LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 29
  • A ke Tshwanetse go Rapela Baitshepi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A ke Tshwanetse go Rapela Baitshepi?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baitshepi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A re Tshwanetse go Rapela Baitshepi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • A go Siame go Rapela “Baitshepi”?
    Tsogang!—2010
  • Baitshepi ba Boammaaruri Ba ka Go Thusa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 29

A ke Tshwanetse go Rapela Baitshepi?

Karabo ya Baebele

Nnyaa. Baebele ya re re tshwanetse go rapela Modimo fela, ka leina la ga Jesu. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo rapele lo re: Rraetsho yo o kwa magodimong, leina la gago a le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9, Baebele ya Tswana Central) Ga a ka a laela barutwa ba gagwe gore ba rapele baitshepi, baengele kgotsa ope fela kwantle ga Modimo.

Gape Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6, Baebele e e Boitshepo) Ke Jesu fela yo Modimo a mo tlhomileng go nna mmueledi mo boemong jwa rona.​—Bahebera 7:25.

Go tweng fa ke rapela Modimo ke bo ke rapela le baitshepi?

Modimo o ne a bua mafoko ano e le karolo ya Melao e e Lesome: “Nna, MORENA, Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa.” (Ekesodo 20:5, New American Bible) Modimo o “lefufa” ka tsela efe? Ntlha e e kwa tlase mo go New American Bible ya re “o batla boineelo jo bo feletseng.” Modimo o batla gore ditiro dipe fela tsa boineelo kgotsa tsa kobamelo​—go akaretsa le thapelo—​di newe ene fela.​—Isaia 48:11.

Re kgopisa Modimo fa re rapela motho o sele tota le fa re rapela baitshepi kgotsa baengele. Fa moaposetoloi Johane a ne a leka go obamela moengele, moengele o ne a mo thiba, a mo raya a re: “Se dire jalo! Ke motlhanka jaaka wena le wa bomorwarraago ba ba nayang bosupi ka ga Jesu. Obamela Modimo.”​—Tshenolo 19:10, NAB.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela