Jehofa—Modimo yo o Senolang Diphiri
“Go na le Modimo kwa legodimong o o senolang [diphiri, NW].”—DANIELE 2:28.
1, 2. (a) Jehofa o farologana jang le Moganetsi wa gagwe yo mogolo? (b) Batho ba bontsha jang pharologano eno?
JEHOFA, Modimo yo o godimodimo le yo o lorato wa lobopo lotlhe, yo e leng ene fela Mmopi, ke Modimo yo o botlhale le yo o tshiamiso. Ga a tlhoke go fitlha se a leng sone, ditiro tsa gagwe, kana maikaelelo a gagwe. O itshenola ka nako ya gagwe le ka botlhale jwa gagwe. Ka tsela eno o farologana le Moganetsi wa gagwe e bong Satane Diabolo, yo o lekang go fitlha se a leng sone tota le maitlhomo a gagwe.
2 Fela jaaka Jehofa le Satane ba farologane, go ntse jalo gape le ka baobamedi ba bone. Bao ba latelang Satane jaaka moeteledipele wa bone ba itshupa ka go tshela matshelo a mabedi le ka tsietso. Ba leka go itira batho ba lesedi, fa tota ba dira ditiro tsa lefifi. Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba bolelelwa gore ba se ka ba gakgamalela seno. “Gonne batho ba ba ntseng jalo ke baaposetoloi ba maaka, badiri ba ba tsietsang, ba ba iphetolang baaposetoloi ba ga Keresete. Mme ga go gakgamatse, gonne Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bakorintha 11:13, 14) Bakeresete ka fa letlhakoreng le lengwe ba leba Keresete e le Moeteledipele wa bone. Fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a supa botho jwa ga Rraagwe, Jehofa Modimo ka tsela e e itekanetseng. (Bahebera 1:1-3) Ka jalo, ka go latela Keresete, Bakeresete ba etsa Jehofa, Modimo wa boammaaruri, yo o dirang dilo phatlalatsa le wa lesedi. Le bone ga ba tlhoke go fitlha se ba leng sone, ditiro tsa bone, kana maikaelelo a bone.—Baefeso 4:17-19; 5:1, 2.
3. Re ka ganetsa jang ditatofatso tsa gore batho ba ba nnang Basupi ba ga Jehofa ba patelediwa go nna karolo ya “lekoko la sephiri”?
3 Ka dinako tse Jehofa a itseng gore di molemolemo, o senola mabaka otlhe ka maikaelelo a gagwe le ka isagwe e pele batho ba neng ba sa itse sepe ka yone. Ka tsela eno ke Modimo yo o senolang diphiri. Ka jalo, batho ba ba batlang go mo direla ba a lalediwa—ee ba kgothadiwa—go ithuta ka tshedimosetso e e senotsweng eo. Patlisiso nngwe ka 1994 ka Basupi ba ba fetang 145 000 kwa nageng nngwe ya Yuropa e ne ya supa gore, mo e ka nnang mongwe le mongwe wa bone o ne a tlhatlhoba dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa ka namana ka dingwaga di le tharo pele a tlhopha go nna Mosupi. Ba ne ba dira tshwetso eo ka go rata ga bone ba sa patelediwe. Mme ba tswelela pele ba nna le kgololesego ya se ba se batlang le se ba batlang go se dira. Ka sekai, ka go bo bangwe ba ne ba sa dumalane le melao e e kwa godimo ya boitsholo jwa Bakeresete, moragonyana ba ne ba swetsa gore ga ba batle go tswelela e le Basupi. Le fa go ntse jalo, go a kgatlha go bona gore mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, palo e kgolo ya bano ba pele e neng e le Basupi ba ne ba tsaya dikgato tse di tshwanelang tsa go boa ba kopanela le go simolola ditiro tsa bone jaaka Basupi.
4. Ke eng se se sa tshwanelang go tshwenya Bakeresete ba ba ikanyegang, mme ka ntlha yang?
4 Gone mme, ga se botlhe ba pele e neng e le Basupi ba boang, mo go bone go na le bangwe ba ba neng ba na le maemo a boikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa, ka gonne tota le mongwe wa balatedi ba ga Jesu yo a neng a atamalane thata le ene e bong moaposetoloi Judase, o ne a fapoga. (Mathaio 26:14-16, 20-25) A mme leno ke lebaka le le tshwanetseng go re tshwenya ka Bokeresete ka bojone? A seno se senya katlego e Basupi ba ga Jehofa ba nang le yone mo go direng tiro ya bone ya go ruta? Le e seng, fela jaaka tiro ya go oka ya ga Judase Isekariota e ne ya se ka ya emisa maikaelelo a Modimo.
Ke Mothatayotlhe Mme o Lorato
5. Re itse jang gore Jehofa le Jesu ba rata batho, mme ba ile ba supa jang lorato lono?
5 Jehofa ke Modimo yo o lorato. O amega ka batho. (1 Johane 4:7-11) Le mororo a na le boemo jo bo kwa godimo, o rata go dira ditsala le batho. Re bala jaana ka mongwe wa batlhanka ba gagwe ba bogologolo: “‘Aborahame o ne a baya tumelo mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo mo go ene,’ mme o ne a simolola go bidiwa ‘tsala ya ga Jehofa.’” (Jakobe 2:23; 2 Ditirafalo 20:7; Isaia 41:8) Fela jaaka ditsala di bolelelana dikgang tse e leng khupamarama, kana diphiri, Jehofa le ene o dira jalo ka ditsala tsa gagwe. Jesu o ne a etsa Rraagwe mo go seno, ka gonne o ne a dira ditsala le barutwa ba gagwe mme a ba bolelela diphiri. O ne a ba bolelela jaana: “Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka, ka gonne motlhanka ga a itse se mong wa gagwe a se dirang. Mme ke lo biditse ditsala, ka gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke lo di itsisitse.” (Johane 15:15) Tshedimosetso ya botho, kana “diphiri,” tse Jehofa, Morwawe le ditsala tsa bone ba nang le tsone di ba dira seoposengwe mo sebofong se se kitlaneng sa lorato le mo boineelong.—Bakolosa 3:14.
6. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sa tlhoke go fitlha maitlhomo a gagwe?
6 Se leina Jehofa le se kayang, “O Dira Gore go Diragale,” se kaya bokgoni jwa gagwe jwa go dira gore sengwe le sengwe se a batlang gore se diragale se nne jalo e le gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Go farologana le batho, Jehofa ga a tlhoke go fitlha maitlhomo a gagwe ka go bo a tshaba gore ba bangwe ba ka nna ba mo kgoreletsa go a diragatsa. Le ka motlha a ka se ka a palelwa, ka jalo o senola phatlalatsa mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, bontsi jwa se a ikaeletseng go se dira. O solofetsa jaana: “Lefoko la me . . . ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.
7. (a) Jehofa o ne a bolelela pele eng kwa Etene, mme Satane o ne a supa jang gore Modimo o boammaaruri? (b) Molaomotheo o o mo go 2 Bakorintha 13:8 o nna boammaaruri jang ka metlha?
7 Ka bonakonyana morago ga botsuologi kwa Etene, Jehofa o ne a senola ka botlalo matswela a makgaolakgang a kganetsano e e ntseng e tswelela fa gare ga gagwe le Moganetsi wa gagwe, Satane. Losika lo lo solofeditsweng lwa Modimo lo ne lo tla longwa mo go botlhoko, mme ga lo ne lo fedisiwa ka bosakhutleng, mme Satane ene o tla tapetwa gore a swe. (Genesise 3:15) Ka 33 C.E., tota Diabolo o ile a loma Losika e bong Keresete Jesu, ka go dira gore a swe. Ka tsela eno, Satane o ne a diragatsa Lokwalo mme ka yone nako eo a supa fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, le mororo seno tota e ne e se maikaelelo a ga Satane. Tsela e a neng a tlhoile boammaaruri le tshiamo ka yone, le moya wa gagwe wa boikgogomoso le wa go sa batle go sokologa, o ne wa dira gore a dire sone se Modimo a neng a boleletse pele gore o ne a tla se dira. Ee, molaomotheo ono o boammaaruri mo go botlhe ba ba ganetsang boammaaruri, tota le mo go Satane ka boene: “Ga re ka ke ra dira sepe kgatlhanong le boammaaruri, fa e se fela go se direla boammaaruri.”—2 Bakorintha 13:8.
8, 9. (a) Satane o itse eng, a mme kitso eno e kgoreletsa go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa? (b) Ke tlhagiso efe e e phepafetseng e baganetsi ba ga Jehofa ba e tlhokomologang, mme ka ntlha yang?
8 E re ka Bogosi jwa Modimo bo ile jwa tlhomiwa ka tsela e e sa bonaleng ka 1914, Tshenolo 12:12 e ne ya diragadiwa: “Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one! Abo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” Le fa go ntse jalo, a go itse ga ga Satane gore lobaka lwa gagwe lo lokhutshwane go dira gore a fetole tsela ya gagwe? Fa a ne a ka dira jalo Satane o ne a tla bo a dumela gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le gore ke Mmusi wa Mogodimodimo, ke ene fela yo o tshwanetseng go obamelwa. Le fa go ntse jalo, Diabolo ga a ikaelela go dumela gore o fentswe, tota le fa a itse seo.
9 Jehofa o senola se se tla diragalang fa Keresete a tla go atlhola lefatshe leno la tsamaiso ya ga Satane. (Mathaio 24:29-31; 25:31-46) Melebana le seno, Lefoko la gagwe le itsise jaana ka babusi ba lefatshe: “Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso ruri e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana.” (1 Bathesalonika 5:3) Bao ba latelang sekao sa ga Satane ba itlhokomolosa tlhagiso e e phepafetseng eno. Ba foufetse ka ntlha ya dipelo tsa bone tse di bosula, mme se se ba thibela go sokologa mo tseleng ya bone e e boikepo le go fetola maikaelelo a bone le maano a go leka go kgoreletsa maikaelelo a ga Jehofa.
10. (a) Lokwalo lwa 1 Bathesalonika 5:3 lo ile lwa diragadiwa go ya bokgakaleng bofe, mme batho ba ga Jehofa ba tshwanetse ba itshwara jang? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba se nang tumelo ba tla nna bopelokgale le go feta mo isagweng ka go ganetsa batho ba Modimo?
10 Segolobogolo fa e sale ka 1986, fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne le itsise Ngwaga wa Kagiso wa Ditšhabatšhaba, lefatshe le ntse le bua ka kagiso le polokesego. Go ile ga tsewa dikgato tse di tlhomameng tsa go dira boiteko jwa go boloka kagiso ya lefatshe, mme go bonala go nnile le katlego ya selekanyo se se rileng. A eno ke tiragatso ya boporofeti jono jotlhe, kana a re ka lebelela kitsiso nngwe e e gakgamatsang ya mofuta mongwe mo isagweng? Jehofa o tla phepafatsa kgang eo ka nako e a e beileng. Re ntse re letile jalo, mma re nne re tsogile mo semoyeng, ‘re letetse e bile re ntse re bolokile gaufi mo mogopolong go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.’ (2 Petere 3:12) Fa nako e ntse e feta go ntse go buiwa thata ka kagiso le polokesego, batho bangwe ba ba itseng ka tlhagiso eno, mme ba tlhopha go e tlhokomologa, ba ka nna ba nna lonyatso le go feta ba akanya gore Jehofa a ka se ka, kana ga a kgone, go diragatsa lefoko la gagwe. (Bapisa Moreri 8:11-13; 2 Petere 3:3, 4.) Mme Bakeresete ba boammaaruri ba itse gore Jehofa o tla diragatsa maikaelelo a gagwe!
Go Tlotla Baemedi ba Jehofa a ba Dirisang ka Tsela e e Tshwanetseng
11. Daniele le Josefa ba ile ba ithuta eng ka ga Jehofa?
11 Fa Kgosi Nebukatenesare, mmusi wa Mmusomogolo wa Babelona e Ntšha, a ne a nna le toro e e mo tshwenyang e a neng a sa kgone go e gakologelwa, o ne a kopa thuso. Baperesiti ba gagwe, dingaka tsa gagwe tsa bola le baloi ba gagwe ba ne ba sa kgone go mmolelela toro ya gagwe e bile ba ne ba sa kgone go tlhalosa gore e kaya eng. Le fa go ntse jalo, motlhanka wa Modimo Daniele, o ne a kgona go dira jalo, le mororo a ne a dumela ka bonako gore go senolwa ga toro le bokao jwa yone e ne e se botlhale jo bo tswang mo go ene. Daniele o ne a bolela jaana: “Go na le Modimo kwa legodimong o o senolang [diphiri], mme one o itsisitse kgosi Nebukatenesare se se tlaa dirafalang mo metlheng ya kwa bofelong.” (Daniele 2:1-30) Makgolo a dingwaga a sekae pelenyana ga foo, Josefa, moporofeti yo mongwe wa Modimo, le ene o ne a bona gore Jehofa ke Mosenodi wa diphiri.—Genesise 40:8-22; Amose 3:7, 8.
12, 13. (a) Ke mang yo e neng e le moporofeti wa Modimo yo mogolo go gaisa botlhe, mme ke ka ntlha yang o araba jalo? (b) Ke bomang ba ba direlang e le “balebalebi ba diphiri tse di boitshepo tsa Modimo,” mme re tshwanetse go ba leba jang?
12 Moporofeti yo mogolo go gaisa botlhe wa ga Jehofa yo o neng a direla mo lefatsheng e ne e le Jesu. (Ditiro 3:19-24) Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Modimo, o bogologolo tala o neng wa bua ka makgetlo a le mantsi le ka ditsela di le dintsi le borraaronamogologolwane ka baporofeti, kwa bokhutlong jwa malatsi ano o buile le rona ka Morwa, yo o mo tlhomileng moruaboswa wa dilo tsotlhe, le yo o dirileng ditsamaiso tsa dilo ka ene.”—Bahebera 1:1, 2.
13 Jehofa o ne a bua le Bakeresete ba bogologolo ka Morwawe, Jesu, yo o neng a ba bolelela diphiri tsa Modimo. Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Lona lo neilwe go tlhaloganya diphiri tse di boitshepo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 8:10) Paulo moragonyana o ne a bua ka Bakeresete ba ba tloditsweng e le “ba ba leng tlase ga ga Keresete le balebalebi ba diphiri tse di boitshepo tsa Modimo.” (1 Bakorintha 4:1) Gompieno, Bakeresete ba ba tloditsweng ba tswelela pele ba direla jalo, ba bopa setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela se ka Setlhopha sa sone se se Laolang se abang dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45-47) Fa e le gore re tlotla baporofeti ba Modimo ba ba tlhotlheleditsweng ba bogologolo, mme segolobogolo Morwa Modimo, a ga re a tshwanela go tlotla le baemedi ba batho ba Jehofa a ba dirisang gompieno go senola tshedimosetso ya Baebele e batho ba gagwe ba e tlhokang thata mo malatsing a a thata ano?—2 Timotheo 3:1-5, 13.
A re Tshwanetse go Bua ka Kgololesego Kana go Boloka Sephiri?
14. Ke leng Bakeresete ba direlang dilo mo sephiring, ka go dira jalo ba etsa sekao sa ga mang?
14 A go senola dilo ka kgololesego ga ga Jehofa go raya gore Bakeresete ba tshwanetse ka metlha le ka fa tlase ga maemo otlhe ba senola sengwe le sengwe se ba se itseng? Gone mme, Bakeresete ba latela kgakololo ya ga Jesu e a neng a e neela baaposetoloi ba gagwe ya gore ba nne “bonokopela jaaka dinoga mme lefa go ntse jalo [e] le ba ba se nang molato jaaka maphoi.” (Mathaio 10:16) Fa ba bolelelwa gore ba ka se ka ba obamela Modimo go ya ka fa digakolodi tsa bone di ba dumelelang ka teng, Bakeresete ba tswelela ba “utlwa Modimo,” ba lemoga gore ga go na baemedi bape ba batho ba ba nang le tshwanelo ya go thibela kobamelo ya ga Jehofa. (Ditiro 5:29) Jesu ka boene o ne a supa ka fa seno se tshwanelang ka teng. Re bala jaana: “Jaanong morago ga dilo tseno Jesu a tswelela a tsamayatsamaya mo Galalea, gonne o ne a sa batle go tsamayatsamaya mo Judea, ka gonne Bajuda ba ne ba senka go mmolaya. Lefa go ntse jalo, moletlo wa Bajuda, moletlo wa metlaagana, o ne o le gaufi. Jalo Jesu a ba raya [bomorwarraagwe ba nama ba ba sa dumeleng] a re: . . . ‘Lona tlhatlogelang kwa moletlong; nna ga ke ise ke tlhatlogele kwa moletlong ono, ka gonne nako ya me e e tshwanetseng ga e ise e tle ka botlalo.’ Jalo fa a sena go ba bolelela dilo tseno, a sala mo Galalea. Mme e rile barwarraagwe ba sena go tlhatlogela kwa moletlong, foo le ene a tlhatlogela gone ka boene, e seng ka go itshupa mme e le ka sephiri.”—Johane 7:1, 2, 6, 8-10.
A re Tshwanetse go Bua Kana go Didimala?
15. Josefa o ne a supa jang gore go boloka sephiri ka dinako tse dingwe ke selo se se supang lorato?
15 Mo mabakeng a mangwe, go boloka kgang e sa itsiwe ga go botlhale fela mme gape ke go supa lorato. Ka sekai, Josefa, rraagwe Jesu yo o mo godisitseng, o ne a itshwara jang fa a utlwa gore monyadwi wa gagwe yo a mmeeleditseng e bong Maria o ne a imile? Re bala jaana: “Lefa go ntse jalo, Josefa monna wa gagwe, ka gonne a ne a siame e bile a sa batle go mo dira segakgamalelo mo bathong, a ikaelela go mo tlhala ka sephiri.” (Mathaio 1:18, 19) A bo go ne go se kitla go supa bopelonomi jang ne go dira gore a tshegwe ke batho!
16. Bagolwane mmogo le maloko otlhe a mangwe a phuthego ba na le boikarabelo bofe malebana le dikgang tse e leng khupamarama?
16 Dikgang tse e leng khupamarama tse di ka bakang ditlhong kana kutlobotlhoko ga di a tshwanela go senolelwa batho ba ba sa tshwanelang go di itse. Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go gakologelwa seno fa ba gakolola kana ba gomotsa Mokeresetekabone ka namana kana gongwe tota le fa ba ba kgalemela ka ntlha ya boleo bongwe jo bo masisi kgatlhanong le Jehofa. Go botlhokwa gore dikgang tseno di tshwarwe ka tsela ya Dikwalo; go bolelela batho ba ba sa amegeng kgang e e leng khupamarama ga go tlhokege e bile ga go supe lorato. Eleruri, maloko a phuthego ya Bokeresete a ka se ka a leka go itshunya nko a batla tshedimosetso e e leng khupamarama mo bagolwaneng, go na le moo, ba tla tlotla maikarabelo a bagolwane a go boloka dilo tse e leng khupamarama e le sephiri. Diane 25:9 e bolela jaana: “Bua kgang ya gago le wa gaeno ka esi, mme o se ka wa bipolola leoma la motho yo mongwe.”
17. Ke ka ntlha yang fa gantsi Bakeresete ba boloka dikgang tse e leng khupamarama e le sephiri, mme ke ka ntlha yang fa ba sa tshwanela go dira jalo ka metlha?
17 Molaomotheo ono o a tshwanela gape le fa gare ga maloko a lelapa kana fa gare ga ditsala tse di atamalaneng thata. Go boloka dikgang dingwe e le khupamarama go botlhokwa gore go tilwe go tlhoka kutlwisisano le dikgaogano. “Phefo ya Tshelamelapo e tlhola pula, go ntse jalo loleme lo lo sebang lo tle lo tsose sefatlhogo se se bifang.” (Diane 25:23) Gone mme, go ikanyega mo go Jehofa le mo melaometheong ya gagwe ya tshiamo, mmogo le go supa lorato mo bathong ba ba dirang diphoso, go ka nna ga tlhokega gore ka dinako tse dingwe batsadi, bagolwane ba Bakeresete, kana batho ba bangwe ba ba tshwanelegang ba bolelelwe tota le dikgang tse e leng khupamarama.a Mme mo makgetlhong a mantsi, Bakeresete ba boloka diphiri tsa batho ba bangwe tsa botho di sa itsiwe, ba di sireletsa jaaka ba sireletsa tsa bone ka namana.
18. Ke dinonofo dife tse tharo tsa Bokeresete tse di ka re thusang gore re itse se re tshwanetseng go se bua le se re sa tshwanelang go se bua?
18 Go sobokanya seno, Mokeresete o etsa Jehofa ka go boloka dikgang tse di rileng e le khupamarama fa go tlhokega, a di senola fela fa go tshwanela. Fa a dira tshwetso ya gore ke eng se a tshwanetseng go se bua le se a sa tshwanelang go se bua, o tla kaelwa ke boikokobetso, tumelo le lorato. Boikokobetso bo mo thibela go ikutlwa a le botlhokwa go feta ka fa a ntseng ka teng tota, a leka go kgatlha ba bangwe gongwe ka go ba bolelela sengwe le sengwe se a se itseng kana ka go ba ngoka ka diphiri tse a sa tshwanelang go di bua. Go dumela mo Lefokong la ga Jehofa le mo phuthegong ya Bokeresete go mo tlhotlheletsa gore a rere ka tshedimosetso ya Baebele e re e fiwang ke Modimo fa ka nako e e tshwanang a tla bo a nna kelotlhoko gore a tile go bua dilo tse di ka nnang tsa kgopisa ba bangwe fa a di bua. Ee, lorato lo mo tlhotlheletsa go bua a gololesegile ka dilo tse di galaletsang Modimo le tse batho ba tlhokang go di itse gore ba tle ba bone botshelo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, dikgang tsa motho ka namana tse e leng khupamarama, o a di boloka, a lemoga gore go di senola e tla bo e se go supa lorato.
19. Ke kgato efe e e re thusang go tlhaola Bakeresete ba boammaaruri, mme go felela ka eng?
19 Go dira dilo ka tsela eno e e tekatekano go thusa go tlhaola Bakeresete ba boammaaruri. Ga ba fitlhe se Modimo tota a leng sone ka go tila go dirisa leina la gagwe kana ka thuto ya masaitsiweng ya Tharonngwe e e sa tlhalosegeng. Medimo e e sa itsegeng ke ya bodumedi jwa maaka, e seng jwa boammaaruri. (Bona Ditiro 17:22, 23.) Basupi ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba anaanela thata tshiamelo ya go nna “balebalebi ba diphiri tse di boitshepo tsa Modimo.” Ka go senolela ba bangwe diphiri tseno ba gololesegile, ba thusa go dira gore ba ba dipelo di ikanyegang ba senke botsala jwa ga Jehofa.—1 Bakorintha 4:1; 14:22-25; Sekaria 8:23; Malaki 3:18.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona makasine wa Tora ya Tebelo wa November 15, 1985, o o nang le setlhogo se se reng “O Se Nne le Seabe mo Maleong a ba Bangwe.”
O ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sa tlhoke go fitlha maitlhomo a gagwe?
◻ Jehofa o senolela bomang diphiri tsa gagwe?
◻ Bakeresete ba na le boikarabelo bofe malebana le dikgang tse e leng khupamarama?
◻ Ke dinonofo dife tse tharo tse di tla thusang Bakeresete gore ba itse se ba tshwanetseng go se bua le se ba sa tshwanelang go se bua?
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Jehofa o senola diphiri ka Lefoko la gagwe