Ehute Monna wa Tumelo le Bopelokgale
GO SETSE go fetile dingwaga di le dintsi fa e sale Baiseraele ba fitlhile mo Nageng e e Solofeditsweng. Moshe le motlhatlhami wa gagwe Joshua ga ba bo lo go tlhokafala. Ka ntlha ya go bo banna bano ba tumelo ba se gone, kanaanelo ya kobamelo e e itshekileng e ne ya fela. Baiseraele ba ne e bile ba simolotse go direla boBaale le medimako.a Ka ntlha ya seo Jehofa o ne a neela batho ba gagwe mo diatleng tsa Basiria ka dingwaga di le robedi. Mme Baiseraele ba ne ba goela kwa Modimong gore o ba thuse. Ka bopelotlhomogi o ne a ba reetsa. Jehofa o ne a emisa moatlhodi, Otheniele, go golola batho ba Gagwe.—Baatlhodi 3:7-11.
Ditiragalo tseno di tshwanetse tsa bo di ne tsa ruta Baiseraele boammaaruri jwa motheo—go utlwa Jehofa go tlisa masego, fa go se utlwe go tlisa diphutso. (Duteronome 11:26-28) Lefa go ntse jalo, batho ba Iseraele ba ne ba palelwa ke go ithuta thuto eno. Morago ga nako ya dingwaga tse 40 ba le mo kagisong, ba ne ba latlha kobamelo ya boammaaruri gape.—Baatlhodi 3:12.
Go Tsewa ke Moabe
Jaanong Jehofa o ne a tlogela batho ba gagwe ba wela mo matsogong a ga Kgosi Egelone wa Moabe. Baebele e mo tlhalosa e le “motho yo o nonneng bobe.” Ka thuso ya ga Amone le Amaleke, Egelone o ne a tlhasela Iseraele mme a tlhoma ntlo ya gagwe ya segosi kwa Jeriko, “motse wa makolane.” A bo go gakgamatsa jang ne gore motse wa ntlha wa Bakanana o o neng wa fenngwa ke Baiseraele jaanong e ne e le motsemogolo wa motho yo o obamelang modimo wa maaka Kemoše!b—Baatlhodi 3:12, 13, 17.
Egelone o ne a gatelela Baiseraele ka dingwaga di le 18 tse di neng tsa latela, go bonala a ne a ba pateletsa go ntsha lekgetho la madi a a kwa godimo thata. Ka go batla sehuba nako le nako, Moabe o ne a nonotsha boemo jwa gagwe jwa itsholelo fa a fetsa dikhumo tsa Baiseraele. Jaaka fa o ne o ka lebelela, batho ba Modimo ba ne ba goela kwa go ene gore a ba thuse, mme gape Jehofa o ne a ba reetsa. O ne a ba tlisetsa mmoloki yo mongwe—ka lekgetlho leno e ne e le Mobenjamine yo leina la gagwe eleng Ehute. Go fedisa bokgokgontshi jwa ga Egelone mo Iseraele, Ehute o ne a loga leano la go tsaya kgato ka letsatsi la fa ba ya go ntsha sehuba ka lekgetlho le le latelang.—Baatlhodi 3:14, 15.
E le go baakanyetsa go tsaya kgato ga gagwe ka bopelokgale, Ehute o ne a dira tšhaka e e magale mabedi e e boleele jwa kubita. Fa e le gore e ne e le kubita e khutshwane, go raya gore tšhaka eno e ne e ka nna boleele jwa disentimetara di le 38. Bangwe ba ne ba tla e tsaya e le thipa e e magale mabedi. Go bonala go ne go se na karolo e e kgaoganyang legare le matshwaro a tšhaka. Ka gone, Ehute o ne a ka kgona go fitlha tšhaka ya gagwe e nnye mo momenong wa seaparo sa gagwe. Mo godimo ga moo, e re ka Ehute a ne a le molema, o ne a ka tsenya tšhaka ya gagwe ka fa letlhakoreng la gagwe la moja—e leng letlhakore le go sa tlwaelegang go tsenya tšhaka mo go lone.—Baatlhodi 3:15, 16.
Leano la ga Ehute le ne le na le dikotsi tsa lone. Ka sekai, go ka bo go diragetseng fa batlhanka ba kgosi ba ne ba phuruphuditse Ehute go batla dibetsa? Lefa ba ne ba sa dira jalo, ruri ba ne ba se kitla ba tlogela kgosi ya bone e le nosi le Moiseraele! Mme fa ba ne ba ka mo tlogela le ene mme Egelone a bo a bolawa, Ehute o ne a tlaa tshaba jang? O ne a tlaa taboga sekgala se se kae pele batlhanka ba ga Egelone ba lemoga se se diragetseng?
Kwa ntle ga pelaelo Ehute o ne a akanya ka dilo tse di ntseng jalo, gongwe a akantse ka dikotsi di le mmalwa tse di neng di ka mo tlhagela. Lefa go ntse jalo, o ne a tswelela ka leano la gagwe, a bontsha bopelokgale e bile a bontsha tumelo mo go Jehofa.
Ehute o Kopana le Egelone
Letsatsi la go isa sehuba se se latelang le ne la goroga. Ehute le banna ba gagwe ba ne ba ya kwa ntlong ya segosi. Go ise go ye kae ba ne ba eme fa pele ga Kgosi Egelone ka boene. Mme nako ya gore Ehute a tlhasele e ne e ise e fitlhe. Morago ga go ntsha sehuba, Ehute o ne a tsamaisa batho ba ba neng ba rwele sehuba.—Baatlhodi 3:17, 18.
Ke ka ntlha yang fa Ehute a ne a diega go tlhasela Egelone? A o ne a boifa? Le e seng! Gore a tle a diragatse leano la gagwe, Ehute o ne a tlhoka go kopanela kwa thoko le kgosi—tshono e a neng a sa e newa mo lekgetlhong leno la ntlha. Mo godimo ga moo, Ehute o ne a tla tlhoka go tshaba ka bonako. Go tshaba go ne go tla nna motlhofo thata fa motho a le nosi go na le fa a ne a na le setlhopha sotlhe sa ba ba rweleng sehuba. Ka jalo, Ehute o ne a letela nako e e tshwanetseng. Go etela Egelone ka nako e khutshwane go ne ga mo thusa go tlwaelana le dithulaganyo tsa ntlo ya segosi le go tlhomamisa gore kgosi e sireletsegile go le kanakang.
Morago ga go fitlha “kwa metlobong ya maje e e fa Gilegale,” Ehute a tlogela banna ba gagwe mme a boela kwa ntlong ya segosi ya ga Egelone. Mosepele o o ka nnang dikilometara tse pedi o ne wa naya Ehute nakonyana ya go akanya ka ga tiro ya gagwe le go rapelela tshegofatso ya ga Jehofa.—Baatlhodi 3:19.
Ehute o a Boa
Go bonala gore Ehute o ne a amogelwa gape mo ntlong ya segosi. Gongwe sehuba se a se ntshitseng pelenyana ka seatla se se bulegileng se ne sa dira gore Egelone a mo amogele sentle. Go ka direga gore lefa loeto lwa ntlha lo ne lo le lokhutswane, lo ne lwa naya Ehute tshono e e lekaneng ya go dira botsalano le kgosi. Go sa kgathalesege gore go diragetseng, Ehute o ne a boetse kwa go Egelone gape.
“Kgosi, ke na le lefoko le ke le go sebelang,” Ehute o ne a bua jalo. Go bo a fitlheletse fano go ne go bontsha gore Jehofa o ne a mo kaela. Lefa go ntse jalo, go ne go na le bothata. ‘Lefoko le a le mo sebelang’ Ehute o ne a se kitla a kgona go le bua batlhanka ba kgosi ba le gone. Fa e le gore Jehofa o ne a tla tsenelela mo dikgannyeng, Ehute o ne a tla tlhoka thuso eo ka bonako. “Didimalang!” kgosi e ne ya laela. E re ka Egelone a ne a sa batle gore ‘lefoko le a le sebelwang’ le utlwiwe, o ne a ntsha batlhanka ba gagwe. Akanya fela gore Ehute o ne a ikutlwa a gololesegile jang!—Baatlhodi 3:19.
Egelone o ne a dutse mo ntlonyaneng ya gagwe ya boiphokiso fa Ehute a tla kwa go ene a re: “Ke na le taetso go wena kgosi, e tswa Modimong.” A fa Ehute a ne a bua ka ‘Modimo’ o ne a raya Kemoše? Gongwe Egelone o ne a akantse jalo. Ka a ne a batla go utlwa o ne a nanoga mo setulong sa gagwe mme a ema a lebeletse sengwe. Ehute o ne a mo atamela, go ka direga a ne a tsamaya ka kelotlhoko gore kgosi e se ka ya belaela gore o a e tlhasela. Mme ka bonako “Ehute a ntsha letsogo la molema, a tsaya thipa e e ka fa seropeng sa ka fa letsogong le legolo, a e sogotlhetsa mo mpeng ya [ga Egelone]. Le yone theko ya tsena le thipa; mme mahura a betologela thipa, gonne ga a ka a somola thipa mo mpeng ya gagwe; ya phunyeletsa ka kwa morago.”—Baatlhodi 3:20-22.
Batlhanka ba kgosi ba ntse kafa ntle mme ga ba dire sepe. Mme Ehute o ne a santse a le mo kotsing. Batlhanka ba ga Egelone ba ne ba ka nna ba tsena nako nngwe le nngwe mme ba bona setopo sa kgosi ya bone e e suleng. Ehute o ne a tlhoka go tshaba ka bonako! O ne a lotlela ditswalo mme a tswa ka phatla ya moya ya ntlwana ya boiphokiso a tshaba.—Baatlhodi 3:23, 24a.
Go Lemoga le go Fenngwa
Ka bonakonyana batlhanka ba ga Egelone ba simolola go swegaswega. Lefa go ntse jalo, ba tshaba go itumolola kgosi ka go tsena pokano ya kgosi gare. Mme ba lemoga gore ditswalo tsa ntlwana ya boiphokiso di lotletswe. “Kooteng o ipipile dinao mo ntlwaneng ya gagwe ya boiphokiso,” ba ne ba akanya jalo. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, go swegaswega ga bone go ne ga felela ka go tlhobaela. Batlhanka ba ga Egelone ba ne ba sa tlhole ba kgona go leta. “Ke gone ka moo ba tsaya sekopololo ba bula [ditswalo tsa ntlwana ya boiphokiso], ba fitlhela morena wa bone a wetse fa fatshe a sule!”—Baatlhodi 3:24b, 25.
Ka nako eo, Ehute o ne a tshabile. O ne a fetile metlobo ya maje kwa Giligale mme kgabagare a fitlha kwa Seire, lefelo le le mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime. Ehute a bitsa banna ba Iseraele mme a ba etelela pele go ya go tlhasela Bamoabe ba le seoposengwe. Pego e bolela gore “ba kgemetha Bamoabe ka lobaka loo, e ka ne e le batho ba le 10 000, monna mongwe le mongwe yo o dinama di dikgoka, le monna mongwe le mongwe yo o pelokgale; ga go a ka ga falola monna ope.” Moabe o ne a fenngwa mme naga ya Iseraele ya bona boikhutso ka dingwaga di le 80.—Baatlhodi 3:26-30.
Go Ithuta mo Sekaong sa ga Ehute
Go dumela mo Modimong go ne ga tlhotlheletsa Ehute. Bahebere kgaolo 11 ga e mo umake ka tsela e e tlhamaletseng gore ke yo ‘e rileng ka tumelo a fenya magosi, . . . a nna senatla mo ntweng, a leleka dintwa tsa ditšhaba tsa baeng.’ (Bahebere 11:33, 34) Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a nonotsha Ehute fa a ntse a dira ka tumelo mme a golola Baiseraele mo pusong e e gatelelang ya ga Kgosi Egelone.
Bopelokgale e ne e le nngwe ya dinonofo tsa ga Ehute. O ne a tshwanetse gore a nne pelokgale e le gore a ka kgona go dirisa tšhaka ya gagwe mme a atlega. Jaaka batlhanka ba motlha wa segompieno ba Modimo, ga re tseye tšhaka. (Isaia 2:4; Mathaio 26:52) Lefa go ntse jalo, re dirisa “tšhaka ya Mowa,” e leng Lefoko la Modimo. (Baefeso 6:17) Ehute e ne e le setswerere mo go diriseng sebetsa sa gagwe. Le rona re tshwanetse go nna le bokgoni jwa go dirisa Lefoko la Modimo fa re ntse re rera mafoko a a molemo a Bogosi. (Mathaio 24:14) Go ithuta Baebele ka namana, go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, go nna le seabe ka matlhagatlhaga mo bodireding le go ikaega mo go Rraarona wa selegodimo ka thapelo go tla re thusa go etsa dinonofo tse di bontshitsweng ke Ehute, monna wa tumelo le bopelokgale eleruri.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Medimako go bonala e ne e le ditshwantsho tsa dirwe tsa tsalo. E ne e golaganngwa le ditiro tsa tlhakanelodikobo e e sa siamang ka mo go feteletseng.—1 Dikgosi 14:22-24.
b Kemoše e ne e le modimo yo mogolo wa Bamoabe. (Dipalo 21:29; Jeremia 48:46) Mo makgetlhong mangwe, bana ba ne ba ntshetswa modimo yono yo o makgapha wa maaka setlhabelo.—2 Dikgosi 3:26, 27.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Ehute le banna ba gagwe ba tlisitse sehuba kwa go Kgosi Egelone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Reproduced from Illustrirte Pracht - Bibel/Heilige Schrift des Alten und Neuen Testaments, nach der deutschen Uebersetzung D. Martin Luther’s