LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 4/1 ts. 20-25
  • Ke Ithutile Boammaaruri Jwa Baebele Kwa Romania

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ithutile Boammaaruri Jwa Baebele Kwa Romania
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinako Tse di Bokete
  • Go Eletsa ga me Boammaaruri Jwa Baebele
  • Boammaaruri Jwa Baebele bo Anama Kwa Romania
  • Go ya United States
  • Go Simolola Bodiredi Jwa Rona Kwa United States
  • Paakanyo e ke Neng ke e Tlhoka
  • Go Kgona ka Nako ya Mathata a Madi
  • Go Tshegetsa Tumelo ya Rona
  • Lelapa la Rona le le Ikanyegang Kwa Romania
  • Boammaaruri bo sa Ntse bo le Botlhokwa mo go Nna
  • Masea, Madi le AIDS
    Tsogang!—1990
  • Go Itumelela go “Tsamaya Mmaele o Mongwe Gape”
    Tsogang!—2005
  • Itumelo Jo bo Sa Tshwaneng le Bope!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Motshodi wa Lesedi mo Ditšhabeng di le Dintsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 4/1 ts. 20-25

Ke Ithutile Boammaaruri Jwa Baebele Kwa Romania

JAAKA GO BOLETSE GOLDIE ROMOCEAN

Ka 1970, ke ne ka etela bagaetsho kwa Romania e le lekgetlho la ntlha mo dingwageng tse di batlileng di nna 50. Batho ba ne ba nna kafa tlase ga kgatelelo ya puso ya Bokomonise, mme ke ne ke tlhokomedisiwa kgapetsakgapetsa gore ke tlhokomele se ke se buang. Mme, e rile ke ntse ke eme kwa ofising ya puso mo motseng wa gaetsho, modiredimogolo mongwe a mpolelela gore ke tshwanetse go tswa mo nageng ka yone nako eo. Pele ga ke tlhalosa lebaka, e re ke go bolelele kafa ke ithutileng boammaaruri jwa Baebele ka gone kwa Romania.

KE TSHOTSWE ka March 3, 1903, kwa motseng wa Ortelec mo bokone bophirima jwa Romania gaufi le toropo ya Zalău. Re ne re nna mo tikologong e ntle. Metsi a teng le moya di ne di le phepa. Re ne re lema dijo mme re ne re sa tlhoke sepe. Fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana naga ya rona e ne e le mo kagisong.

Batho ba ne ba rata bodumedi fela thata. E bile tota, lelapa la gaetsho le ne le na le madumedi a mararo a a farologaneng. Mongwe wa bommèmogolo ba me e ne e le wa Tumelokgolo ya Katoliki, yo mongwe e le wa Adventist, mme batsadi ba me e ne e le ba Baptist. Gonne ke ne ke sa dumelane le bodumedi lefa e le bofe jwa bone, ba lelapa la gaetsho ba ne ba re ke tla nna molatolamodimo. ‘Fa e le gore go na le Modimo a le mongwe fela,’ ke ne ka akanya jalo, ‘go tshwanetse ga bo go na le bodumedi bo le bongwe fela—e seng a mararo mo lelapeng le le lengwe.’

Dilo tse ke neng ke di bona mo bodumeding di ne di ntshwenya. Ka sekai, moperesiti o ne a tla mo matlong a batho go tla go batla ditshwanelo tsa kereke. Fa batho ba se na madi a go duela, o ne a tsaya dikobo tsa bone tsa botlhokwa tsa bobowa. Kwa kerekeng ya Katoliki, ke ne ka leba mmèmogolo a khubama a rapela fa pele ga setshwantsho sa ga Maria. ‘Ke ka ntlha yang fa a rapela setshwantsho?’ ke ne ka ipotsa jalo.

Dinako Tse di Bokete

Rre o ne a ya kwa United States ka 1912 go ya go berekela madi a go duela molato. Ka bonakonyana fela morago ga moo go ne ga tsoga ntwa, mme banna ba motse wa rona ba ne ba ya ntweng—go ne ga sala fela basadi, bana, le bannabagolo. Motse wa rona o ne wa nna kafa tlase ga puso ya Hungary ka nakwana, mme morago masole a Romania a ne a boa mme a tsaya motse gape. Ba ne ba re laela gore re tloge ka bonako. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya lepotlapotla le go tlhakatlhakana go go neng go bakwa ke go phutha dilo le go pega bana mo koloing e e gogwang ke dipholo, ke ne ka sala. O a tlhaloganya gore e ne e le nna yo mogolo mo baneng ba le batlhano.

Ke ne ka tabogela kwa ga moagelani, monnamogolo yo o neng a setse, mme o ne a re: “Tsamaya o ye kwa gae. O lotlele dikgoro, mme o se ka wa letlelela ope go tsena.” Ke ne ka dira jalo ka bonako. Fa ke fetsa go ja moro wa nama ya koko le dijo tse di tsentsweng mo teng ga makakaba a khabishi tse di neng di setse fa go ne go tsamaiwa go itlhaganetswe, ke ne ka khubama fa thoko ga bolao jwa me mme ka rapela. Ke ne ka thulamela ka bonako.

Fa ke tsoga, go ne go setse go le motshegare, mme ke ne ka re: “Ke a go leboga tlhe Modimo! Ke sa ntse ke tshela!” Mabota a ne a tletse dikhuti tsa marumo a tlhobolo, jaaka fa go letswe go hulwa bosigo jotlhe. E rile fa Mmè a lemoga gore ke ne ke se na le bone kwa motseng o o latelang, o ne a roma George Romocean yo mmotlana, yo o neng a mphitlhela a bo a nkisa kwa go bone. Ka bonako re ne ra boela kwa motseng wa gaetsho mme re ne ra simolola botshelo sesha koo.

Go Eletsa ga me Boammaaruri Jwa Baebele

Mmè o ne a batla gore ke kolobediwe ke nne Mo-Baptist, mme ke ne ke sa batle go dira seo gonne ke ne ke sa dumele gore Modimo o o lorato o ka fisa batho ka bosakhutleng mo diheleng. A leka go tlhalosa, Mmè o ne a re: “Ee, fa ba le bosula.” Mme ke ne ka araba: “Fa ba le bosula a ba bolawe, e seng go ba tlhokofatsa. Nka se ka ka ba ka bogisa lefa e le ntšwa kana katse.”

Ke gakologelwa ka letsatsi lengwe le lentle la dikgakologo, fa ke ne ke na le dingwaga tse 14, Mmè o ne a re ke ise dikgomo di e go fula. Fa ke ntse ke robetse mo tlhageng fa thoko ga noka, go le sekgwa ka fa morago, ke ne ka leba kwa loaping mme ka re: “Modimo, ke a itse gore o teng; mme ga ke rate madumedi ano otlhe. O tshwanetse wa bo o na le bo le bongwe fela jo bo siameng.”

Ruri ke dumela gore Modimo o utlwile thapelo ya me gonne ka sone selemo seo sa 1917, Baithuti ba babedi ba Baebele (jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo) ba ne ba tla kwa motseng wa rona. E ne e le barekisi ba dibuka, kana badiredi ba nako e e tletseng, mme ba ne ba tla kwa kerekeng ya Baptist fa tirelo e ntse e tsweletse.

Boammaaruri Jwa Baebele bo Anama Kwa Romania

Dingwaga di le mmalwa pelenyana, ka 1911, Carol Szabo le Josif Kiss, bao e neng ya nna Baithuti ba Baebele kwa United States, ba ne ba boela kwa Romania go ya go itsise boammaaruri jwa Baebele koo. Ba ne ba nna kwa Tîrgu-Mureş, dikilometara tse di kafa tlase ga tse 160 kwa borwa botlhaba jwa motse wa rona. Mo dingwageng di le mmalwa, batho ba le makgolokgolo ba ne ba arabela mo molaetseng wa Bogosi mme ba tsaya bodiredi jwa Bokeresete.—Mathaio 24:14.

Mme e rile fa Baithuti ba babedi ba basha ba Baebele ba tla kwa kerekeng ya Baptist mo motseng wa rona wa Ortelec, George Romocean, lefa a ne a le dingwaga tse 18 fela, o ne a tshwere tirelo mme o ne a leka go tlhalosa bokao jwa Baroma 12:1. Kwa bokhutlong mongwe wa barekisi ba dibuka yo mosha o ne a ema mme a re: “Bakaulengwe, ditsala, moaposetoloi Paulo o leka go re bolelela eng fa?”

Fa ke utlwa seo, ke ne ka itumela thata! Ke ne ka akanya, ‘Banna bano ba tshwanetse ba bo ba itse go tlhalosa Baebele.’ Mme bontsi jwa ba ba neng ba le gone bo ne bo goa bo re: “Baporofeti ba maaka! Re a itse gore lo bomang!” Mme go ne ga latela khuduego. Mme rraagwe George o ne a ema mme a re: “Didimalang lotlhe! Ke moya ofe o lo o bontshang—o o tswang mo lebotlolong? Fa banna bano ba batla go re bolelela sengwe mme lo sa batle go reetsa, ke ba laletsa kwa legaeng la me. Mongwe le mongwe yo o batlang go tla o a amogelwa.”

Ka boitumelo ke ne ka tabogela kwa gae mme ka bolelela Mmè se se diragetseng. Ke ne ke le mongwe wa ba ba neng ba amogetse taletso ya go ya kwa legaeng la ga Romocean. A bo ke ne ke itumetse thata jang mo maitseboeng ao go ithuta go tswa mo Baebeleng gore ga go na dihele tse di tukang le go bona leina la Modimo, e leng Jehofa go tswa mo Baebeleng ya me ya Se-Romania! Barekisi ba dibuka ba ne ba rulaganya gore Moithuti wa Baebele a etele kwa ntlong ya ga Romocean Sontaga sengwe le sengwe go ya go re ruta. Ka selemo se se latelang, ke na le dingwaga tse 15 ke ne ka kolobediwa e le go bontsha gore ke ineetse mo go Jehofa.

Fa nako e ntse e tsamaya, mo e ka nnang botlhe ba lelapa la ga Prodan le lelapa la ga Romocean ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele mme ba neela matshelo a bone mo go Jehofa. Le ba bangwe ba le bantsi mo motseng wa rona ba ne ba dira jalo, go akaretsa le banyalani ba basha bao ntlo ya bone e neng e dirisiwa e le kereke ya Baptist. Morago ga moo ba ne ba e dira lefelo leo Baithuti ba Baebele ba tshwarelang thuto mo go lone. Boammaaruri jwa Dikwalo bo ne jwa anama ka bonako mo metseng e e gaufi, mme ka 1920 go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang 1800 mo Romania!

Go ya United States

Re ne re batla ka tlhoafalo go bolelela rre, e leng Peter Prodan, se re neng re se ithutile. Mme se se neng sa re gakgamatsa ke gore, pele ga re mo kwalela, re ne ra amogela lekwalo le le tswang kwa go ene a re bolelela gore ke motlhanka yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa. O ne a ithutile le Baithuti ba Baebele kwa Akron, kwa Ohio, mme o ne a batla gore rotlhe re ye go nna le ene kwa United States. Le fa go ntse jalo, Mmè o ne a gana go fuduga kwa Romania. Ka jalo, ka 1921, ke ne ka dirisa madi a Rre a neng a nthomeletse one, mme ka ya kwa go ene kwa Akron. George Romocean le mogoloe ba ne ba setse ba fudugetse kwa United States mo ngwageng o o fetileng.

Fa ke goroga ka sekepe kwa Setlhaketlhakeng sa Ellis, kwa New York, modiredimogolo wa bafaladi o ne a sa itse go ranola leina la me, Aurelia, ka Seesemane, ka jalo o ne a re: “O Goldie.” E ne ya nna leina la me go tloga ka nako eo. Ka bonakonyana fela morago ga moo, nna le George Romocean re ne ra nyalana ka May 1, 1921. Morago ga ngwaga kana go feta, Rre o ne a boela kwa Romania mme ka 1925 o ne a tlisa nnake Mary mo Akron. Mme Rre o ne a boela kwa Romania go ya go nna le Mmè le botlhe ba lelapa.

Go Simolola Bodiredi Jwa Rona Kwa United States

George e ne e le motlhanka yo o ikanyegang le yo o ineetseng wa ga Jehofa. Mo gare ga 1922 le 1932, re ne ra segofadiwa ka barwadi ba le banè ba bantle—Esther, Anne, Goldie Elizabeth le Irene. Phuthego ya Se-Romania e ne ya simololwa kwa Akron, mme kwa tshimologong dipokano di ne di tshwarelwa kwa ntlong ya rona. Kgabagare dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro moemedi yo o tswang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Baithuti ba Baebele kwa Brooklyn, kwa New York, o ne a etela phuthego ya rona mme a nna le rona.

Ka boSontaga ba le bantsi re ne re tlhola letsatsi lotlhe mo tirong ya go rera. Re ne re paka dikgetsana tsa rona tsa dibuka le tsa dijo, mme re bo re pega basetsana ba rona mo Model T Ford ya rona, re bo re tlhola letsatsi lotlhe re rera kwa tshimong ya kwa magaeng. Mme maitseboa re bo re ya kwa Thutong ya Tora ya Tebelo. Basetsana ba rona ba ne ba simolola go rata tiro ya go rera. Ka 1931 ke ne ke le gone kwa Columbus, kwa Ohio, fa Baithuti ba Baebele ba ne ba amogela leina le le ba tlhaolang la Basupi ba ga Jehofa.

Paakanyo e ke Neng ke e Tlhoka

Dingwaga di le mmalwa moragonyana ke ne ka galefela Joseph F. Rutherford, yoo ka nako eo e neng e le poresidente wa Watch Tower Bible and Tract Society. Mosupi mongwe yo mosha o ne a na le maikutlo a gore Mokaulengwe Rutherford ga a ka a mo tshwara sentle, gonne a sa mo reetsa sentle. Ke ne ka akanya gore Mokaulengwe Rutherford o ne a le phoso. Mme, ka Sontaga sengwe nnake Mary le monna wa gagwe Dan Pestrui, ba ne ba tla go re etela. Morago ga dijo tsa motshegare Dan o ne a re: “A re ipaakanyetseng go ya pokanong.”

“Ga re tlhole re ya dipokanong,” ke ne ka rialo. “Re galefetse Mokaulengwe Rutherford.”

Dan o ne a itshwara matsogo ka fa morago mme a tsamayatsamaya a ya kwa pele le kwa morago, a bo a re: “A o ne o itse Mokaulengwe Rutherford fa o ne o kolobediwa?”

“Nnyaa le eseng,” ke ne ka araba. “O a itse gore ke kolobeditswe kwa Romania.”

“Ke ka ntlha yang fa o ne o kolobediwa?” o ne a botsa.

“Gonne ke ne ke ithutile gore Jehofa ke Modimo o o boammaaruri, e bile ke ne ke batla go neela botshelo jwa me gore ke mo direle,” ke ne ka araba.

“O se ka wa lebala seo!” o ne a araba. “Fa Mokaulengwe Rutherford a ne a ka tlogela boammaaruri, a le wena o ne o tla bo tlogela?”

“Nnyaa, le eseng!” ke ne ka rialo. Seo se ne sa dira gore ke akanye, mme ke ne ka re: “A mongwe le mongwe a ipaakanyetse go ya pokanong.” Mme fa e sa le ka nako eo ga re ise re ko re tlogele. A bo ke ne ka leboga Jehofa thata jang ne ka paakanyo e e lorato ya ga mogatsannake!

Go Kgona ka Nako ya Mathata a Madi

Ka nako ya Mathata a Madi ka bo1930, go ne go le thata. Ka letsatsi lengwe George o ne a fitlha mo gae a tswa kwa tirong a sulafaletswe fela thata, a mpolelela gore o feletswe ke tiro kwa feketiring ya rabara. “O se ka wa tshwenyega,” ke ne ka rialo, “re na le Rraarona yo o humileng kwa legodimong, mme ga a kitla a re latlha.”

Ka lone letsatsi leo George o ne a kopana le tsala e e neng e na le seroto se segolo se se neng se tsentse mabowa. Fa George a sena go itse gore tsala ya gagwe e ne e a tsaya kae, o ne a tla gae a tshotse thoto ya mabowa. Mme a dirisa didolara tsa rona tsa bofelo tse tharo go reka diroto tse dinnye. “O direlang jalo,” ke ne ka botsa, “o itse gore re na le basetsana ba bannye ba ba tlhokang mashi?”

“O se ka wa tshwenyega,” o ne a araba jalo, “wena dira fela jaaka ke bua.” Morago ga dibeke tse di latelang di le mmalwa, re ne ra nna le feketiri e nnye mo ntlong ya rona, re tlhatswa le go paka mabowa. Re ne re di rekisetsa diresetšhurente tsa maemo a a kwa godimo mme re dira didolara tse 30 go ya go tse 40 ka letsatsi, e leng madi a mantsi mo go rona ka nako eo. Molemirui yo o neng a re neile tetla ya gore re kgetlhe mabowa mo mafulong a gagwe o ne a re o nnile foo ka dingwaga di le 25 mme ga a ise a ke a bone mabowa a mantsi jaana. Go ise go ye kae feketiri ya rabara e ne ya bitsa George gape gore a boele kwa tirong.

Go Tshegetsa Tumelo ya Rona

Ka 1943 re ne ra fudugela kwa Los Angeles, kwa California, mme morago ga dingwaga tse nnè re ne ra nna kwa Elsinore. Re ne ra bula lebenkele la dikorosari koo, mme lelapa la rona lotlhe le ne le dira mo go lone le refosana. Ka nako eo, Elsinore e ne e le toropo e nnye fela e e neng e na le batho ba ba ka nnang 2000, mme re ne re tshwanela go tsamaya dikilometara di le 30 go ya ko toropong e nngwe go ya kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete. A bo ke ne ka itumela thata jang ne fa ke bona go thewa phuthego e nnye kwa Elsinore ka 1950! Go ne jaanong go na le diphuthego tse 13 mo lefelong lone leo.

Ka 1950 morwadiarona Goldie Elizabeth (yo ba bantsi ba mo itseng e le Beth) o ne a aloga kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileate kwa South Lansing, kwa New York, mme o ne a abelwa go nna morongwa kwa Venezuela. Ka 1955 morwadiarona yo mmotlana Irene o ne a itumeletse gore monna wa gagwe o ne a laleditswe go direla e le modiredi yo o tsamayang mo tirong ya potologo. Mme ka 1961, morago ga go nna gone kwa Sekolong sa Bodiredi jwa Bogosi kwa South Lansing, kwa New York, ba ne ba romelwa kwa Thailand. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tlhologelelwa barwadi ba me fela thata gore ke bo ke lele, mme ke bo ke akanya gore, ‘Ke sone se ke neng ke batla gore ba se dire.’ Ka jalo ke bo ke tsaya kgetsana ya me ya dibuka mme ke bo ke ya kwa tirong ya go rera. Ka metlha ke boela gae ke itumetse.

Ka 1966 monna wa me yo o rategang, George, o ne a tshwarwa ke seterouku. Beth yo o neng a boile go tswa kwa Venezuela ka ntlha ya bothata jwa botsogo, o ne a nthusa go mo tlhokomela. George o ne a tlhokafala mo ngwageng o o neng wa latela, mme ke ne ke gomodiwa ke ntlha ya gore o ne a nna a ikanyega mo go Jehofa mme e bile o amogetse tuelo ya gagwe ya selegodimo. Morago ga moo Beth o ne a ya go direla kwa Spain kwa go neng go tlhokega thata bareri ba Bogosi gone. Morwadiake yo mogolo Esther o ne a lwala a tshwerwe ke kankere mme a tlhokafala ka 1977, mme ka 1984, Anne o ne a bolawa ke leukemia. Mongwe le mongwe wa bone e nnile motlhanka wa ga Jehofa yo o ikanyegang mo botshelong jwa gagwe jotlhe.

Ka nako ya loso lwa ga Anne, Beth le Irene ba ne ba boile go tswa kwa dikabelong tsa bone tsa go rera kwa mafatsheng a sele. Ba ne ba thusitse go tlhokomela bomorwadiaraabone, mme rotlhe re ne ra utlwa botlhoko fela thata. Morago ga nakonyana ke ne ka bolelela basetsana ba me ka re: “Go siame, go lekane! Re gomoditse ba bangwe ka ditsholofetso tse di botlhokwa tsa Baebele. Jaanong re tshwanetse go itetla go gomotsega le rona. Satane o batla go re amoga boitumelo jwa rona jwa go direla Jehofa, mme ga re na go mo letla.”

Lelapa la Rona le le Ikanyegang Kwa Romania

Ka 1970 nna le morwadiarre e bong Mary re ne ra dira loeto lo lo gopolegang re etela ba lelapa la rona kwa Romania. Mongwe wa bomorwadiarre o ne a setse a tlhokafetse, mme re ne ra tshwanela go etela kgaitsadiarona John le morwadiarre Lodovica, bao ba neng ba sa ntse ba nna mo motseng wa Ortelec. Ka nako ya fa re ne re etile, Rre le Mmè ba ne ba tlhokafetse, ba ntse ba ikanyega mo go Jehofa. Ba le bantsi ba ne ba re bolelela gore Rre e ne e le pilara mo phuthegong. Le eleng bangwe ba ditlogolwana tsa gagwe kwa Romania gone jaanong ke Basupi. Gape re ne ra etela ba le bantsi kafa letlhakoreng la ba kwa ga bone monna wa me ba ba neng ba nna ba nitame mo boammaaruring jwa Baebele.

Ka 1970, Romania e ne e le kafa tlase ga puso e e setlhogo ya Bokomonisi ya ga Nicolae Ceauşescu, mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa botlhoko. Morwa wa ga kgaitsadiake John, e bong Flore, mmogo le ba bangwe ba losika lwa me, ba feditse dingwaga di le dintsi mo dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya tumelo ya bone ya Bokeresete, le ntsalae monna wa me e bong Gábor Romocean. Ga go gakgamatse go bo fa ba ne ba re neela makwalo a a neng a ya kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York, bakaulengwe ba rona ba kwa Romania ba ne ba re ga ba na go gololesega go fitlha ba utlwa gore re tsamaile re sireletsegile go tswa mo nageng eo!

E rile fa re lemoga gore di-visa tsa rona di fedile, re ne ra ya kwa ofising ya puso kwa Ortelec. E ne e le ka Labotlhano thapama, mme go ne go na le modiredimogolo a le mongwe fela mo tirong. Fa a lemoga gore re ne re etetse bomang le gore motlogoloarona o ne a le kwa kampeng ya pogisetso, o ne a re: “Bomma, tsamayang gone fela jaanong!”

“Mme ga go na terena e e tsamayang gompieno,” morwadiarre o ne a araba.

“Ga go kgathalesege,” o ne a bua a gaketse. “Palamang bese. Palamang terena. Palamang tekesi. Tsamayang ka dinao. Fela fa lo ka tswa fano ka bonako jo bo kgonegang!”

Fa re simolola go tsamaya, re ne ra bidiwa mme ra bolelelwa gore terena ya sesole e e seng mo lenaneong e ne e tla tla ka 6:00 p.m. A bo seo se ne sa iphaka e le paakanyetso e e molemo jang ne! Mo tereneng e e tlwaelegileng, dipampiri tsa rona di ne di tla lekolwa kgapetsakgapetsa, mme e re ka terena eno e ne e rwala badiri ba sesole mme e bile e ne e le rona fela re le babedi ba re seng masole ba re neng re e palame go ne go se na ope yo o neng a kopa go bona dipase tsa rona. Gongwe ba ne ba tsaya gore re bommèmogolo ba badiredi bangwe.

Re ne ra goroga kwa Timisoara mo mosong o o latelang, mme ka thuso ya tsala ya mongwe wa losika, re ne ra kgona go bona di-visa tsa rona. Ka letsatsi le le latelang ke fa re tswile mo nageng eo. Re ne ra tla gae re gakologelwa dilo tse dintsi tse di rategang le tse di sa lebalegeng ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ba ikanyegang kwa Romania.

Dingwaganyana morago ga gore re etele kwa Romania, re ne re sa utlwe dikgang tse dintsi ka ga tiro ya go rera kafa morago ga Lesire la Tshipi. Lefa go ntse jalo, re ne re tshepa gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba ne ba tla nna ba ikanyega mo Modimong wa rona—go sa kgathalesege se se ka tlhagang. Mme eleruri ba ne ba dira jalo! A bo go ne ga itumedisa jang ne go utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba tsewa semolao e le mokgatlho wa bodumedi mo Romania ka April 1990! Ka selemo se se latelang re ne ra itumedisiwa ke dipego tsa dikopano tse di neng di tshwaretswe kwa Romania. Ebu, ke batho ba ba fetang 34 000 ba ba neng ba le gone mo ditoropokgolong tse robedi, mme ba le 2260 ba ne ba kolobediwa! Gone jaanong go na le ba ba fetang 35000 ba ba nnang le seabe mo tirong ya go rera kwa Romania, mme ba le 86 034 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ngogola.

Boammaaruri bo sa Ntse bo le Botlhokwa mo go Nna

Ke ne ka emisa go ja ditshwantshetso tsa Segopotso ka dingwaga di le mmalwa. Ke ne ke bone bakaulengwe ba ba neng ba tshwanelega thata ba ba neng ba sa je, mme ke ne ka akanya jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa Jehofa a naya nna tshiamelo ya go nna moruaboswa mmogo le Morwawe kwa legodimong fa ba bangwe e le dibui tse di nang le bokgoni jaana?’ Mme e ne e re fa ke sa je, ke ne ke ikutlwa ke tshwenyegile fela thata. E ne e kete ke gana sengwe. Morago ga go batlisisa thata le go rapela, ke ne ka simolola go ja gape. Ke ne ka nna le kagiso le boitumelo gape, mme di ne tsa tswelela jalo.

Le fa ke sa tlhole ke kgona go bona sentle gore nka bala, ke reetsa ditheipi tsa Baebele le tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! letsatsi le letsatsi. E bile ke sa ntse ke nna le seabe mo tirong ya go rera. Ka gale ke tsamaisa dimakasine tse di ka nnang magareng ga tse 60 le tse 100 kgwedi le kgwedi, mme fa re ne re na le letsholo le le kgethegileng la makasine wa Tsogang! ka April o o fetileng, ke ne ka tsamaisa tse 323. Ke thusiwa ke barwadi ba me, ke sa ntse ke kgona go nna le seabe mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Ke itumelela gore ke kgona go tswelela ke kgothatsa ba bangwe. Mo e ka nnang mongwe le mongwe mo Holong ya Bogosi o mpitsa Mmèmogolo.

Fa ke leba kwa morago mo e ka nnang dingwaga tse di fetang 79 ke direla Jehofa, ke mo leboga letsatsi le letsatsi gore o ntetlile gore ke itse boammaaruri jo bo botlhokwa le go dirisa botshelo jwa me mo tirelong ya gagwe. Ke leboga thata gore ke tshedile go fitlha ke bona go diragala ga boporofeti jo bo molemo jwa Baebele jo bo boleletseng pele ka go phuthiwa ga batho ba Modimo ba sekadinku mo metlheng eno ya bofelo.—Isaia 60:22; Sekaria 8:23.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Morwadiarre Mary le Rre ba eme, le nna le George, le barwadi ba rona Esther le Anne

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke na le barwadi ba me Beth le Irene le monna wa ga Irene le basimane ba bone ba babedi, bao botlhe ba ikanyegang mo tirelong ya ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela