“Ke a Le Mongwe Fela wa Batho Ba o Ba Amileng”
MORAGO kwa ka January 1996, Carol o ne a lwala a tshwerwe ke tlhagala ya boboko. O ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo60 mme go fitlha ka nako eo e ne e le mosadi yo o nnang a itumetse, yo o tlhagafetseng yo o kgothatsang mongwe le mongwe. Mme jaanong dingaka di ne di leka go lwantshana le tlhagala eno e e bolayang. Fa a ntse a kgaratlha jalo, Carol o ne a amogela lekwalo le le latelang:
“Carol yo o rategang:
“Ke maswabi thata go utlwa gore ga o tsoge sentle. Ka lesego, re na le tsholofelo ya mmatota eo Baebele e re thusang go e itse le go e rata. Tsholofelo eno ke ya gore Bogosi jwa ga Jehofa bo tlile go busa lefatshe e le gore re ka tshela mo maemong a paradaise, e leng nako eo rotlhe re e lebeletseng fela thata.
“Ke batla gore o itse gore tiro ya gago ya go rera ka namana e bolokile batho ba bantsi mo losong lwa bosakhutleng. Ke mongwe wa batho bano. Ga ke itse gore a o santse o gakologelwa fa re ne re kopana ka lekgetlho la ntlha. Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga tse 20. Ke ne ke na le moriri o moleele, ke rekisa diokobatsi, e bile ke tsamaya le setlhopha sa basha ba ba dirang thubakanyo. Rotlhe re ne re tsamaya re tshwere ditlhobolo mme re sa rate batho ba bangwe ntle le rona fela.
“O ne wa kokota fa mojakong wa me o na le Mosupi yo mongwe mme wa ntlogelela Tora ya Tebelo le Tsogang! Ke ne ka leka go go naya dolara mme ka go bolelela gore ga ke batle dimakasine. O ne wa mpolelela gore lo ne lo sa tlela go batla meneelo fela. O ne wa mpolelela gore lo ne lo dira tiro eno go thusa batho go bala Baebele. Ga ke gakologelwe gore a ke ne ka tsaya dimakasine kgotsa gore a ke ne ka di bala. Lefa go ntse jalo, o ne wa jala peo ya boammaaruri mo botshelong jwa me.
“Dingwaga moragonyana Mosupi yo mongwe, e bong Gary, o ne a tla kwa ntlong ya ga mmè ke le gone. Ke ne ka mo bolelela gore o kile wa nketela mo dingwageng di le mmalwa pelenyana. Gary o ne a ithuta Baebele le nna ka lobaka lo loleele go fitlha labofelo ke kolobediwa ka 1984. Gone jaanong ke ruta bana ba me boammaaruri jwa Bogosi jwa Modimo.
“Ke tlhomamisega gore ke a le mongwe fela wa batho ba le bantsi ba o ba amileng mo dingwageng tsa gago o direla ka boikanyegi. Lefa go ntse jalo, ka bopelonomi jono jo bo lorato, o dirile gore nna le lelapa la me re itse Modimo yo Mogolo, Jehofa, le Morwawe, Jesu Keresete. Ke lebile pele kwa letsatsing leo ke tla go bonang kwa tsamaisong e ntšha ya dilo fa Jehofa a tla bo a phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a rona, le loso lo sa tlhole lo le gone.—Tshenolo 21:4.
“Fa e le nna le lelapa la me, re itumelela gore re nnile le tshono ya go go itse le go nna karolo ya tiro ya gago ya go neela bosupi. Re a leboga.
“Ka lorato lwa bokaulengwe,
Peter”
Morago ga go lwala ka dikgwedi di le thataro, Carol o ne a tlhokafala ka March 1996, a jadile dipeo di le dintsi tsa boammaaruri mo dingwageng tsa gagwe tse 35 e le moreri yo o tlhagafetseng. O ne a ithuta gore motho ga a ke a itse gore peo e tla ungwa leng, le eleng dingwaga moragonyana.—Mathaio 13:23.