LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 5/15 ts. 3-4
  • A o Dumela Thuto ya go Tsalwa ka Mmele o Mosha?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Dumela Thuto ya go Tsalwa ka Mmele o Mosha?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Tsalwa ka Mmele O Mosha go Rarabolola Masaitseweng a Botshelo?
    Tsogang!—1994
  • Go Tsalwa Ka Mmele O Mosha
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Baebele e Ruta Gore fa Motho a Swa Botshelo Jwa Gagwe bo Fetela mo Setsheding se Sengwe?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • A Lefoko la Modimo le Ruta Kaga go Tsalwa ka Mmele O Mosha?
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 5/15 ts. 3-4

A o Dumela Thuto ya go Tsalwa ka Mmele o Mosha?

“AO GAKOLOGELWA mosetsana wa moagelani yo o neng o mo rata fa lo sa ntse lo gola mono mo India?” Mukundbhai o ne a kwalela morwawe yo e leng moithuti kwa yunibesithing ya kwa United States. “O tla tloga a nyalwa mo dibekeng di sekae. Ke ne ke akanya gore o tshwanetse go itse ka seno.”

Ke ka ntlha yang fa rre yono a ne a bolelela morwawe dikgang tseno? Gone e bile, Mukundbhai o ne a fedisa thatano eo ya basha bao ka maatla dingwaga tse dintsi tse di fetileng. Mo godimo ga moo, morwawe o ne a ntse a le kwa United States ka dingwaga di le thataro a tsweledisa dithuto tse di kwa godimo. O ne a sa buisane le mosetsana yono ka tsela epe ka nako eo, mme Mukundbhai o ne a itse seo.

Ke ka ntlha yang he, fa a ne a tshwenyegile jaana? Mukundbhai o ne a tshwenyegile ka gonne o ne a dumela thuto ya go tsalwa ka mmele o mosha, kana go tsalwa sesha.a Fa e le gore kgatlhego eo ya bongwana fa gare ga bobedi jono e ne e le ka go bo ba kile ba bo ba le balekane mo botshelong jwa bone jo bo fetileng, go ne go tla nna setlhogo go ba kgaoganya gone jaanong fa ba setse ba le mo dingwageng tsa go ka nyala. Mukundbhai o ne a batla fela gore morwawe a itse ka seemo seno pele ga mosetsana yono a nna mosadi wa motho o sele mo botshelong jono.

Akanya ka kgang e nngwe. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le nnè o ne a nna makgetlho a le mmalwa a a utlwisang botlhoko kwa kokelong nngwe kwa Mumbai, kwa India. Bothata jwa gagwe e ne e le jwa mosifa mongwe o o neng o sa dire sentle mo pelong ya gagwe. Batsadi ba gagwe ba ba neng ba itsholetse ba ne ba sa kgone go itshokela go bona ngwana a boga. Mme le fa go ntse jalo ba ne ba akanya ka gore: “Re tshwanetse go amogela seno. O tshwanetse a bo a dirile sengwe mo botshelong jwa gagwe jo bo fetileng gore a diragalelwe ke seno.”

Go dumela mo thutong ya go tsalwa ka mmele o mosha ke selo se se botlhokwa mo matshelong a batho ba le dimilione ba bodumedi jwa Bohindu, Bobuda, Bojaini, Bosiki le jo bongwe jo bo simologileng kwa India. Dilo tse di diragalelang motho mo botshelong—go tloga ka go ratana go ya mo go bogeng mo go botlhoko—di lebiwa e le ditlamorago tsa ditiro tse motho a di dirileng mo botshelong kana mo matshelong a a fetileng.

Ba le bantsi kwa dinageng tsa Bophirima le bone ba kgatlhegela thuto eno ya go tsalwa ka mmele o mosha. Motshameki mongwe wa Moamerika e bong Shirley MacLaine o bolela gore o dumela mo go yone. Mokwadi mongwe e bong Laurel Phelan wa kwa Vancouver, kwa British Columbia, kwa Canada, o bolela gore o gakologelwa dilo tsa matshelo a le 50 a a fetileng. Mo potsolotsong nngwe ya maikutlo e e dirilweng ka 1994 ya Gallup e e neng e dirwa ke metswedi ya dikgang tsa CNN/USA Today, batho ba ba fetang 270 mo bagolong ba le 1016 ba ne ba bolela fa ba dumela mo thutong ya go tsalwa ka mmele o mosha. Go dumela mo thutong ya go tsalwa ka mmele o mosha gape ke karolo ya mokgatlho wa Motlha o Mosha. Mme ke bosupi bofe jo bo tshegetsang tumelo eno?

“Dilo tse motho a di gakologelwang ka botshelo jo bo fetileng!” go bolela jalo batho ba ba dumelang mo thutong ya go tsalwa ka mmele o mosha. Ka ntlha ya seo, fa Ratana wa dingwaga di le tharo wa kwa Bangkok a ne a simolola go “gakologelwa dilo tsa botshelo jwa gagwe jo bo fetileng fa e ne e le mosadi mongwe wa bodumedi yo o neng a swa a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bo60,” batho ba le bantsi ba ba neng ba reeditse ba ne ba amogela kgang ya gagwe jaaka bosupi jo bo nonofileng jwa thuto ya go tsalwa ka mmele o mosha.

Le fa go ntse jalo, go na le dipelaelo tse dintsi. Mme ditlhaloso tse dingwe tsa dilo tse batho ba di gakologelwang tse go tweng ke tsa matshelo a nako e fetileng di ka direga.b Mo bukeng ya gagwe ya Hinduism: Its Meaning for the Liberation of the Spirit, mofilosofi wa Mohindu e bong Nikhilananda o bolela gore ‘dilo tse di diragalang morago ga loso di ka se ka tsa supiwa ka sengwe.’ Le fa go ntse jalo, o bolela gore “thuto ya go tsalwa ka mmele o mosha e boammaaruri thata go na le go belaetsa.”

A mme Baebele e tshegetsa thuto eno? Mme Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le neela tsholofelo efe ka baswi?

[Ntlha e e kwa tlase]

a The New Encyclopædia Britannica e bolela gore “thuto ya go tsalwa ka mmele o mosha,” e kaya go “tsalwa ga moya sesha ka tsela e le nngwe kana tse di oketsegileng tse di latelanang, tse e ka nnang motho, phologolo, kana mo makgetlhong a mangwe, e nne morogo.” Lereo “go tsalwa sesha” le lone le dirisiwa go tlhalosa tiragalo eno, mme polelwana “go tsalwa ka mmele o mosha” gantsi ke yone e e amogelwang. Didikishinare di le mmalwa tsa puo ya Seindia di dirisa dipolelwana tseno ka tsela e e tshwanang.

b Bona ditsebe 20-2 tsa makasine wa June 8, 1994, wa Tsogang!

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

A o otlhaelwa boleo jwa botshelo jo bo fetileng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela