LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 5/8 ts. 25-26
  • Go Ikopela Ngwana—Ke ka go Akanyetsa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikopela Ngwana—Ke ka go Akanyetsa Jang?
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • E Tlhomame go le Kana Kang?
  • Mabaka a go Ela Tlhoko Thata
  • Go Tsaya Dilo Jaaka di Ntse
  • Nka Kgona Jang go Lebana le Dikgwetlho Tsa go Godisiwa ke Batsadi ba e Seng ba Me?
    Tsogang!—2003
  • Go Ikopela Ngwana—Ka Ntlha Yang le Gone Jang?
    Tsogang!—1996
  • Go Ikopela Ngwana—A o A go Batla?
    Tsogang!—1996
  • Ke ka Ntlha Yang fa ke Godisitswe ke Batsadi ba e Seng ba Me?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 5/8 ts. 25-26

Go Ikopela Ngwana—Ke ka go Akanyetsa Jang?

GO PHEPAFETSE gore mathata a a tsoga fa batsadi ba ba ikopetseng ngwana ba tlhalana kgotsa fa yo mongwe a tlhokafala. Mme ngwana yo o ikopetsweng ke ene yo o ka nnang a utlwa botlhoko thata. Ka ntlha yang?

Bontsi jwa rona re itse batsadi ba rona ba tlholego. Lefa e le gore ba tlhokafetse re santse re le babotlana, re na le se re ka ba ikgopotsang ka sone, kgotsa gongwe re na le dinepe. Mme go tweng ka ngwana yo o neng a abiwa gore a ikopelwe ke batho bangwe fela fa a sena go tsholwa? Mokgatlho wa bana ba ba ikopelwang o tshola tshedimosetso ya mmangwana, mme gantsi ga e ntshiwe go fitlha ngwana a tshwara dingwaga tse di rileng. Mo mabakeng a mangwe, mmangwana o kwala leina la gagwe mo setefikeiting sa botsalo a bo a sa kwale la rrangwana. Masea a mangwe a a selwa—ba selwa jalo batsadi ba bone ba ba sa itsiweng ba sena go ba latlha. Bana ba ba mo maemong ano otlhe ga ba itse kwa ba tswang teng—ba ka nna ba ikutlwa ba latlhegetswe ke tsela e ba ka bong ba godisitswe ka yone kgotsa kafa ba tlholegileng ka teng.

E Tlhomame go le Kana Kang?

Ditlhare di tlhoka medi e e nonofileng gore di gole di tlhomame. Kalana e ntšha e e lomagantsweng le sesana se se nonofileng e ka nna ya gola sentle, mme gape e ka nna ya swaba ya bo ya se ka ya ntsha maungo. Ka tsela e e tshwanang, lefa gone batsadi ba ba ikopetseng ngwana ba ka nna ba mo tlhokomela ka fa ba ka kgonang ka teng le go mo rata, bana ba bangwe ba nnela go hutsafalela gore ba kgaogane gotlhelele le kwa ba tlholegang teng.

Akanya ka kgang ya ga Kate.a Kate o tshotswe ke batsadi ba kwa West Indies, mme e rile e le lesea a ikopelwa ke banyalani ba basweu ba ba lorato le ba ba tlhokomelang, mme ga a ka a kgona go nna mo tikologong ya gagwe e ntšha. Fa a ne a na le dingwaga tse 16, o ne a tswa kwa gae, a ikaeletse gore ga a kitla a boa. Go utlwa botlhoko thata ka nako eo go ne ga baka gore a nne le letlhoo ka tsela e e senang tlhaloganyo. O ne a botsa jaana: “Ke eng fa mmè a na a mpha lona?” Se se utlwisang botlhoko ke gore lelapa leno ga le a ka la kgona go rarabolola bothata joo.

Mervyn o ne a tlhokomelwa ke kemedi ya puso fa a sena go tsholwa mme go tswa foo ke batsadi ba ba mo godisang. O ne a ikopelwa ke bangwe fa a ne a na le dikgwedi di le robongwe. Tsela e a godisitsweng ka yone pele e e sa tlhomamang, mmogo le letlhoo le legolo la go nna motho wa lotso lo lo tlhakaneng, go ne ga dira gore a nne le boikutlo jwa botsuolodi mo go neng ga mo tsenya mo mathateng e bile ga swabisa batsadi ba gagwe ba ba mo ikopetseng, ba ba neng ba mo direla dilo tse dintsi thata. Mmaagwe o ne a re: “Fa e le gore mongwe o ne a ka kopa gore ke mo gakolole ka go ikopela ngwana, jaanong ke ne ke tla re, ‘O akanye gabedi ka gone.’”

Go farologana le seo, ela tlhoko boitemogelo jwa ga Robert le Sylvia. Ba ne ba na le morwa a le mongwe mme ba ne ba sa kgone go nna le bana ba ba oketsegileng. Ba ne ba bodiwa jaana: “A lo kile lwa akanya ka ngwana wa morafe o sele?” Ka bonakonyana ba ne ba ikopela Mak-Chai, mosetsanyana wa dikgwedi tse robongwe go tswa kwa Hong Kong. Mak-Chai o bolela jaana: “Gantsi ke ipotsa gore ke ka ntlha yang ke ne ke latlhilwe gape ke ipotsa le gore a ke na le bomorwarre le bomorwadiarre ba bangwe. Mme ke akanya gore ke atamalane le mmè le rre ba ba inkopetseng go feta jaaka bana ba bangwe ba atamalane le batsadi ba bone ba tlholego. Fa ke ne ke itse gore batsadi ba me ba tlholego ke bomang, go ne go sena go fetola kafa ke ikutlwang ka teng, kwantle fela ga gore gongwe ke ne ke tla tlhaloganya dingwe tsa ditsela tse ke ntseng ka tsone botokanyana.” A batsadi ba ba mo ikopetseng ba buelela go ikopela ngwana? Ba re: “Ee, ka gore mo go rona e ile ya nna boitemogelo jo bo itumedisang thata!”

Mabaka a go Ela Tlhoko Thata

Graham le Ruth ba ne ba ikopela bana bangwe ba babedi, mosimane le mosetsana, gore ba tle go nna mmogo le morwa le morwadiabone. Bana botlhe ba ne ba godisiwa jaaka lelapa le le lengwe le le kitlaneng mo tikologong e e itumetseng. “Bana ba rona botlhe ba ne ba tswa kwa gae dingwagangwaga tse di fetileng mme ba ya go nna ba le nosi. Re buisana le bone ka metlha e bile re ba rata botlhe,” go bolela Ruth. Mme se se utlwisang botlhoko ke gore bana ba ba ba ikopetseng ka bobedi jwa bone ba ne ba nna le mathata a a masisi. Ka ntlha yang?

“Ngaka ya rona e re boleletse gore tikologo e botlhokwa thata mo ngwaneng,” go bolela jalo Graham, yo jaanong a akanyang gore mekgwa e ngwana a e goditseng ke lebaka la botlhokwa. O oketsa ka gore: “Gape go tweng ka botsogo jwa ga mmè fa a ne a imile ngwana wa gagwe? Gompieno re itse gore diokobatsi, bojalwa le motsoko di ka ama ngwana yo o iseng a tsholwe. Ke akantsha thata gore pele motho a ikopela ngwana, batsadi ka bobedi ba tlhatlhobiwe, le e leng borremogolo le bommemogolo, fa go kgonega.”

Mmaagwe Peter o ne a nyalwa gape mme Peter a sotliwa ke rraagwe mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Fa a ne a na le dingwaga tse tharo, o ne a isiwa gore a ikopelwe. Peter o bolela jaana: “Ke ne ka gana batsadi ba ba neng ba inkopetse fela fa ke ne ke tswa mo kgotlatshekelo.” O ne a oketsa jaana: “Ke ne ka senya sengwe le sengwe se ke neng ke se bona. Fa ke ne ke robala, ke ne ke lora ditoro tse di maswe tse di tshosang thata. Fa ke leba kwa morago jaanong, ke kgona go bona gore ke ne ke tshwenyegile go le kana kang. Fa batsadi ba me ba ba neng ba inkopetse ba sena go tlhalana, dilo di ne tsa nnela maswe kwa pele—diokobatsi, go utswa, go senya, go tagwa malatsi otlhe.

“Fa ke ne ke na le dingwaga tse 27, ke ne ke sa kgone go bona lebaka la go tswelela ke tshela mme ka akanyetsa go ipolaya. Mme letsatsi lengwe motho yo ke sa mo itseng o ne a mpha pampitshana ya Baebele e e neng e bolela gore mo bogautshwaneng lefatshe leno e tla nna paradaise. Molaetsa wa teng o ne wa nkgatlha. O ne o utlwala o le boammaaruri. Ke ne ka simolola go bala le go ithuta Baebele le go simolola go dira diphetogo mo botshelong jwa me le mo bothong jwa me, mme nako le nako ke ne ke boela mo mekgweng ya me ya bogologolo. Fa ke sena go kgothadiwa thata le go nna le bokopano jo bo thusang jwa Bokeresete, jaanong ke ikutlwa ke itumetse e bile ke babalesegile fa ke direla Modimo go gaisa jaaka ke ne ke ka akanya dingwaga di sekae tse di fetileng. Gape ke ile ka kgona go nna le botsalano jo bo lorato gape le mmè, mo e leng sengwe se se ipedisang.”

Go Tsaya Dilo Jaaka di Ntse

Go ikopela bana, go kgobera maikutlo. Fa gongwe go supiwa lorato le tebogo fa mo gongwe go na le a bopeloemaswe le go tlhoka tebogo. Ka sekai, Edgar Wallace ga a ise a ko a itshwarele mmaagwe ka go bo a ne a mo latlhile, e leng lebaka le le neng le tlhotlheletsa kafa a neng a dira ka teng. O ne a ya go mmona ngwaga pele a tlhokafala, a kopa thuso ya madi, mme Edgar, lefa a ne a humile jalo ka nako eo, o ne a gana go mo thusa a galefile. Ka bonakonyana fela morago ga moo, fa a ne a utlwa gore mmaagwe a ka bo a ile a fitlhwa mo phuphung ya modidi fa e ka bo e se ka ditsala tsa gagwe tse di dueletseng phitlho ya gagwe, o ne a swabisiwa ke bopeloethata jwa gagwe.

Batho ba ba akanyetsang go ikopela ngwana ba tshwanetse ba bo ba ikemiseditse go lebagana le mathata le dikgwetlho tse di ka nnang teng. Ga se ka dinako tsotlhe bana ba lebogelang se batsadi ba bone—ba ba ba ikopetseng kana ba tlholego—ba se ba direlang, lefa maemo a bone a siame go le kana kang. E bile tota, Baebele e bolela gore batho ba motlha wa rona ga ba “na lorato lwa tlholego” ke “ba ba sa lebogeng” gape ke “ba ba sa itshepang.”—2 Timotheo 3:1-5.

Mo letlhakoreng le lengwe, fa o bulela ngwana yo o tlhokang batsadi lelapa la gago—le pelo ya gago—mo ngwaneng yo o tlhokang batsadi seo e ka nna boitemogelo jo bo duelang, jo bo monate, jo bo itumedisang. Ka sekai, Cathy o leboga batsadi ba gagwe ba ba mo ikopetseng go bo ba ne ba mo fa legae la Bokeresete le go mo tlhokomela mo nameng le semoyeng.—Bona lebokoso le le reng “Rona Re ne Ra Atlega,” tsebe 24.

Batsadi ba bana bao fa ba tlhalosa ka fa ba ikutlwang ka teng ka barwa ba bone le barwadiabone ba ba ba ikopetseng, ba gakologelwa mafoko ano a mopesalema: “Bona bana ke mpho ya Morena; ke tshegofatso ruri.”—Pesalema 127:3, Today’s English Version.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a mangwe a fetotswe gore beng ba one ba se ka ba itsiwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela