LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb21 January ts. 7
  • Dikopano di re Thusa go Rata ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikopano di re Thusa go Rata ba Bangwe
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Phutha Batho ba Gagwe ba ba Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Go Ipela le go Baka Modimo mo Dikopanong
    Basupi ba ga Jehofa—Ba Dira Thato ya Modimo ka Kutlwano Mo Lefatsheng Lotlhe
  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Basupi ba ga Jehofa ba Tla Tshwara Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb21 January ts. 7

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Dikopano di re Thusa go Rata ba Bangwe

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng ba tsaya senepe mmogo kwa kopanong ya boditšhabatšhaba.

Goreng re itumelela dikopano tsa ngwaga le ngwaga? Fela jaaka Baiseraele, dikopano di re naya tshono ya go obamela Jehofa re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le diketekete. Re rata tshedimosetso yotlhe e e re thusang gore re nne re atamalane le Jehofa. Gape re itumelela nako e re e fetsang le ditsala le ba malapa a rona. Ke sone se se dirang gore re batle go nna teng malatsi otlhe a kopano.

Fa re na le tshono ya go kopana mmogo, ga re a tshwanela go akanya fela ka gore seo se ka re tswela mosola jang mme gape re tshwanetse go batla ditsela tsa go bontsha ba bangwe gore re a ba rata. (Bag 6:10; Bah 10:24, 25) Fa o tshwarela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi kgoro gore a fete kgotsa o boloka manno a o a tlhokang fela, o a bo o bontsha gore o amega ka ba bangwe. (Baf 2:3, 4) Dikopano di re thusa gore re nne le ditsala tse disha. Pele ga thulaganyo ya kopano e simologa le morago ga yone le ka nako ya boikhutso, re ka ipha nako ya go tlotla le mongwe yo re sa mo itseng. (2Bak 6:13) Seno se ka go thusa gore o nne tsala le motho yo o tlotlang le ene. Gape, fa batho ba bona kafa re ratang ba bangwe ka gone, ba ka feleletsa ba batla go direla Jehofa.—Joh 13:35.

LEBANG BIDIO YA KOPANO YA BODITŠHABATŠHABA YA “LORATO GA LO KE LO FELA”!, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Karolo nngwe ya bidio ya ‘Kopano ya Boditšhabatšhaba ya ‘Lorato Ga lo Ke lo Fela’!’ Bakaulengwe le bokgaitsadi ba a amogelana kwa kopanong ya boditšhabatšhaba.

    Bakaulengwe ba ba etileng, ba ile ba bontshiwa jang lorato kwa dikopanong tsa boditšhabatšhaba tsa 2019?

  • Karolo nngwe ya bidio ya ‘Kopano ya Boditšhabatšhaba ya ‘Lorato Ga lo Ke lo Fela’!’ Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tsaya senepe mmogo.

    Ke eng fa go le gontle go bona batho ba ga Jehofa ba ratana e bile ba utlwana?

  • Karolo nngwe ya bidio ya ‘Kopano ya Boditšhabatšhaba ya ‘Lorato Ga lo Ke lo Fela’!’ Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwere dipampiri tse di kwadilweng “Welcome” ba bo ba dumedisa batho ba ba tlileng kopanong.

    Bakaulengwe ba Setlhopha se se Laolang ba tlhomolotse dintlha dife tse di tlhalosang lorato lwa Bokeresete?

  • Karolo nngwe ya bidio ya ‘Kopano ya Boditšhabatšhaba ya ‘Lorato Ga lo Ke lo Fela’!’ Ngwana yo monnye o tshwere Baebele ya ‘Thanolo ya Lefatshe le Lesha’ e e sa tswang go gololwa.

    O ka bontsha jang gore o rata ba bangwe fa o le kwa kopanong?

    Lorato lo thusitse jang bakaulengwe ba kwa Germany le kwa South Korea gore ba nne ba le seoposengwe?

  • Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela