LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/1 ts. 18-20
  • Masego a Thuto ya Gileade A Anama Le Lefatshe Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masego a Thuto ya Gileade A Anama Le Lefatshe Lotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batlhatlheledi Ba Neela Kgakololo
  • Barongwa Ba Ba Oketsegileng Ba Tsena mo Thobong ya Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Thapisiwa kwa Gileade ka Tumelo E E Itshepileng Segolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Moya wa go Ithaopa o Tlisa Batho Kwa Gileate
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Baithuti ba ba Atlegang ba Nna Barongwa ba ba Atlegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/1 ts. 18-20

Masego a Thuto ya Gileade A Anama Le Lefatshe Lotlhe

THUTO mo lefatsheng leno e na le bokao jo e seng jwa sepe se se kalo. Ga e kake ya tlhalosa boikaelelo jwa boammaaruri jwa botshelo ka gonne e theilwe thata mo megopolong ya batho go na le ya Modimo. Mme lefa go ntse jalo Sekolo sa Gileade sone ga se a nna jalo. Fa a ne a akgela kwa tshimologong mo kalosong ya setlhopha sa bo 93 sa Gileade, Theodore Jaracz wa Setlhopha Se Se Laolang o ne a bolela gore sekolo seno se neela thuto e e nang le bokao jwa boammaaruri. Jaaka Pesalema 119:160 e bolela, “chobokanō ea lehoko ya [Modimo] ke boamarure.” Ka jalo batho ba ka tshwara 6 000 ba ne ba reetsa thulaganyo ya kaloso ka boitumelo jo bogolo ka September 13, 1992.

Puo ya ntlha ya mo mosong, eo e neng e neelwa ke Lon Schilling wa Komiti ya Watchtower Farms, e ne e na le setlhogo se se reng “Tswelelang Pele Lo Fenya Lefatshe le Molaodi wa Lone.” Mokaulengwe Schilling o ne a bua thata ka Tshenolō 12:11 mme a bolela gore temana eno e bontsha ditsela tse tharo tse go ka fenngwang ka tsone: (1) ka madi a ga Kwana, (2) ka go neelwa ga bosupi, le (3) ka go nna le moya wa go intsha setlhabelo. O ne a gakolola baithuti gore batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba bontsha moya o o ntseng jalo mme ba ile ba bo ba iteseletsa gore ba swe gore ba boloke boikanyegi le bothokgami jwa bone.

John E. Barr wa Setlhopha Se Se Laolang o ne a bua ka setlhogo se se reng “Tlhokomelang Boikarabelo jwa Lona Jo Bo Molemo.” Ka lentswe la gagwe le le tlhomologileng ka go nna botsalano, o ne a bapisa go ikanyana mo go leng teng fa gare ga ga Jehofa le batlhanka ba gagwe le ikanyo e e tlhagolelwang mo lenyalong le le siameng. O ne a dirisa dintlha tse di tswang mo go 2 Timotheo 1:12, 13, mme a kgothaletsa baithuti gore ba tlhokomele boikarabelo jwa bone ka go rata “sekaō sa mahoko a a tshedileñ” a a mo Bibeleng. O ne a kgothaletsa gore thuto ya motho ka namana e nne karolo e e botlhokwa ya thulaganyo ya letsatsi le letsatsi mme a kgothatsa baithuti ka bopelonomi gore ba se ka le ka motlha ba letla gore dikakgelo tsa bone kwa dipokanong e nne tse di dirwang fela go ikgolola mme ka metlha ba dire gore di nne le bokao.

William Van De Wall wa Komiti ya Lefapha la Tirelo o ne a neela puo e e latelang ka setlhogo se se reng, “Bontshang go Amega ka Lorato ka Batho ba Seka Dinku.” O ne a botsa baithuti gore ba ne ba ka batla gore ngaka e e alafang lelapa la ga bone e bo e le e e ntseng jang mme a ba kgothaletsa gore ba tlhagolele bopelotlhomogi, le kutlwelobotlhoko e e ntseng jalo eo ba neng ba ka e tseela kwa godimo.

Daniel Sydlik wa Setlhopha Se Se Laolang o ne a neela puo e e tsosang kgatlhego ya setlhogo se se reng “Modimo O Ka Kgona go Dira Sengwe le Sengwe.” O ne a gakolola baithuti gore Aberahame le Sara ba ile ba tshega tsholofetso e go neng go lebega e ka se kgonege ya gore ba nne le morwa ba tsofetse. Ditsholofetso tse dintsi tsa Modimo di lebega di ka se ke di kgonege go ya kafa motho a lebang dilo ka gone; mme lefa go ntse jalo jaaka moengele a ne a botsa Aberahame, “a go na le señwe se se ka retelelañ Yehofa?” (Genesise 18:14) Mokaulengwe Sydlik o ne a kgothatsa baithuti gore ba bontshe tumelo ya gore Modimo o ka kgona go dira dilo tse di sa kgonegeng, gore ba se ka le ka motlha ba letla gore tumelo eo e fele kana e reketle, go sa kgathalesege gore ba ka lebana le diteko tse di ntseng jang.

Batlhatlheledi Ba Neela Kgakololo

Go tswa foo go ne ga bua batlhatlheledi ba babedi ba Gileade. La ntlha, Jack D. Redford o ne a bua ka setlhogo se se reng “Go Dira Leina Le Le Molemo le Modimo.” O ne a ntsha lebaka la gore, se se dirang gore leina le nne molemo kana le nne bosula, ke motho wa leina leo. O ne a bontsha pharologanyo fa gare ga maina a a tshwanang le bo Adame, Nimerode, Jesebele, Saulo, le Judase le maina a a tshwanang le Noa, Aberahame, Ruthe, Paulo, le Timotheo. Leina lengwe le lengwe le ka amanngwa le megopolo e mentsintsi ka ntlha ya botshelo jwa mong wa lone. O ne a botsa baithuti gore ba tla bo ba na le leina le le ntseng jang dingwaga di le 10, 100, kana le eleng 1 000 go tloga foo—la motho yo o tlogetseng tirelo kana yo o ngongoregang kana la morongwa yo o ikanyegang? O ne a ba gakolola gore ba tlhome mogopolo mo go batleng ditharabololo le mo mekgeleng go na le go e tlhoma mo mathateng.

Ulysses V. Glass o ne a bua ka setlhogo seno se se dirang gore motho a akanye, “O Sireletsa Tumelo ya Gago Go Le Kana Kang?” O ne a tshwantsha tumelo e e nonofileng le kompase eo e nnang e supa kwa go tshwanetseng teng ka metlha. Kompase e e mo sejanageng e ka nna ya amiwa ke dilo tse dingwe tse di nang le kgogedi kwantle ga lefatshe, mme dilo tse di ntseng jalo go tshwanetse ga fedisiwa kgogedi ya tsone. Fela jalo, lefatshe leno le legologolo le na le ditlhotlheletso di le dintsi tse di ka faposang kana tsa koafatsa tumelo ya rona fa re di letla gore di dire jalo. Fa a ntse a tlhagisa setlhopha kaga ditlhotlheletso tse di ntseng jalo, Mokaulengwe Glass gape o ne a ba akgolela gore ba bo ba ela tlhoko ka bonolo tsela eo ba bangwe ba lebang dilo ka yone le kafa ba ikutlwang ka gone.

Puo ya bofelo ya mo mosong e ne ya neelwa ke Albert D. Schroeder, leloko la Setlhopha Se Se Laolang. O ne a kgothatsa baithuti a re, “Bolokang Moya wa Borongwa,” a bile a ba akgolela go bo ba bontsha moya wa borongwa o o tshwanang le wa setlhopha sa ntlha bogologolo ka 1943, fa a ne a direla jaaka mokwadisi wa sekolo seo. O ne a ela tlhoko gore ba ne ba kgatlhegela batho, e le bareri ka tlholego, ba ba ratang go kaelwa ke moya wa Modimo. Nnang lo tlhagolela moya oo, lo dirisa New World Translation ka botlalo fa motho a ithuta ka namana, o ne a ba kgothatsa jalo. O ne a konela ka go dira sekai ka go tlhalosa temana nngwe le nngwe ya Pesalema 24.

Morago ga foo, baithuti ba Gileade ba ne ba fetoga dialogane tsa Gileade! Ba ne ba neelwa ditlankana tsa bone fa dikabelo tsa bone tsa borongwa di ntse di balelwa kwa godimo, mme ba iteelwa legofi thata ke bareetsi.

Thapama, Calvin Chyke wa Komiti ya Feketori o ne a tsamaisa Thuto ya Tora ya Tebelo. Go ne ga latela thulaganyo e e kgatlhang ya baithuti, eo e neng e bua ka maitemogelo ao baithuti ba nnileng le one mo tshimong mo lobakeng lwa dikgwedi tse tlhano ebile gape e na le di-slide tsa dingwe tsa dinaga tseo ba neng ba abetswe kwa go tsone. Mo godimo ga moo, banyalani bangwe ba bagolwane ba ne ba botsolodiwa, mme ba ne ba ba abela botlhale le maitemogelo ao ba neng ba a bone mo dingwageng tse dintsi tse ba di sentseng e le barongwa. Fa thapama e ya bokhutlong go ne ga nna le motshameko o o mo nakong wa setlhogo se se reng Lo Seka Lwa Tsiediwa Kana Lwa Sotla Modimo.

Bareetsi ba ne ba tsamaya ba itumetse thata, ba kgatlhilwe ke go bona gore thuto ya boammaaruri jwa Modimo e ka dira eng gape ba itumeletse go itse gore melemo ya thuto e e ntseng jalo e tla tswelela pele e bonwa mo lefatsheng lotlhe. Jaaka fa barongwa bano ba ba 48 ba phatlalala le dikabelo tsa bone, ba tla salwa morago ke dithapelo tse dintsi, tseo di bontshang tsholofelo le tshepo e e tswang mo pelong ya gore batho ba ba ikanyegang bano e tla nna masego mo bathong ba Modimo gongwe le gongwe kwa ba ka tswang ba ya gone.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

Dipalo tsa Setlhopha

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 7

Palo ya dinaga tse ba abetsweng kwa go tsone: 18

Palo ya baithuti: 48

Palo ya banyalani: 24

Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 32,8

Palogare ya dingwaga tse ba di nntseng mo boammaaruring: 15,3

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodiheding jwa nako e e tletseng: 10,4

[Lebokoso mo go tsebe 20]

BAALOGI BA SETLHOPHA SE SENGWE SA GILEADE

Ka June 21, 1992, setlhopha sa barongwa ba le 24 ba ne ba aloga mo setlhopeng sa bone sa Kala ya Sekolo sa Gileade kwa Selters/Taunus, Jeremane. Mo setlhopheng seno, se se nang le banyalani ba le 11 le bokgaitsedi ba ba sa nyalwang ba le 2 ba ba tswang kwa dinageng di supa, maloko a sone a na le palogare ya dingwaga di le 32, dingwaga tse 14 ba ntse ba kolobeditswe, le dingwaga di le 8,5 ba le mo tirelong ya go rera ka nako e e tletseng. Batho ba feta 2 000 ba ne ba le gone mo kalosong eno.

Mokaulengwe Jaracz o ne a simolola thulaganyo ka go tlhalosa Diane 11:24, eo e reng: “Go na le mo go gasègañ, me go totahale bogolo.” O ne a umaka gore baithuti ba ne ba tloga ba gasama mme kwa ntle ga pelaelo ba ne ba tla dira gore go nne le koketsego.

Go ne ga neelwa dipuo tse di kgothatsang tse di theilweng mo dikwalong ke Richard Kelsey, mookamedi wa Komiti ya Lekala la Jeremane; Wolfgang Gruppe wa Lefapha la Tirelo; Werner Rudtke le Edmund Anstadt, le bone e le maloko a Komiti ya Lekala; le batlhatlheledi ba babedi, Dietrich Förster le Lothar Kaemmer. Albert Schroeder wa Setlhopha Se Se Laolang o ne a neela puo e e kgatlhisang e e tlhomologileng ya setlhogo se se reng “Tswelelang Pele Lo Batla Majana A A Tlhokegang Thata A Semoya.” Thulaganyo e ne ya tla kwa setlhoeng fa go abiwa dikabelo go ya kwa dinageng tse 11 mo Afrika, Amerika Bogare, le Yuropa Botlhaba, mme morago ga foo mongwe wa dialogane o ne a bala lokwalo lo lo neng lo tswa mo setlhopheng lo kwalelwa Setlhopha Se Se Laolang go bontsha kanaanelo e e tswang mo pelong.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setlhopha Se Se Alogang sa bo 93 sa Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase leno, dinomoro tsa mela eno di kwadilwe e balwa go tswa kwa pele go ya kwa morago mme maina a thathamisitswe go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Hitesman, C.; West, P.; Evans, D.; Hipps, M.; Simonelli, N.; Wood, S.; Corkle, M.; Flores, C.; Thomas, J. (2) Jones, M.; Nissinen, J.; Sponenberg, M.; Zachary, K.; Ravn, G.; Backman, M.; Wettergren, A.; Evans, D.; Flores, R.; Caporale, G. (3) Simonelli, N.; Rechsteiner, M.; Rechsteiner, M.; Ruiz-Esparza, L.; Gerbig, B.; Simpson, C.; Zanewich, C.; Zachary, B.; Ricketts, L. (4) Simpson, J.; Backman, J.; Corkle, G.; Gerbig, M.; Ricketts, B.; Bagger-Hansen, L.; Jones, A.; Zanewich, K.; Ravn, J.; Hipps, C. (5) Sponenberg, S.; Hitesman, A.; Caporale, L.; Ruiz-Esparza, S.; Thomas, R.; Bagger-Hansen, B.; Wood, M.; West, M.; Wettergren, C.; Nissinen, E.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela