LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 6/1 ts. 29-31
  • Baithuti ba ba Alogang ba Lefoko la Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baithuti ba ba Alogang ba Lefoko la Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgothatso E e Mo Nakong ya Barongwa ba Basha
  • Dipotsolotso
  • Baithuti ba ba Atlegang ba Nna Barongwa ba ba Atlegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Baalogi ba Gileate—“Barongwa ba Mmatota!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Moya wa go Ithaopa o Tlisa Batho Kwa Gileate
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 6/1 ts. 29-31

Baithuti ba ba Alogang ba Lefoko la Modimo

BASUPI BA GA JEHOFA ba itsege lefatshe lotlhe ka gore ba rera ka ntlo le ntlo ba dira jalo ba etsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Tiro eno e ne ya gatelelwa mo mafokong a a bulang a thulaganyo ya kaloso ya setlhopha sa bo102 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade.

Ka March 1, 1997, Albert Schroeder, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a bua ka setlhogo sa bosheng se se mo lokwalopakeng lwa Fora lwa Le Point. Lo ile lwa akgela ka maikaelelo a Roma Katoliki a go simolola go rera ka ntlo le ntlo kwa Italy. “E le gore [barongwa ba Vatican] ba se ka ba tla ba iphotlhere fela fa ba ntse ba gaisana mo tshimong ya Basupi ba ga Jehofa,” setlhogo se ile sa bolela jalo, “Vatican e bile e tsere le matsapa a go gatisa dikhopi di le milione tsa Efangele ya Moitshepi Mareko jaaka barongwa ba bone ba thulana le baitseanape [Basupi] mo go ‘tsamaiseng’ mafoko a a molemo ka ntlo le ntlo.”

Baalogi ba ba 48 ke bangwe ba batho ba ba ntseng ba etsa mekgwa ya ga Jesu ya boitseanape ya go rera fa ba anamisa Lefoko la Modimo. Ba ne ba tswa mo dinageng di le robedi ba ya kwa Lefelong la Thutelo la Watchtower kwa Patterson, kwa New York. Mo dikgweding tse tlhano tsa fa ba tsena sekolo, ba ithutile Baebele yotlhe. Khoso ya bone gape e ne e akaretsa hisitori ya mokgatlho wa Modimo, dikarolo tsa mmatota tsa botshelo jwa borongwa, le maungo a moya wa Modimo. Seno sotlhe se ne se dirwa ka maikaelelo a le mangwe—go ba baakanyetsa tirelo ya borongwa kwa dinageng tse 17 tsa seeng tse ba neng ba romelwa kwa go tsone. Fa ba ne ba aloga, bareetsi ba ditšhabatšhaba ba le 5015 ba ne ba ipelela tiragalo eo le bone. Baalogi bao ba Gileade ba ne ba amogela kgakololo efe ya bofelo e e mosola?

Kgothatso E e Mo Nakong ya Barongwa ba Basha

Morago ga mafoko a a bulang a modulasetilo, Ralph Walls, yo e leng mothusi wa Komiti ya Badiri ya Setlhopha se se Laolang, o ne a baya polelo ya ntlha e khutshwane e e neng e gakolola barongwa ba basha ka tsela e e molemo. Setlhogo sa gagwe e ne e le “Gakologelwa go Rata.” O ne a tlhalosa gore Baebele, mo go 2 Timotheo kgaolo 3, e ile ya bolelela pele gore lefatshe le tla tlhoka lorato ka selekanyo se segolwane. O ne a naya barongwa ba basha kgakololo eno e e mo nakong, tumalanong le tlhaloso ya lorato e e fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 13:1-7: “Lona, jaaka barongwa, lo ka nna lwa feta palo ya diura tse lo tshwanetseng go di dira. Lo ka tswa lo na le letlotlo la kitso go tswa mo thapisong ya lona ya Gileade. Kgotsa re ka nna ra dira nako e e oketsegileng ka tlhagafalo kwa ditirong tse re abetsweng go di dira kwa lekaleng. Mme maiteko a rona otlhe ke lefela fela fa re lebala go rata.”

Yo o latelang mo thulaganyong e ne e le Carey Barber, wa Setlhopha se se Laolang, yo o neng a tlhatlhoba setlhogo se se reng “Jehofa o re Eteletse Pele go ya Phenyong.” Jehofa Modimo o ile a etelela pele batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang go ya phenyong mo therong ya dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe, go sa kgathalesege pogiso go tloga fela fa ba ne ba simolola ba sale babotlana morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Ka 1931 Baithuti ba Baebele, jaaka ba ne ba itsiwe ka nako eo, ba ne ba simolola go dirisa leina la Basupi ba ga Jehofa, mme seo se ne sa swabisa baruti ba Labokeresete. “Setlhopha sa bo102 sa barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade jaanong se na le tshiamelo e e molemolemo ya go nna le seabe se segolo mo tirong e e galalelang ya go naya batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng, sebaka sa go ithuta leina leo le le boitshepo,” go ne ga bolela jalo Mokaulengwe Barber. Ba tsenngwa mo lenaaneng le le telele la barongwa ba le 7131 ba ba thapisitsweng kwa Sekolong sa Gileade ba ba thusitseng go atolosa go rerwa ga Lefoko la Modimo go simolola ka dinaga di le 54 ka 1943 go ya go tse 233 gompieno.

Sebui se se latelang, Lloyd Barry, yo le ene e leng wa Setlhopha se se Laolang, o ne a aloga mo setlhopheng sa bo11 sa Gileade mme a direla jaaka morongwa kwa Japane ka dingwaga tse di fetang 25. O ne a ba naya kgothatso ka setlhogo sa gagwe se se reng, “Nnang mo Dilong Tse.” “Lo tla bona boitumelo jo bontsi jwa lona mo go itshokeng,” o ne a bolelela baithuti jalo. Ke dituelo dife tse di nnang teng ka ntlha ya go itshoka mo tirong ya borongwa kgotsa mo kabelong nngwe le nngwe ya puso ya Modimo? “Mo godimo ga tsotlhe, go itshoka ga rona go dira gore pelo ya ga Jehofa e ipele . . . Go boloka bothokgami tlase ga teko go kgotsofatsa thata . . . Dira tirelo ya borongwa tiro ya botshelo jwa gago . . . Tuelo ya gago e tla nna ‘o dirile sentle’ yo o omosang pelo.’” (Mathaio 25:21; Diane 27:11) Fa Mokaulengwe Barry a ne a konela puo ya gagwe, o ne a buelela ntlha ya gore barongwa ba “nnele ruri mo dilong tse” ka go ititaya sehuba go dira gore tiro ya borongwa e nne botshelo jwa bone.—1 Timotheo 4:16.

“O Tla Bona Eng?” ke potso e e neng ya botswa ke Karl Adams yo o nnileng le seabe go tlhatlhelela ditlelase tse dintsi tsa Gileade. O boletse gore se barongwa ba tla se bonang mo dikabelong tsa bone ga se a ikaega fela ka pono ya bone ya senama mme gape le ka matlho a pelo ya bone. (Baefeso 1:18) Seno se ne sa tshwantshediwa ke se ditlhola tsa Iseraele di se boneng fa di ne di batlisisa Naga e e Solofeditsweng. Ditlhola tsotlhe tse 12 di bone dilo tse di tshwanang go ya ka pono ya senama, mme ke fela tse pedi tse di boneng Naga e e Solofeditsweng go ya ka pono ya Modimo. Barongwa le bone ba ka nna ba bona dilo ka ditsela tse di farologaneng. Mo dinageng tse dingwe tse ba tla bong ba direla kwa go tsone, ba ka nna ba bona bohumanegi, tshotlego, le boitlhobogo. Mme ga ba a tshwanela go itshwara ka tsela e e sa tshwanelang mme ba latlhe kabelo eo. Mokaulengwe Adams o ne a bolela ka morongwa mongwe wa setlhopha sa bosheng yo o neng a bolela jaana: “Maitemogelo ano a dirile gore ke lemoge gore ke tshwanetse go nna fano. Batho bano ba tlhoka tsholofelo ya isagwe. Ke batla go tokafatsa matshelo a bone.” Mokaulengwe Adams o ne a konela ka go kgothatsa barongwa ba basha gore ba lebe dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone jaaka mafelo a Jehofa a ikemiseditseng go a dira karolo ya Paradaise ya Gagwe ya lefatshe lotlhe le go leba batho ba teng jaaka maloko a nako e e tlang a mokgatlho wa lefatshe le lesha.

Puo ya bofelo mo karolong eno ya thulaganyo e ne e neelwa ke Wallace Liverance, yo o diretseng ka dingwaga di le mmalwa mo tirong ya borongwa pele ga e nna motlhatlheledi wa Gileade. Setlhogo sa gagwe e ne e le “Itshware ka Temogo mo Ditirong Tse di Gakgamatsang Tsa Modimo.” Go itshwara ka temogo go akaretsa go dira ka bonokopela, ka matsetseleko le go dirisa katlholo e e botlhale e e sa raraanang. Seno ke sengwe se Kgosi Saulo wa Iseraele a neng a palelwa ke go se dira.—1 Samuele 13:9-13; 15:1-22.

Tsela e nngwe ya go dira dilo ka temogo ke ka go amogela dikgwetlho tsa go tlwaelana le tsela e ntšha ya botshelo, go akaretsa go ithuta puo e ntšha le go itse batho ba teng. Maitemogelo a barongwa ba nang le one a go thulana le dikgwetlho le go fenya dikgoreletsi a ka ba nonotsha semoyeng ka tsela e Joshua le Kalebe ba neng ba thatafadiwa ka yone fa ba ne ba fenya naga e Modimo a neng a e ba abetse.

Dipotsolotso

Karolo e e latelang ya thulaganyo e ne e akaretsa tatelano ya dipotsolotso. Harold Jackson o ne a botsolotsa Ulysses Glass, mokwadisi le motlhatlheledi wa nako e telele wa Sekolo sa Gileade, yo jaanong a nang le dingwaga di le 85. Barongwa ba bantsi ba ba santseng ba le mo tshimong ba gopola sentle dingwaga tse a neng a ruta le go thapisa ka boikanyego ka tsone. Go ne ga latela Mark Noumair, motlhatlheledi wa Gileade yo o diretseng ka dingwaga tse dintsi kwa dinageng di sele kwa Afrika pele ga a nna mongwe wa batsamaisi ba Sekolo sa Gileade. O ne a botsolotsa baithuti kaga bodiredi jwa bone mo dikgweding tse tlhano tsa fa ba ntse ba tsena sekolo. Maitemogelo a bone a bontshitse sentle gore go na le batho ba ba kgatlhegelang Lefoko la Modimo mo tshimong ya mo lefelong leo.

Go tswa foo Robert Ciranko le Charles Molohan ba ne ba bua le banna ba ba nang le maitemogelo ba ba neng ba tsena sekolo se sengwe mo dikagong tseo, se e leng sekolo sa badiri ba makala. Kgakololo e ba neng ba e fa setlhopha se se neng se aloga e ne e akaretsa gore ba tlhoka go nna boikokobetso le go thusa go dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Ba ne ba akantsha gore baalogi ba se ka ba akanyetsa kwa pele gore go tla diregang mo tirong ya borongwa, mme go na le moo ba iketleeletse go amogela sengwe le sengwe fela se se tla diregang. Kwantle ga pelaelo, go dirisa kgakololo eno go tla thusa barongwa ba basha go diragatsa dikabelo tsa bone jaaka barutisi ba Lefoko la Modimo.

Labofelo, Theodore Jaracz, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a buisana le bareetsi ka setlhogo se se reng “Ke Mang yo o Tlhotlheletsang yo Mongwe?” O ne a tlhalosa gore fa rona jaaka Bakeresete re supa maungo a moya, re ka tlhotlheletsa batho ba bangwe ka tsela e e molemo. O ne a akgela jaana, “Barongwa ba ba romelwang ke phuthego ya ga Jehofa ba nnile le rekoto e ntle ya go tlhotlheletsa batho ka tsela e e agang, ya semoya.” Go tswa foo o ne a umaka dikakgelo dingwe tse di builweng ke batho ba ba thusitsweng go direla Modimo ke dikao tse di molemo tse di beilweng ke barongwa. “E ke te lo ka boloka leina le lentle le batho ba ga Jehofa ba le itiretseng mme lwa tswelela lo kokota mo mejakong mo kabelong ya lona ya dinaga di sele lo batla ba ba tshwanelang . . . Gape, ka boitshwaro jwa lona jo bo siameng, jo bo phepha lo gane moya wa lefatshe leno mme lo nne tlhotlheletso e e molemo gore Jehofa a tle a bakwe a ba a tlotliwe,” o ne a konela jalo.

Fa thulaganyo e ne e garelwa, modulasetilo o ne a bolela ditumediso tse di tswang kwa mafelong a a gaufi le a a kgakala mme a aba ditlankana tsa dipoloma le go bolela dikabelo tsa borongwa. Morago ga moo, mongwe wa baalogi o ne a bala maitlamo a setlhopha seo a go leboga tao e ba neng ba e fiwa. Go phepafetse gore thulaganyo ya kaloso ya setlhopha sa bo102 e dirile gore botlhe ba ba neng ba le teng ba ititeye sehuba ka mo go oketsegileng go tswela pele ba bolela Lefoko la Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setlhopha se se Alogang sa Bo102 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate

Mo lenaaneng le le fa tlase, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe di balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a thathamisitswe go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Duffy, C.; Alexis, D.; Harff, R.; Lee, J.; Corey, V.; Nortum, T.; Mora, N.; Journet, F. (2) Djupvik, L.; Singh, K.; Hart, B.; Kirkoryan, M.; Lee, S.; Rastall, S.; Zoulin, K.; Kollat, K. (3) Singh, D.; Pitteloud, J.; Pitteloud, F.; Bokoch, N.; Torma, C.; Muxlow, A.; Richardson, C.; Nortum, D. (4) Harff, J.; Journet, K.; Barber, A.; Loberto, J.; Loberto, R.; Muxlow, M.; Mora, R.; Hart, M. (5) Torma, S.; Rastall, A.; Diaz, R.; Diaz, H.; Weiser, M.; Weiser, J.; Kirkoryan, G.; Zoulin, A. (6) Alexis, R.; Barber, D.; Djupvik, H.; Duffy, C.; Kollat, T.; Richardson, M.; Bokoch, S.; Corey, G.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela