapelo tsa bone di ne tsa tseela sebaka katamalano ya sebele eo Paulo ka boene a neng a e ipelela mo go Rara ka thapelo. Bapisa Baefesia 3:11, 12, 14.)

Mokgwa wa go sisimoga masalela le ditshwantsho tsa “baitshepi” o tshwanetswe go lejwa jang?

New Catholic Encyclopedia e a tlhalosa: “Ka jalo ke ga lefela go itshiamisa mo kobamelong ya batlotlegi mo Testamenteng e Kgologolo; lefa e le gore tlhokomelo e kgolo e neelwe batlotlegi mo Testamenteng e Ntšha. . . . [“Rara” wa Kereke] Origen o lebega a ile a tsaya tlwaelo eo jaaka tshupo ya boheitane ya tlotlo go selo se se bonalang.”—(1967), Bol. XII, dits. 234, 235.

Ke boammaaruri gore Modimo o ne wa fitlha Moshe, le gore ga go na motho ope yo o boneng kwa lebitla la gagwe le teng. (Dute. 34:5, 6) Mme Yude 9 e re itsise gore moengele yo mogolo Mikaele o ne a ganetsana le Diabolo ka mmele wa ga Moshe. Ka ntlha yang? Boikaelelo jwa Modimo jwa go o nyeletsa gore batho ba se ka ba itse fa ba ka o bonang teng bo ne jwa tlhalosiwa ka phepafalo. A Mmaba o ne a batla go kaela batho mmele oo gore o bonwe ke mongwe le mongwe mme gongwe o nne selo sa go sisimogiwa?

Malebana le tshisimogo ya ditshwantsho tsa “baitshepi,” bona setlhogo se segolo “Ditshwantsho.”

Ke ka ntlha yang fa “baitshepi” ba Katoliki ba tshwantshiwa ka kgalalelo?

New Catholic Encyclopedia e a bolela: “Selo se se tlwaelegileng thata se se dirisediwang baitshepi botlhe, ke nimbus (leru), popego e e galalelang go dikologa tlhogo ya moitshepi. E simologile pele ga Bokeresete, mme dikai di fitlhelwa mo motakong wa setso sa Bagerika se se tlhotlheleditsweng ke boheitane; halo jaaka e bonwa mo mekgabiseng le mo dipapetlaneng, e ne ya dirisiwa mo medimakong le mo medimong e e tshwanang le Neptune, Jupiter, Bacchus, le segolo bogolo Apollo (modimo wa letsatsi).”—(1967), Bol. XII, ts. 963.

The New Encyclopædia Britannica e re: “Mo motakong wa Bagerika le Baroma modimo wa letsatsi Helios le babusi ba Roma gantsi di bonala ka tlhoro ya marang. Ka ntlha ya tshimologo ya yone ya boheitane, sebopego seno se ne sa ganwa mo motakong wa Bakeresete ba pele, mme nimbus e e seng ya sepe e ne ya dirisiwa ke babusi ba Bakeresete mo ditshwantshong tsa bone tsa semmuso. Go tswa bogareng jwa lekgolo la bone la dingwaga, Keresete le ene o ne a bontshiwa ka sesupo seno sa segosi . . . halo e ne ya dirisiwa fela ka mo go tlwaelegileng mo lekgolong la borataro la dingwaga go Kgarebane Maria le baitshepi ba bangwe.”—(1976), Micropædia, Bol. IV, ts. 864.

A go tshwanetse go tlhakatlhakanya Bokeresete le dikao tsa boheitane?

“Lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale [Beliale; Satane]? kgotsa eo o dumelañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ? Le tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa? gonne rona re tempela ea Modimo o o tshedileñ. . . . Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla, Ke tla nna Rra lona, me lo tla nna bomorwaake le bomorwadiake, go bua Yehofa Mothataeotlhe.”—2 Bakor. 6:14-18.

A ka gongwe maloko otlhe a setlhopha sa bodumedi a ka tswa e le baitshepi mme ka gone e le ba ba se nang boleo?

Eleruri go ne go le boammaaruri gore botlhe ba ba neng ba bopa phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le baitshepi. (1 Bakor. 14:33, 34; 2 Bakor. 1:1; 13:13) Ba tlhalosiwa jaaka bao ba amogetseng “boichwarèlō yoa dibe” le gore ba ne ba ‘itshepisiwa’ ke Modimo. (Dit. 26:18; 1 Bakor. 1:2) Lefa go le jalo, ba ne ba se ka ba iphaka gore ba ne ba se na boleo. Ba ne ba tsalwa jaaka ditlogolwana tsa moleofi Adame. Gantsi boswa jono bo ne jwa ba thatafaletsa go dira se se siameng, jaaka moaposetoloi Paulo ka boikokobetso a ile a bolela. (Bar. 7:21-25) Mme moaposetoloi Johane ka tlhamalalo o ne a re: “Ha re re, ga re na boleo bopè, rea itsietsa, le boamarure ga boeō mo go rona.” (1 Yoh. 1:8) Jalo he, go nna moitshepi ka tlhaloganyo ya gore lereo le dirisiwa mabapi le balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ga go reye gore mo nameng ga ba na boleo gotlhelele.

Gore a Bakeresete botlhe ba boammaaruri gompieno ke baitshepi ba ba lebeletseng botshelo jwa selegodimo, bona ditsebe 230-234.

Fa Mongwe A Re—

‘A o dumela mo baitsheping?’

O ka nna wa araba ka go re: ‘Ke bafe bao o akantseng ka bone?’ Fa motho a umaka Maria kana/le baaposetoloi, gongwe o ka nna wa oketsa ka go re: (1) ‘Ee, go lebisiwa go bone mo Dikwalong tse di Boitshepo, mme ke dumela se se kwadilweng moo. Mme segolo ke kgatlhega thata mo go se ba se dirang gompieno le ka mo se re amang ka gone, a ga go a nna jalo ka wena? . . . Ke bone sengwe se se kgatlhisang thata thata ka bone fano mo Dikwalong tse di Boitshepo, mme nka rata go se abalana le wena. (Tshen. 5:9, 10)’ [Tlhokomela, go dirisiwa fa potso e tsositswe kaga mafoko mo temaneng eno: JB ya re “busa lefatshe.” CC e balega ka gore “go laola lefatshe.” Kx e tlhalosa go re “ba busa jaaka dikgosi mo lefatsheng.” Mme NAB le Dy di balega ka gore “busa mo lefatsheng.” Ka dikakgelo mo thuta-puong ya Segerika, bona ditsebe 233, 234, tlase ga “Legodimo.”] (2) ‘Botshelo tlase ga goromente yoo bo tla nna jang? (Tshen. 21:2-4)’

Kana o ka nna wa re (fa o ne o le Mokatoliki pele): ‘Ke ne ka fetsa dingwaga di le dintsi ke arola mo medirong ya baitshepi le go ba rapela ka metlha. Mme moragonyana ke ne ka bala sengwe mo Dikwalong tse di Boitshepo seo se neng sa ntira gore ke tlhatlhobe se ke neng ke se dira. Tswee-tswee, mma ke se go bontshe. (Bona ditsebe 33, 34.)’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela