Baalogi ba Gileate—“Barongwa ba Mmatota!”
“MORONGWA ke eng?” Potso eo e ne ya bodiwa ke mokwadi mongwe wa pampiri ya dikgang mo e ka nnang dingwaga di le masomemane tse di fetileng. Mokwadi o ne a ntsha mabaka a gore barongwa ba boammaaruri ba ne ba thusa go fetola loago le tsa ikonomi. Lefa go ntse jalo, ka Sontaga, March 5, 1995, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jersey City, go ne ga neelwa karabo ya mofuta o sele ka tlhagafalo. E ne e le mo tiragalong efe? E ne e le kaloso ya setlhopha sa bo98 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate—sekolo se se rometseng barongwa mo lefatsheng lotlhe!
Morago ga pina e e bulang le thapelo, Albert D. Schroeder wa Setlhopha se se Laolang o ne a amogela ka lorato batho botlhe ba ba 6 430 ba ba neng ba le teng. Mo mafokong a gagwe a a simololang, Mokaulengwe Schroeder o ne a tlhalosa sentle gore ke ka ntlha yang fa barongwa ba Gileate ba farologane le ba bangwe ba ba ipiditseng gore ke barongwa. O ne a re: “Baebele ke yone buka ya thuto ya konokono kwa Gileate.” Baalogi ba Gileate ga ba thapisediwe gore ba nne badirelaloago, mme ba thapisediwa go nna barutisi ba Lefoko la Modimo. Ka jalo ba tshwanelega go feta ope fela gore ba tlhokomele batho ba ba mo ditshimong tse e seng tsa ga bone ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng.
Dibui tse di neng tsa latela di ne tsa tlhalosa dikarolo tse dingwe tse mo go tsone baalogi ba Gileate ba supang gore ke barongwa ba “mmatota.” Charles Molohan o ne a bua le bone ka setlhogo se se reng “Tswelelang Pele lo Ungwa Maungo a a Molemo Jaaka Barongwa.” Mokaulengwe Molohan o ne a tsopola mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Bakolosa 1:9, 10 fa a gakolola baalogi gore go nna ga bone kwa Gileate lobaka lwa dikgwedi tse tlhano tse di fetileng go ba thusitse gore ba oketse ‘kitso ya boammaaruri ka Modimo.’ Seno se ne se tla ba thusa gore ba ungwe ka ditsela tse pedi: ka go supa loungo lwa moya wa Modimo le ka go fa ba bangwe boammaaruri jwa Baebele.
Go ne ga latela Daniel Sydlik wa Setlhopha se se Laolang ka setlhogo seno se se masisi “O Se ka Wa Ananya ka Botshelo Jwa Gago.” O ne a umaka potso ya ga Jesu: “Se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe ke eng?” (Mathaio 16:26) Mokaulengwe Sydlik o ne a akgela jaana: “Batho ba ile ba ananya mewa ya bone ka mokgwa o o motlhofo, o o monate wa botshelo.” Lefa go ntse jalo, batho ba ba nang le tumelo e e tshelang ga ba kake ba ineela fa go tla diteko. Mafoko a ga Jesu a supa gore motho o tshwanetse gore a bo a iketleeleditse go ‘ntsha,’ ke gore, go latlhegelwa ke sengwe gore a tle a bone moya wa gagwe, kana botshelo. Barongwa bano ba basha ba ne ba kgothalediwa gore ba neele Jehofa moya otlhe wa bone, gotlhe mo ba ka go kgonang, mo tirelong ya gagwe!
Go tswa foo, William Van de Wall wa Komiti ya Lephata la Tirelo o ne a bua ka kgang ya “Moaposetoloi Paulo—Sekao se se Molemo go ka Latelwa.” Mokaulengwe Van de Wall o ne a tlhalosa jaana: “Paulo o ne a etelela pele tiro ya borongwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga.” Go a tshwanela he go bo go ne ga gatelelwa dikarolo tse nne tse moaposetoloi Paulo a neng a tlhomela barongwa ba gompieno sekao se se molemo mo go tsone: (1) Go amega tota ka batho le go ba rata tota ga ga Paulo, (2) bokgoni jo a neng a na le jone mo bodireding, (3) go gana ga gagwe ka boikokobetso gore a itlotlomatse, (4) go ikanya Jehofa ga gagwe a sa belaele.
“Letla Jehofa Gore a go Hukutse mo Kabelong ya Gago e Ntšha” ke setlhogo se se neng sa tlhalosiwa ke Lyman A. Swingle wa Setlhopha se se Laolang. Mokaulengwe Swingle o ne a dirisa temana ya letsatsi leo, Pesalema 139:16 go bontsha gore jaaka barongwa ba basha, ba ne ba tla kopana le mathata mo dikabelong tsa bone le gore Jehofa o itse ditharabololo tsa one. “Mo atamele,” o ne a kgothatsa jalo, “bua le ene fa o na le bothata. Batlisisa gore o batla go dirwa eng.”
Go tswa foo John E. Barr wa Setlhopha se se Laolang o ne a bua ka kgang e e reng “Tumelo ya Lona e Ntse e Gola Thata.” (2 Bathesalonika 1:3) Fa re bala mo go Luke 17:1 re utlwa gore Jesu o ne a re: “Go retetse gore dikgopiso di se ka tsa tla.” Barongwa bangwe ba ile ba kgopisiwa ke botho jwa barongwa ba bangwe. Mme lefa go ntse jalo Mokaulengwe Barr o ne a kgothatsa barongwa gore ba nne le tumelo e e tlhokegang gore ba kgone go itshwarela. Eleruri, barutwa ba ga Jesu ba ne ba rapela jaana mo seemong se se tshwanang le seo: “Totisa tumelo ya rona.” (Luke 17:2-5) Tumelo ya barongwa gape e ka lekwa ka diphetogo tse di farologaneng tsa phuthego. “A re na le tumelo e e ka re letlang gore re di amogele,” go ne ga botsa jalo Mokaulengwe Barr, “kana di tla fetoga dikgoreletsi tse e keteng dithaba?”
Morago ga foo go ne ga tla kgakololo e tswa mo batlhatlheleding ba le babedi ba Gileate. Jack Redford o ne a kgothaletsa baalogi gore ba nne ba ntse ba na le boikutlo jo bo tshwanetseng. O ne a ba bolelela ka morongwa mongwe yo o neng a tlogela kabelo ya gagwe ka gonne barongwa ba bangwe ba ne ba mo tlaopa. Lefa go ntse jalo, Dikwalo di re tlhagisa gore re se ka ra galefa go sa tlhokege. (Moreri 7:9) “Nna le boikutlo jo bo tshwanetseng,” o ne a gakolola jalo. “Itshwarele diphoso le go sa itekanela ga ba bangwe ba o dirang le bone.”
Go tswa foo U. V. Glass, mokwadisi wa Gileate, o ne a botsa jaana: “A o iketleeleditse go itshokela ‘metlha le ditiragalo tse di sa lebelelwang’”? (Moreri 9:11) “Mokgwa wa rona wa botshelo o ka fetoga nako nngwe le nngwe,” go ne ga bolela jalo Mokaulengwe Glass, “mme diphetogo tse dingwe di ka utlwisa botlhoko tota.” Barongwa bangwe ba ile ba welwa ke botsogo jo bo sa iketlang, malwetse, le mathata a lelapa ba sa lebelela, mme ba tshwanelwa ke gore ba tlogele dikabelo tsa bone. “Go sa kgathalesege gore tiragalo eo e e sa lebelelwang ke eng,” go ne ga rialo Mokaulengwe Glass, “re itse gore Jehofa o a e bona e bile o amegile ka rona. Fa re ikaega ka ene, re itse gore re tla fenya!”
Puo ya setlhogo se se reng “Go Tlhaolelwa Tirelo ya Borongwa” e ne ya konela thulaganyo ya mo mosong ya dipuo. Theodore Jaracz wa Setlhopha se se Laolang o ne a tlhalosa ka potso e e boditsweng kwa tshimologong, e leng gore, “Morongwa ke eng?” Go araba potso eo, o ne a tlhalosa Ditiro kgaolo 13 le 14 kaga tiro ya borongwa ya ga Paulo le Barenabase. Go phepafetse gore, tiro eo e ne e sa itebaganya thata le mathata a loago, mme e ne e itebagantse le ‘go rera mafoko a a molemo.’ (Ditiro 13:32) Mokaulengwe Jaracz o ne a botsa jaana: “A ga lo dumele gore Paulo le Barenabase ba ne ba bontsha kafa morongwa wa mmatota a tshwanetseng go nna ka teng?” Go tswa foo go ne ga bidiwa morongwa yo o nang le boitemogelo e bong Robert Tracy wa kwa Mexico gore a tle go anela mangwe a maitemogelo a gagwe a a itumedisang e le moefangedi.
Thulaganyo ya mo mosong e ne ya fitlha kwa setlhoeng fa Mokaulengwe Schroeder a ne a abela baalogi ba ba 48 ditlankana. Bareetsi ba ne ba itumelela go utlwa maina a dinaga tse 21 tse barongwa ba neng ba abetswe kwa go tsone: Barbados, Benin, Bolivia, Costa Rica, Côte d’Ivoire, Ditlhaketlhake tsa Leeward, Ecuador, Equatorial Guinea, Estonia, Guinea-Bissau, Honduras, Latvia, Mauritius, Mozambique, Nicaragua, Paraguay, Peru, Repaboliki ya Central Africa, Senegal, Taiwan, le Venezuela.
Morago ga nakwana ya dijo tsa motshegare, bareetsi ba ne ba boa ba kopana gape mme ba itumelela thuto e e monate ya Tora ya Tebelo, e e neng e tshwerwe ke Robert P. Johnson wa Lephata la Tirelo. Maloko a setlhopha sa bo98 a ne a araba dipotso. Go tswa foo go ne ga latela dipotsolotso tse di monate di dirwa ke maloko a badiredi ba Gileate. Bareetsi ba ne ba kgothatsega thata fa baalogi ba ntse ba bolela maitemogelo a ba nnileng le one mo tshimong mme ba bontsha maikutlo a bone kaga dikabelo tsa kwa dinageng di sele.
Ka dingwaga di le thataro le sephatlo, Gileate e ntse e le kwa dikagong tsa Mokgatlho wa Watchtower kwa Wallkill, kwa New York. Lefa go ntse jalo, ka April 1995, sekolo seno se ne sa fudusediwa kwa Watchtower Educational Center kwa Patterson, New York. Lelapa la Bethele kwa Wallkill le ne la ikutlwa jang ka phetogo eno? Ba le mmalwa ba bone go tswa kwa Wallkill ba ne ba botsolodiwa mo kalosong eno. Mafoko a bone a a amang maikutlo a ne a bontsha sentle gore ba ne ba se kitla ba lebala baithuti ba Gileate. Go phepafetse sentle gore, banna le basadi bano ba ba iketleeditseng ke barongwa ba mmatota—ba ikokobeditse, ba intsha setlhabelo, ba amega thata kaga go thusa ba bangwe.
Fa kaloso e ya bokhutlong, botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba dumela tota gore Sekolo sa Gileate se tla tswelela pele se atlega go dira se se ntseng se se dira ka dingwaga tse di fetang 50—go tlhagisa barongwa ba mmatota!
[Lebokoso mo go tsebe 18]
Dipalo Tsa Setlhopha:
Palo ya dinaga tse di emetsweng: 8
Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 21
Palo ya baithuti: 48
Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 32,72
Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 15,48
Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 10,91
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Setlhopha se se Alogang sa bo98 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate
Mo lenaaneng le le fa tlase leno, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe e balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago, mme maina a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.
(1) Eszlinger, A.; Mann, T.; Rivera, G.; Baruero, M.; Vaz, M.; Durga, K.; Silweryx, H.; Alvarado, D. (2) Toth, B.; Segarra, S.; Hart, R.; Rooryck, I.; Escobar, P.; Ejstrup, J.; Sligh, L.; Rivera, E. (3) Archard, D.; Snaith, S.; Marciel, P.; Koljonen, D.; Waddell, S.; Blackburn, L.; Escobar, M.; Archard, K. (4) Hart, M.; Toth, S.; Koljonen, J.; Bergman, H.; Mann, D.; Blackburn, J.; Park, D.; Vaz, F. (5) Segarra, S.; Sligh, L.; Leslie, L.; Bergman, B.; Baruero, W.; Alvarado, J.; Leslie, D.; Park, D. (6) Silweryx, K.; Eszlinger, R.; Waddell, J.; Snaith, K.; Durga, A.; Rooryck, F.; Ejstrup, C.; Marciel, D.