LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 5/8 ts. 19
  • Go Ikopela Ngwana—A o A go Batla?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikopela Ngwana—A o A go Batla?
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ikopela Ngwana—Ka Ntlha Yang le Gone Jang?
    Tsogang!—1996
  • Go Tsalwa Sesha—Go Fitlhelela Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Ikopela Ngwana—Ke ka go Akanyetsa Jang?
    Tsogang!—1996
  • Ke ka Ntlha Yang fa ke Godisitswe ke Batsadi ba e Seng ba Me?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 5/8 ts. 19

Go Ikopela Ngwana—A o A go Batla?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BORITANE

“GO IKOPELA ngwana ke thulaganyo e e direlwang bana, e seng ya gore banyalani ba ba senang bana ba fiwe ngwana,” modirediloago mongwe wa kwa Boritane o gatelela jalo. Lefa go ntse jalo, a go na le sengwe se ngwana a ka se buang fa a ikopelwa ke batho bangwe?

A o akanyetsa go ikopela ngwana? Fa e le gore go ntse jalo ga o a lebagana fela le go dira tshwetso e e amang maikutlo mme o lebagane gape le e e leng gore ga o kake wa e fetola. Ngwana yoo o tla nyalana sentle jang le lelapa la gago?

Fa o le ngwana yo o ikopetsweng, a o itse batsadi ba gago ba tlholego? Fa e le gore ga o ba itse, a o akanya gore o ne o tla ikutlwa ka tsela e e farologaneng fa o ka bo o ba itse?

A o mmè yo o akanyetsang go aba ngwana wa gagwe? A go aba ngwana ke yone fela tharabololo e e leng gore gape e tla solegela ngwana wa gago molemo?

Ka 1995, bana ba ba fetang 50 000 ba ne ba ikopelwa kwa United States, mme ba ba ka nnang 8000 mo go bone e ne e le ba ba tsholetsweng kwa dinageng di sele. Batho ba ikopela bana ba ba tswang kwa dinageng di sele ka dipalo tse di oketsegang. Go ya ka makasine wa Time, mo dingwageng tse 25 tse di fetileng, malapa kwa United States a ile a ikopela bana ba ba fetang 140 000 ba ba tsholetsweng kwa dinageng di sele. Dipalo tse dingwe tse di tshwanang tsa kwa Yuropa ke Sweden ka ba le 32 000, Holland ka ba le 18 000, Jeremane ka ba le 15 000 le Denmark ka ba le 11 000.

A o akanyetsa go dira nngwe ya tseno? Go ikopela ngwana kana go mo aba go raya gore botshelo jwa gago—e seng fela botshelo jwa ngwana—ga bo kitla bo tlhola bo tshwana gape. Batsadi ba ba ikopetseng bana ba na le mabaka a go solofela go ipela thata, mme gape ba tshwanetse go bo ba ikemiseditse mathata a mantsi le go swabisiwa. Ka tsela e e tshwanang, botlhoko jo motsadi a bo utlwang fa a aba ngwana wa gagwe bo ka nna jwa se ka jwa tsamaya bo fela gotlhelele.

Boemo bongwe le bongwe bo tlisa kgwetlho ya go aga kgotsa go tlhabolola botshelo jo bosha sesha ka lorato. Ditlhogo tse di latelang di tla supa dilo dingwe tse di ipelelwang—le dikgwetlho—tsa go ikopela ngwana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela