Basupi ba ga Jehofa ba Tla Tshwara Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba
Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se rulaganya go tshwara dikopano tsa ditšhabatšhaba ka 1998. Kitsiso eno e ne ya amogelwa ka boitumelo jo bogolo kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, e e neng e tshwaretswe kwa Holong ya Dikopano kwa Jersey City ka Matlhatso, October 5, 1996.
Mo godimo ga dikopano tse di tlwaelegileng tsa kgaolo go tla nna le dikopano di le mmalwa tsa ditšhabatšhaba kwa Amerika Bokone mo magareng a 1998. Go lebeletswe gore dikokoano tseno di tla dira gore go tle Basupi ba le diketekete go tswa mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Go dira gore dinaga di le dintsi kafa go ka kgonegang ka gone di nne le baemedi, nngwe le nngwe ya diofisi tsa makala tsa Mokgatlho wa Watch Tower tse di fetang 100 e tla newa palo ya baemedi ba ba tla yang kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e e rulaganyeditsweng go tshwarwa kwa toropong nngwe ya Amerika Bokone.
Go phepafetse gore ga se botlhe ba ba tla ratang go ya kwa Amerika Bokone ba ba tla kgonang go dira jalo. Le fa go ntse jalo, go tla kgonega gore diketekete di nne gone kwa kopanong ya ditšhabatšhaba e e tla tshwarelwang gaufi le lefelo la bone. Go sa ntse go rulaganngwa gore go tshwarwe dikopano tsa ditšhabatšhaba mo dinageng tse pedi kana tse tharo kwa Yuropa. Mme tse dingwe mo Afrika, Asia, Latin America, Pacific Borwa, le Caribbean.
Ka nako e e tshwanang diofisi tsa makala tsa Mokgatlho di tla gakolola diphuthego tse di mo tshimong ya tsone ka ga toropo kana ditoropo tse di laleditsweng kwa go tsone. Go tla nna le tshedimosetso ka ga matlha a dikopano le dithulaganyo tsa go tlhopha baemedi. Bao ba tla ratang go tsenya dikopo tsa go tlhophiwa go nna baemedi, ba ka nna ba rata go simolola go baya madi a bone ba lebeletse ditiragalo tseno tse di kgethegileng.
Basupi botlhe ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara ba ka lebelela pele mo go se se ba emetseng kwa pele mo dikokoanong tseno tsa ditšhabatšhaba tsa 1998. Dikopano tsa kgaolo mo dinageng tsotlhe di tla bo di na le thulaganyo e e tshwanang.