LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • je ts. 18-19
  • Go Ipela le go Baka Modimo mo Dikopanong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ipela le go Baka Modimo mo Dikopanong
  • Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Jehofa o Phutha Batho ba Gagwe ba ba Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Basupi ba ga Jehofa ba Tla Tshwara Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Dikopano di re Thusa go Rata ba Bangwe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
je ts. 18-19

Go Ipela le go Baka Modimo mo Dikopanong

Go tloga masimologong a bo-1880 Baithuti ba Bibela ba ne ba bona gore, gammogo le dipokano tsa mafelo a bone, go ka ba solegela molemo go tlwaelana le badumedi ka bone go tswa dikgaolong tse dingwe. Jalo ba ne ba simolola go rulaganyetsa dikopano tsa ngwaga le ngwaga tsa Baithuti ba Bibela go tswa mo United States yotlhe fela, mme moragonyana le mo Canada. Tseno e ne e le dipaka tsa go ntšhafadiwa mo semoyeng; ka malatsi a le mmalwa go ne go neelwa tao e e nonofileng ya Bibela, mme botlhe ba ne ba ipelela mafoko a a kgothatsang a a itumedisang mo go ba bangwe. Go ne go na le thulaganyo ya ka metlha ya go kolobediwa ga badumedi ba basha mo dikopanong tseno. Dikopano di ne tsa dirisiwa gape go neela bosupi jo bo oketsegileng le jo bo nonofileng mo bathong botlhe.—Baroma 1:11, 12.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba ipelela dikopano tsa ka metlha. Gantsi diphuthego di ka nna 18 go ya go 25 di kokoanngwa mmogo mo go seo se bidiwang dipotologo, tseo di etelwang, kana di lekolwang, ke balebedi ba ba etang. Gabedi mo ngwageng, dikopano di rulaganyediwa diphuthego tse di mo potologong, kana karolo ya potologo eo, gore di kopane ka Matlhatso le/kana ka Sontaga.

Gangwe fela mo ngwageng, dikopano tse dikgolwane tsa malatsi a le mararo kana a mane, tse di bidiwang dikopano tsa kgaolo, di rulaganyediwa naga nngwe le nngwe, koo diketekete di ka kopanang mmogo mo lefelong le le lengwe gone. Dikopano tseno di baakanyetsa ka kagelelo ya semoya mo Basuping ba ga Jehofa le mo go ba bangwe ba ba kgatlhegelang tiro ya bone, ebile di neela bosupi jwa phatlalatsa.

Thulaganyo ya dikopano tseno le dikokoano tseno e rulaganyediwa ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa mme e lebagantswe le ditlhokafalo tsa Basupi mo lefatsheng lotlhe. Go nna le dipolelo, dipuisano, le dikgang tse di amanang le botshel o jwa malatsi otlhe tse di bidiwang dipontsho, tseo di neelwang ke balebedi ba ba etang le Basupi ba ba tshwanelegang go tswa mo diphuthegong. Ba bangwe gape ba ba farologaneng ba neelana ka maitemogelo a kafa ba fenyang ka gone kgwetlho ya go tshela jaaka Bakeresete mo lefatsheng le le sa boifeng Modimo kana gore ke matswela afe a ba a bonang mo bodiheding. Kwa dikopanong tsa kgaolo go na le karolo e nngwe gape—metshameko e e tshamekiwang ke batho ka sebele ya Bibela kana metshameko e e emelang ditiragalo tsa gompieno, eo e bontshang kafa Bakeresete ba ka fenyang ka gone mathata ao ba lebaganang le one gompieno.

Gape go na le dijo tse di jewang koo le dintsha-lenyora, ka moneelo fela o mmotlana. Seno se dira gore go nne le bokopano jo bo ipedisang fa dipokano di santse di eme. Tiro yotlhe e e kopanyelediwang mo go tsamaiseng ditiro tseno e dirwa ke baithaopi ba ba tswang gareng ga Basupi ba ga Jehofa. Ditlhotlhwa tsa didirisiwa le ditshenyegelo tse dingwe di duelelwa ka meneelo ya boithatelo. Go tsenwa mahala kwantle ga tuelo, mme ga go na dikoleke dipe tse di tsewang.

O ka itlhotlhomisetsa mo phuthegong ya lefelo la lona ya Basupi ba ga Jehofa gore dikokoano tseno di leng le gore di tla tsenela kae. Go neelwa tshedimosetso gape kaga dithulaganyo tsa mosepele, gammogo le kafa o ka bonang marobalo ka gone.

Dikopano tseno le dikokoano di thusa Basupi ba ga Jehofa le botlhe ba ba kopanelang le bone go bona diphuthego tse dingwe go feta tsa mafelo a bone fela le go lemoga bokopano jwa lefatshe lotlhe jwa bakaulengwe ba bone.—1 Petere 2:17.

• Ke melemo efe e Baithuti ba Bibela ba pele ba neng ba e bona mo dikopanong tsa bone?

• Tlhalosa tsamaiso le thulaganyo ya dikopano tsa potologo le dikokoano tsa kgaolo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Motshameko wa Bibela mo kopanong ya kgaolo, mo United States

Kopano ya merafe yotlhe, mo Poland

Kopano ya merafe yotlhe, mo Argentina

Kopano ya potologo, mo Japane

Batla-kopanong ba amogela dibuka tsa Bibela, mo Switzerland

Kolobetso mo kopanong ya merafe yotlhe, mo Afrika Borwa

Go gololwa ga kgatiso e ntšha ya Bibela, mo Canada

Batla-kopanong ba opela mmogo, mo Spain

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela