Go Ikopela Ngwana—Ka Ntlha Yang le Gone Jang?
KE KA ntlha yang fa palo ya bana ba ba ikopelwang kwa Boritane e fokotsegile ka selekanyo se segolo thata jaana mo dingwageng tse 20 tse di fetileng? Go akantshitswe mabaka a le mabedi—go bo go senya mpa ka fa molaong go le teng le go bo mmè yo o godisang ngwana wa gagwe a sena monna a amogelwa sentle fela. Go nna lelapa la motsadi a le mongwe go lebiwa jaaka kgwetlho e go ka dirisanwang le yone ka katlego mo setšhabeng sa segompieno.
Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tse di fetang 100 tse di fetileng, dilo di ne di sa tshwane. Fa Polly, mmaagwe Edgar Wallace, mokwadi wa Moesemane wa dibuka tsa borukutlhi, a ne a imisiwa ke morwa wa mohiri wa gagwe, o ne a tsamaya a ya go tshola ngwana ka sephiri. Edgar o ne a na le malatsi a le robongwe fa mosadi yo o belegisang a ne a rulaganyetsa gore a tlhokomelwe ke mosadi wa ga George Freeman, motho yo o kukang merwalo kwa mmarakeng wa tlhapi wa kwa Billingsgate kwa Lontone. Boorra Freeman ba ne ba setse ba na le bana ba le lesome, mme Edgar o ne a gola a bidiwa Dick Freeman. Polly o ne a duela ka metlha gore a thuse go tlamela ngwana wa gagwe, mme rraagwe ngwana ga a ise a ko a itse gore o na le morwa.
Gompieno fa batho ba sa batle masea a bone, gantsi balaodi ba puso ke bone ba ba tlhokomelang. Bana ba bantsi ba tsewa jalo gore ba tlhokomelwe ka gore ba tlhoka go sirelediwa gore ba se ka ba sotliwa kgotsa gongwe ka go bo ba na le bogole mo mmeleng kana mo tlhaloganyong. Palo ya bana ba ba dirilweng dikhutsana ke dintwa le masea a a tshotsweng ka ntlha ya petelelo e oketsa palo ya bana ba ba tlhokang lorato lo lo tswang pelong lwa batsadi le tshireletso fela thata—ka lefoko le le lengwe, go ikopelwa.
A ke o Ikopele Ngwana Kgotsa Nyaa?
Go ikopela ngwana ga go ke go nna motlhofo, gape ga go botlhale go dira tshwetso ka bonako fela fa o go akanyetsa. Fa o tlhokafaletswe ke lesea, go ka nna ga bo go le botoka gore o eme pele go fokotsa go tlhabega kana bohutsana pele ga o dira tshwetso ya makgaolakgang ya gore o ikopele ngwana. Go ka tswa go tshwana le ka banyalani ba ba bolelelwang gore ga ba tshole.
Ngwana mongwe le mongwe o na le thulaganyo e e farologaneng ya dijini. Gantsi batsadi ba gakgamalela dilo tse bana ba bone ba di ratang thata, mme ga go na tsela epe e go ka tlhatlhobiwang tlhaloganyo le maikutlo a lesea fa batsadi ba lone ba sa itsiwe.
A o tseela se o se fitlhelelang mo thutong kwa godimo? Fa e le gore go ntse jalo, o tla ikutlwa jang fa e le gore ngwana wa gago yo o mo ikopetseng ga a kgone go fitlhelela dilo tse o di solofetseng? A o ka fitlhela ngwana yo o segole mo tlhaloganyong kana yo o segole mo mmeleng e le kgwetlho e o ka e fenyang?
Batho ba ba thapisitsweng kwa dikemeding tsa go ikopela bana kgotsa badirediloago ba puso ba tla go botsa dipotso tsa mofuta ono pele ga o itlama. Se se ba tshwenyang thata e tshwanetse ya bo e le gore ngwana a babalesege e bile a itumele.
Fa o Dira Tshwetso ya go Ikopela Ngwana . . .
Naga nngwe le nngwe e na le melao ya yone ya go ikopela ngwana le ditao tse di tshwanetseng gore di batlisisiwe. Kwa Boritane go na le mekgatlho e le makgolokgolo ya go ikopela bana, mme ka tlwaelo e dirisana le balaodi ba puso ba mo lefelong leo. Mekgatlho yotlhe e na le melao ya yone.
Kwa Boritane dilo tse di tlwaelegileng thata ke diphathi tsa go ikopela ngwana, kwa palo e e rileng ya batho ba e tla nnang batsadi, ba kopanang le bana ba ba ka ikopelwang teng, kwantle ga go baka go ngomoga maikutlo go go ka nnang teng fa motsadi a kopana le ngwana ba le babedi fela. Fa mongwe le mongwe a ritibetse jalo go dira gore batho ba ba tla nnang batsadi ba gane go tsaya ngwana o o rileng e bile go dira gore bana ba se ka ba swaba, ka gore ga go na ngwana ope yo o tlhophololwang go tlhongwa matlho mo go ene a le nosi.
Batho ba ba ikopelang bana ba beelwa melelwane ya dingwaga, tse gantsi di simololang ka 35 go ya go 40—lefa seno gantsi se dirwa ka ba ba ikopelang masea, e seng thatathata bana ba bagolwanyane. Mekgatlho ya go ikopela bana e bolela gore melelwane eno ya dingwaga e dirwa go lebilwe gore batsadi ba ka tshela lobaka lo lo kana kang. Lefa go ntse jalo, ba a itse gore motho o nna le maitemogelo fa a ntse a gola.
Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, go ikopela bana go ne go rulaganngwa fela le banyalani. Gompieno, batho ba ba sa nyalang ba ka nna ba kgona go ikopela bana ba ba rileng. Gape, go tlhoka tiro le bogole ga se one mabaka a thatathata a ka dirang gore batho ba e tla nnang batsadi mo nakong e e tlang ba se ka ba amogelwa. Potso ya botlhokwa ke gore, Ke eng se thulaganyo eno e ka se direlang ngwana?
Lefa go ikopela ngwana go fediwa kwa bofelong, batsadi ba ka nna ba bewa leitlho ka metlha go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se tsamaya sentle.
A ke Wa Morafe o Sele?
Dingwaga tse 30 tse di fetileng kwa Boritane go ne go le thata go abela malapa a batho ba bantsho bana, mme ka lebaka leo, ba bantsi ba ne ba abelwa batsadi ba basweu. E sa le go tloga ka 1989, molao wa setšhaba kwa Boritane e ne ya nna go naya batsadi ba ba ikopetseng ngwana wa morafe o o tshwanang le wa bone. Go akanngwa gore ka tsela eno ngwana o tla itse morafe le ngwao ya gagwe sentle. Lefa go ntse jalo, seno se dirile gore go felele ka maemo a a ganetsang seo.
Bosheng jaana The Sunday Times e begile gore batsadi bangwe ba basweu ba “ikwadisitse sesha jaaka ‘bantsho’” gore ba kgone go ikopela ngwana yo montsho. Go tlwaelegile gore batsadi ba basweu ba godise ngwana yo montsho, mo go rayang gore ba mo tlhokomela fela ka nako e khutshwane. Mme fa ba sa letlelelwe go ikopela ngwana yoo gore e nne wa bone, batsadi le ngwana yoo ba felela ba tshwenyegile thata mo maikutlong.
Banyalani bangwe ba kwa Scotland, ba ba godisitseng bana ba babedi ba Baindia ka dingwaga tse thataro, bosheng ba ile ba lebagana le bothata jo bo tshwanang jwa go ikopela bana ba morafe o sele. Kgotlatshekelo e ne ya letlelela gore ba ba ikopele ka mabaka a gore batsadi “ba dira maiteko a gore bana ba itse [setso] sa bone le gore ba godisiwe ba tlhaloganya gore ba tswa kae le ngwao ya bone,” go bega jalo The Times. Mo kgannyeng eno, batsadi bano ba ba ikopetseng bana ba ne ba setse ba ntse ba dira jalo. Ba ne ba ruta bana bao puo ya Punjabi, mme ka dinako tse dingwe ba ne ba apesiwa diaparo tsa segabone.
Batho ba bantsi ba tla dumalana le se mmueledi wa mosadi wa tsa loago wa kwa Boritane a neng a se bua fa a ne a re go ikopela bana ba merafe e sele go tshwanetse go letlelelwa fela. “Re tshela mo setšhabeng se se nang le dingwao tse dintsi,” o ne a bolela jalo, “mme go godisa le go ikopela bana go tshwanetse ga supa seo.”
A o Tswa Kwa Dinageng di Sele?
Lokwalodikgang lwa The Independent lwa re go ikopela bana ba ba tswang kwa dinageng di sele ke ‘kgwebo e e oketsegang thata.’ Lefa gone dipego di supa gore dingwe tsa ditumalano tseno di ka nna tsa tswa di se ka fa molaong, Yuropa Botlhaba ke motswedi o mogolo o o abelang Boritane.
Ka sekai, masea a mangwe a a tshotsweng ka ntlha ya petelelo fa Yugoslavia ya pele e ne e kgaogana, a latlhilwe. Go bolelwa gore ba bangwe ba ka bo ba ne ba bolawa ka go senya dimpa fa “moemedi wa thekiso ya bana” yo o neng a solofetsa gore o ka ikopela bana bao, fa ba ne ba tshotswe ka nako e e tshwanetseng, a ka bo a sa tsenelela. Lefa go ntse jalo, dipuso tsa dinaga tsa Bophirima, di tshwenyegile ka dituelo tse di dirwang go kgona go bona ngwana yo motho a ka mo ikopelang.
Se se tshwenyang le go feta ke se se amanang le dipampiri tse di fetotsweng tse dingaka di di ntshang ka nako ya fa ngwana a tsholwa. Lokwalodikgang lwa The European lo ne lwa bega ka magatwe a gore bommè bangwe kwa Ukraine ba ne ba boleletswe gore masea a bone a tshotswe a tlhokafetse. Gape go bolelwa gore moragonyana masea ano a ne a rekisiwa. Bommè ba bangwe ba ka nna ba tswa ba ne ba boleletswe gore bana ba bone ba ne ba na le bogole mo tlhaloganyong. Fa ba tsentswe mo seemong se se ntseng jalo, batsadi ba ba utlwileng botlhoko ba kgonwa motlhofo fela gore ba abe bana ba bone gore ba tsewe ke batho ba bangwe. Mme gone bana ba bangwe ba ka tswa ba sa fitlha kwa magaeng a masiela a ba neng ba isiwa kwa go one mme gongwe ba ka tswa ba feletse ba le kwa dinageng di sele.
Seno se tsosa letlhoo mo dinageng tse di tlhabologang. Di bolela gore dinaga tse di humileng tsa Bophirima di tshwanetse go dira mo go oketsegileng go thusa malapa a dinaga tseo gore a kgone go tlamela bana ba one kwa gae go na le gore ba ba tseye gore ba ikopelwe kwa dingwaong di sele.
Dinaga tsa Bophirima le tsone di tshwanetse gore di tlhaloganye ngwao ya bogologolo ya masika, selo sa botlhokwa thata mo dingwaong tse dintsi. Gantsi ngwana ga a kake a tlhoka tlhokomelo fa a nna le setlhopha sa morafe wa gaabo, lefa batsadi ba gagwe ba ka tlhokafala. Kwantle ga ba lelapa, jaaka borremogolo le bommèmogolo, ba masika e bong borakgadi le bomalome ba tla tsaya ngwana go nna wa bone, mme fa motho mongwe fela yo o tswang go sele a ka leka go mo ikopela, ba ka nna ba go tsaya e le go tshwenya.a
Go rulaganyetsa go ikopela ngwana ga go motlhofo, le e leng fa go sena go fediwa, go tlhokega gore o dire ka natla gore o atlege. Mme jaaka re tla bona, gape go ipedisa thata.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa o batla go bala tlhaloso e e oketsegileng ka mokgwa wa go adima ba bangwe ba lelapa bana, bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1988, ditsebe 28-30, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
A Morwaake O Tla Ntshenka?
BATSADI ba me ba ne ba tlhalana fa ke ne ke na le dingwaga tse 11. Ke ne ke batla go ratiwa. Fa ke ne ke le kwa kholetšheng, ke ne ka ratana le mongwe; e ne e le yone tsela e ke neng ke e dirisa go bona lorato lo lo tswang mo pelong. Go tswa foo ka maswabi ke ne ka lemoga gore ke ne ke imile. Go ne go sena tlhaloganyo. Nna le moithuti yono re ne re sa le bana. Ke ne ke ise ke ko ke dirise diokobatsi, bojalwa le motsoko, mme mosimane yo ke neng ke ratana le ene o ne a golafaditswe ke go dirisa LSD.
Ke ne ka gakololwa gore ke senye mpa, mme rre o ne a nkgakolola gore ke se ka ka go dira. Ke ne ke sa batle go nna moimana, mme gape ke ne ke sa batle go senya botshelo. Fa morwaake a ne a tsholwa ka 1978, ke ne ka swetsa gore ke se ka ka kwala leina la ga rraagwe mo setifikeiting sa botsalo jwa gagwe gore ke tlhomamise gore rraagwe o ne a ka se ka a mmona gope. Tota, ke ne ka dumalana gore ngwana a ikopelwe fela fa a sena go tsholwa; ka jalo o ne a tsewa mo go nna gone fela foo mme a tlhokomelwa ka nakonyana. Le go mmona ga ke a mmona. Mme go tswa foo ke ne ka fetola mogopolo wa me. Ke ne ka mo tsaya mme ka leka go mo ikgodisetsa ka bonna. Mme ke ne ka se ka ka kgona, mme ka batla ke tsenwa.
Morwaake o ne a ka nna le dikgwedi tse thataro fa kopo ya go mo isa gore a ikopelwe e ne e amogelwa, mme ke ne ka tshwanela gore ke mo abe. Ke gakologelwa ke ikutlwa e kete mongwe o ntlhabile ka thipa. Ke ne ka swa maikutlo. Ke ne ka simolola go nna le ditsala tse di mosola mo go nna fa ke sena go nna ke gakololwa ke bao ba ithutetseng go dira seo. Ke ne ke ka se hutsafale—morwaake o ne a sa swa. Mme gape ke ne ke sa kgone go akanya ka ene—ke ne ka se ka ka itetla go dira jalo. Go ne go se monate le e seng.
Se se utlwisang botlhoko le go feta ke go utlwa batho ba re: “Fa o aba ngwana wa gago gore a ikopelwe, ga o rate ngwana wa gago.” Mme mo go nna seo se ne se se boammaaruri! Ke ne ka aba morwaake gonne ke ne ke mo rata! Go fitlha mo motsotsong wa bofelo ke ne ka tswelela ke ipotsa gore: ‘Tota ke dira eng? Ke ka dira eng?’ Go ne go sena se ke neng ke ka se dira. Ke ne ke itse gore ke ne ke ka se kgone mme lesea la me le ne le tlile go sotlega fa ke ne ke lekile go nna le lone.
Kwa Engelane, setšhaba jaanong se amogela malapa a motsadi a le mongwe fela—mme go ne go sa nna jalo ka nako ya fa ke ne ke tshola ngwana. Ke eletsa e kete nka bo ke kgonne go itlhokomelela morwaake sentle. Ke akanya gore kgakololo e ke e filweng bosheng jaana e ka bo e thusitse, mme jaanong nako e setse e ile. A morwaake o santse a tshela? E ne ya nna mosimane yo o ntseng jang? Fa bana ba ba ikopetsweng ba na le dingwaga tse 18 ba letlelelwa ka fa molaong gore ba senke batsadi ba bone. Gantsi ke ipotsa gore a morwaake o tla ntshenka.—E neetswe.
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]
Rona Re Ne Ra Atlega
RE NE re le lelapa le le kgotsofetseng le le kitlaneng la Baesemane, re na le basimane ba rona ba babedi ba ba mo dingwageng tsa bolesome. Re ne re ise re ko re akanye ka go nna le morwadi—e bile e le wa morafe o sele. Mme Cathy o ne a tla go nna le rona. Cathy o ne a tsholetswe kwa Lontone kwa Engelane. O ne a godisiwa e le Moroma Katoliki, mme fa a ne a santse a le monnye, o ne a ya le mmaagwe kwa dipokanong di sekae kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, fa a ne a na le dingwaga tse 10, o ne a tsenngwa mo legaeng la bana.
Lefa dilo di ne tsa mo ketefalela koo, o ne a ntse a kgona go ya a le nosi kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi, kwa re kopanetseng le ene teng. Cathy e ne e le mosetsana yo o botlhale. Fa nna le mosadi wa me re ne re mo etetse kwa legaeng la bana, re ne ra lemoga gore lebota le le fa tlase ga bolao jwa gagwe le ne le ngapareditswe ditshwantsho tsa diphologolo le tsa naga, mme e seng ditshwantsho tsa megaka ya mmino tse basetsana ba bangwe ba neng ba di ngapareditse.
Moragonyana Cathy o ne a tshwanela gore a tlhatlhobiwe ke komiti e e neng ya mmotsa gore a o ne a rata gore a tswe mo legaeng leo mme go na le moo a nne le lelapa lengwe. “Fela le lelapa la Basupi ba ga Jehofa!” o ne a araba jalo. Fa Cathy a ne a re bolelela ka seno le se a neng a se buile, seno se ne sa dira gore re go akanyetse. Re ne re na le kamore e re neng re sa e dirise. A re ne re ka rwala boikarabelo jwa mofuta ono? Re ne ra bua ka gone le go go rapelela jaaka lelapa. Re ne ra lemoga morago thata gore go dira jalo—go botsa ngwana gore a ntshe mogopolo wa gagwe—e ne e le selo se sesha se se neng se simolola go dirwa ke ba loago, tekeletso e go neng go kwalwa tshedimosetso ka yone ka nako eo.
Ba loago ba ne ba tlhotlhomisa ka rona mo mapodising le mo ngakeng ya rona mme ba bona tshedimosetso ya gore re batho ba ba ntseng jang. Ka bonakonyana go ne ga dirwa tumelano. Re ne ra bolelelwa gore re ka tsaya Cathy re lekeletsa fela le gore re ne re ka mmusa fa re ne re sa mo rate! Seno se ne sa re tshosa, mme re ne ra bua re tlhomame gore re ne re se kitla re dira seo. Cathy o ne a na le dingwaga tse 13 fa re ne re simolola go nna le ene ka fa molaong mo legaeng la rona.
Kgolagano ya lorato e e sa tlwaelegang fa gare ga rona rotlhe e tswelela go nonofa. Cathy jaanong o direla jaaka mmulatsela (modiredi wa nako e e tletseng) le phuthego ya Sefora ya Basupi ba ga Jehofa kwa Lontone bokone. Ngwaga o a neng a tswa kwa gae a ya go bulatsela, o ne a re kwalela lokwalonyana lo lo amang maikutlo: “Go na le polelwana e e reng ‘o ka se itlhophele gore ba lelapa la gago e nne bomang.’ Lefa go ntse jalo, ke rata go lo leboga go tswa mo pelong ya me go bo lo ile lwa intlhophela.”
Re lebogela go bo Cathy a ne a tla! Go mo dira karolo ya lelapa la rona go nonotshitse matshelo a rona. Re ne ra atlega!—E neetswe.
[Setshwantsho]
Cathy a na le batsadi ba ba mo ikopetseng le bokgaitsadie
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Bana ba bantsi ba tlhoka lorato lo lo tswang mo pelong lwa batsadi le tshireletso