LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/1 ts. 21-23
  • Barongwa Ba Ba Oketsegileng Ba Tsena mo Thobong ya Lefatshe Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barongwa Ba Ba Oketsegileng Ba Tsena mo Thobong ya Lefatshe Lotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Legae Le Lesha la Sekolo sa Barongwa sa Gileade
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Masego a Thuto ya Gileade A Anama Le Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Thapisiwa kwa Gileade ka Tumelo E E Itshepileng Segolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Moya wa go Ithaopa o Tlisa Batho Kwa Gileate
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/1 ts. 21-23

Barongwa Ba Ba Oketsegileng Ba Tsena mo Thobong ya Lefatshe Lotlhe

SEPTEMBER ke kgwedi e balemi ba robang ka yone, mme batho ba ne ba kokoanetse tiro nngwe e e botlhokwa go feta eo kwa Holong ya Basupi ba ga Jehofa ya Dikopano e e kwa Jersey City, kwa moseja ga Noka ya Hudson go tswa mo New York City, ka September 8, 1991. Tlelase ya bo 91 ya Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa kwa Gileade e ne e aloga. Go ne go na le maloko a le 4 263 a lelapa la Bethele le baeng ba ba neng ba laleditswe koo, le ba bangwe ba le 1 151 ba ba neng ba gokagantswe le bone ka mogala wa thelefono ba ba kwa ntlokgolo kwa Brooklyn le kwa polasing e e kwa Wallkill le e e kwa Patterson.

Poresidente wa Sekolo sa Gileade, Frederick W. Franz, yo a nang le dingwaga tse di ka nnang 98, o ne a simolola thulaganyo eno ka thapelo e e amang pelo le e e supang kobamelo tota. Albert D. Schroeder, leloko la Setlhopha Se Se Laolang le yo e kileng ya bo e le mogokgo le motlhatlheledi wa sekolo seno, e ne e le ene modulasetulo wa thulaganyo ya kalogo. O ne a gakolola bareetsi ka Pesalema 2:1, 2 le boperofeti jo bongwe jo bo neng bo bolelela pele go tshikinngwa le go kgoberega ga merafe. Tlhakatlhakano e e leng teng eno e ne ya dira gore go simololwe tiro ya go roba mo ditshimong tse dintsi tse disha.

Puo ya ntlha mo letsatsing leo e ne ya newa ke George M. Couch yo e leng leloko la Komiti ya Bethele. Setlhogo sa gagwe se ne se re “Akanya ka Masego A O Tla A Bonang.” O ne a gakolola baithuti ba Gileade gore ba simolole go dira jalo ka bonako. O ne a akgela ka gore baithuti eleruri ba ne ba segofaditswe mme lefa go ntse jalo masego ano ba a bone morago ga go dira ka natla. Ka tsela e e tshwanang, Jakobe wa dingwaga tse 97 o ne a lwa le moengele bosigo jotlhe—fela gore a segofadiwe. (Genesise 32:24-32) Mokaulengwe Couch o ne a kgothaletsa baithuti gore ba se ka ba akanya thata ka dilo tse di sa siamang mme ba solegele ba bangwe molemo ka go rapelela gore ba nne le kagiso ya mogopolo le go nna ba iketleeditse.

John E. Barr wa Setlhopha Se Se Laolang o ne a bua ka setlhogo se se latelang se se reng “Lo Ratane.” Balatedi ba ga Jesu ba ne ba iketleeditse go swela ba bangwe. “A lo ikutlwa lo na le lorato lwa mofuta ono?” o ne a botsa baithuti jalo. ‘Fa re sena lorato lono,’ o ne a bolela jaana, ‘ga re sepe. Ga go na sepe se sengwe se se ka buiwang.’ (1 Bakorintha 13:3) Mokaulengwe Barr o ne a bua ditsela dingwe tse re ka bontshang lorato ka tsone. O ne a kgothaletsa baithuti gore ba tlotle barongwa ba bangwe, ka metlha ba senke ditsela tse di botlhale tsa go bua dilo. ‘Tlogelang dikgannyana tse di sa reng sepe,’ o ne a ba gakolola jalo, a tsopola 1 Petere 4:8. O ne a bontsha gore le eleng malatsi a barongwa ba apeelang ba bangwe dijo ka one ke dinako tse ba ka bontshang ba bangwe lorato ka tsone ka go leba seo jaaka tiro eseng sengwe se motho a se dirang fela ka gore o tla reng. O ne a gakolola baithuti jaana: “Ga go na motlha ope o mo go one re sa koloteng bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona lorato ka one.”—Baroma 13:8.

“O Itshepile go le Kana Kang?” eo e ne e le puo e e kgatlhang tota e e neng e newa ke David A. Olson wa Komiti ya Lephata la Tirelo. O ne a tlhomolola dikarolo tse pedi tse motho a ka di tshepang: Jehofa le phuthego ya gagwe, ka go bo re na le mabaka a mantsi a go dira jalo (Diane 14:6; Yeremia 17:8); le wena ka bowena. Barongwa ba na le lebaka la go itshepa ka selekanyo se se rileng, lebaka le le jaaka boitemogelo jwa bone jaaka badihedi le boikarabelo jo Jehofa le phuthego ya gagwe ba bo ba neileng. Moaposetoloi Paulo o ne a supa fa a itshepa ka mabaka a a tshwanang. (1 Bakorintha 16:13; Bafilipi 4:13) Lefa go ntse jalo, Mokaulengwe Olson o ne a tlhagisa kgatlhanong le go itshepa ka tsela e e feteletseng goo lefatshe le go rotloetsang, jaaka go ne ga bonala ka mokwadi mongwe yo o itsegeng thata yo go neng ga begwa gore o ne a bolela jaana: “Gantsi ke tsopola dilo tse ke di kwadileng. Seo se natetsha motlotlo fa ke bua le ba bangwe.” Lefa go ntse jalo, go itshepa go go dirwang ka boikobo go ka dira gore ba bangwe le bone ba go tshepe. Paulo o ne a dira fela jalo.—Bafilipi 1:12-14.

Morago ga foo, Lyman A. Swingle wa Setlhopha Se Se Laolang o ne a kgothatsa baithuti jaana: “Yang kwa Masimong A A Batlang go Rojwa, Lona Baalogi ba Gileade!” O ne a bolela gore Sekolo sa Gileade le bakaulengwe ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ne ba roba ka letsatsi leo, jaaka baalogi ba tlile go tswa mme ba ya go kopana le diketekete tsa ba ba alogileng mo nakong e e fetileng ba ba santseng ba le mo tirong ya borongwa—bangwe e le ba tlelase ya ntlha, ya bobedi le ya boraro, tsa bo 1940! Mokaulengwe Swingle o ne a akgela ka gore bogologolo ka nako eo go ne go se ope yo a neng a itse gore tiro ya borongwa e ne e tlile go tswelela ka dingwaga tse dingwe gape tse 50, kana gone gore Bonazi, Bokgokgontshi, le dithibelo tsa dipuso tse di neng di kgoreletsa tiro ya go rera di ne di tlile go phutlhama. “Fa e le gore re boifisiwa ke se Jehofa a ileng a se dira mo nakong e e fetileng,” o ne a botsa jalo, “go tweng ka isagwe?” O ne a wetsa ka tlhaeletso e e neng e rotloetsa baithuti a re: “Yang kwa Tshimong!”

Morago ga foo, batlhatlheledi ba babedi ba bagolo ba Sekolo sa Gileade ba ne ba bua le tlelase ya bo 91 la bofelo. Jack D. Redford o ne a bua ka setlhogo se se reng “Dira Gore O Nne Botlhale.” O ne a bolelela baithuti gore Sekolo sa Gileade se naya motho kitso le gore a kgone go tlhaloganya dilo, mme bone ba tshwanetse ba dira gore ba nne botlhale, jo e leng nonofo ya go dirisa kitso ya bone ka tsela e e tshwanetseng. O ne a kgothaletsa baithuti gore ba se ka ba reetsa ditlhamane tsa gore ba setse ba bo ithutile kwa Gileade. “Seo o se ithutang morago ga sekolo ke sone se se botlhokwa thata.” Gareng ga dilo tse ba santseng ba tshwanetse go di ithuta: go dirisana ka kagiso le batho ba bangwe, motho a kgone gore a re “ke dirile phoso” mo molekaneng wa gagwe le mo barongweng ba bangwe, le mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba mo lefelong leo; ba tlhokomele thata gore ba se ka ba dumela selo fa ba se bona kana ba se utlwa la ntlha mme ba lemoge gore bothata jo bongwe le jo bongwe bo raraane tota, bo tlhoka gore maemo a jone a tlhaloganngwe tota pele kgakololo e e botlhale e ka newa; le gore ba tlotle bakaulengwe ba mo lefelong leo ka ntlha ya go bo ba kgona go dira dilo lemororo maemo a le bokete.—Diane 15:28; 16:23; Yakobe 1:19.

Ulysses V. Glass, mookamedi wa Sekolo sa Gileade, o ne a dira Bafilipi 3:16 setlhogo sa polelo ya gagwe. O ne a akgola tlelase eo ka kgatelo pele e ba e dirileng mme o ne a ba kgothatsa gore ba tswelele ba dira tumalanong le lokwalo loo. O ne a bolela gore, lemororo baithuti ba tshwanetse go tswelela ba batla kitso e e tlhomameng, ga ba kitla ba itse sengwe le sengwe. O ne a sedifatsa ntlha eo ka go tshwantsha ka tshupanako e e supang nako ka dinomore fela. Mong wa yone a ka nna a itse go e dira gore e tsamaye mme a sa itse gore tota e dira jang. Ka tsela e e tshwanang, barongwa ga ba a tshwanela go lebela kwa tlase bao, lemororo ba sena kitso e ntsi jaaka bone, ba itseng dilo tsa botlhokwa—kafa ba ka supang ka gone gore ba boifa Jehofa. (Diane 1:7) O ne a gakolola tlelase eo ka go nna le ‘leitlho le le bonang sentle.’ (Mathaio 6:22) Leitlho la semoya le ka nna la kgorelediwa gore le se ka la bona sentle fela jaaka la mmatota. Ka sekai, ba bangwe, ba bona fela go lebagana le matlho a bone—ba tlhokometse dilo di sekae fela mme ba sa bone dilo ka botlalo—fa ba bangwe, go farologana le bone, ba bona le dilo tse di kwa thoko mme ba tlhola ba iteegile tsebe mo dilong tsa botlhokwa tse ba tshwanetseng go di ela tlhoko.

Puo ya bofelo ya mo mosong e ne e na le setlhogo se se reng “Go Tlhaola Phuthego ya ga Jehofa le go Dira le Yone,” eo e neng e newa ke Theodore Jaracz wa Setlhopha Se Se Laolang. Mokaulengwe Jaracz o ne a akgela ka gore lemororo go na le diketekete tsa diphuthego le mekgatlho mo lefatsheng, go na le e le nngwe fela mo go tseno tsotlhe e e seng ya lefatshe. O ka kgona go tlhaola jang e e emelang Jehofa? Lefoko la Modimo le re naya matshwao a a e tlhaolang. Bibela e bontsha gore dibopiwa tsa gagwe tsa selegodimo di rulagantswe sentle thata. (Pesalema 103:20, 21; Isaia 40:26) Phuthego ya ga Jehofa ya selefatshe le yone e bonwa ka thulaganyo mmogo le go nna e itlhaotse mo lefatsheng leno, ka go kgomarela ga yone thata melaometheo ya Bibela, ka selekanyo sa yone se se kwa godimo sa boitsholo, le lorato lo maloko a lone a ratanang ka lone. Mokaulengwe Jaracz o ne a kgothaletsa baithuti ba Gileade gore ba thuse batho ba bantsi kafa go ka kgonegang ka gone mo dikabelong tsa bone gore ba kgone go tlhaola phuthego ya ga Jehofa ba dirisa Dikwalo. O ne a itsise selo seno se se itumedisang fa a ne a bua malebana le kgang eo: Bogolo jwa Sekolo sa Gileade bo tla tloga bo menagana sebedi, go ya go baithuti ba le 50 mo tlelaseng ya sone ya bo 93! Gape, ka yone nako eo go tla simololwa Ditlelase tsa Sekolo sa Gileade tsa Tlaleletso kwa Jeremane. Go ne ga opiwa magofi ka lobaka lo loleele ebile e le ka modumo o mogolo!

Kwa konelong ya moso oo, baithuti botlhe ba ba 24 ba Gileade ba ne ba newa dipoloma tsa bone. Mo bogautshwaneng ba tla bo ba ya kwa dinageng tse 12 tse di farologaneng mo lefatsheng lotlhe. Tlelase eno e ne ya bolela maikano a yone a a tswang mo pelong, e leboga Setlhopha Se Se Laolang le lelapa la Bethele. Morago ga dijo tsa motshegare, Mokaulengwe Charles J. Rice wa Komiti ya Watchtower Farms o ne a tsamaisa Thuto e e khutshwafaditsweng ya Tora ya Tebelo. Morago ga foo baalogi ba ne ba dira metshameko mengwe e e kgatlhang thata ka botlhaga, ba supa mangwe a maitemogelo a ba neng ba nna le one mo tirelong ya tshimo ka nako ya dithuto tsa bone tsa dikgwedi tse tlhano kwa Wallkill kwa New York. Morago ga foo, baboledi ba ba neng ba emela diphuthego di le mmalwa tsa mo lefelong leo ba ne ba tshameka terama ya setlhogo se se reng Basha Bao Ba Gopolang Mmopi wa Bone Jaanong.

Go konela thulaganyo, Mokaulengwe George Gangas, leloko le le nang le dingwaga di le 95 la Setlhopha Se Se Laolang, le ne la rapela Jehofa ka botlhaga tota. Bareetsi ba ne ba tsamaya ba itumetse, mongwe le mongwe kwantle ga pelaelo a tlhotlheletsegile go ya go nna le seabe se segolwane le go feta mo tirong ya go roba ya lefatshe lotlhe.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

Dipalo Tsa Tlelase

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 6

Palo ya dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 12

Palo ya baithuti: 24

Palo ya banyalani: 12

Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 33,4

Palogare ya dingwaga tsa bone mo boammaaruring: 16,13

Palogare ya dingwaga tsa bone mo bodiheding jwa nako e e tletseng: 11,3

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Tlelase ya bo 91 ya Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaneng le le fa tlase, dinomoro tsa mela di kwadilwe di balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago mme maina a kwadilwe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) McDowell, A.; Youngquist, L.; Skokan, B.; Wargnier, N.; Miller, Y.; Muñoz, M. (2) Bales, M.; Perez, D.; Attick, E.; Vainikainen, A.; Mostberg, K. (3) DePriest, D.; DePriest, T.; Perez, R.; Wargnier, J.; Muñoz, J.; Miller, J. (4) McDowell, S.; Bales, D.; Skokan, M.; Attick, C.; Youngquist, W.; Vainikainen, J.; Mostberg, S.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela