Pego ya Baboledi ba Bogosi
Boammaaruri Jwa Baebele bo Tswelela Pele go Rerwa Kwa Ireland
MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana naga ya Ireland e e nang le mafelo a mantle a tlholego e nnile seralo sa phuduego e kgolo. Ka nako e e tshwanang, Ba-Ireland ba ntse ba amogela molaetsa wa Baebele o o nayang tsholofelo o o tlisitsweng kwa go bone ke Basupi ba ga Jehofa. Maitemogelo ano a a tswang kwa Ireland a tlhomamisa seno.
■ Kwa Dublin mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le morwadie yo monnye ba ne ba le mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo. Ba ne ba kopana le mosadi a bidiwa Cathy, yo o neng a tshwaregile thata ka bana ba gagwe ba bantsi. Mosupi o ne a botsa fa morwadie yo o neng a ntse a ithuta go rera a ka mo fa molaetsa fela o mokhutshwane. Cathy o ne a dumela mme mosetsanyana a mo anegela kgang e e akanyeditsweng sentle. Cathy o ne a kgatlhiwa ke bopeloephepa le tlotlo tseo di neng di bonala mo ngwaneng yono, mme a amogela pampitshana ya Baebele eo a neng a e newa.
Morago Cathy o ne a bolela ka go baakanyetsa sentle le maitsholo a mantle a moeng wa gagwe yo monnye. O ne a re: “Ke ne ke kgatlhilwe ke gore mosetsana yo monnye o ne a ka neela molaetsa o o kgatlhisang jaana kwantle ga go bua kaga gagwe ka boene. Ke ne ka dira tshwetso ya gore ka nako e e tlang fa Basupi ba ga Jehofa ba eta gape, ke tla ba reetsa.”
Kgabagare Cathy o ne a fudugela kwa toropong e nnye mo borwabophirima jwa Ireland gaufi le molelwane wa dikgaolo tsa Cork le Kerry. Nakonyana morago ga moo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fitlha kwa ga gagwe, mme a ba laletsa go tsena. O ne a amogela thuto ya ka metlha ya Baebele mme jaanong o nna teng kwa dipokanong tsa phuthego le bana ba gagwe ba le mmalwa. Cathy o leboga keletso ya mmatota ya mosetsanyana yoo ya go mmolelela mafoko a a molemo.
■ Mo kgaolong ya Tullamore, Basupi ba ne ba nna le metlotlo ya Baebele le mosadi yo o bidiwang Jean dingwaga di ka nna supa. Ka dinako tse dingwe o ne a bontsha kgatlhego mme a amogele dibuka, mme ka dinako tse dingwe kgatlhego ya gagwe e nyelele. Letsatsi lengwe, fa Mosupi yo o bidiwang Frances le mopati wa gagwe ba etetse Jean, ba ne ba mo fitlhela a sulafetse maikutlo thata. Mosupi o bega jaana: “Sengwe le sengwe seo re neng re se bua o ne a tenega le go feta. Kwa bokhutlong a re koba botlhoko a ba a itaaganya setswalo.”
Frances o ne a ipotsa gore a o ne a tla ba tshwara jalo fa ba mo etela gape. Frances o ne a akanya gore, ‘Gongwe ga go tlhole go le botlhokwa go mo etela fa a sa tlhole a kgatlhegela molaetsa.’ Lefa go ntse jalo a tlotla kgang eno le monna wa gagwe, Thomas, mme ene o ne a na le tsholofelo. Mo nakong e e latelang fa ba le mo karolong eo, ba ne ba etela Jean gape. O ne a le botsalano mme a amogela dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Maeto a a latelang e ne e le a a itumedisang, mme Thomas le Frances ba simolola thuto ya legae ya ka metlha ya Baebele le ene.
O ne a fetotswe ke eng? Jean o ne a tlhalosa gore ka nako eo a neng a tshola Basupi makgwakgwa, o ne a sa tswa go belega ngwana mme e le gone a tswang mo bookelong. Ka ntlha ya go anyisa ngwana wa gagwe yo mosha le go jesa ngwana wa gagwe yo mogolwane, o ne a robala ka lobaka lwa ura le sephatlo fela bosigo. Jean o ne a re: “Selo se ke neng ke sa batle go se dira gotlhelele ka nako eo e ne e le go bua ka bodumedi.”
Pele ga dikgwedi tse pedi di wela, Jean o ne a nna teng kwa dipokanong tsotlhe tsa phuthego, mme le pele ga dikgwedi tse nnè di wela o ne a na le seabe mo bodireding jwa tshimo. Dikgwedi di le lesome go tloga ka nako eo a simolotseng go ithuta Baebele ka yone, o ne a kolobediwa. Jaanong boitemogelo jwa ga Jean ka boene bo mo thusa mo bodireding. O anela jaana: “Fa ke kopana le mongwe yo o senang botho tota, ke leka ka natla go tlhaloganya. Ke nna kelotlhoko ka dinako tsotlhe. Gongwe maemo a tla fetoga fa ke boa gape; o tla bo a ikutlwa botoka mme a re amogele sentle.”