Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Tshabela Kwa Phuthegong ya ga Jehofa e e Tsamaisiwang ka Puso ya Modimo
BOGOLOGOLO tala moporofeti Isaia o ne a tlhotlheletsega go bolela jaana: ‘Lo galaletseng Jehofa mo ditlhakeng tsa lewatle.’ (Isaia 24:15) Basupi ba ga Jehofa ba leba ditlhaketlhake tsa lewatle e le karolo ya ‘lefatshe le le nang le banni’ leo Jesu a neng a bolela gore “dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa” mo go lone.—Mathaio 24:14; Mareko 13:10.
Ditlhaketlhake tsa Marquesas di mo e ka nnang dikilometara tse 1400 kwa bokonebotlhaba jwa Tahiti. Ke karolo ya setlhopha se se kgakala sa ditlhaketlhake tsa Pacific Borwa tse di bidiwang French Polynesia. E re ka mmu wa teng e le o o nonneng wa lekgwamolelo e bile go le bothito go le lengola, dimela di gola sentle mo ditlhaketlhakeng tseno. Le fa go ntse jalo, Marquesas gape e ungwa mofuta o mongwe wa maungo. Akanya ka lelapa lengwe leo le neng la utlwa molaetsa wa Bogosi kwa setlhaketlhakeng sa Hiva Oa.
Jean le mosadi wa gagwe, Nadine ba ne ba sa itumedisiwe ke se se bidiwang go tshela botshelo jo bo tlhabologileng kwa Bophirima jwa Yuropa koo ba neng ba nna gone. Ka jalo, ba ne ba swetsa go tlogela go tshela botshelo joo jwa go tshelela mo lobelong mme ba fudugela kwa Ditlhaketlhakeng tsa Marquesas mmogo le ngwana wa bone. Ntlo ya bone e ntšha e e neng e agilwe ka bamboo, e ne e le kwa mokgatšheng o o kwa tengteng. Fa ba batla go ya kwa baagelaning ba bone ba ba gaufi thata, ba ne ba tshwanela go tsamaya ka dinao mo tseleng e e makgwakgwa e e mo thabeng sekgala sa diura tse pedi. Motse o o neng o le gaufi o o nang le ngaka, le sekolo, le lebenkele o ne o le bokgakala jwa diura tse tharo ka koloi ya jipi.
Jean le Nadine ba ne ba sa kgatlhegele bodumedi. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tle ba nne ba tlotle ka ga gore botshelo bo simologile jang. Gantsi, ba ne ba tlhalosa thata dikgopolo tse di raraaneng tsa thutotlhagelelo. Mme le fa go ntse jalo ga go na le fa e le epe ya dikgopolo tsa bone e e neng e ba kgotsofatsa.
Morago ga go nna jalo ba le kwa thoko ka dingwaga di le thataro, ba ne ba gakgamala thata fa ba etelwa ke Basupi ba babedi ba ga Jehofa. Basupi ba ne ba utlwile ka baagi ba mo motseng o o gaufi gore Jean le Nadine ba nna foo. Jaaka go ne go ka lebelelwa, motlotlo wa bone o ne wa isa kwa goreng ba bue ka kgopolo ya thutotlhagelelo. Se se neng sa itumedisa banyalani bano ke gore Basupi ba ne ba tshwere khopi ya buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Jean le Nadine ba ne ba itumelela go nna le buka e e neng e tlhatlhoba ka botlalo tsela e botshelo bo nnileng gone ka yone.
Morago ga nakonyana e khutshwane go ne ga simololwa thuto ya Baebele. Mo e ka nnang ka lobaka lwa dingwaga di le tharo, Jean le Nadine ba ne ba nna ba dira kgatelopele ka iketlo. Ba ne ba tlhatswegile pelo gore ka bonako fela lefatshe lotlhe le tla dirwa paradaise. Fa lelapa la bone le sena go gola le nna le bana ba le bararo, go tsamaya diura tse nnè go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi e ne ya nna kgwetlho tota. Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa ba thibela go nna gone. Kwa bokhutlong Jean le Nadine ba ne ba bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Ba ne ba dira seno mo kopanong e e neng e tshwaretswe mo motseng o mogolo, eo palo e e kwa godimo ya batho ba ba nnileng gone kwa go yone e nnileng 38!
E le go thusa setlhopha se sennye sa baboledi ba Bogosi, lelapa leno le ne la swetsa go tlogela legae la lone le le kwa thoko. Ba ne ba fudugela kwa motseng o o nang le baagi ba ba ka nnang sekete, koo Jean gone jaanong a direlang e le motlhanka wa bodiredi mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya lefelo leo. Lelapa leno, leo le neng la tshabela kwa ditlhaketlhakeng le tshaba tlhabologo, le go tsaya e le tshiamelo go bo le bone botshabelo jo e leng jone fela jwa boammaaruri, phuthego ya ga Jehofa e e tsamaisiwang ke puso ya Modimo.